Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mareko

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mareko

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mareko

EFANGELE ya ga Mareko ke yone e khutshwane go feta Diefangele tsotlhe tse nnè. Buka eno, e e kwadilweng ke Johane Mareko dingwaga di ka nna 30 morago ga loso le tsogo ya ga Jesu Keresete, e tlhalosa ditiragalo tse dintsi tse di kgatlhang tse di diregileng di latelana ka bofefo mo bodireding jwa ga Jesu jwa dingwaga tse tharo le sephatlo.

Buka eno ya Mareko, e go bonalang e ne e kwaletswe batho ba e seng Bajuda, segolobogolo Baroma, e tlhalosa Jesu e le Morwa Modimo yo o dirang dikgakgamatso e bile a le mo letsholong la go rera ka matlhagatlhaga. E bua thata ka se Jesu a se dirileng go feta ka se a neng a se ruta. Go sekegela Efangele ya ga Mareko tsebe go tla nonotsha tumelo ya rona mo go Mesia mme ga re tlhotlheletsa go nna baboledi ba ba tlhagafetseng ba molaetsa wa Modimo mo bodireding jwa Bokeresete.—Baheb. 4:12.

BODIREDI JO BOGOLO KWA GALALEA

(Mar. 1:1–9:50)

Mareko o simolola go bega ka bodiredi jo bo kgatlhang jwa ga Jesu kwa Galalea fa a sena go bua ka tiro ya ga Johane Mokolobetsi le ka malatsi a le 40 a fa Jesu a ne a le kwa nageng mo ditemaneng di le 14 fela. Go boaboelediwa ga polelwana e e reng “ka yone nako eo” go bontsha gore ditiragalo tse di mo pegong eno di diregile di latelana ka bofefo.—Mar. 1:10, 12.

Jesu o wetsa matsholo a mararo a go rera mo Galalea mo dingwageng tse di kafa tlase ga tse tharo. Mareko o bolela bontsi jwa ditiragalo tseno ka tatelano ya tsone. Thero ya kwa Thabeng le bontsi jwa dipolelo tse ditelele tsa ga Jesu ga di a tsenngwa mo pegong ya ga Mareko.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:15—Go diragaditswe “nako e e tlhomilweng” ya eng? Jesu o ne a raya gore nako e e tlhomilweng ya gore a simolole bodiredi jwa gagwe e ne e gorogile. Bogosi jwa Modimo bo ne bo atametse ka gonne Jesu o ne a le teng e le Kgosi e e Tlhophilweng. Ka jalo batho ba ba siameng ba ne ba ka amogela molaetsa fa a rera mme ba tseye dikgato tse di tla dirang gore Modimo a ba amogele.

1:44; 3:12; 7:36—Ke eng fa Jesu a ne a sa batle dikgakgamatso tsa gagwe di bolelelwa batho ba bantsi? Jesu o ne a sa batle gore batho ba dire ditshwetso ka dilo tse ba di utlwileng, gongwe e bile e le dipego tse di feteleditsweng kana di se boammaaruri, mme o ne a batla gore ba iponele ka bobone gore ke Keresete mme ba itirele tshwetso ka se ba se iponetseng. (Isa. 42:1-4; Math. 8:4; 9:30; 12:15-21; 16:20; Luke 5:14) O ne a dira dilo ka tsela e sele fela mo kgannyeng ya monna yo o neng a na le madimona wa kwa nageng ya Bagerasa. Jesu o ne a mo raya a re a ye gae mme a bolelele ba losika lwa gagwe ka se se diragetseng. E re ka batho ba mo nageng e e mo tikologong ya Bagerasa ba ne ba kopile Jesu gore a tswe mo go bone, o ne a se kitla a kopana le batho ba koo thata kana o ne a se kitla a kopana le bone gotlhelele. Go nna gone ga monna yono le bosupi jwa gagwe jwa gore Jesu o ne a mo diretse tiro e e molemo go ne go ka fedisa dipuo tsa go kgala tse batho ba neng ba ka di bua ka ntlha ya go swa ga serapa sa dikolobe.—Mar. 5:1-20; Luke 8:26-39.

2:28—Ke eng fa Jesu a bidiwa “Morena le e leng wa sabata”? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Molao o na le moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang.” (Baheb. 10:1) Fela jaaka Molao o ne o bontsha, Sabata e ne e nna morago ga malatsi a le marataro a go bereka, mme Jesu o ne a fodisa batho ba bantsi ka letsatsi leo. Seno se ne se tshwantshetsa boikhutso le masego a mangwe a batho ba tla a ipelelang mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete morago ga bokhutlo jwa puso e e gatelelang ya ga Satane. Ka jalo, Kgosi ya Bogosi joo gape ke “Morena wa sabata.”—Math. 12:8; Luke 6:5.

3:5; 7:34; 8:12—Mareko o ne a itse jang gore Jesu o ne a ikutlwa ka tsela efe? Mareko e ne e se mongwe wa baaposetoloi ba ba 12 e bile o ne a sa atamalana thata le Jesu. Go ya ka polelo ya bogologolo, Mareko o ne a newa tshedimosetso e ntsi ke motho yo a neng a atamalane thata le ene e bong moaposetoloi Petere.—1 Pet. 5:13.

6:51, 52—Ke eng ‘se se neng se kaiwa ke dinkgwe’ se barutwa ba neng ba palelwa ke go se tlhaloganya? Diura di se kae fela pelenyana, Jesu o ne a fepile banna ba le 5 000 kwantle ga basadi le bana ka dinkgwe di le tlhano le ditlhapi tse pedi fela. “Se se kaiwang ke dinkgwe” se barutwa ba neng ba tshwanetse go se tlhaloganya go tswa mo tiragalong eo e ne e le gore Jesu o ne a neilwe maatla a go dira dikgakgamatso ke Jehofa Modimo. (Mar. 6:41-44) Fa ba ka bo ba ne ba tlhalogantse bogolo jwa maatla a Jesu a a neilweng, ba ka bo ba sa gakgamala thata fa a tsamaya mo godimo ga metsi ka kgakgamatso.

8:22-26—Ke eng fa Jesu a ne a dirisa dikgato tse pedi go fodisa monna yo o foufetseng? Jesu a ka tswa a ne a dira seno e le ka ntlha ya go akanyetsa monna yono. Go foufolola ka iketlo monna yono yo o ntseng a tlwaetse lefifi ka nako e telele go ka tswa go ile ga mo letla go tlwaela phatsimo ya letsatsi.

Se re Ithutang Sone:

2:18; 7:11; 12:18; 13:3. Mareko o tlhalosa ditlwaelo, mafoko, ditumelo le mafelo a babadi ba e seng Bajuda ba ka tswang ba ne ba sa a itse. O bontsha sentle gore Bafarasai “ba ne ba tlwaetse go itima dijo,” gore korobane ke “mpho e e tshwaetsweng Modimo,” gore Basadukae ‘ba re ga go na tsogo ya baswi,’ le gore tempele e ne e le “bolebana” le “Thaba ya Lotlhware.” E re ka tatelano ya losika lwa ga Mesia e ne e tla kgatlhegelwa thata ke Bajuda, ga a e umake gotlhelele. Ka jalo Mareko o re tlhomela sekao. Fa re le mo bodireding jwa Bokeresete kana re neela dipuo kwa dipokanong tsa phuthego re tshwanetse go akanyetsa seemo sa bareetsi ba rona.

3:21. Ba losika lwa ga Jesu e ne e se badumedi. Ka gone, o tlhomogela pelo batho ba ka ntlha ya tumelo ya bone ba ganediwang kgotsa ba sotliwang ke ba malapa a bone ba ba sa dumeleng.

3:31-35. Fa Jesu a kolobediwa o ne a nna Morwa wa Modimo wa semoya mme “Jerusalema o o kwa godimo” e ne e le mmaagwe. (Bagal. 4:26) Go tloga ka nako eo go ya pele, barutwa ba ga Jesu ba ne ba atamalane thata le ene e bile ba le botlhokwa thata mo go ene go feta ba losika lwa gagwe. Seno se re ruta gore re beye dilo tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri kwa pele mo matshelong a rona.—Math. 12:46-50; Luke 8:19-21.

8:32-34. Re tshwanetse go nna bonako go lemoga le go gana kgothatso epe e re e newang ke ba bangwe ya gore re ikutlwele botlhoko go na le gore re intshe setlhabelo. Molatedi wa ga Keresete o tshwanetse go iketleetsa go ‘iitatola,’ mo go rayang go ithontsha dikeletso le mekgele ya bopelotshetlha. O tshwanetse a bo a iketleeditse go ‘tsaya kota ya gagwe ya tlhokofatso’—mo go rayang go boga fa go tlhokega kana go nyadiwa kana go bogisiwa le e leng go bolawa ka ntlha ya go bo e le Mokeresete. Mme o tshwanetse go ‘nna a sala Jesu morago a sa kgaotse,’ a tshela go dumalana le mokgwa wa Gagwe wa botshelo. Botshelo jwa go nna morutwa bo raya go nna le moya wa go intsha setlhabelo o o tshwanang le o Keresete Jesu a neng a na le one.—Math. 16:21-25; Luke 9:22, 23.

9:24. Ga re a tshwanelwa go tlhabiwa ke ditlhong go bua ka tumelo ya rona le go rapelela tumelo e e oketsegileng.—Luke 17:5.

KGWEDI YA BOFELO

(Mar. 10:1–16:8)

Go ela kwa bofelong jwa 32 C.E., Jesu o tla “mo dikgaolong tse e leng molelwane wa Judea le ka kwa ga Joredane” mme gape boidiidi bo tla kwa go ene. (Mar. 10:1) Fa a sena go rera koo o ya Jerusalema.

Ka Nisane 8 Jesu o kwa Bethani. O ntse ka go sekama a ja fa mosadi mongwe a tla a bo a mo tshela lookwane lo lo nkgang monate mo tlhogong. Ditiragalo tsa go tsena ga ga Jesu mo Jerusalema ka phenyo go fitlha ka go tsosiwa ga gagwe di kwadilwe ka tatelano ya tsone.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

10:17, 18—Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kgalemela monna yo o neng a mmitsa “Moruti yo o Molemo”? Ka go gana go bidiwa ka sereto seno se se mo tlotlomatsang, Jesu o ne a isa kgalalelo kwa go Jehofa mme a bontsha gore Modimo wa boammaaruri ke motswedi wa dilo tsotlhe tse di molemo. Gape Jesu o ne a bontsha boammaaruri jo bo botlhokwa jwa gore Mmopi wa dilo tsotlhe e bong Jehofa Modimo, ke ene fela a nang le tshwanelo ya go tlhoma melao kaga se se siameng le se se sa siamang.—Math. 19:16, 17; Luke 18:18, 19.

14:25—Jesu o ne a kaya eng fa a ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Ga ke na go tlhola ke nwa maungo a mofine ka gope go fitlha letsatsi leo fa ke a nwa a le masha mo bogosing jwa Modimo”? Jesu o ne a sa reye gore go na le beine ya mmatota kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, e re ka ka dinako dingwe beine e tshwantshetsa boipelo, Jesu o ne a bua ka boipelo jwa go nna le balatedi ba gagwe ba ba tsositsweng ba ba tloditsweng mo Bogosing.—Pes. 104:15; Math. 26:29.

14:51, 52—Lekau le le neng la “tshaba le sa ikatega” e ne e le mang? Mareko ke ene fela a begang ka tiragalo eno, ka jalo re ka swetsa ka gore o ne a bua ka ga gagwe ka boene.

15:34—A mafoko a ga Jesu a a reng “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?” a ne a bontsha gore ga a na tumelo? Nnyaa. Le fa re sa tlhomamisege gore Jesu o ne a tlhotlhelediwa ke eng go bua jalo, mafoko a gagwe a ka tswa a bontsha fa a ne a itse gore Jehofa o ne a sa tlhole a mo sireleditse, gore boikanyegi jwa Morwawe bo lekwe ka botlalo. Gape go ka direga gore Jesu o ne a bua mafoko ano ka gonne a ne a batla go diragatsa se Pesalema 22:1 e neng e se boleletse pele ka ene.—Math. 27:46.

Se re Ithutang Sone:

10:6-9. Boikaelelo jwa Modimo ke gore banyalani ba nnele ruri mmogo. Ka jalo, go na le gore ba itlhaganelele go tlhalana, banna le basadi ba tshwanetse go lwela go dirisa melaometheo ya Baebele go fenya mathata ape a a ka nnang teng mo lenyalong.—Math. 19:4-6.

12:41-44. Sekai sa motlholagadi yo o tlhokang se re ruta gore re tshwanetse go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri ka bopelotshweu.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a laela monna yono gore a begele ba losika lwa gagwe ka sotlhe se se mo diragaletseng?