Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Morongwa yo Mogolo go Gaisa Botlhe

Etsa Morongwa yo Mogolo go Gaisa Botlhe

Etsa Morongwa yo Mogolo go Gaisa Botlhe

“Nnang baetsi ba me, fela jaaka nna ke le wa ga Keresete.”—1 BAKOR. 11:1.

1. Ke eng fa re tshwanetse go etsa Jesu Keresete?

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a etsa Morongwa yo mogolo, Jesu Keresete. Gape Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete mmogo le ene jaana: “Nnang baetsi ba me, fela jaaka nna ke le wa ga Keresete.” (1 Bakor. 11:1) Fa Jesu a sena go tlhomela baaposetoloi ba gagwe sekao sa go nna boikokobetso ka go ba tlhapisa dinao, o ne a ba raya a re: “Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.” (Joh. 13:12-15) Rona Bakeresete ba motlha wa gompieno, re na le boikarabelo jwa go etsa Jesu Keresete ka tsela e re buang ka yone le ka dilo tse re di dirang mmogo le ka dinonofo tse re di bontshang.—1 Pet. 2:21.

2. O ka nna le boikutlo bofe le fa o sa tlhongwa ke Setlhopha se se Laolang go nna morongwa?

2 Mo setlhogong se se fetileng, re ne ra ithuta gore morongwa ke motho yo o romelwang go ya go rera—motho yo o isetsang ba bangwe dikgang tse di molemo. Paulo o ne a botsa dipotso dingwe tse di kgatlhang malebana le kgang eno. (Bala Baroma 10:11-15.) Ela tlhoko gore o ne a botsa jaana: “Ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang?” Go tswa foo o ne a nopola mafoko ano go tswa mo boporofeting jwa ga Isaia: “A bo dinao tsa ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa dilo tse di molemo di le dintle jang ne!” (Isa. 52:7) Le fa e le gore ga o a tlhomiwa go nna morongwa yo o romelwang go ya go direla kwa nageng e sele, o ka nna le moya wa boefangele, ka go dira jalo o etsa Jesu ka go nna moreri yo o tlhagafetseng wa dikgang tse di molemo. Ngogola, baboledi ba Bogosi ba le 6 957 852 ‘ba ne ba dira tiro ya baefangele’ mo dinageng di le 236.—2 Tim. 4:5.

“Re Tlogetse Dilo Tsotlhe ra go Sala Morago”

3, 4. Jesu o tlogetse eng kwa legodimong, mme re tshwanetse go dira eng gore re nne balatedi ba gagwe?

3 E le gore Jesu a dire tiro e a neng a e neilwe mo lefatsheng, “o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka,” a tlogela botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong le kgalalelo ya jone. (Bafil. 2:7) Le fa e le eng se re ka se dirang go etsa Keresete se ka se bapisiwe le se Jesu a neng a se dira ka go tla mo lefatsheng. Mme re ka nna re nitame, jaaka re le balatedi ba gagwe, re sa gadime kwa morago ka gonne re tlhologelelwa dilo tse re neng re na le tsone mo lefatsheng la ga Satane.—1 Joh. 5:19.

4 Moaposetoloi Petere o kile a raya Jesu a re: “Bona! Re tlogetse dilo tsotlhe ra go sala morago.” (Math. 19:27) Ka bonako Petere, Anderea, Jakobe le Johane ba ne ba tlogela matloa a bone mme ba sala Jesu morago. Ba ne ba tlogela kgwebo ya bone ya go tshwara ditlhapi mme ba dira gore bodiredi e nne jone tiro ya bone ya konokono. Go ya ka pego ya ga Luke ya Efangele, Petere o ne a re: “Bona! Re tlogetse dilo tsa rona ra go sala morago.” (Luke 18:28) Bontsi jwa rona ga re a ka ra tshwanelwa ke go tlogela “dilo tsa rona” tsotlhe gore re sale Jesu morago. Le fa go ntse jalo, re ile ra tshwanelwa ke go ‘iitatola’ gore re nne balatedi ba ga Keresete le batlhanka ba ba dirang ka pelo yotlhe ba ga Jehofa. (Math. 16:24) Go dira jalo go dirile gore re bone masego a mantsi. (Bala Mathaio 19:29.) Go etsa Keresete ka go tlhagafala mo tirong ya go rera go dira gore re itumele, segolobogolo fa re nnile le seabe, le fa se ka nna sennye go le kana kang, mo go thuseng mongwe gore a atamalane le Modimo le Morwawe yo o rategang.

5. Bolela maitemogelo mangwe a a bontshang se motho yo e leng mofaladi a ka nnang a se dira fa a sena go ithuta boammaaruri jwa Baebele.

5 Valmir, monna wa kwa Brazil yo o nnang kwa lefelong le le mo bogareng jwa Suriname, e ne e le moepi wa gouta. O ne a lemaletse bojalwa e bile a se na boitsholo jo bo siameng. Nako nngwe fa a ne a le kwa toropong, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go ithuta Baebele le ene. O ne a ithuta letsatsi le letsatsi, a dira diphetogo tse dintsi, mme a kolobediwa morago ga nako fela e khutshwane. Fa a ne a lemoga gore tiro ya gagwe e ne e dira gore a thatafalelwe ke go tshela go dumalana le tumelo e a neng a sa tswa go e bona, o ne a rekisa kgwebo ya gagwe e e neng e atlegile mme a boela kwa Brazil go ya go thusa lelapa la gagwe go bona matlotlo a semoya. Fa bafaladi ba bantsi ba sena go ithuta boammaaruri jwa Baebele, ba tlogela ditiro tse ba neng ba di dira mo dinageng tse di humileng ba bo ba boela kwa dinageng tse ba tswang kwa go tsone gore ba ye go thusa ba losika le ba bangwe go itse Modimo. Baboledi bano ba Bogosi ba bontsha moya wa boefangele tota.

6. Ke eng se re ka se dirang fa re sa kgone go fudugela kwa go tlhokegang baboledi ba Bogosi thata teng?

6 Basupi ba bantsi ba ile ba kgona go fudugela kwa mafelong a go tlhokegang baboledi ba Bogosi thata kwa go one. E bile bangwe ba fudugetse kwa dinageng di sele. Gongwe rona re ka se kgone go fudugela kwa lefelong le sele, mme re ka etsa Jesu ka gore ka metlha re dire bojotlhe jwa rona mo bodireding.

Jehofa o re Naya Thapiso E re E Tlhokang

7. Ke dikolo dife tse di thapisang batho ba ba batlang go tokafatsa bokgoni jwa bone mo tirong ya go rera ka Bogosi?

7 Fela jaaka Jesu a ile a thapisiwa ke Rraagwe, le rona re ka solegelwa molemo ke thuto e re e newang ke Jehofa gompieno. Jesu ka boene o ne a re: “Go kwadilwe mo Baporofeting ga twe, ‘Mme botlhe ba tla rutwa ke Jehofa.’” (Joh. 6:45; Isa. 54:13) Gompieno go na le dikolo tse segolobogolo di diretsweng go re thapisetsa tiro ya rona ya go bolela ka Bogosi. Ruri rotlhe re solegetswe molemo ka tsela nngwe ke Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se se tshwarwang mo diphuthegong tsa rona. Babulatsela ba na le tshiamelo ya go tsena Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela. Bangwe ba ba sa bolong go nna babulatsela ba ile ba itumelela go tsena sekolo seo lekgetlho la bobedi. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ile ba tsena Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi gore ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go ruta le tirelo e ba e direlang badumedi mmogo le bone. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba le bantsi ba ba sa nyalang ba ile ba tsena Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi, se se ba thapisang go thusa ba bangwe mo tirong ya go rera. Mme bakaulengwe ba bantsi le bokgaitsadi ba ba abetsweng go ya go nna barongwa kwa dinageng tse dingwe ba thapisitswe kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade.

8. Bakaulengwe ba bangwe ba tseela thapiso e e tswang kwa go Jehofa kwa godimo thata jang?

8 Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba dirile diphetogo dingwe mo matshelong a bone gore ba kgone go nna teng kwa dikolong tseno. Yugu o ne a tlogela tiro ya gagwe ya boitshediso gore a nne teng kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi kwa Canada ka gonne mothapi wa gagwe o ne a gana go mo naya malatsi fa a ne a ikopa. Yugu a re: “Ga ke ikwatlhaele seo. Tota e bile fa ba ka bo ba mphile malatsi ka gonne ba nkutlwela botlhoko, ba ne ba ka nna ba lebelela gore ke se ka ka tlogela go berekela khampani eo go supa gore ke ikanyega mo go yone. Mme jaanong nka kgona go dira kabelo le fa e le efe e ke sa ntseng nka e newa ke Jehofa.” Batho ba bantsi ba itetlile go latlhegelwa ke dilo tse ba kileng ba bo ba di tsaya di le tlhwatlhwakgolo, e le gore ba solegelwe molemo ke thapiso e e tswang kwa Modimong.—Luke 5:28.

9. Naya sekai se se bontshang matswela a go ithuta Dikwalo mmogo le go iteka ka tlhoafalo.

9 Go ithuta Dikwalo le go iteka ka tlhoafalo go na le matswela a a molemo. (2 Timotheo 3:16, 17) Ela tlhoko se se ileng sa diragalela Saulo kwa Guatemala. O tshotswe a na le bogolenyana mo tlhaloganyong mme mongwe wa barutabana ba gagwe o ne a raya mmaagwe a re a se ka a pateletsa Saulo go ithuta go bala, ka gonne seo se ne se tla betisa Saulo pelo fela. Saulo o ne a tlogela sekolo a sa itse go bala. Le fa go ntse jalo, Mosupi mongwe o ne a ruta Saulo go bala, a dirisa bukana ya Ineele go Bala le go Kwala. Kgabagare Saulo o ne a gatela pele mo a neng a setse a baya dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Moragonyana mmaagwe Saulo o ne a kopana le morutabana wa gagwe a le mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Fa morutabana a utlwa gore Saulo o ithutile go bala o ne a raya mmaagwe a re a mo tlise kwa legaeng la gagwe mo bekeng e e latelang. Mo bekeng e e latelang, morutabana o ne a botsa Saulo jaana: “O tlile go nthuta eng?” Saulo o ne a simolola go bala serapa go tswa mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Morutabana o ne a re: “Ga ke dumele gore jaanong ke rutwa ke wena.” O ne a tlamparela Saulo a tsholola dikeledi.

Go Ruta ka Tsela e e Tlhotlheletsang Pelo

10. Re na le sedirisiwa sefe se se molemo se re ka se dirisang go ruta batho boammaaruri jwa Baebele?

10 Jesu o ne a thaya se a neng a se ruta mo go se Jehofa a neng a se mo ruta ka tlhamalalo le mo taong e e mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng. (Luke 4:16-21; Joh. 8:28) Re etsa Jesu ka go dirisa kgakololo ya gagwe le ka go ruta se se mo Dikwalong. Ka jalo, rotlhe re bua le go akanya ka tumalano, mme seno se dira gore re nne seoposengwe. (1 Bakor. 1:10) A bo re itumela jang ne go bo “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a re naya dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng go re thusa go nna seoposengwe mo tseleng e re rutang ka yone le gore re kgone go dira tiro ya rona ya go nna bareri! (Math. 24:45; 28:19, 20) Nngwe ya dikgatiso tseno ke buka ya Baebele e Ruta Eng? e jaanong e leng teng ka dipuo di le 179.

11. Kgaitsadi mongwe kwa Ethiopia o ne a fenya jang kganetso a dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng?

11 Go ithuta Baebele motho a dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? go ka fetola le dipelo tsa baganetsi. Nako nngwe, Lula, kgaitsadi wa mmulatsela kwa Ethiopia o ne a tshwere thuto ya Baebele fa mongwe wa losika lwa motho yo a neng a ithuta le ene a ne a gatlhamela mo ntlong a bo a re ba emise go tshwara thuto. Lula o ne a leka go tlhalosetsa motho yono a wetse dibete, a dirisa setshwantsho sa madi a e seng a mmatota se se mo kgaolo 15 ya buka ya Baebele e Ruta Eng? Mosadi yono o ne a wela makgwafo mme a ba tlogela gore ba tswelele ka thuto. Tota e bile, o ne a nna teng mo thutong e e latelang mme a kopa gore le ene a tshwarelwe thuto ya Baebele, e bile a re o tla e duelela! Go ise go ye kae o ne a setse a ithuta gararo ka beke mme o ne a gatela pele sentle semoyeng.

12. Naya sekai sa kafa basha ba ka atlegang ka teng go ruta batho dithuto tse di mo Baebeleng.

12 Basha ba ka thusa ba bangwe ka go dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? Fa Keanu wa kwa Hawaii yo o nang le dingwaga di le 11 a ne a bala buka eno kwa sekolong, mongwe wa bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng o ne a re: “Ke eng fa lo sa keteke malatsi a boikhutso?” Keanu o ne a bala karabo ka tlhamalalo go tswa mo setlhogong sa dintlha tse di oketsegileng se se reng “A re Tshwanetse go Keteka Malatsi Mangwe a a Ketekwang?” Go tswa foo o ne a bula diteng tsa buka eno mme a botsa mosimane yono gore ke kgang efe e a e kgatlhegelang thata. Ba ne ba simolola thuto ya Baebele. Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, Basupi ba ga Jehofa ba tshwere dithuto di le 6 561 426 tsa Baebele, mme ba ne ba dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? mo go tse dintsi tsa tsone. A o dirisa sedirisiwa seno go tshwara dithuto tsa Baebele?

13. Go ithuta Baebele go ka tlhotlheletsa batho thata jang?

13 Go ithuta Baebele ka go dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? go ka tlhotlheletsa thata batho ba ba batlang go dira thato ya Modimo. Banyalani bangwe ba e leng babulatsela ba ba kgethegileng kwa Norway ba ne ba simolola thuto ya Baebele le lelapa le le tswang kwa Zambia. Banyalani bano ba ba tswang Zambia ba ne ba na le bana ba le bararo ba basetsana mme ba ne ba sa batle ngwana yo mongwe gape. Ka jalo, e ne ya re fa mosadi a ima, ba swetsa ka gore a senye mpa. Malatsi a sekae pele ga a ya go bona ngaka, ba ne ba ithuta kgaolo e e nang le setlhogo se se reng “Tsela e Modimo a Lebang Botshelo ka Yone.” Setshwantsho sa ngwana yo o iseng a tsholwe se se mo kgaolong eo se ne sa ama banyalani bano maikutlo thata mo e leng gore ba ne ba swetsa ka gore mosadi a se ka a senya mpa. Ba ne ba gatela pele sentle semoyeng mme ba reelela lesea la bone la mosimane ka mokaulengwe yo o neng a ba tshwarela thuto.

14. Naya sekai sa kafa go tshela tumalanong le se re se rutang go ka nnang le matswela a a molemo ka teng.

14 Sengwe sa botlhokwa mo tseleng e Jesu a neng a ruta ka yone ke gore o ne a tshela go dumalana le se a se rutang. Batho ba bantsi ba kgatlhiwa ke boitshwaro jo bo molemo jwa Basupi ba ga Jehofa, ba ba etsang Jesu mo ntlheng eno. Koloi ya rakgwebo mongwe kwa New Zealand e ne ya thubiwa mme a utswelwa kgetsi. O ne a ya go begela lepodise tiragalo eo, mme le ne la mo raya la re: “O ka bona kgetsi ya gago fela fa e ka bonwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” Mosupi mongwe yo o neng a isa makwalodikgang mo magaeng a batho o ne a bona kgetsi eo. Fa mong wa kgetsi a sena go utlwa gore kgaitsadi yono o e bone, o ne a tla kwa legaeng la gagwe. O ne a wela makgwafo fa a ne a fitlhela lekwalo lengwe la botlhokwa thata le sa ntse le le teng. Kgaitsadi yono o ne a mo raya a re: “Go ne go tshwanela gore ke buse kgetsi eno segolobogolo ka gonne ke Mosupi wa ga Jehofa.” Rakgwebo yoo o ne a gakgametse, ka gonne o ne a gakologelwa se lepodise le neng le se mmoleletse mo mosong oo. Ruri Bakeresete ba boammaaruri ba tshela go dumalana le dithuto tse di mo Baebeleng e bile ba etsa Jesu.—Baheb. 13:18.

Leba Batho ka Tsela e Jesu a Neng a ba Leba ka Yone

15, 16. Re ka dira jang gore batho ba kgatlhegele molaetsa o re o rerang?

15 Tsela e Jesu a neng a leba batho ka yone e ne e dira gore ba kgatlhegele molaetsa. Ka sekai, lorato lwa gagwe le tsela e a neng a ikokobeditse ka yone di ne di dira gore batho ba maemo a a kwa tlase ba tle kwa go ene. O ne a utlwela batho ba ba neng ba tla kwa go ene botlhoko mme a ba gomotsa ka mafoko a a neng a a bua ka bopelonomi, a ba a fodisa bontsi jwa bone. (Bala Mareko 2:1-5.) Rona re ka se kgone go dira dikgakgamatso, mme re ka bontsha lorato, boikokobetso le kutlwelobotlhoko—dinonofo tse di dirang gore batho ba kgatlhegele boammaaruri.

16 Go nna kutlwelobotlhoko go ne ga thusa thata fa mmulatsela yo o kgethegileng yo o bidiwang Tariua a ne a tsena kwa legaeng la monnamogolo mongwe yo o bidiwang Beere, yo o nnang mo go sengwe sa ditlhaketlhake tse di kwa thoko thata tsa Kiribati kwa South Pacific. Le fa monna yono a ne a bontsha gore ga a batle go reetsa, Tariua o ne a lemoga gore o ne a golafetse mme a mo utlwela botlhoko. O ne a mmotsa a re: “A o kile wa utlwa ka se Modimo a solofetsang gore o tla se direla balwetse le batsofe?” Go tswa foo o ne a bala ditemana dingwe mo boporofeting jwa ga Isaia. (Bala Isaia 35:5, 6.) Monna yono yo o neng a kgatlhegile, o ne a re: “Ga ke bolo go bala Baebele e bile ke etetswe ke morongwa wa bodumedi jwa me ka dingwaga di le dintsi, mme ke la ntlha ke bona seo mo Baebeleng.” Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le Beere, mme o ne a gatela pele sentle semoyeng. Le fa gone a ne a golafetse thata, jaanong o kolobeditswe, o etelela pele go tlhokomela setlhopha sengwe se se kwa thoko, mme o kgona go tsamaya mo setlhaketlhakeng seo sotlhe a rera dikgang tse di molemo.

Tswelela Pele o Etsa Keresete

17, 18. (a) O ka nna jang moreri yo o atlegileng? (b) Batho ba ba dirang bodiredi jwa bone ka tlhagafalo ba tlile go bona eng?

17 Jaaka maitemogelo a a itumedisang a re nnang le one a bontsha gangwe le gape, re ka nna bareri ba ba atlegang fa re tlhagolela re bo re bontsha dinonofo tse Jesu a neng a na le tsone. Ruri go a tshwanela gore re etse Keresete ka go nna bareri ba ba tlhagafetseng!

18 Fa bangwe ba ne ba nna barutwa ba ga Jesu mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Petere o ne a re: “Tota re tla bona eng?” Jesu o ne a mo araba a re: “Mongwe le mongwe yo o tlogetseng matlo kgotsa bomorwarraagwe kgotsa bomorwadiarraagwe kgotsa rraagwe kgotsa mmaagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka ntlha ya leina la me o tla amogela go menagane gantsi e bile o tla rua botshelo jo bo sa khutleng.” (Math. 19:27-29) Le rona re tla diragalelwa ke sone seo fa re tswelela re etsa Morongwa yo mogolo go gaisa botlhe, Jesu Keresete.

O ka Araba Jang?

• Jehofa o re thapisa jang go nna bareri?

• Ke eng fa buka ya Baebele e Ruta Eng? e na le matswela mo bodireding jwa rona?

• Re ka etsa Jesu jang mo tseleng e re lebang batho ba ka yone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Fa Jesu a ne a re Petere, Anderea, Jakobe le Johane ba mo sale morago, ga ba a ka ba senya nako

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Dikgatiso tse di tshwanang le buka ya “Baebele e Ruta Eng?” di re thusa go nna seoposengwe mo tseleng e re rutang ka yone