Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute mo Diphosong Tsa Baiseraele

Ithute mo Diphosong Tsa Baiseraele

Ithute mo Diphosong Tsa Baiseraele

FA Baiseraele ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng ba ne ba itse gore Jehofa o ne a batla gore ba direng. Modimo o ne a laetse jaana ka Moshe: “Lo leleke banni botlhe ba lefatshe fa pele ga lona lo bo lo senye ditshwantsho tsotlhe tsa bone tsa maje, gape lo senye ditshwantsho tsotlhe tsa bone tsa tshipi e e thetsweng, lo bo lo nyeletse mafelo otlhe a bone a a kwa godimo a a boitshepo.”—Dipa. 33:52.

Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go dira kgolagano epe le banni ba naga eo, e bile ba ne ba sa tshwanela go nyalana le bone. (Dute. 7:2, 3) Tota e bile, batho ba Modimo ba ba tlhophilweng ba ne ba tlhagisitswe jaana: “Itise gore o se ka wa dira kgolagano le banni ba lefatshe le o yang kwa go lone, e se re kgotsa ya itshupa e le seru mo gare ga gago.” (Ekes. 34:12) Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba se ka ba utlwa taelo ya ga Jehofa mme ka jalo ba raelesega. Ke eng se se dirileng gore ba ye tshenyegong? Ke dithuto dife tse di tlhagisang tse re ka ithutang tsone mo go se se ba diragaletseng?—1 Bakor. 10:11.

Go Tsalana Thata le Baditšhaba go Felela ka go Obamela Medingwana

Gore Baiseraele ba rue Lefatshe le le Solofeditsweng, ba ne ba fenya banni ba lone. Le fa go ntse jalo, bomorwa Iseraele ga ba a ka ba ikobela ditaelo tsa Modimo ka botlalo. Ga ba a ka ba leleka mmaba. (Baatlh. 1:1–2:10) Go na le moo, fa Baiseraele ba ntse ba nna mo gare ga “ditšhaba di le supa” tse di neng di nna mo nageng eo, go kopana le bone ka gale go ne ga dira gore ba tsalane le bone. (Dute. 7:1) Seno se ne sa ama Baiseraele jang? Baebele ya re: “Ba tsaya bomorwadiabone go nna basadi ba bone, le ba e leng bomorwadiabone ba ba naya bomorwabone, mme ba simolola go direla medimo ya bone. Ka jalo bomorwa Iseraele ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, ba lebala Jehofa Modimo wa bone mme ba direla Bobaale le dikota tse di boitshepo.” (Baatlh. 3:5-7) Go tsalana ga Baiseraele le banni ba naga eo go ne ga dira gore ba nyalane le bone mme ba obamele medingwana. Fa Baiseraele ba setse ba nyalane le bone, go ne go lebega ba ka se leleke baheitane mo nageng. Kobamelo ya boammaaruri e ne e leswafaditswe, le Baiseraele ka bobone ba ne ba simolola go direla medimo ya maaka.

Fa banni ba Lefatshe le le Solofeditsweng e ne e le ditsala tsa Baiseraele, ba ne ba tsenya bomoya jwa bone mo kotsing thata go feta fa e ne e le baba ba bone. Akanya ka tsela e nngwe e bodumedi bo ka tswang bo ne jwa leswafadiwa ka yone.

Temo e Felela ka go Obamela Baale

Fa Baiseraele ba sena go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba se ka ba tlhola ba nna bakgarakgatshegi, mme bontsi jwa bone ba ne ba nna balemi. Gongwe mekgwa ya temo e ba neng ba e dirisa e ne e tshwana le ya batho ba ba neng ba lema foo pele ga bone. Go bonala phetogo eno e sa dira gore Baiseraele ba tseye fela mekgwa ya temo ya Bakanana. Gape go tsalana le banni ba lefatshe leo go ne ga gogela Baiseraele mo kobamelong ya bone e e amanang le temo.

Bakanana ba ne ba obamela Bobaale ba bantsi—medimo e go neng go dumelwa fa e dira gore mmu o ungwe thata. Kwantle ga go lema lefatshe le go roba maungo a lone, kgabagare Baiseraele ba ne ba simolola go obamela medimo ya Bakanana ba re ke yone e ba nayang thobo e ntsi. Ka jalo Baiseraele ba le bantsi ba ne ba itshema fa ba obamela Jehofa, mme tota e ne e le batlhanogi.

Tlhagiso e e Maatla mo go Rona Gompieno

Ga go lebege Baiseraele ba ne ba ikaeletse go inaakanya le kobamelo ya ga Baale le boikepo jwa yone fa ba ne ba kopana la ntlha le batho ba ba nnang mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Le fa go ntse jalo, go tsalana ga bone le batho bao go ne ga felela ka gore ba obamele Baale. A re ka se lebelele matswela a a kotsi jalo fa re tsalana thata le batho ba ba ka tswang ba le botsalano mme ba sa dumele ditumelo tse re di dumelang tsa Bokeresete, ba se na mekgwa e e siameng ya boitsholo e re nang le yone e bile ba sa tshele ka melaometheo e re tshelang ka yone? Ee ruri, go ka nna ga tlhokega gore re dirisane ka tsela nngwe le batho ba ba sa dumeleng, kwa tirong, kwa sekolong, kana gongwe le eleng kwa gae. Le fa go ntse jalo, se se diragaletseng Baiseraele ke tlhagiso mo go rona gore go batla botsala jo bo ntseng jalo ke go ipiletsa mathata. Baebele e bua boammaaruri jono jo bo se nang bana ba phefo: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakor. 15:33.

Gompieno re lebana le dikgwetlho tse dintsi tse di tshwanang le tse Baiseraele ba neng ba lebana le tsone. Mo nakong ya gompieno, batho ba tsaya dilo dingwe le batho bangwe jaaka e kete ke medimo. Seo se akaretsa madi, batho ba ba tlhageletseng mo go tsa boitlosobodutu, bagaka ba metshameko, ditsamaiso tsa bopolotiki, baeteledipele bangwe ba bodumedi le eleng maloko a lelapa. Go ka direga gore re tsepamise mogopolo thata mo go epe fela ya dilo tseno mo botshelong. Go tsalana thata le batho ba ba sa rateng Jehofa go ka senya kamano ya rona le Modimo.

Tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang e ne e le karolo ya konokono ya kobamelo ya ga Baale e e neng ya gogela Baiseraele ba le bantsi le go ba hepisa. Dirai tse di tshwanang le seno di sa ntse di raela bangwe ba batho ba Modimo. Ka sekai, motho yo o swegaswegang kana yo o sa tseyeng tsia a ka kgotlela segakolodi sa gagwe se se siameng ka go tobetsa konopo ya khomputara fela a bo a leba ditshwantsho tse di hepisang mo Internet a le mo ntlong ya gagwe. A bo go ka hutsafatsa jang ne gore Mokeresete a raelwe ke ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet!

“Go Itumela ba ba Bolokang Dikgakololo Tsa Gagwe”

Tshwetso ya go utlwa Jehofa kana go se mo utlwe fa go tla mo kgannyeng ya go tlhopha ditsala ke ya motho ka boene. (Dute. 30:19, 20) Ka gone, re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Ke tsalana le bomang ka nako ya me ya boitlosobodutu? Mekgwa ya bone le maitsholo a bone a ntse jang? A ba obamela Jehofa? A go tsalana le bone go tla nthotloetsa go nna Mokeresete yo o botoka?’

Mopesalema o ne a opela jaana: “Go itumela ba ba se nang molato mo tseleng ya bone, ba ba tsamayang mo molaong wa ga Jehofa. Go itumela ba ba bolokang dikgakololo tsa gagwe; ba nna ba mmatla ka pelo yotlhe.” (Pes. 119:1, 2) Eleruri “go itumela mongwe le mongwe yo o boifang Jehofa, yo o tsamayang mo ditseleng tsa gagwe.” (Pes. 128:1) Fa go tla mo go tlhopheng ditsala, a re ithuteng mo diphosong tsa Baiseraele mme re ikobele Jehofa mo go sengwe le sengwe.—Dia. 13:20.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go tsalana thata le batho ba ba sa rateng Jehofa go ka felela ka gore re obamele medingwana