Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu Keresete—Morongwa yo Mogolo go Gaisa Botlhe

Jesu Keresete—Morongwa yo Mogolo go Gaisa Botlhe

Jesu Keresete—Morongwa yo Mogolo go Gaisa Botlhe

“Ke moemedi yo o tswang kwa go ene, mme Ene yoo o nthomile.”—JOH. 7:29.

1, 2. Morongwa ke motho wa mofuta mang, mme ke mang yo o ka bidiwang Morongwa yo mogolo go gaisa botlhe?

OAKANYA eng fa o utlwa lefoko “morongwa”? Bangwe ba akanya ka barongwa ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete, ba bontsi jwa bone ba itshunyang nko mo dikgannyeng tsa bopolotiki le tsa ikonomi tsa dinaga tse ba direlang kwa go tsone. Le fa go ntse jalo, fa o le Mosupi wa ga Jehofa, gongwe o tla akanya ka barongwa ba ba romelwang ke Setlhopha se se Laolang go ya go rera dikgang tse di molemo kwa dinageng tse di farologaneng mo lefatsheng. (Math. 24:14) Barongwa bano ba dirisa nako ya bone le maatla ka bopelotshweu go dira tiro ya botlhokwa ya go thusa batho go atamalana le Jehofa Modimo le go nna le kamano e e kgethegileng le ene.—Jak. 4:8.

2 Mafoko “morongwa” le “barongwa” ga a yo mo Thanolong ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Le fa go ntse jalo, ntlha e e kwa tlase go New World Translation of the Holy ScripturesWith References mo go Baefeso 4:11, ya re lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “baefangedi” gape le ka ranolwa go twe “barongwa.” Jehofa ke Moefangedi yo mogolo go gaisa botlhe, mme a ka se bidiwe Morongwa yo mogolo, ka gonne ga a ise a ke a romelwe ke ope. Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete o ne a bua jaana ka Rraagwe yo o kwa legodimong: “[Nna Jesu] ke moemedi yo o tswang kwa go ene, mme Ene yoo o nthomile.” (Joh. 7:29) Jehofa o ne a bontsha lorato lwa gagwe lo logolo mo bathong botlhe ka go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng. (Joh. 3:16) Jesu a ka bidiwa Morongwa yo mogolo go gaisa botlhe ka gonne lengwe la mabaka a go bo a ile a romelwa mo lefatsheng e ne e le gore a “supe ka ga boammaaruri.” (Joh. 18:37) O ne a atlega ka botlalo fa a bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi, mme tirelo ya gagwe e sa ntse e re solegela molemo le gompieno. Ka sekai, re ka dirisa mekgwa e a neng a e dirisa fa a ruta mo bodireding jwa rona, re le barongwa kana re se bone.

3. Re tlile go sekaseka dipotso dife?

3 Se Jesu a se dirileng fa a ne a rera ka Bogosi se dira gore re botse dipotso tse di jaaka tseno: Ke eng se se neng sa diragalela Jesu fa a ne a le mo lefatsheng? Ke eng se se neng se dira gore a kgone go ruta ka tsela e e nang le matswela? Ke eng se se neng se dira gore a atlege mo bodireding jwa gagwe?

O ne A Tlhoka go Nna le Moya o o Ratang fa a Direla mo Mafelong a Masha

4-6. Dingwe tsa diphetogo tse Jesu a neng a lebana le tsone fa a ne a romelwa mo lefatsheng ke dife?

4 Barongwa ba motlha wa gompieno le Bakeresete bangwe ba ba fudugelang kwa mafelong a go tlhokegang baboledi ba Bogosi kwa go one ba ka nna ba tshwanelwa ke go tlwaela go tshela botshelo jwa maemo a a kwa tlase go na le jo ba ntseng ba bo tlwaetse. Mme ga re kgone le go akanya gore botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng bo ne bo farologana jang le jwa kwa legodimong. Kwa legodimong o ne a nna le Rraagwe le baengele ba ba neng ba direla Jehofa ka maitlhomo a a siameng. (Jobe 1:6; 2:1) A bo seo se ne se farologane thata jang le go nna le baleofi mo lefatsheng le le bosula! (Mareko 7:20-23) Gape Jesu o ile a tshwanelwa ke go itshokela kgaisano e e neng e le teng fa gare ga barutwa ba gagwe ba a neng a atamalane thata le bone. (Luke 20:46; 22:24) Mme o ne a lebana ka tsela e e siameng le boemo bongwe le bongwe jo a neng a kopana le jone mo lefatsheng.

5 Ga go a direga ka kgakgamatso gore Jesu a simolole go bua puo ya batho; o ne a simolola go e ithuta a sa le lesea. Seo se ne se farologane thata le tiro e a neng a e dira kwa legodimong ya go naya baengele ditaelo! Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bua nngwe ya “diteme tsa batho.” E ne e farologane thata le ‘diteme tsa baengele.’ (1 Bakor. 13:1) Le fa go ntse jalo, ga go na motho ope yo o kileng a bua mafoko a a monate jaaka Jesu.—Luke 4:22.

6 Akanya ka diphetogo tse dingwe tse dikgolo tse Morwa Modimo a ileng a lebana le tsone fa a ne a tla mo lefatsheng. Le fa Jesu a ne a sa rua boleo mo go Adame, O ne a nna motho, jaaka ba moragonyana ba neng ba tla nna “bomorwarraagwe,” kana balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng. (Bala Bahebera 2:17, 18.) Mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, ga a ka a kopa Rraagwe yo o kwa legodimong gore a romele “mephato e feta e le lesome le bobedi ya baengele.” Mme akanya fela ka baengele ba a neng a na le taolo mo go bone fa e ne e le Mikaele Moengele yo Mogolo! (Math. 26:53; Jude 9) Ee, Jesu o ne a dira dikgakgamatso; le fa go ntse jalo, se a se dirileng fa a ne a le mo lefatsheng se ne se le sennye fa se bapisiwa le se a neng a ka se dira kwa legodimong.

7. Bajuda ba ne ba ikutlwa jang ka Molao?

7 Pele ga Jesu a nna motho mo lefatsheng e le “Lefoko,” o ka tswa a ne a le Mmueledi wa Modimo yo o neng a kaela Baiseraele mo nageng. (Joh. 1:1; Ekes. 23:20-23) Le fa go ntse jalo, ba ne ba ‘amogela Molao jaaka o fetisiwa ke baengele mme ba ne ba sa o boloka.’ (Dit. 7:53; Baheb. 2:2, 3) Tota e bile, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa tlhaloganye bokao jwa mmatota jwa Molao. Ka sekai, akanya ka Molao wa Sabata. (Bala Mareko 3:4-6.) Bakwadi le Bafarasai ba ne ba “itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi.” (Math. 23:23) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a itlhoboga mme a tlogela go bolela boammaaruri.

8. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ka kgona go re thusa?

8 Jesu o ne a na le moya wa go rata go direla ba bangwe dilo. O ne a tlhotlhelediwa ke go rata batho mme o ne a batla go ba thusa tota. Ka metlha o ne a kgothaletse go rera. Mme ka gonne Jesu a ne a ikanyega mo go Jehofa fa a le mo lefatsheng, “o ne a nna yo o nayang botlhe ba ba mo utlwang poloko ya bosakhutleng.” Gape “e re ka ene ka boene a bogile fa a ne a lekwa, o kgona go tswa ba ba lekwang [jaaka rona] thuso.”—Baheb. 2:18; 5:8, 9.

O ne A Thapisitswe Sentle go Nna Morutisi

9, 10. Jesu o neilwe thapiso ya mofuta ofe pele ga a romelwa mo lefatsheng?

9 Pele ga Bakeresete ba motlha wa gompieno ba romelwa go ya go nna barongwa, Setlhopha se se Laolang se rulaganyetsa gore ba thapisiwe. A Jesu Keresete o ne a thapisitswe? Ee, mme o ne a sa tsena dikolo tsa boruti pele ga a tlodiwa go nna Mesia; e bile o ne a sa rutiwa ke baeteledipele bangwe ba ba itsegeng ba bodumedi. (Joh. 7:15; bapisa Ditiro 22:3.) Mme ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a na le bokgoni jo bogolo jaana jwa go ruta?

10 Le fa Jesu a ka tswa a ithutile dilo dingwe mo go mmaagwe e bong Marea le mo go rraagwe yo o mo godisitseng e bong Josefa, o neilwe thapiso ya botlhokwa e a neng a tla e dirisa mo bodireding ke Motswedi wa maemo a a kwa godimo thata. Jesu o ne a bua jaana ka ga seno: “Ga ke a ipuela fela, mme Rara ka boene yo o nthomileng o nneile taelo ka ga gore ke bolele eng le gore ke bue eng.” (Joh. 12:49) Ela tlhoko gore Morwa o ne a neilwe taelo e e tlhamaletseng ya gore a rute ka eng. Ga go na pelaelo gore pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a dirisitse nako e ntsi a reeditse tao ya ga Rraagwe. A o ne a ka bona thapiso e e gaisang eo?

11. Jesu o ne a etsa jang tsela e Rraagwe a neng a ikutlwa ka yone ka batho?

11 Go simolola ka nako e Morwa a neng a bopiwa ka yone, o ne a na le kamano e e gaufi thata le Rraagwe. Pele ga Jesu a nna motho mo lefatsheng, o ne a lemoga tsela e Modimo a neng a ikutlwa ka yone ka batho ka go ela tlhoko tsela e Jehofa a neng a dirisana ka yone le bone. Morwa o ne a rata batho fela jaaka Modimo mo e leng gore, o ne a ka bua jaana, e le botlhale jo bo mothofaditsweng: “Dilo tse ke neng ke di rata di ne di na le bomorwa batho.”—Dia. 8:22, 31.

12, 13. (a) Jesu o ne a ithuta eng ka go ela tlhoko kafa Rraagwe a neng a dirisana ka teng le Baiseraele? (b) Jesu o ne a dirisa jang thapiso e a neng a e neilwe?

12 Thapiso e Morwa a e neilweng gape e ne e akaretsa go ela tlhoko kafa Rraagwe a neng a lebana le maemo a a thata ka teng. Ka sekai, akanya kafa Jehofa a neng a dirisana ka teng le Baiseraele ba ba neng ba se kutlo. Nehemia 9:28 ya re: “Fela fa ba ikhuditse, ba ne ba dira se se bosula gape fa pele ga gago [Jehofa], mme o ne o ba tlogelela seatla sa baba ba bone, ba ba neng ba ba gataka. Go tswa foo ba ne ba boa ba ya go ikuela kwa go wena gore o ba thuse, mme o ne o ba utlwa o le kwa magodimong o bo o ba golola go ya ka fa kutlwelobotlhokong ya gago e kgolo, gangwe le gape.” Ka gonne Jesu a ne a dira le Jehofa e bile a etse tlhoko tsela e a neng a dira dilo ka yone, le ene o ne a nna kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba neng ba le mo tshimong ya gagwe.—Joh. 5:19.

13 Jesu o ne a dirisa se a neng a se ithuta fa a thapisiwa ka gonne o ne a dirisana le barutwa ba gagwe ka tsela e e neng e bontsha gore o ba utlwela botlhoko. Mo bosigong jwa pele ga loso lwa gagwe, baaposetoloi ba gagwe botlhe ba a neng a ba ratile thata ba ne “ba mo tlogela ba tshaba.” (Math. 26:56; Joh. 13:1) E bile moaposetoloi Petere o ne a itatola Keresete gararo! Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a tswalela baaposetoloi ba gagwe tsela ya go boela kwa go ene. O ne a raya Petere a re: “Ke go diretse mokokotlelo gore o se ka wa felelwa ke tumelo; le wena, fa fela o sena go boa, nonotsha bakaulengwe ba gago.” (Luke 22:32) Iseraele wa semoya o theilwe mo ‘baaposetoloing le baporofeti’ mme maje a motheo a lebota la Jerusalema o Mosha a kwadilwe maina a baaposetoloi ba ba 12 ba ba ikanyegang ba ga Kwana, Jesu Keresete. Go tla go fitlha gompieno, Bakeresete ba ba tloditsweng mmogo le bakaulengwe ba bone ba ba ineetseng ba “dinku tse dingwe” ba a atlega e le phuthego e e rerang ka Bogosi e e okametsweng ke seatla se se maatla sa Modimo e bile e eteletswe pele ke Morwawe yo o rategang.—Baef. 2:20; Joh. 10:16; Tshen. 21:14.

Kafa Jesu a Neng a Ruta ka Teng

14, 15. Dithuto tsa ga Jesu di ne di farologana jang le tsa bakwadi le Bafarasai?

14 Jesu o ne a dirisa jang thapiso e a neng a e neilwe fa a ruta balatedi ba gagwe? Fa re bapisa tsela e Jesu a neng a ruta ka yone le ya baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda, re bona sentle gore tsela e Jesu a neng a ruta ka yone e ne e le ya maemo a a kwa godimo thata. Bakwadi le Bafarasai ba ne ba ‘dirile lefoko la Modimo lefela ka ntlha ya ngwao ya bone.’ Mme Jesu ene o ne a sa bue dilo ka go di itshimololela ka boene; ka metlha o ne a ruta lefoko, kana molaetsa wa Modimo. (Math. 15:6; Joh. 14:10) Le rona re tshwanetse go dira fela jalo.

15 Go na le lebaka le lengwe le le neng le dira gore Jesu a farologane thata le baeteledipele ba bodumedi. O ne a bua jaana ka bakwadi le Bafarasai: “Dilo tsotlhe tse ba di lo bolelelang, lo di dire lo bo lo di boloke, mme lo se ka lwa dira kafa ditirong tsa bone, gonne ba a bua mme ba bo ba sa dire.” (Math. 23:3) Jesu o ne a dira se a se rutang. A re sekasekeng sekai sengwe se se supang gore o ne a dira jalo.

16. Ke eng fa o ka re Jesu o ne a tshela go dumalana le mafoko a gagwe a a mo go Mathaio 6:19-21?

16 Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe go ‘ipolokela matlotlo kwa legodimong.’ (Bala Mathaio 6:19-21.) A Jesu ka boene o ne a tshela tumalanong le kgakololo eo? Ee, ka gonne o ne a itlhalosa jaana: “Diphokoje di na le mengobo le dinonyane tsa legodimo di na le dintlhaga, mme Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Luke 9:58) Jesu o ne a tshela botshelo jo bo sa raraanang. O ne a tshwaregile thata ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, mme o ne a tshela ka tsela e e bontshang gore go tshela ka go tlhoka ditlhobaelo tse di bakwang ke go ipolokela matlotlo mo lefatsheng go kaya eng. Jesu o ne a tlhalosa gore go botoka thata go ipolokela matlotlo kwa legodimong, “kwa motoutwane le fa e le ruse di sa jeng gone, le kwa magodu a sa thubeng gone a ba a utswa.” A o latela kgakololo ya ga Jesu ya go ipolokela matlotlo kwa legodimong?

Dinonofo Tse di Neng di Dira Gore Jesu a Ratwe ke Batho

17. Ke dinonofo dife tse di neng di dira gore Jesu e nne moreri yo o tlhomologileng thata?

17 Ke dinonofo dife tse di neng di dira gore Jesu e nne moreri yo o tlhomologileng thata? Nngwe ya tsone ke tsela e a neng a leba batho ba a neng a ba thusa ka yone. Dingwe tsa dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa tse Jesu a neng a di etsa e ne e le boikokobetso, lorato le kutlwelobotlhoko. Ela tlhoko kafa dinonofo tseno di neng tsa dira ka teng gore batho ba bantsi ba rate Jesu.

18. Ke eng fa go ka twe Jesu o ne a ikokobeditse?

18 Fa Jesu a sena go amogela kabelo ya go tla mo lefatsheng, o ne a “iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho.” (Bafil. 2:7) Go dira jalo go ne go bontsha gore o ikokobeditse. Gape Jesu o ne a sa tseele batho kwa tlase. O ne a se na boikutlo jwa gore, ‘Ke tswa kgakalakgakala kwa legodimong, ka jalo lo tshwanetse go ntheetsa.’ Le fa Jesu e ne e le Mesia wa mmatota, ga a ka a dira jaaka bomesia ba maaka ka go tsamaya a ikgantsha ka maemo a gagwe. Ka dinako tse dingwe o ne a raya batho a re ba se ka ba bolelela ba bangwe gore ke mang kana gore o ne a dirile eng. (Math. 12:15-21) Jesu o ne a batla gore batho ba dire tshwetso ya go mo sala morago ka ntlha ya se ba se iponetseng ka bobone. Barutwa ba gagwe ba ne ba itumelela thata gore Morena wa bone o ne a sa lebelela gore ba se ka ba dira diphoso jaaka baengele ba a neng a nna le bone kwa legodimong!

19, 20. Jesu o ne a tlhotlhelediwa jang ke lorato le kutlwelobotlhoko go thusa batho?

19 Gape Jesu Keresete o ne a bontsha lorato—e leng nonofo ya konokono e Rraagwe yo o kwa legodimong a nang le yone. (1 Joh. 4:8) Jesu o ne a ruta bareetsi ba gagwe ka gonne a ba rata. Ka sekai, ela tlhoko tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka mmusi mongwe wa lekawana. (Bala Mareko 10:17-22.) Jesu o ne a “ikutlwa a mo rata” mme o ne a batla go mo thusa. Le fa go ntse jalo, mmusi yono wa lekawana ga a ka a tlogela dithoto tsa gagwe tse dintsi gore a nne molatedi wa ga Keresete.

20 Nngwe ya dinonofo tse di neng di dira gore batho ba rate Jesu ke gore o ne a le kutlwelobotlhoko. Fela jaaka batho botlhe ba ba sa itekanelang, batho ba ba neng ba amogela dithuto tsa gagwe ba ne ba imetswe ke mathata. Ka gonne Jesu a ne a itse seno, o ne a ba ruta a ba utlwela botlhoko e bile a ba tlhomogela pelo. Ka sekai: Nako nngwe Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tshwaregile thata mo ba neng ba se na le nako ya go ja. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itshwara jang fa a ne a bona gore boidiidi jwa batho bo ne bo phuthegile? O ne “a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mar. 6:34) Jesu o ne a lemoga boemo jo bo tlhomolang pelo jwa batho ba ba neng ba le mo tshimong ya gagwe mme o ne a dirisa nonofo ya gagwe go ba ruta le go ba direla dikgakgamatso. Bangwe ba ne ba mo rata ka ntlha ya dinonofo tsa gagwe tse di molemo, mme ba tlhotlhelediwa ke mafoko a gagwe ba bo ba nna barutwa ba gagwe.

21. Re tla ithuta eng mo setlhogong se se latelang?

21 Go na le dilo tse dingwe tse dintsi tse re ka di ithutang ka bodiredi jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang. Ke ditsela dife tse dingwe tse re ka etsang Jesu Keresete, yo e leng Morongwa yo mogolo go gaisa botlhe, ka tsone?

O ka Araba Jang?

• Jesu o ne a newa thapiso efe pele ga a tla mo lefatsheng?

• Tsela ya ga Jesu ya go ruta e ne e le ya maemo a a kwa godimo go gaisa ya bakwadi le Bafarasai ka tsela efe?

• Ke dinonofo dife tse di neng di dira gore Jesu a ratwe ke batho?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jesu o ne a ruta boidiidi jwa batho jang?