Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lenaane la Diteng

Lenaane la Diteng

Lenaane la Diteng

February 15, 2008

Makasine o o Ithutiwang

DITLHOGO TSA THUTO TSA DIBEKE TSA:

March 17-23, 2008

Baya Jehofa fa Pele ga Gago ka Metlha

TSEBE 3

DIPINA TSE DI TLA DIRISIWANG: 37, 26

March 24-30, 2008

Tsamaya mo Ditseleng Tsa ga Jehofa

TSEBE 7

DIPINA TSE DI TLA DIRISIWANG: 138, 57

March 31, 2008–April 6, 2008

Jesu Keresete—Morongwa yo Mogolo go Gaisa Botlhe

TSEBE 12

DIPINA TSE DI TLA DIRISIWANG: 172, 72

April 7-13, 2008

Etsa Morongwa yo Mogolo go Gaisa Botlhe

TSEBE 16

DIPINA TSE DI TLA DIRISIWANG: 211, 209

April 14-20, 2008

Go Nna Gone ga ga Keresete—Go go Ama Jang?

TSEBE 21

DIPINA TSE DI TLA DIRISIWANG: 168, 21

Boikaelelo Jwa Ditlhogo Tsa Thuto

Ditlhogo Tsa Thuto 1, 2 TSEBE 3-11

Go tlhatlhanya ka dipego tsa Baebele go nonotsha tumelo ya rona. Fa re nna re beile Jehofa fa pele ga rona, o tla araba dithapelo tsa rona. Mme re tshwanetse go ikobela Modimo le go mo ikanya ka dinako tsotlhe. Fa re tsamaya mo ditseleng tsa gagwe re tla nna batho ba ba ikanyegang, ba ba ikokobeditseng, ba ba pelokgale le ba ba amegang ka ba bangwe.

Ditlhogo Tsa Thuto 3, 4 TSEBE 12-20

Jesu Keresete e ne e le Morongwa yo mogolo go gaisa botlhe. Ithute kafa a neng a thapisiwa ka teng, kafa a neng a ruta ka teng le se se neng se dira gore a ratwe ke batho. Bona kafa re ka etsang Jesu ka teng le kafa re ka rutang ka teng ka tsela e e ka tlhotlheletsang dipelo tsa batho ba re ba rerelang dikgang tse di molemo.

Setlhogo sa Thuto 5 TSEBE 21-25

Ithute gore ke eng fa go ka twe go nna gone ga ga Keresete go tsaya lobaka lo loleele lwa nako. Sekaseka bosupi jwa Dikwalo jo bo tlhalosang gore “kokomana eno” e Jesu a neng a bua ka yone ke bomang. (Math. 24:34) Bona le gore ke ka ntlha yang fa go ka se ka ga kgonega go bala lobaka lwa nako ya “kokomana eno.”

GAPE MO MAKASINENG ONO:

Ithute mo Diphosong Tsa Baiseraele

TSEBE 26

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Mareko

TSEBE 28

Dialogane Tsa Gileade di Rotloediwa go “Simolola go Epa”

TSEBE 31