Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsamaya mo Ditseleng Tsa ga Jehofa

Tsamaya mo Ditseleng Tsa ga Jehofa

Tsamaya mo Ditseleng Tsa ga Jehofa

“Go itumela mongwe le mongwe yo o boifang Jehofa, yo o tsamayang mo ditseleng tsa gagwe.”—PES. 128:1.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore go ka kgonega gore motho a itumele?

MONGWE le mongwe o batla go itumela. Mme o tla dumela gore fa motho a eletsa go itumela kgotsa a leka go itumela seo ga se reye gore o itumetse.

2 Mme gone go ka kgonega gore motho a itumele. Pesalema 128:1 ya re: “Go itumela mongwe le mongwe yo o boifang Jehofa, yo o tsamayang mo ditseleng tsa gagwe.” Re ka itumela fa re obamela Modimo e bile re tsamaya mo ditseleng tsa gagwe ka go dira thato ya gagwe. Go dira jalo go ka ama jang boitshwaro jwa rona le dinonofo tse re nang le tsone?

Nna Motho yo o Ikanyegang

3. Go ikanyega go amana jang le boineelo jwa rona mo Modimong?

3 Batho ba ba boifang Jehofa ba a ikanyega, fela jaaka ene a ikanyega. Jehofa o ne a diragatsa sengwe le sengwe se a neng a se solofeditse Baiseraele ba bogologolo. (1 Dikg. 8:56) Tsholofetso ya botlhokwa go gaisa tsotlhe tse re ka di dirang ke go ineela mo Modimong, mme go rapela ka metlha go tla re thusa go diragatsa tsholoetso eo. Re ka rapela jaana jaaka mopesalema Dafide a ne a rapela: “Wena Modimo, o reeditse maikano a me. . . . Ke tla leletsa leina la gago pina ka bosaengkae, gore ke tle ke duele maikano a me letsatsi le letsatsi.” (Pes. 61:5, 8; Mor. 5:4-6) Fa re batla go nna ditsala tsa Modimo, re tshwanetse go ikanyega.—Pes. 15:1, 4.

4. Jefetha le morwadie ba ne ba leba jang maikano a Jefetha a neng a a diretse Jehofa?

4 Mo metlheng ya Baatlhodi ba Iseraele, Jefetha o ne a ikana gore fa Jehofa a ne a ka mo thusa go fenya Baamona, o ne a tla mo naya motho wa ntlha yo a tla mo kgatlhantshang fa a tswa ntweng gore e nne “tshupelo e e fisiwang.” Mme motho wa ntlha go mo kgatlhantsha e ne ya nna morwadia Jefetha, yo e neng e le ene fela ngwana wa gagwe. E re ka ba ne ba na le tumelo mo go Jehofa, Jefetha le morwadie yo o neng a sa nyalwa ba ne ba diragatsa maikano a ga Jefetha. Le fa Baiseraele ba ne ba tseela lenyalo le go tshola bana kwa godimo, morwadia Jefetha o ne a itlhophela go nna a sa nyalwa mme a itumelela tshiamelo ya go dira tirelo e e boitshepo kwa lefelong le le boitshepo la ga Jehofa.—Baatlh. 11:28-40.

5. Hana o ne a bontsha jang gore o a ikanyega?

5 Mosadi yo o boifang Modimo e bong Hana o ne a bontsha gore o a ikanyega. O ne a nna le monna wa gagwe wa Molefi e bong Elekana le mosadi wa gagwe yo mongwe e bong Penina mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime. Penina o ne a tshola bana ba le bantsi mme a sotla Hana yo o neng a le moopa, bogolo jang fa lelapa leno le ne le ya kwa motlaaganeng. Ka lengwe la makgetlho ano, Hana o ne a ikana gore fa a ne a ka tshola ngwana wa mosimane, o ne a tla mo naya Jehofa. Go ise go ye kae o ne a ima mme a tshola ngwana wa mosimane yo o ileng a bidiwa Samuele. Fa Hana a sena go mo kgwisa, o ne a mo naya Modimo kwa Shilo, a adima Jehofa Samuele “malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe [Samuele].” (1 Sam. 1:11) Ka jalo Hana o ne a diragatsa maikano a gagwe le fa a ne a sa itse gore moragonyana o ne a tla nna le bana ba bangwe gape.—1 Sam. 2:20, 21.

6. Go ikanyega ga ga Tikiko go ne ga bonala jang?

6 Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Tikiko e ne e le monna yo o boikanyego e bile e le “modiredi yo o ikanyegang.” (Bakol. 4:7) O ne a tsamaya le moaposetoloi Paulo go tswa kwa Gerika go ralala Makedonia, go tsena mo Asia Minor, gongwe le go ya kwa Jerusalema. (Dit. 20:2-4) E ka tswa e le ene “mokaulengwe” yo o neng a thusa Tito go isetsa badumedi ka bone ba ba humanegileng kwa Judea mpho. (2 Bakor. 8:18, 19; 12:18) Fa Paulo a ne a tsenngwa mo kgolegelong kwa Roma lekgetlho la ntlha, o ne a dira gore morongwa yo o ikanyegang e bong Tikiko a ise makwalo kwa badumeding ka bone ba kwa Efeso le Kolosa. (Baef. 6:21, 22; Bakol. 4:8, 9) Fa Paulo a ne a le mo kgolegelong kwa Roma lekgetlho la bobedi, o ne a roma Tikiko kwa Efeso. (2 Tim. 4:12) Fa re ikanyega, le rona re tla nna le masego fa re ntse re direla Jehofa.

7, 8. Ke ka ntlha yang fa re ka re Dafide le Jonathane e ne e le ditsala tsa mmatota?

7 Modimo o lebeletse gore re nne ditsala tse di ikanyegang. (Dia. 17:17) Jonathane, morwa Kgosi Saulo, o ne a nna tsala ya ga Dafide. Fa Jonathane a utlwa gore Dafide o ne a bolaile Goliathe, “moya wa ga Jonathane [o ne] wa bofagana le moya wa ga Dafide, mme Jonathane a simolola go mo rata jaaka moya wa gagwe ka esi.” (1 Sam. 18:1, 3) Jonathane o ne a ba a tlhagisa Dafide fa Saulo a ne a batla go mmolaya. Fa Dafide a sena go tshaba, Jonathane o ne a kopana le ene mme a dira kgolagano le ene. Fa Jonathane a ne a bua le Saulo ka ga Dafide, Saulo o ne a batla a mmolaya. Le fa go ntse jalo, ditsala tseno tse pedi di ne tsa kopana gape mme tsa tswelela ka botsala jwa tsone. (1 Sam. 20:24-41) Fa ba ne ba kopana lekgetlho la bofelo, Jonathane o ne a nonotsha seatla sa ga Dafide “mo Modimong.”—1 Sam. 23:16-18.

8 Jonathane o ne a swela kwa ntweng e e neng e lowa le Bafilisitia. (1 Sam. 31:6) Dafide o ne a opela jaana mo pineng ya khutsafalo: “Ke tshwenyegile thata ka ntlha ya gago Jonathane morwarre, o ne o itumedisa thata mo go nna. Lorato lwa gago mo go nna lo ne lo le logolo thata go feta lorato lo lo tswang mo basading.” (2 Sam. 1:26) Lorato lono e ne e le lorato lwa botsala fela. Dafide le Jonathane e ne e le ditsala tsa mmatota.

Nna “Boikokobetso mo Mogopolong” ka Metlha

9. Baatlhodi kgaolo 9 e bontsha jang botlhokwa jwa go ikokobetsa?

9 Fa re batla go nna ditsala tsa Modimo, re tshwanetse go nna “boikokobetso mo mogopolong.” (1 Pet. 3:8; Pes. 138:6) Baatlhodi kgaolo 9 e bontsha kafa boikokobetso bo leng botlhokwa ka teng. Morwa Gideone e bong Jothame o ne a re: “Nako nngwe ditlhare di kile tsa ya go itloletsa kgosi.” Go ne ga umakwa setlhare sa motlhware, sa mofeige le sa mofine. Di ne di tshwantshetsa batho ba ba molemo ba ba neng ba sa leke go laola Baiseraele ka bone. Mme setlhare sa mokaikai sone, se se neng se dirisediwa go gotsa fela, se ne se emela puso ya ga Abimeleke yo o mabela, mmolai yo o neng a rata go gatelela ba bangwe. Le fa a ne a “nna e le kgosana mo Iseraele dingwaga di le tharo,” o ne a swa ka tshoganyetso. (Baatlh. 9:8-15, 22, 50-54) A bo go le botoka jang go nna “boikokobetso mo mogopolong”!

10. O ithutileng mo tiragalong ya fa Herode a ne a sa ‘neye Modimo kgalalelo’?

10 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., go ne ga nna le kgotlhang fa gare ga ga Kgosi Herode Ageripa yo o mabela wa Judea le banni ba Ture le Sidona, ba ba neng ba batla go agisana le ene. Nako nngwe fa Herode a ne a bua le setšhaba, ba ne ba goa ba re: “Ke lentswe la modimo, ga se la motho!” Herode ga a ka a gana go bakwa jalo, mme moengele wa ga Jehofa o ne a mo itaya mme a swa loso lo lo botlhoko “ka gonne o ne a se ka a naya Modimo kgalalelo.” (Dit. 12:20-23) Go tweng fa e le gore ka tsela nngwe re na le botswerere jwa go bua kgotsa jwa go ruta dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele? Fa go ntse jalo, a re lebogeleng Modimo se a re letlang go se dira.—1 Bakor. 4:6, 7; Jak. 4:6.

Nna Pelokgale Mme o Nonofe

11, 12. Se se diragaletseng Enoke se bontsha jang gore Jehofa o naya batlhanka ba gagwe bopelokgale le nonofo?

11 Fa re tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa ka boikokobetso, o tla re naya bopelokgale le nonofo. (Dute. 31:6-8, 23) Enoke, motho wa bosupa mo losikeng lwa batho go simolola ka Adame, o ne a tsamaya ka bopelokgale le Modimo ka go tsaya tsela e e siameng le fa a ne a tshela le batho ba ba boikepo. (Gen. 5:21-24) Jehofa o ne a nonotsha Enoke gore a ise molaetsa o o bogale kwa go bone ka ntlha ya mafoko le ditiro tsa bone tse di bosula. (Bala Jude 14, 15.) A o na le bopelokgale jo bo tlhokegang gore o bolele dikatlholo tsa Modimo?

12 Jehofa o ne a diragatsa katlholo mo bathong ba ba bosula ka go tlisa Morwalela wa lefatshe lotlhe ka motlha wa ga Noa. Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa ga Enoke bo a re kgothatsa gompieno ka gonne batho ba ba bosula ba motlha wa rona ba tla tloga ba senngwa ke masomosomo a Modimo a a boitshepo. (Tshen. 16:14-16; 19:11-16) Jehofa o araba dithapelo tsa rona ka go re naya bopelokgale jwa go bolela molaetsa wa gagwe, le fa o ka tswa o amana le dikatlholo tsa gagwe kgotsa le masego a a tla tlisiwang ke puso ya Bogosi.

13. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Modimo a ka re naya bopelokgale le nonofo tse re di tlhokang gore re itshokele mathata a a ngomolang pelo?

13 Re tlhoka bopelokgale le nonofo tse re di newang ke Modimo gore re itshokele mathata a a ngomolang pelo. Fa Esau a ne a nyala basadi ba babedi ba Bahite, “ba ne ba utlwisa moya wa [batsadi ba gagwe] Isake le Rebeka botlhoko.” Rebeka o ne a ba a bua jaana ka kutlobotlhoko: “Ke simolotse go ila botshelo jono jwa me ka ntlha ya bomorwadia Hethe. Fa go ka diragala gore [morwa wa rona] Jakobe a tseye mosadi mo go bomorwadia Hethe jaaka bano ba ba tswang mo go bomorwadia lefatshe leno, botshelo bo na le molemo wa eng mo go nna?” (Gen. 26:34, 35; 27:46) Isake o ne a tsaya kgato mme a laela Jakobe gore a ye go batla mosadi mo baobameding ba ga Jehofa. Le fa Isake le Rebeka ba ne ba ka se fetole se Esau a neng a se dirile, Modimo o ne a ba naya botlhale, bopelokgale le nonofo gore ba nne ba ikanyega mo go Ene. Fa re rapela Jehofa gore a re neye thuso e re e tlhokang, le rona o tla re direla fela jalo.—Pes. 118:5.

14. Mosetsanyana mongwe wa Moiseraele o ne a bontsha bopelokgale jang?

14 Makgolo a dingwaga morago ga moo, mosetsanyana mongwe wa Moiseraele o ne a tsewa a isiwa botshwarwa ke segopa sa dirukutlhi mme a nna motlhanka mo legaeng la ga Naamane, molaodi wa masole a Siria yo o neng a na le bolwetse jwa lepero. E re ka mosetsana yono a ne a utlwaletse dikgakgamatso tse Modimo a neng a di dirile a dirisa moporofeti Elisha, o ne a bolelela mosadi wa ga Naamane jaana ka bopelokgale: ‘Fa mong wa me a ne a ka ya kwa Iseraele, moporofeti wa ga Jehofa o ne a tla fodisa bolwetse jwa gagwe jwa lepero.’ Mme Naamane o ne a ya kwa Iseraele a ba a fodisiwa ka kgakgamatso. (2 Dikg. 5:1-3) A bo mosetsana yoo e le sekao se se molemo jang mo basheng ba ba ikaegang ka Jehofa gore a ba fe bopelokgale jwa go rerela barutisi ba bone, balekane ba bone ba sekolo le ba bangwe!

15. Mookamedi wa ba ntlo ya ga Ahabe e bong Obadia o ne a tsaya kgato efe e e bontshang bopelokgale?

15 Bopelokgale jo re bo newang ke Modimo bo re thusa go itshokela pogiso. Akanya ka mookamedi wa ba ntlo ya ga Kgosi Ahabe e bong Obadia, yo o neng a tshela mo motlheng wa ga moporofeti Elija. Fa Mohumagadi Jesebele a ne a laela gore baporofeti ba Modimo ba bolawe, Obadia o ne a fitlha ba le 100 ba bone “ka ditlhopha tsa ba le masome a matlhano sengwe le sengwe mo logageng.” (1 Dikg. 18:13; 19:18) A o ka thusa Bakeresete ka wena ka bopelokgale fa ba bogisiwa, jaaka Obadia a ile a thusa baporofeti ba ga Jehofa?

16, 17. Arisetareko le Gaio ba ne ba itshwara jang fa ba bogisiwa?

16 Fa re bogisiwa, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla nna le rona. (Bar. 8:35-39) Batho ba ba neng ba dira mmogo le Paulo e bong Arisetareko le Gaio, ba ne ba lebana le segopa sa batho ba ba ka tswang ba ne ba le diketekete mo bobogelong jo bo sa rulelwang jwa kwa Efeso. Mothudi wa selefera e bong Dimeterio o ne a tsositse tlhakatlhakano. Ene le bathudi ba bangwe ba selefera ba ne ba dira ditempelana tsa selefera tsa modimo wa sesadi e bong Aretemise, mme jaanong kgwebo ya bone e e ba busetsang madi a mantsi e ne e tloga e phutlhama ka gonne tiro ya ga Paulo ya go rera e ne e dira gore banni ba le bantsi ba motse ono ba tlogele kobamelo ya medingwana. Segopa seno sa batho se ne sa gogela Arisetareko le Gaio mo bobogelong se ntse se goa se re: “Go mogolo Aretemise wa Baefeso!” Arisetareko le Gaio ba tshwanetse ba bo ba ne ba akanya gore ba tlile go swa, mme mokwaledi wa motse o ne a didimatsa boidiidi jono.—Dit. 19:23-41.

17 Fa o ne o diragaletswe ke sengwe se se ntseng jalo, a o ne o ka leka go batla botshelo jo bo iketlileng? Ga go na sepe se se bontshang gore Arisetareko kgotsa Gaio ba ile ba boifa. E re ka Arisetareko a ne a tswa kwa Thesalonika, o ne a itse gore go rera dikgang tse di molemo go ne go ka nna ga felela ka gore ba bogisiwe. Nako nngwe pele ga moo, go ne go ile ga tsoga tlhakatlhakano fa Paulo a ne a rera koo. (Dit. 17:5; 20:4) Arisetareko le Gaio ba ne ba na le maatla le bopelokgale jo bo tswang kwa Modimong gore ba kgone go itshokela pogiso ka gonne ba ne ba tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa.

Go Tlhokomela Dilo Tse di Amang ba Bangwe

18. Periseka le Akhwila ba ne ba “tlhokomela” dilo tse di amang ba bangwe jang?

18 Le fa re ka tswa re bogisiwa gone jaanong kgotsa re sa bogisiwe, re tshwanetse go amega ka Bakeresete ka rona. Periseka le Akhwila ba ne ba “tlhokomela” dilo tse di amang ba bangwe. (Bala Bafilipi 2:4.) Banyalani bao ba ba molemo ba ka tswa ba ile ba naya Paulo boroko kwa Efeso, gone kwa mothudi wa selefera e bong Dimeterio a neng a tsosa tlhakatlhakano e e umakilweng pelenyana gone. Seemo seo se ka tswa se ile sa tlhotlheletsa Akhwila le Periseka gore ba ‘beye dithamo tsa bone mo kotsing’ ka ntlha ya ga Paulo. (Bar. 16:3, 4; 2 Bakor. 1:8) Gompieno go amega ka bakaulengwe ba rona ba ba bogisiwang go re dira gore re nne “botlhajana jaaka dinoga.” (Math. 10:16-18) Re tswelela pele ka tiro ya rona re le kelotlhoko mme re gana go ba rekisa ka go bolelela babogisi maina a bone kgotsa ka go ba naya tshedimosetso e nngwe.

19. Dorekase o ne a direla batho ba bangwe dilo dife tse di molemo?

19 Go na le ditsela tse di farologaneng tse re ka amegang ka tsone ka dilo tse di amang ba bangwe. Bakeresete bangwe ba tlhoka dilo tse re ka nnang ra kgona go ba thusa ka tsone. (Baef. 4:28; Jak. 2:14-17) Mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Jopa, go ne go na le mosadi mongwe yo o pelotshweu a bidiwa Dorekase. (Bala Ditiro 9:36-42.) Dorekase “o ne a tota mo ditirong tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko” tse go lebegang di ne di akaretsa go direla batlholagadi ba batlhoki diaparo. Fa a tlhokafala ka 36 C.E. batlholagadi ba ile ba hutsafala thata. Modimo o ne a dirisa moaposetoloi Petere go tsosa Dorekase, mme morago ga moo o tshwanetse a bo a ile a dirisa botshelo jwa gagwe jotlhe jwa mo lefatsheng a rera dikgang tse di molemo ka boitumelo e bile a direla ba bangwe dilo tse di molemo. A bo re itumela jang ne go bo re na le basadi ba Bakeresete ba ba pelotshweu jaaka ene mo gare ga rona gompieno!

20, 21. (a) Go kgothatsa go amana jang le go tlhokomela dilo tse di amang ba bangwe? (b) O ka kgothatsa ba bangwe ka go dirang?

20 Re tlhokomela dilo tse di amang ba bangwe ka go ba kgothatsa. (Bar. 1:11, 12) Silase, yo o neng a dira le Paulo, o ne a kgothatsa ba bangwe. Fa go sena go dirwa tshwetso ka kgang ya go rupa mo e ka nnang ka 49 C.E., setlhopha se se laolang se se neng se le kwa Jerusalema se ne sa romela baemedi go isa lekwalo kwa Bakereseteng ba ba kwa mafelong a mangwe. Silase, Judase, Barenabase le Paulo ba ne ba le isa kwa Antioka. Fa ba fitlha koo, Silase le Judase ba ne ba “kgothatsa bakaulengwe ka dipuo di le dintsi ba bo ba ba nonotsha.”—Dit. 15:32.

21 Moragonyana, Paulo le Silase ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong kwa Filipi mme ba gololesega ka nako ya thoromo ya lefatshe. A bo ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumela jang fa ba sena go rerela modisa wa kgolegelo le ba lelapa la gagwe mme ba bo ba nna badumedi! Pele Silase le Paulo ba tswa mo motseng oo, ba ne ba kgothatsa bakaulengwe. (Ditiro 16:12, 40) Fela jaaka Paulo le Silase ba ile ba dira, leka go kgothatsa ba bangwe ka go akgela, go neela dipuo le go nna le seabe ka tlhoafalo mo tirelong ya tshimo. Mme fa o na le “lefoko lengwe la kgothatso,” tsweetswee ‘le bolele.’—Dit. 13:15.

Tswelela Pele o Tsamaya mo Ditseleng Tsa ga Jehofa

22, 23. Dipego tse di mo Baebeleng di ka re solegela molemo thata jang?

22 A bo re tshwanetse go leboga jang ne ka ntlha ya dipego tsa ditiragalo tse di diragetseng tse di kwadilweng mo Lefokong la ga Jehofa, “Modimo wa kgothatso yotlhe”! (2 Bakor. 1:3, Byington) E le gore re solegelwe molemo ke maitemogelo ano, re tshwanetse go dirisa dithuto tsa Baebele mo botshelong jwa rona mme re itetle gore re kaelwe ke moya o o boitshepo wa Modimo.—Bagal. 5:22-25.

23 Go tlhatlhanya ka dipego tsa Baebele go tla re thusa gore re nne le dinonofo tse di itumedisang Modimo. Go tla nonotsha kamano ya rona le Jehofa, yo o re nayang “botlhale le kitso le boipelo.” (Mor. 2:26) Mme seo se ka felela ka gore re ipedise pelo ya Modimo yo o lorato. (Dia. 27:11) A re ititeyeng sehuba gore re dire jalo ka go tswelela pele re tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa.

O ka Araba Jang?

• O ka bontsha jang gore o a ikanyega?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna “boikokobetso mo mogopolong”?

• Dipego tsa Baebele di ka re thusa jang go nna pelokgale?

• Re ka tlhokomela dilo tse di amang batho ba bangwe ka ditsela dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Jefetha yo o ikanyegang le morwadie ba ne ba diragatsa maikano a ga Jefetha le fa go dira jalo go ne go se bonolo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Basha, lo ithutileng mo mosetsaneng wa Moiseraele?

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Dorekase o ne a thusa Bakeresete ka ene jang ka se ba se tlhokang?