Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A O Leba Ba Bangwe Jaaka Jehofa A Ba Leba?

A O Leba Ba Bangwe Jaaka Jehofa A Ba Leba?

A O Leba Ba Bangwe Jaaka Jehofa A Ba Leba?

“Mmele o se ka wa kgaogana . . . Ditokololo tsa one . . . di tlhokomelane ka tsela e e tshwanang.”—1 BAKOR. 12:25.

1. O ne wa ikutlwa jang fa o ne o simolola go tsena mo paradaiseng ya semoya?

FA E ne e le gone re tswang mo lefatsheng le le boikepo re bo re simolola go kopanela le batho ba ga Jehofa, re tshwanetse ra bo re ne ra itumelela lorato lwa bone le tsela e ba amegang ka yone ka ba bangwe. A bo ba ne ba farologane thata jang ne le batho ba ba mabifi, ba ba letlhoo le ba ba ratang dikomang ba ba laolwang ke Satane! Re ne ra tsena mo paradaiseng ya semoya e e tletseng kagiso le kutlwano.—Isa. 48:17, 18; 60:18; 65:25.

2. (a) Ke eng se se ka amang tsela e re lebang ba bangwe ka yone? (b) Ke eng se re ka tshwanelwang ke go se dira?

2 Le fa go ntse jalo, ka gonne re sa itekanela, fa nako e ntse e ya re ka simolola go leba bakaulengwe ba rona ka tsela e e sa siamang. E re ka re sa itekanela re ka nna ra godisa diphoso tsa bakaulengwe ba rona go na le go leba dinonofo tsotlhe tse ba nang le tsone tsa semoya. Ka bokhutshwane fela re ka re, re lebala go ba leba jaaka Jehofa a ba leba. Fa seo se re diragalela, e tla bo e le nako ya gore re sekaseke tsela e re lebang ba bangwe ka yone mme re dire gore e dumalane le tsela ya ga Jehofa e e phepafetseng.—Ekes. 33:13.

Kafa Jehofa a Lebang Bakaulengwe ba Rona ka Teng

3. Baebele e tshwantsha phuthego ya Bokeresete le eng?

3 Jaaka go kwadilwe mo go 1 Bakorintha 12:2-26, moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng le mmele o o nang le “ditokololo di le dintsi.” Fela jaaka ditokololo tsa mmele di sa tshwane, maloko a phuthego le one a na le botho jo bo sa tshwaneng le bokgoni jo bo sa tshwaneng. Mme le fa go ntse jalo, Jehofa o amogela go se tshwane moo. O rata leloko lengwe le lengwe e bile o a le anaanela. Paulo le ene o re gakolola gore maloko a phuthego a tshwanetse gore a “tlhokomelane ka tsela e e tshwanang.” Seno se ka nna sa nna thata ka gonne botho jwa batho ba bangwe bo ka nna jwa bo bo farologane le jwa rona.

4. Ke ka ntlha yang fa re ka tshwanelwa ke go fetola tsela e re lebang bakaulengwe ba rona ka yone?

4 Re ka nna ra iphitlhela re tlhomile mogopolo thata mo makoeng a bakaulengwe ba rona. Fa re dira jalo re a bo re lebile fela karolo e le nngwe, re sa leba motho a feletse. Jehofa ene o bona motho a feletse. Rona re ka nna ra leba thata sengwe se re sa se rateng mo mothong yoo, mme Jehofa ene o leba sengwe le sengwe, go akaretsa le dinonofo tsa gagwe tsotlhe tse di molemo. Fa re ntse re leka go etsa Jehofa, re ka kgona go thusa gore go nne le moya wa lorato le kutlwano mo phuthegong.—Baef. 4:1-3; 5:1, 2.

5. Ke ka ntlha yang fa go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso go sa tshwanela?

5 Jesu o ne a itse sentle gore gantsi batho ba ba sa itekanelang ba rata go tshwayatshwaya diphoso. O ne a gakolola jaana: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa.” (Math. 7:1) Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a re: “Lo se ka lwa atlhola”; o ne a re: “Tlogelang go atlhola.” O ne a itse gore batho ba le bantsi ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba setse ba na le mokgwa wa go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso. A re ka tswa re setse re na le mokgwa ono? Fa re na le one, re tshwanetse go dira ka natla gore re fetoge, gore re se ka ra bona katlholo e e botlhoko. Tota re tla bo re le bomang gore re atlhole motho yo Jehofa a mo dirisang mo maemong a a rileng kgotsa go bolela gore ga a tshwanela go nna karolo ya phuthego? Mokaulengwe mongwe a ka tswa a na le makoa mangwe, mme fa Jehofa a tswelela a mo amogela, a go tla bo go siame gore rona re se ka ra mo amogela? (Joh. 6:44) A tota re dumela gore Jehofa o eteletse phuthego ya gagwe pele le gore fa go tlhokega diphetogo, o tla tsaya kgato ka nako ya gagwe e e tshwanetseng?—Bala Baroma 14:1-4.

6. Jehofa o leba batlhanka ba gagwe jang?

6 Sengwe se se itumedisang thata ka Jehofa ke gore o kgona go bona gore Mokeresete mongwe le mongwe a ka nna motho wa mofuta mang fa a setse a itekanetse mo lefatsheng le lesha. Gape o itse gore mongwe le mongwe o setse a gatetse pele go le kae semoyeng. Ka jalo, ga go tlhokege gore a tlhome mogopolo thata mo bokoeng bongwe le bongwe jwa senama jo motho a nang le jone. Re bala jaana mo go Pesalema 103:12: “Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile ditlolo tsa rona kgakala le rona fela jalo.” Ruri mongwe le mongwe wa rona o anaanela seo fela thata!—Pes. 130:3.

7. Tsela e Jehofa a neng a leba Dafide ka yone e re ruta eng?

7 Dikwalo di re naya bosupi jwa gore Jehofa o na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tse motho a nang le tsone. Modimo o ne a tlhalosa Dafide a re ke “motlhanka wa me Dafide, yo o neng a boloka ditaelo tsa me le yo o neng a ntshala morago ka pelo ya gagwe yotlhe ka go dira fela se se neng se siame mo matlhong a me.” (1 Dikg. 14:8) Ee, re a itse gore Dafide o ne a dira dilo dingwe tse di phoso. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhopha go tlhoma mogopolo mo ditirong tsa gagwe tse di molemo ka gonne a ne a itse gore pelo ya ga Dafide e ne e thokgame.—1 Ditir. 29:17.

Leba Bakaulengwe ba Gago Jaaka Jehofa a ba Leba

8, 9. (a) Re ka tshwana le Jehofa jang? (b) Re ka tshwantsha seno le eng, mme ke eng se re ka se ithutang?

8 Jehofa o kgona go bona se se mo dipelong tsa batho, mme rona ga re kgone. Seno ka bosone se tshwanetse sa dira gore re se ka ra rata go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso. Ga re ke re itse maitlhomo a batho ba bangwe. Re tshwanetse ra leka go etsa Jehofa ka go sa tlhome mogopolo mo makoeng a batho ba bangwe, a kgabagare a tla felang. A e tla bo e se mokgele o o molemo go leka go nna jaaka ene mo ntlheng eno? Fa re dira jalo seo se tla thusa thata gore re dirisane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka kagiso.—Baef. 4:23, 24.

9 Ka sekai, akanya ka ntlo e e senyegileng—diphaepe tse di fetisang metsi a pula kwa borulelong di a wa, difensetere di thubegile le siling e sentswe ke metsi. Fa batho ba bantsi ba leba ntlo eo ba ka swetsa ka gore e tshwanetse go thubiwa; ga e kgatlhise mo matlhong. Mme mongwe a ka nna a e leba a bo a sa bone jalo gotlhelele. A ka nna a se itewe tsebe ke tsela e ntlo eo e lebegang ka yone mme a bona gore e sa ntse e eme e tiile e bile e ka tsosolosiwa. O reka ntlo eo a bo a tsaya matsapa a go baakanya se se senyegileng ka go rialo a tokafatsa tebego ya yone. Morago ga moo, batho ba ba fetang ka tsela ba akgela kafa ntlo eo e leng ntle ka teng. A re ka tshwana le motho yono yo o tsereng matsapa a go baakanya kgotsa go tsosolosa ntlo eno? Mo boemong jwa go tlhoma mogopolo mo makoeng a bakaulengwe ba rona a re a bonang, a re ka lemoga dinonofo tsa bone tse di molemo mme ra bona gore ba sa ntse ba ka tswelela go gola semoyeng? Fa re dira jalo, re tla rata bakaulengwe ba rona ka gonne ba na le dinonofo tse dintle tsa semoya, fela jaaka Jehofa a ba rata.—Bala Bahebera 6:10.

10. Kgakololo e e mo go Bafilipi 2:3, 4 e ka re thusa jang?

10 Moaposetoloi Paulo o ne a naya kgakololo nngwe e e ka re thusang fa re dirisana le batho botlhe mo phuthegong. O ne a kgothaletsa Bakeresete jaana: “Lo [se] dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona, lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.” (Bafil. 2:3, 4) Boikokobetso bo tla re thusa gore re lebe ba bangwe ka tsela e e siameng. Go kgatlhegela ba bangwe le go batla dinonofo tse di molemo mo go bone le gone go tla re thusa gore re ba lebe jaaka Jehofa a ba leba.

11. Diphuthego dingwe di amilwe ke diphetogo dife?

11 Mo metlheng ya bosheng jaana, diphetogo tse di diragalang mo lefatsheng di felela ka gore batho ba le bantsi ba fudugele kwa mafelong a mangwe. Jaanong batho ba ba nnang mo ditoropong dingwe ba tswa kwa dinageng tse dintsi tse di farologaneng. Bangwe ba batho ba ba sa tswang go fudugela mo lefelong la rona ba kgatlhegela boammaaruri jwa Baebele, mme ba kopanela le rona mo go obameleng Jehofa. Bano ba “tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” (Tshen. 7:9) Ka ntlha ya seo, re ka re diphuthego tsa rona tse dintsi di na le batho ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng.

12. Re tshwanetse go leba ba bangwe jang, mme ke ka ntlha yang fa seo se ka nna thata ka dinako tse dingwe?

12 Re ka nna ra tshwanelwa ke go ela tlhoko thata gore re lebe ba bangwe ka tsela e e tshwanetseng mo phuthegong ya rona. Seno se re gopotsa kgakololo ya ga moaposetoloi Petere ya gore re nne le “lorato lwa bokaulengwe lo lo se nang boitimokanyo” mme re ‘ratane ka lorato lo logolo lo lo tswang pelong.’ (1 Pet. 1:22) Go bontsha lorato lwa mmatota e ka nna kgwetlho mo phuthegong e e nang le batho ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng. Setso sa badumedi ka rona se ka tswa se farologane thata le sa rona, fela jaaka go ka tswa go ntse ka thutego ya bone, itsholelo ya bone le lotso lwa bone. A o bona go le thata go tlhaloganya tsela e ba bangwe ba akanyang ka yone kgotsa ba itshwarang ka yone? Le bone ba ka tswa ba ikutlwa jalo ka wena. Le fa go ntse jalo, rotlhe re laelwa jaana: “Ratang bakaulengwe botlhe.”1 Pet. 2:17.

13. Re ka nna ra tshwanelwa ke go dira diphetogo dife mo tseleng e re akanyang ka yone?

13 Re ka nna ra tlhoka go fetola tsela e re akanyang ka yone gore re kgone go pitlologa re rate bakaulengwe ba rona botlhe. (Bala 2 Bakorintha 6:12, 13.) A re a tle re iphitlhele re bua mafoko a a jaaka, “Ga se gore ke na le letlhoo, mme fela . . . ” go tswa foo re bo re bua mekgwa mengwe e e sa rategeng e re dumelang gore e atile mo bathong ba lotso longwe? Go akanya ka tsela e e ntseng jalo go ka senola gore re tlhoka go tlosa letlhoo le re ka tswang re sa ntse re na le lone. Re ka nna ra ipotsa jaana, ‘A ka metlha ke tsaya matsapa a go leka go tlwaela batho ba setso se sele?’ Go itshekatsheka jalo go ka re thusa go amogela le go anaanela bakaulengwe ba rona ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng.

14, 15. (a) Naya dikai tsa batho ba ba ileng ba fetola tsela e ba neng ba leba batho ba bangwe ka yone. (b) Re ka ba etsa jang?

14 Baebele e re naya dikai tse di molemo tsa bangwe ba ba ileng ba fetola tsela e ba neng ba leba dilo ka yone, ba mongwe wa bone e neng e le moaposetoloi Petere. E re ka Petere e ne e le Mojuda, o ne a ka se tsene mo legaeng la Moditšhaba. Akanya fela gore o ne a ikutlwa jang fa a laelwa gore a etele legae la ga Korenelio wa Moditšhaba yo o neng a sa rupa! Petere o ne a dira diphetogo, ka gonne a ne a lemoga gore thato ya Modimo e ne e le gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba nne karolo ya phuthego ya Bokeresete. (Dit. 10:9-35) Saulo, yo moragonyana a neng a nna moaposetoloi Paulo, le ene o ne a tshwanelwa ke gore a dire diphetogo dingwe mme a latlhe letlhoo. O ne a bolela gore o ne a tlhoile Bakeresete thata mo e leng gore ‘o ne a nna a bogisa phuthego ya Modimo mo go feteletseng a ba a e swafatsa.’ Mme le fa go ntse jalo, fa Morena Jesu a sena go kgalema Paulo, o ne a dira diphetogo tse dikgolo a ba a simolola go amogela kaelo mo bathong ba pele a neng a ba bogisa.—Bagal. 1:13-20.

15 Kwantle ga pelaelo moya wa ga Jehofa o ka re thusa go fetola tsela e re lebang dilo ka yone. Fa re fitlhela gore go sa ntse go na le letlhoonyana le le fitlhegileng mo go rona, a re direng ka natla gore re le kumole mme re “[boloke] bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.” (Baef. 4:3-6) Baebele e re kgothaletsa gore re “[apare] lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakol. 3:14.

Go Etsa Jehofa mo Bodireding Jwa Rona

16. Thato ya Modimo ke eng ka batho?

16 Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Modimo ga a na tlhaolele.” (Bar. 2:11) Boikaelelo jwa ga Jehofa ke gore batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba kopanele mmogo go mo obamela. (Bala 1 Timotheo 2:3, 4.) Gore a diragatse boikaelelo joo, o rulagantse gore “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” di bolelwe “mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” (Tshen. 14:6) Jesu o ne a re: “Tshimo ke lefatshe.” (Math. 13:38) Seo se go ama jang wena le lelapa la gaeno?

17. Re ka thusa jang batho ba mefuta yotlhe?

17 Batho ba bangwe ga ba kgone go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe ba isetsa ba bangwe molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra kgona go isa molaetsa ono kwa bathong ba ba tswang mo dintlheng tsotlhe tsa lefatshe ba ba nnang mo tshimong ya rona. A re nna re ntshitse matlho dinameng gore re rerele batho ba mefuta yotlhe, e seng fela ba re sa bolong go ba rerela ka dingwagangwaga? Ke ka ntlha yang fa o sa ititeye sehuba gore o rerele batho ba ba iseng ba bulegelwe ke sebaka sa go newa molaetsa ka botlalo?—Bar. 15:20, 21.

18. Jesu o ne a bontsha jang gore o amega ka batho?

18 Jesu o ne a ikutlwa a tshwanetse go thusa batho botlhe. O ne a sa rere mo lefelong le le lengwe fela. Pego nngwe ya Baebele e re bolelela gore o ne “a bolola a etela metse yotlhe le metsana.” Mme e ne ya re “a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo” mme a bua mafoko a a bontshang gore ba tshwanetse go thusiwa.—Math. 9:35-37.

19, 20. Re ka bontsha ka ditsela dife gore re amega ka batho ba mefuta yotlhe fela jaaka Jehofa le Jesu?

19 Dingwe tsa ditsela tse o ka bontshang boikutlo jo bo ntseng jalo ka tsone ke dife? Bangwe ba tsere matsapa a go rera mo dikarolong dingwe tsa tshimo ya bone tse di sa berekweng ka metlha. Seno se ka akaretsa mafelo a kgwebo, diparaka, boemelo jwa dipalangwa tsa botlhe, kgotsa kafa ntle ga dikago tsa bonno tse go seng motlhofo go tsena mo go tsone. Ba bangwe ba dirile boiteko jwa go ithuta puo e sele gore ba kgone go rerela batho ba ditso di sele ba ba setseng ba nna mo lefelong la bone kgotsa go rerela ditlhopha tsa batho ba ba neng ba ntse ba sa rerelwe thata mo nakong e e fetileng. Go ithuta go dumedisa batho bao ka puo ya bone go ka bontsha gore o ba kgatlhegela tota. Fa e le gore re ka se kgone go ithuta puo e nngwe, a re ka kgothatsa ba ba dirang jalo? Ruri re ka se batle go ba kgoba marapo kgotsa go ba raya re re ga go tlhokege gore ba tseye matsapa a magolo jaana go rerela batho ba ba tswang kwa nageng e nngwe. Matshelo a batho botlhe a botlhokwa mo Modimong, mme le rona re batla go leba dilo ka yone tsela eo.—Bakol. 3:10, 11.

20 Go leba batho jaaka Modimo a ba leba gape go raya gore re rerele batho botlhe, go sa kgathalesege maemo a bone. Bangwe ba ka tswa ba se na magae, ba se phepa, kgotsa go bonala sentle gore ba na le boitsholo jo bo sa siamang. Fa batho bangwe ba sa re tshware sentle, seo ga se a tshwanela go dira gore re tseye gore batho botlhe ba setšhaba seo kgotsa ba lotso loo ba ntse jalo. Paulo o ne a tlhaselwa ke batho bangwe, mme ga a ka a dira gore seo se mo kgobe marapo go rerela batho ba bangwe ba setšhaba seo. (Dit. 14:5-7, 19-22) O ne a dumela gore batho bangwe ba ne ba tla amogela molaetsa.

21. Go leba ba bangwe ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone go tla go thusa jang?

21 Jaanong go bonala sentle gore re tshwanetse go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng—ka tsela ya ga Jehofa—fa re dirisana le bakaulengwe ba phuthego ya rona, bakaulengwe ba ditšhaba tse di farologaneng, mmogo le batho mo tshimong. Fa re ka kgona go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone, re tla kgona go dira gore go nne le kagiso le kutlwano. Mme gape re tla kgona go thusa ba bangwe gore ba rate Jehofa, yo e leng Modimo yo o “sa supang tlhaolele” mme a kgatlhegela botlhe ka lorato, “gonne botlhe ke tiro ya diatla tsa gagwe.”—Jobe 34:19.

A o Ka Araba?

• Re tshwanetse go tila go leba bakaulengwe ba rona jang?

• Re ka leba bakaulengwe ba rona jang jaaka Jehofa a ba leba?

• O ithutile dilo dife ka tsela e re tshwanetseng go leba bakaulengwe ba rona ba ditšhaba tse di farologaneng ka yone?

• Re ka etsa jang tsela e Jehofa a lebang batho ka yone fa re le mo bodireding?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

O ka dira jang gore o tlwaele batho ba ditso tse dingwe?

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

O ka dira jang gore o kgone go rerela batho ba bantsi dikgang tse di molemo?