Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa O A Re Utlwa Fa Re Goa Re Kopa Thuso

Jehofa O A Re Utlwa Fa Re Goa Re Kopa Thuso

Jehofa O A Re Utlwa Fa Re Goa Re Kopa Thuso

“Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.”—PES. 34:15.

1, 2. (a) Batho ba le bantsi gompieno ba ikutlwa jang? (b) Ke ka ntlha yang fa seno se sa re gakgamatse?

A O MO tlalelong? Fa e le gore go ntse jalo, ga o esi. Batho ba bantsintsi ba mekamekane le mathata a botshelo jwa letsatsi le letsatsi mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo. Bangwe ba fitlhela go le thata go a itshokela. Ba ikutlwa fela jaaka mopesalema Dafide, yo o neng a re: “Ke kgwaraletse e bile ke gateletswe fela thata; ke kurutlile ka ntlha ya go fegelwa ga pelo ya me. Pelo ya me e iteile thata, maatla a me a ntlogetse, mme le lesedi la matlho a me ga le yo mo go nna.”—Pes. 38:8, 10.

2 Rona Bakeresete ga re gakgamadiwe ke mathata a botshelo. Re itse gore “ditlhabi tsa tlalelo” ke karolo ya sesupo se se boleletsweng pele sa go nna gone ga ga Jesu. (Mar. 13:8; Math. 24:3) Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “ditlhabi tsa tlalelo” le kaya ditlhabi tse di botlhoko tsa pelegi. Ruri mafoko ao a tlhalosa sentle botlhoko jo bogolo jo batho ba bo utlwang mo dinakong tseno “tsa mathata” kgotsa tse di “tlhokofatsang,” tse “go leng boima go lebana le tsone”!—2 Tim. 3:1; Baebele e e Boitshepo.

Jehofa o Tlhaloganya Mathata a Rona

3. Ke eng se batho ba Modimo ba se itseng sentle?

3 Batho ba ga Jehofa ba itse sentle gore le bone ba tla amiwa ke mathata ano, mme go lebega a tla nnela maswe go ya pele. Mo godimo ga mathata a a amang batho ka kakaretso, rona batlhanka ba Modimo gape re lebane le ‘mmaba, Diabolo,’ yo o ikemiseditseng go koafatsa tumelo ya rona. (1 Pet. 5:8) Ruri go ka nna motlhofo go ikutlwa jaaka Dafide yo o neng a re: “Kgobo e phatlotse pelo ya me, mme ntho ya teng ga e alafege. Mme ke ne ke ntse ke solofetse mongwe gore a nkutlwele botlhoko, mme go ne go se na ope; le bagomotsi, mme ga ke a bona bape”!—Pes. 69:20.

4. Ke eng se se re gomotsang fa re na le mathata?

4 A Dafide o ne a raya gore o ne a itlhobogile? Nnyaa. Ela tlhoko mafoko a mangwe a a a buileng mo pesalemeng eo: “Jehofa o reeditse ba ba humanegileng, mme ruri ga a kitla a nyatsa magolegwa a gagwe,” kgotsa “batho ba gagwe ba e leng magolegwa.” (Pes. 69:33; ntlha e e kwa tlase mo NW.) Ka kakaretso, gongwe ka dinako tse dingwe re ikutlwa e kete re magolegwa, re golegilwe ke mathata a rona. Go ka nna ga lebega e kete batho ba bangwe ga ba tlhaloganye ka botlalo boemo jo re leng mo go jone—gongwe e le gore tota ga ba bo tlhaloganye. Mme fela jaaka Dafide, re ka gomodiwa ke go itse gore ruri Jehofa o tlhaloganya mathata a rona.—Pes. 34:15.

5. Kgosi Solomone o ne a tlhomamisegile ka eng?

5 Morwa Dafide e bong Solomone o ne a gatelela ntlha eno fa tempele e ne e neelwa kwa Jerusalema. (Bala 2 Ditiragalo 6:29-31.) O ne a rapela Jehofa gore a utlwe thapelo ya mongwe le mongwe yo o peloephepa yo o neng a Mo rapela ka ga “sebetso sa gagwe le botlhoko jwa gagwe.” Modimo o ne a tla tsaya kgato efe ka dithapelo tsa batho bano ba ba tlaletsweng? Solomone o ne a re o tlhomamisegile gore Modimo o tla araba dithapelo tsa bone a bo a dira sengwe go ba thusa. Ka ntlha yang? Ka gonne ruri Modimo o itse se se mo ‘pelong ya bomorwa batho.’

6. Re ka itshokela go tlhobaela jang, mme ka ntlha yang?

6 Le rona fela jalo, re ka rapela Jehofa ka ga ‘sebetso sa rona le botlhoko jwa rona,’ e leng mathata a re nang le one motho ka bongwe. Re tshwanetse ra gomodiwa ke go itse gore o tlhaloganya mathata a rona le gore o amega ka rona. Moaposetoloi Petere o ne a tlhomamisa seno fa a ne a re: “[Latlhelang] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Pet. 5:7) Jehofa o amega ka se se re diragalelang. Jesu o ne a gatelela kafa Jehofa a re tlhokomelang ka lorato ka teng fa a ne a re: “A dithaga tse pedi ga di rekisiwe ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase? Le fa go ntse jalo ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona. Mme meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Jalo se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.”—Math. 10:29-31.

Ikanye Thuso ya ga Jehofa

7. Re tlhomamisediwa gore re tla newa thuso efe?

7 Re ka tlhomamisega tota gore Jehofa o iketleeditse go re thusa fa re le mo mathateng e bile o ka kgona go re thusa. “Modimo ke botshabelo le nonofo ya rona, thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong.” (Pes. 34:15-18; 46:1) Modimo o re naya thuso eo jang? Ela tlhoko se se bolelwang mo go 1 Bakorintha 10:13: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.” Jehofa a ka fetola maemo gore a re ntshe mo mathateng, kgotsa a ka re fa maatla a re a tlhokang gore re itshokele mathata ao. Le fa a ka dirisa tsela efe fela, o a re thusa.

8. Re ka dira jang gore re bone thuso ya Modimo?

8 Re ka dira jang gore re bone thuso eo? Ela tlhoko se re gakololwang go se dira: “[Latlhelang] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene.” Ka tsela ya tshwantshetso, seno se raya gore re rwesa Jehofa mathata a rona otlhe le matshwenyego. Re leka go tlogela go tshwenyega mme re mo ikanya ka bopelotelele gore o tla re naya se re se tlhokang. (Math. 6:25-32) Go mo ikanya jalo go tlhoka gore re bo re ikokobeditse, re sa ikaege ka maatla a rona kgotsa botlhale jwa rona. Fa re ikokobetsa “kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo,” re dumela gore re mo boemong jo bo kwa tlase. (Bala 1 Petere 5:6.) Mme seno se tla re thusa go itshokela sengwe le sengwe se Modimo a letlang gore se re diragalele. Re ka tswa re eletsa go namolwa ka yone nako eo, mme re dumela gore Jehofa o itse gore tota ke leng le gone ke jang a ka tsayang kgato go re thusa.—Pes. 54:7; Isa. 41:10.

9. Dafide o ne a tshwanelwa ke go latlhela mokgweleo wa mofuta mang mo go Jehofa?

9 Gopola mafoko a ga Dafide a a kwadilweng mo go Pesalema 55:22: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” Fa Dafide a ne a kwala mafoko ao, o ne a le mo tlalelong e kgolo. (Pes. 55:4) Go dumelwa gore pesalema eno e kwadilwe fa morwawe e bong Abesalome a ne a loga leano la go mo tseela bogosi ka boferefere. Ahitofele, yo e neng e le mogakolodi yo Dafide a neng a mo ikantse thata, o ne a na le seabe mo go logeng leano leo. Dafide o ne a tshwanelwa ke go tshaba kwa Jerusalema gore a iphalotse. (2 Sam. 15:12-14) Tota le mo maemong ao a a ngomolang pelo, Dafide o ne a tswelela pele a ikanya Modimo, mme ga a ka a swabisiwa.

10. Re tshwanetse go dirang fa re na le mathata?

10 Go botlhokwa gore re etse Dafide ka go rapela Jehofa ka bothata le fa e le bofe jo re ka tswang re na le jone. A re sekasekeng se moaposetoloi Paulo a neng a re rotloetsa go se dira mo ntlheng eno. (Bala Bafilipi 4:6, 7.) Go rapela ka tlhoafalo jalo go tla felela ka eng? “Kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa [rona] le maatla a [rona] a mogopolo ka Keresete Jesu.”

11. “Kagiso ya Modimo” e sireletsa dipelo le megopolo ya rona jang?

11 A thapelo e tla fetola seemo sa gago? Go ka nna ga direga. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore ga se ka dinako tsotlhe Jehofa a arabang dithapelo tsa rona ka tsela e re batlang ka yone. Le fa go ntse jalo, thapelo e re thusa gore re nne tekatekano mo tlhaloganyong, gore re se ka ra fekeediwa ke mathata. “Kagiso ya Modimo” e ka re ritibatsa fa re tshwenyegile thata mo maikutlong. Fela jaaka mophato wa masole a a tlhomilweng gore a sireletse motse mo babeng ba ba ka tlhaselang, “kagiso ya Modimo” e tla sireletsa dipelo le megopolo ya rona. Gape e tla re thusa go fenya dipelaelo, dipoifo le dikakanyo tse di kgobang marapo mme e re thuse gore re se ka ra dira dilo ka mafega le ka tsela e e seng botlhale.—Pes. 145:18.

12. Tlhalosa sekai se se bontshang kafa motho a ka nnang le kagiso ya mogopolo ka teng.

12 Re ka dira jang gore re nne le kagiso ya mogopolo le fa re na le mathata? Akanya ka sekai sengwe se se batlileng se tshwana le seemo sa rona. Mothapiwa o ka tswa a na le mookamedi yo o bogale. Le fa go ntse jalo, mothapiwa o bona sebaka sa go tlhalosetsa mong wa khampani maikutlo a gagwe, mme ene ke motho yo o pelonomi le yo o akanyetsang. Mong wa khampani o tlhomamisetsa mothapiwa gore o tlhaloganya seemo a bo a mmolelela le gore mookamedi yoo o tla tloga a tlosiwa mo maemong a gagwe. Seo se dira gore mothapiwa a ikutlwe jang? Fa a dumela mafoko ao e bile a itse se se tla tlogang se direga, seo se mo tiisa mooko gore a tswelele a bereka, tota le fa a ka tshwanelwa ke go lebana le mathata a se kae pele ga seemo seo se baakanngwa. Ka tsela e e tshwanang, re itse gore Jehofa o tlhaloganya seemo sa rona, mme o re tlhomamisetsa gore go ise go ye kae “mmusi wa lefatshe leno o tla latlhelwa kwa ntle.” (Joh. 12:31) A bo mafoko ao a gomotsa jang ne!

13. Kwantle ga go rapela, ke eng gape se re tshwanetseng ra se dira?

13 A mme go lekane fela gore re bolelele Jehofa mathata a rona ka thapelo? Nnyaa. Go tlhokega se se fetang seo. Re tshwanetse go dira ditiro tse di tsamaisanang le dithapelo tsa rona. Fa Kgosi Saulo a ne a romela banna kwa legaeng la ga Dafide gore ba mmolaye, Dafide o ne a rapela jaana: “Nkgolole mo babeng ba me, tlhe Modimo wa me; e kete o ka ntshireletsa mo go ba ba ntsogologelang. Nkgolole mo go ba ba dirang dilo tse di utlwisang botlhoko, mme o mpoloke mo bathong ba ba nang le molato wa madi.” (Pes. 59:1, 2) Fa Dafide a sena go rapela, o ne a reetsa mosadi wa gagwe mme a iphalotsa. (1 Sam. 19:11, 12) Ka tsela e e tshwanang, re ka rapelela gore re bone botlhale jo bo ka re thusang go itshokela kgotsa go fokotsa tlalelo ya rona.—Jak. 1:5.

Kafa re ka Nnang le Maatla a go Itshoka ka Teng

14. Ke eng se se ka re thusang go itshoka fa re lebane le mathata?

14 Mathata a rona a ka nna a se ka a fedisiwa ka yone nako eo. E bile a ka nna a tswelela a le teng ka lobaka lo lo rileng. Fa go le jalo, ke eng se se tla re thusang go itshoka? Sa ntlha, gakologelwa gore fa re tswelela pele re direla Jehofa ka boikanyegi le fa re na le mathata, re bontsha gore re a mo rata. (Dit. 14:22) Gopola tatofatso ya ga Satane mo kgannyeng ya ga Jobe: “A Jobe o ne a ka go obamela fa a ka bo a sa solegelwe molemo ka gope? Ga o bolo go nna o mo sireleditse ene le lelapa la gagwe le sengwe le sengwe se a nang le sone. O segofatsa sengwe le sengwe se a se dirang, e bile o mo neile dikgomo tse di tletseng naga yotlhe. Mme jaanong fa o ka tsaya sengwe le sengwe se a nang le sone—o tla go tlhapatsa fa pele ga gago!” (Jobe 1:9-11, Today’s English Version) Ka go nna a ikanyega, Jobe o ne a bontsha gore tatofatso eo e ne e le maaka fela. Fa re itshokela maemo a a re bakelang tlalelo, le rona re bulegelwa ke sebaka sa go bontsha gore Satane ke moaki. Mme boitshoko jwa rona bo tla nonotsha tsholofelo e re nang le yone.—Jak. 1:4.

15. Ke dikai dife tse di ka re nonotshang?

15 Sa bobedi, gopola gore “tsone dilo tseo tse di leng malebana le dipogo di diragalela bakaulengwe botlhe ba lona mo lefatsheng.” (1 Pet. 5:9) Ee, “ga go thaelo epe e e lo wetseng fa e se e e tlwaelegileng mo bathong.” (1 Bakor. 10:13) Ka jalo, o ka nonotshiwa le go kgothadiwa ke go tlhatlhanya ka dikai tsa ba bangwe mo boemong jwa go akanya fela ka mathata a gago. (1 Bathes. 1:5-7; Baheb. 12:1) Iphe nako ya go akanya ka dikai tsa batho ba o ba itseng ba ba ileng ba itshoka ka boikanyegi le fa ba tlaletswe mo go botlhoko. A o kile wa batla maitemogelo a a gatisitsweng a dipolelo tsa matshelo a batho, o senka dipego tsa batho ba ba kileng ba diragalelwa ke se se tshwanang le se se go diragalelang? O ka nna wa fitlhela di nonotsha thata.

16. Modimo o re nonotsha jang fa re lebane le diteko tse di farologaneng?

16 Sa boraro, gopola gore Jehofa ke “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re kgone go gomotsa ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano ka kgomotso e rona ka borona re gomodiwang ka yone ke Modimo.” (2 Bakor. 1:3, 4) Go ntse jaaka e kete Modimo o eme fa thoko ga rona a re kgothatsa le go re nonotsha, e seng fela mo pitlaganong e re leng mo go yone gone jaanong mme e le “mo pitlaganong yotlhe ya rona.” Mme seno se tla dira gore re kgone go gomotsa ba bangwe “ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano.” Paulo o ne a iponela ka boene gore mafoko ano a boammaaruri.—2 Bakor. 4:8, 9; 11:23-27.

17. Baebele e ka re thusa jang gore re lebane le mathata a botshelo?

17 Sa bonè, re na le Lefoko la Modimo, Baebele, le le “mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Tim. 3:16, 17) Lefoko la Modimo ga le dire fela gore re “tshwanelege” re bo re ‘tlhomelele go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’ Gape le re thusa gore re kgone go lebana le mathata a botshelo. Le dira gore re “tshwanelege ka botlalo” re bo re ‘tlhomelele ka botlalo.’ Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “a tlhomeleletse ka botlalo” totatota le kaya “go nna le sengwe le sengwe se se tlhokegang.” Mo metlheng ya bogologolo, lefoko leno le ka tswa le ne le ka dirisiwa go tlhalosa mokoro o o nang le sengwe le sengwe se se tlhokegang mo mosepeleng kgotsa go tlhalosa motšhine o o neng o ka kgona go dira sengwe le sengwe se o tshwanetseng go se dira. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe go re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang go lebana le maemo le fa e ka nna afe. Ka jalo, re ka re, “Fa Modimo a letla gore seno se ntiragalele, nka kgona go itshoka ka thuso ya gagwe.”

Go Gololwa mo Mathateng Otlhe a Rona

18. Re tshwanetse go nna re akantse ka eng se le sone se tla re thusang gore re itshoke ka boikanyegi?

18 Sa botlhano, nna o akantse ka ntlha e e itumedisang thata ya gore go ise go ye kae, Jehofa o tla fedisa mathata otlhe a batho. (Pes. 34:19; 37:9-11; 2 Pet. 2:9) Kgabagare, fa Modimo a re golola o tla bo a sa re golole fela mo mathateng a gompieno mme gape o tla re naya sebaka sa go tshelela ruri, e ka tswa e le go tshela kwa magodimong le Jesu kgotsa mo lefatsheng la paradaise.

19. Go ka kgonega jang gore re itshoke ka boikanyegi?

19 Fa nako eo e ise e tle, re tla tswelela pele re lebana le mathata a a ngomolang pelo a lefatshe leno le le boikepo. A bo re tlhologeletswe nako eo jang ne ya fa mathata ao a tla bo a sa tlhole a le teng! (Pes. 55:6-8) A re gopoleng gore go itshoka ga rona ka boikanyegi go supa fa Diabolo e le moaki. E kete re ka nonotshiwa ke dithapelo tsa rona le bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete, re nna re gopotse gore bakaulengwe ba rona ba lebana le diteko tse di tshwanang le tsa rona. Tswelela pele o tshwanelega ka botlalo e bile o tlhomeletse ka botlalo ka go dirisa Lefoko la Modimo sentle. Le ka motlha o se ka wa letla gore tsela e o ikanyang ka yone tlhokomelo e e lorato e re e newang ke “Modimo wa kgomotso yotlhe” e fokotsege. Gopola gore “matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.”—Pes. 34:15.

A o Ka Araba?

• Dafide o ne a ikutlwa jang ka mathata a a neng a lebane le one?

• Kgosi Solomone o ne a bontsha gore o tlhomamisegile ka eng?

• Ke eng se se ka re thusang gore re itshokele se Jehofa a letlang gore se re diragalele?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Solomone o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o ne a tla tsaya kgato go thusa batho ba Gagwe ba ba tlaletsweng

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Dafide o ne a latlhela mokgweleo wa gagwe mo go Jehofa ka go rapela a bo a dira ditiro tse di tsamaisanang le se a se rapelelang