Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Nosi Mme Ga ba A Lebalwa

Ba Nosi Mme Ga ba A Lebalwa

Ba Nosi Mme Ga ba A Lebalwa

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a gakolola Bakeresete ka ene jaana: “A re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagal. 6:10) Le gompieno re latela taelo eno e e tlhotlheleditsweng mme re batla ditsela tsa go direla badumedi ka rona molemo. Bangwe ba batho ba ba tlhokang le ba ba tshwanelwang ke gore phuthego ya Bokeresete e ba tlhokomele ka lorato, ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba ba godileng ba ba nnang mo magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one.

Ke boammaaruri gore mo dinageng dingwe, go tlwaelegile gore ba lelapa ba nne le batsadi ba bone ba ba godileng. Le fa go ntse jalo, mo dinageng tse dingwe, gantsi bagodi ba bantsi ba nna mo magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one gore ba tlhokomelwe teng. Go tweng ka Bakeresete ba ba godileng ba ba nnang mo magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one? Ke mathata afe a ba lebanang le one? Ba ka kgona jang fa go se na ope wa lelapa yo o ba emang nokeng? Phuthego ya Bokeresete e ka ba thusa jang? Mme re solegelwa molemo ka ditsela dife fa re ba etela ka metlha?

Mathata a ba Lebanang le One mo Magaeng a go Tlhokomelwang Batsofe mo go One

Fa Bakeresete ba ba godileng ba ya go nna kwa magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one, ba ka nna ba iphitlhela ba le mo tshimong ya phuthego e nngwe e ba sa itseweng mo go yone. Ka ntlha ya moo, Basupi ba koo ba ka nna ba se akanye go ba etela ka metlha. Mo godimo ga moo, ba tla bo ba tshela le batho ba ditumelo tse di farologaneng mo magaeng ao. Seno se ka dira gore Basupi ka rona ba ba godileng ba nne mo maemong a a boima.

Ka sekai, mo mafelong mangwe, go rulaganngwa gore go tshwarwe ditirelo tsa bodumedi mo magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one. Motlhokomedi mongwe o ne a re: “Basupi bangwe ba ba godileng ba ba sa kgoneng go bua sentle ba ne ba isiwa kwa ditirelong tsa kereke ka ditulo tsa maotwana ba sa bodiwa gore ke eng se bone ba ka ratang go se dira.” Mo godimo ga moo, gantsi badiri ba mo magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one ba dirisa malatsi a botsalo, Keresemose kana Ista go dira gore bagodi ba itumelele go dira dilo tse di farologaneng. Gape Basupi bangwe ba ba mo magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one ba ne ba newa dijo tse digakolodi tsa bone di neng di ka se ba letle go di ja. (Dit. 15:29) Fa re etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng ka metlha, re tla kgona go ba thusa go lebana le mathata ao.

Go Engwa Nokeng ke Phuthego

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba thusa bagodi ba ba se nang ba malapa a bone ba ba ka ba tlhokomelang. (1 Tim. 5:9) Ka tsela e e tshwanang, balebedi gompieno ba ntshitse matlho dinameng go tlhomamisa gore bagodi ba ba nnang mo magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one a a mo lefelong la bone ga ba phuaganngwe fela. * Robert, yo e leng mogolwane, a re: “Go tla bo go le molemo tota gore balebedi ba Bakeresete ba etele bagodi go bona maemo a ba leng mo go one mme ba rapele le bone. Phuthego e ka dira go tlala seatla go naya bagodi bano se ba se tlhokang.” Fa re ipha nako ya go etela bagodi, re tla bo re bontsha gore re tlhaloganya kafa go leng botlhokwa ka gone mo go Jehofa go tlhokomela ba ba tlhokang thuso.—Jak. 1:27.

Fa go tlhokega, bagolwane ka lorato ba rulaganya gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba ba mo magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one a a mo lefelong la bone ba thusiwe ka se ba se tlhokang. Robert o tlhalosa sengwe se re ka se dirang fa a re, “Re tshwanetse go rotloetsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng go nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete fa ba kgona go dira jalo.” Le fa go ntse jalo, bagolwane ba ka nna ba direla ba ba sa tlholeng ba kgona go ya kwa Holong ya Bogosi dithulaganyo tse dingwe. Jacqueline, yo o mo dingwageng tsa bo80 e bile a tshwerwe ke ramatiki e e senyang mahihiri (osteoarthritis), o reetsa dipokano ka thelefouno. A re: “Ke solegelwa molemo thata ke go reetsa dipokano fa di ntse di tsweletse. Ga ke rate go tlolwa ke dipokano, le fa go ka nna jang!”

Fa Mokeresete yo o godileng a sa kgone go reetsa dipokano ka thelefouno, bagolwane ba ka nna ba rulaganya gore dipokano di rekotiwe. Motho yo o isetsang mokaulengwe kana kgaitsadi yo o mo legaeng le go tlhokomelwang batsofe mo go lone tshedimosetso eo e e rekotilweng a ka dirisa nako eo go nna le motlotlo o o kgothatsang le ene. Molebedi mongwe a re: “Go tlotlela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ka maloko a phuthego go dira gore ba ikutlwe e sa ntse e le karolo ya lelapa la rona la semoya.”

Nna o Buisana le Bone ka Metlha

Go a utlwala go bo bagodi ba le bantsi ba fitlhela go fudugela kwa legaeng le go tlhokomelwang batsofe mo go lone go ngomola pelo e bile go tlhakanya tlhogo. Ka ntlha ya moo, ba bangwe ba feletsa ba ikgogona mo bathong. Mme fa re etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng fela fa ba sena go fudugela koo re bo re bontsha gore re batla go tswelela pele re ba ema nokeng, re tla ba thusa thata gore ba boe ba nne le kagiso ya mogopolo le selekanyo se se rileng sa boipelo.—Dia. 17:22.

Fa bakaulengwe kana bokgaitsadi ba ba godileng ba simolola go latlhegelwa ke tlhaloganyo kana ba sa tlhole ba utlwa sentle kana ba na le mathata mangwe a a ka dirang gore go nne thata go buisana le bone, ba bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore go ba etela ga go na mosola. Mme le fa go ka nna thata jang go buisana le bone, maiteko a re a dirang a go ba etela a bontsha gore re ‘etelela pele mo go bontsheng badumedi ka rona tlotlo.’ (Bar. 12:10) Fa mokaulengwe yo o godileng a simolola go lebala dilo tse di sa tswang go direga, re ka nna ra mo rotloetsa gore a anele maitemogelo a gagwe a bogologolo—le a fa a ne a sa le ngwana—kana a re bolelele gore go tlile jang gore a itse boammaaruri jwa Baebele. Re ka dirang fa a sa kgone go gopola mafoko a a tshwanelang sentle a a ka a dirisang? Reetsa o le pelotelele, mme fa go tlhokega, umaka mafoko a mabedi kgotsa a mararo a go bonalang a leka go a bua, kana o ka sobokanya se a se buileng o bo o mo rotloetsa go tswelela pele a bua. Fa a tlhakane tlhogo kana a na le bothata jwa go bua mme go le thata gore re mo tlhaloganye, re ka leka go tlhaloganya se a se buang ka go ela tlhoko segalo sa lentswe la gagwe.

Fa go sa tlhole go kgonega gore lo buisane ka molomo, go ka nna ga dirisiwa mekgwa e mengwe. Laurence, kgaitsadi mongwe wa mmulatsela, ka metlha o etela Madeleine, kgaitsadi wa Mokeresete yo o nang le dingwaga di le 80 yo o sa tlholeng a kgona go bua. Laurence o tlhalosa kafa a buisanang le Madeleine ka teng, a re: “Ke tshwara Madeleine ka seatla fa re rapela. Fa re ntse re rapela, o gatelela seatla sa me go se kae a bo a bonya go bontsha gore o lebogela dinako tseno tse a ikutlwang a bontshiwa lorato ka tsone.” Go tshwara ditsala tsa rona tsa bagodi ka diatla kana go ba tlamparela ka lorato go ka ba gomotsa tota.

Go Botlhokwa Gore o Nne Gone

Fa o etela bagodi ka metlha, seo se ka ama tsela e ba tlhokomelwang ka yone. Danièle, yo o ntseng a etela Basupi ka ene ba ba mo magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one ka dingwaga di ka nna 20, a re, “Fa badiri ba mo legaeng le go tlhokomelwang batsofe mo go lone ba lemoga gore motho o nna le baeng ka gale, ba mo tlhokomela botoka.” Robert, yo o umakilweng fa godimo, a re: “Gantsi batlhokomedi ba reetsa motho yo o etelang mogodi yo o nnang koo gangwe le gape. Ba ka nna ba se tlotle jalo motho yo o etang ka sewelo.” E re ka baoki gantsi ba dirisana le batho ba malapa a bagodi ba go seng motlhofo go ba kgotsofatsa, ba itumela thata fa baeng ba ba leboga. Mo godimo ga moo, fa re nna botsalano mo baoking, go ka direga gore ba tlotle melao e mogodi wa Mosupi yo ba mo tlhokometseng a tshelang ka yone le ditumelo tsa gagwe.

Gape re ka dira gore re nne le kamano e e molemo le badiri ka go ithaopa go ba thusa ka ditiro tse di motlhofo. Mo mafelong a mangwe, bothata jo bo sa feleng jwa go tlhaela ga badiri ba ba tshwanelegang bo dira gore bagodi ba se ka ba tlhokomelwa sentle. Rébecca, yo e leng mooki, a re: “Re tshwarega thata ka nako ya dijo. Ka jalo eno e ka nna nako e e siameng ya go etela tsala ya gago le go mo thusa gore a je.” Ga re a tshwanela go okaoka go botsa badiri gore re ka ba thusa jang.

Fa re ya kwa legaeng le batsofe ba tlhokomelwang kwa go lone ka metlha, re tla kgona go bona gore mokaulengwe kana kgaitsadi wa rona yo o godileng o tlhoka eng mme re bo re tsaya kgato ya go mo thusa ka se a se tlhokang, ka tetla ya badiri ba legae leo. Ka sekai, re ka kgabisa kamore ya gagwe ka ditshwantsho tsa batho ba a ba ratang kana ka ditshwantsho tse di takilweng ke bana. Re ntse re akantse ka botsogo jwa gagwe, re ka nna ra mo tlisetsa seaparo se se bothitho kana dilo dingwe tse a tla di dirisang tse di jaaka ditlolo, sesepa le tse dingwe. Fa e le gore go na le tshingwana mo legaeng leo, a re ka mo tsamaisa kwa ntle gore a iphokise phefo? Laurence, yo o nopotsweng pelenyana, a re: “Madeleine o tlhoafalela gore ke mo etele beke le beke. Fa ke tla le bana, o a nyenya mme matlho a gagwe a phatsima ka boitumelo!” Go dira dilo tse di ntseng jalo go ka ama thata matshelo a bagodi ba ba nnang mo magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one.—Dia. 3:27.

Rotlhe re Solegelwa Molemo

Go etela motho yo o godileng ka metlha go ka leka “bommatota jwa lorato lwa [rona].” (2 Bakor. 8:8) Jang? E ka nna selo se se utlwisang botlhoko go bona tsala ya rona e ntse e koafala. Laurence a re: “Kwa tshimologong, bokoa jwa ga Madeleine bo ne bo nkama thata mo ke neng ke lela nako le nako fa ke sena go mo etela. Mme ke ne ka lemoga gore go rapela ka tlhoafalo go ka re thusa go okobatsa ditlhobaelo tsa rona mme ga dira gore re kgone go kgothatsa ba re ba etelang.” Robert o na le dingwaga tse dintsi a ntse a etela Mokeresete mongwe yo o bidiwang Larry, yo o nang le bolwetse jwa Parkinson, jo bo dirang gore motho a rorome. Robert a re: “Bolwetse jono bo amile Larry fela thata mo ke sa tlholeng ke tlhaloganya sepe se a se buang. Mme fa re rapela mmogo, ke sa ntse ke kgona go bona gore o na le tumelo.”

Fa re etela badumedi ka rona ba ba godileng, ga re thuse bone fela mme le rona re solegelwa molemo. Go ikemisetsa ga bone go nna gaufi le Jehofa le fa ba nna le batho ba ditumelo tse di farologaneng go re ruta gore re tshwanetse go nna le tumelo le bopelokgale. Tsela e ba tlhologelelwang ka yone go amogela dijo tsa semoya le fa ba sa tlhole ba kgona go utlwa le go bona sentle e bontsha gore “motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Math. 4:4) Fa batho ba ba godileng ba itumelela dilo tse di sa reng sepe, tse di jaaka monyenyo wa ngwana kana go ja dijo mmogo le ba bangwe, ba re gopotsa gore re kgotsofalele se re nang le sone. Lorato lo ba ratang dilo tsa semoya ka lone lo ka re thusa gore le rona re beye dilo tsa botlhokwa kwa pele.

Ee ruri, phuthego yotlhe e solegelwa molemo fa re ema bagodi nokeng. Ke eng fa re ka rialo? E re ka batho ba ba bokoa mo mmeleng ba tlhoka lorato lwa bokaulengwe thata, seo se naya phuthego sebaka sa go bontsha kutlwelobotlhoko ka selekanyo se segolwane. Ka jalo, rotlhe re tshwanetse go leba go tlhokomela bagodi, le fa e ka nna ka nako e telele, e le tsela ya go direla ba bangwe dilo. (1 Pet. 4:10, 11) Fa bagolwane ba etelela pele mo kgannyeng eno, ba tla thusa maloko a mangwe a phuthego go lemoga gore le ka motlha ga re a tshwanela go tlhokomologa karolo eno ya tirelo ya rona ya Bokeresete. (Esek. 34:15, 16) Fa re ema nokeng Bakeresete ka rona ba ba godileng ka lorato, seo se tla ba tlhomamisetsa gore ga ba a lebalwa!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Fela fa mokwaledi wa phuthego a sena go itse gore mokaulengwe kana kgaitsadi mongwe mo phuthegong o fudugetse kwa legaeng le go tlhokomelwang batsofe kwa go lone kwa lefelong le sele, go tla thusa thata e bile go tla bo go bontsha lorato fa ka yone nako eo a itsise bagolwane ba phuthego e e mo lefelong leo.

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

“Fa badiri ba mo legaeng le go tlhokomelwang batsofe mo go lone ba lemoga gore motho o nna le baeng ka gale, ba mo tlhokomela botoka”

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Dithapelo tsa rona tse di tswang pelong di ka thusa Mosupi ka rona yo o godileng gore a boe a nne le kagiso ya mogopolo

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Mafoko a rona a a lorato a tla nonotsha badumedi ka rona ba ba godileng