Basha, Gakologelwang Mmopi wa Lona yo Mogolo Jaanong
Basha, Gakologelwang Mmopi wa Lona yo Mogolo Jaanong
“Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.” —MOR. 12:1.
1. Jehofa o bontsha jang gore o tshepa baobamedi ba gagwe ba basha?
JEHOFA o tsaya basha ba Bakeresete ba le botlhokwa thata e bile ba lapolosa jaaka marothodi a monyo. Tota e bile o ne a bolelela pele gore mo letsatsing la ‘mophato wa sesole’ la ga Morwawe, makau le makgarebe a ne a tla “ithaopa ka go rata” mo tirelong ya ga Keresete. (Pes. 110:3) Boporofeti joo bo ne bo tlile go diragadiwa ka nako ya fa batho ka kakaretso ba se na sepe le Modimo, e le baithati e bile ba rata madi, ba se kutlo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a itse gore basha ba ba mo obamelang bone ba ne ba se na go nna jalo. Jehofa o a lo tshepa lona bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha!
2. Go gakologelwa Jehofa go akaretsa eng?
2 Akanya gore Modimo o tshwanetse a bo a itumela jang fa a bona basha ba mo gakologelwa jaaka Mmopi wa bone yo Mogolo. (Mor. 12:1) Mme gone, go gakologelwa Jehofa ga se fela go akanya ka ene. Go kaya go tsaya kgato—go dira se se mo itumedisang le go dumela gore melao le melaometheo ya gagwe e re kaele mo botshelong letsatsi le letsatsi. Gape go kaya go ikanya Jehofa, go itse gore o batla gore dilo di re tsamaele sentle thata. (Pes. 37:3; Isa. 48:17, 18) A o ikutlwa jalo ka Mmopi wa gago yo Mogolo?
“Ikanye Jehofa ka Pelo ya Gago Yotlhe”
3, 4. Jesu o ne a bontsha jang gore o ikanya Jehofa, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ikanya Jehofa gompieno?
3 Sekao se se molemo go di gaisa tsotlhe sa motho yo o neng a ikanya Modimo, ke Jesu Keresete. O ne a tshela go dumalana le mafoko a a mo go Diane 3:5, 6: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” Fela fa Jesu a sena go kolobediwa, Satane o ne a tla kwa go ene, mme a leka go mo raela gore a amogele maatla le kgalalelo ya lefatshe. (Luke 4:3-13) Jesu ga a ka a tsiediwa. O ne a itse gore “dikhumo le kgalalelo le botshelo” tsa mmatota ke “diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa.”—Dia. 22:4.
4 Gompieno batho ba bantsi mo lefatsheng ba laolwa ke bopelotshetlha. E re ka boemo bo ntse jaana re tla bo re dira ka botlhale fa re latela sekao sa ga Jesu. Gape o gakologelwe gore Satane o tla dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go raela batho ba ga Jehofa gore ba tswe mo tseleng e tshesane e e isang botshelong. O batla gore mongwe le mongwe a tsamaye mo tseleng e e atlhameng e e isang tshenyegong. O se ka wa mo letla gore a go tsietse! Go na le moo, ititeye sehuba gore o tla gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo. Mo ikanye ka botlalo, mme o tshware “botshelo jwa mmatota” ka thata, jo re tlhomamisegileng gore bo tla nna teng e bile bo gaufi.—1 Tim. 6:19.
Basha, Tlhalefang!
5. O ikutlwa jang ka isagwe ya lefatshe leno?
5 Basha ba ba gakologelwang Mmopi wa bone yo Mogolo ba botlhale go feta dithaka tsa bone. (Bala Pesalema 119:99, 100.) Ka gonne ba leba dilo jaaka Modimo a di leba, ba itse sentle gore lefatshe leno le tloga le feta. Tota le mo nakong e khutshwane e lona basha lo setseng lo e tshedile, lo setse lo bone gore batho ba ntse ba tshelela mo poifong e bile ba tlhobaela go feta pele. Fa e le gore o sa ntse o tsena sekolo, o ka tswa o setse o utlwile ka kgotlelo, go gotela ga moya o o mo loaping, go rengwa ga dikgwa le mathata a mangwe a a tshwanang le ao. Batho ba tshwenyegile thata ka dilo tseno mme Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba tlhaloganyang ka botlalo gore seo ke karolo ya sesupo se se bontshang gore lefatshe la ga Satane le gaufi le go senngwa.—Tshen. 11:18.
6. Basha bangwe ba tsieditswe jang?
2 Pet. 3:3, 4) Ba bangwe ba raetswe ke ditsala le ditshwantsho tse di hepisang gore ba dire boleo jo bo masisi. (Dia. 13:20) A bo go ka utlwisa botlhoko jang ne gore Modimo a se ka a re amogela re setse re le gaufi jaana le bokhutlo! Go na le gore seo se go diragalele, ithute mo go se se neng sa diragalela Baiseraele ka 1473 B.C.E. fa ba ne ba thibeletse mo Dipoeng tsa Moabe, ba setse ba le gaufi thata le go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Ke eng se se neng sa direga koo?
6 Go utlwisa botlhoko gore basha bangwe ba e leng batlhanka ba Modimo ga ba tlhole ba ntshitse matlho dinameng mme ba itlhokomolositse kgang ya gore lefatshe leno ga le a salelwa ke nako e e kalo. (Ba ne Ba wa Ba Setse ba le Gaufi le go Goroga
7, 8. (a) Satane o ne a dirisa leano lefe kwa Dipoeng tsa Moabe? (b) Satane o dirisa leano lefe gompieno?
7 Mo metlheng eo, go bonala sentle gore Satane o ne a batla go thibela Baiseraele gore ba se ka ba bona boswa jo ba neng ba bo solofeditswe. Fa Satane a sena go palelwa ke go dira gore moporofeti Balaame a ba hutse, o ne a dirisa leano le le bofitlha le go feta; o ne a leka go dira gore ba se ka ba tshwanelega gore ba segofadiwe ke Jehofa. O ne a dirisa basadi ba Moabe ba ba gogelang gore ba ba raele, mme mo lekgetlhong leno Diabolo o ne a atlega ka selekanyo se se rileng. Batho ba ne ba simolola go dira boitsholo jo bo sa siamang le bomorwadia Moabe le go obamela Baale wa Peore! Le fa Baiseraele ba ne ba le gaufi thata le go newa boswa jwa bone jo bo botlhokwa thata jwa go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ka nna 24 000 mo go bone ba ne ba swa. A bo seo e ne e le matlhotlhapelo ruri!—Dipa. 25:1-3, 9.
8 Gompieno re setse re le gaufi le go tsena mo lefatsheng le le botoka thata le le solofeditsweng—tsamaiso e ntšha ya dilo. Jaaka tlwaelo, le gompieno Satane o dirisa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo go senya maitsholo a batho ba Modimo. Maitsholo a batho mo lefatsheng a setse a le maswe mo e leng gore kgokafalo e tsewa e itshiametse fela le bosodoma bo setse bo tsewa e le kgang e motho ka boene a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go yone. Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Bongwanake ba ithuta fela fa ba le kwa gae kana ba le kwa Holong ya Bogosi gore bosodoma le go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang go phoso mo matlhong a Modimo.”
9. Go ka diregang ka “nako ya bosha,” mme basha ba ka lebana le boemo jono jang?
9 Basha ba ba gakologelwang Mmopi wa bone yo Mogolo ba itse gore tlhakanelodikobo ke mpho e e tswang kwa Modimong e e amanang le botshelo le go tshola bana. Ka jalo, ba tlhaloganya gore batho ba tshwanetse go tlhakanela dikobo fela ka tsela e Modimo a e laetseng—ke gore, fela fa ba nyalane. (Baheb. 13:4) Le fa go ntse jalo, ka “nako ya bosha”—nako e ka yone maikutlo a go tlhakanela dikobo a a bong a le maatla thata mo a ka dirang gore motho a se ka a akanya sentle—go ka nna thata gore motho a nne a itshekile. (1 Bakor. 7:36) O ka dirang fa o simolola go akanya dikakanyo tse di sa siamang? Rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a go thuse go tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng. Ka metlha Jehofa o reetsa batho ba ba mo rapelang ka bopeloephepa. (Bala Luke 11:9-13.) Go tlotla ka dilo tse di siameng le gone go ka go thusa go busa tlhaloganyo.
Tlhopha Mekgele ya Gago ka Botlhale!
10. Re batla go tila go akanya ka tsela efe e e sa siamang, mme re ka ipotsa dipotso dife?
10 Lebaka le lengwe la go bo basha ba bantsi mo lefatsheng ba se na boithibo e bile ba tshelela menate ya nama ke gore ga ba bonele dilo kwa pele—ga ba na kaelo ya bomodimo kana tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe. (Dia. 29:18) Ba tshwana le Baiseraele ba motlha wa ga Isaia ba ba neng ba sa latele kaelo ya Modimo ba ba neng ba tshelela “boitumelo le boipelo, . . . go jewa ga nama le go nowa ga beine.” (Isa. 22:13) Go na le gore o tswele batho ba ba ntseng jalo pelo, ke eng o sa akanye ka tsholofelo e e tlhwatlhwakgolo e Jehofa a e neileng batho ba gagwe ba ba ikanyegang? Fa e le gore o motlhanka wa Modimo wa mosha, a o tlhologeletswe lefatshe le lesha? A o dira maiteko a go ‘tshela ka go itekanela sentle ga mogopolo fa o sa ntse o letetse tsholofelo e e itumedisang’ e Jehofa a e go neileng? (Tito 2:12, 13) Karabo ya gago e tla tlhotlheletsa mekgele ya gago le dilo tse o di bayang kwa pele mo botshelong jwa gago.
11. Ke eng fa basha ba Bakeresete ba ba sa ntseng ba tsena sekolo ba tshwanetse go ithuta ka tlhoafalo?
11 Lefatshe le batla gore basha ba dirise maatla a bone go latelela mekgele ya lefatshe. Go a utlwala go bo lona ba lo sa ntseng lo tsena sekolo lo tshwanetse go ithuta ka tlhoafalo gore lo nne le thuto e e molemo ya motheo. Kana tota maikaelelo a lona ga se go bona tiro e e siameng fela mme gape ke gore lo solegele phuthego molemo mme lo nne baboledi ba Bogosi ba ba nang le matswela. Gore lo kgone go dira seo lo tshwanetse gore lo kgone go bua ka tsela e e utlwalang sentle, go akanya sentle le go beelana mabaka le ba bangwe lo wetse dibete le ka tlotlo. Le fa go ntse jalo, basha ba ba ithutang Baebele le ba ba lekang ka natla go dirisa melaometheo ya yone mo matshelong a bone ba bona thuto e e molemo go di gaisa tsotlhe e bile ba thaya motheo o o molemo wa isagwe e e atlegileng le e e sa khutleng.—Bala Pesalema 1:1-3. *
12. Malapa a Bakeresete a tshwanetse go etsa sekao sa bomang?
12 Kwa Iseraele, batsadi ba ne ba tsaya go ruta bana go le botlhokwa thata. Thuto eo e ne e akaretsa dikarolo tsotlhe tsa botshelo, segolobogolo dilo tsa semoya. (Dute. 6:6, 7) Ka jalo, basha ba Baiseraele ba ba neng ba utlwa batsadi ba bone mmogo le batho ba bangwe ba bagolo ba ba neng ba boifa Modimo ba ne ba nna le kitso mmogo le botlhale, temogo, tlhaloganyo le bokgoni jwa go akanya—tse e leng dinonofo tse di sa bonweng motlhofo tse thuto ya bomodimo e di rutang batho. (Dia. 1:2-4; 2:1-5, 11-15) Malapa a Bakeresete gompieno a tshwanetse go tsaya thuto e le botlhokwa ka tsela e e tshwanang.
Reetsa Batho Ba ba Go Ratang
13. Basha bangwe ba newa kgakololo ya mofuta mang, mme ke eng fa ba tshwanetse go nna kelotlhoko?
13 Basha ba newa kgakololo ke batho ba ba farologaneng—go akaretsa bagakolodi kwa sekolong, ba gantsi ba akanyang fela ka go atlega ga motho mo lefatsheng. Tsweetswee sekaseka kgakololo eo yotlhe ka thapelo o dirisa Lefoko la Modimo le dijo tsa semoya tse re di newang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Fa o ntse o ithuta Baebele o lemogile gore Satane o tlhasela thata batho ba basha ba ba se nang maitemogelo. Ka sekai, kwa tshimong ya Edene, Efa yo o se nang maitemogelo o ne a reetsa Satane, motho yo a neng a sa mo itse, yo o neng a ise a ko a bontshe ka tsela epe fela gore o a mo rata. Ruri dilo di ka bo di sa direga ka tsela e di diregileng ka yone fa a ka bo a ne a reetsa Jehofa, yo o neng a mmontshitse ka ditsela tse dintsintsi gore o a mo rata!—Gen. 3:1-6.
14. Ke eng fa re tshwanetse go utlwa Jehofa mmogo le batsadi ba Bakeresete?
Isa. 30:21) Fa e le gore o na le batsadi ba Bakeresete ba ba ratang Jehofa tota, o sego ruri. Reetsa kgakololo ya bone ka tlotlo fa o sekaseka gore ke dilo dife tse di tshwanetseng go tla pele le fa o ipeela mekgele. (Dia. 1:8, 9) Aitsane, ba batla gore o bone botshelo, sengwe se se botlhokwa thata go feta khumo kana maemo mo lefatsheng leno.—Math. 16:26.
14 Le wena Mmopi wa gago yo Mogolo o a go rata mme o go rata ka maitlhomo a a siameng. O batla gore o itumele ka bosakhutleng, e seng gone jaanong fela! Ka jalo, ka bonolo jwa motsadi yo o lorato, o raya wena le botlhe ba ba mo obamelang a re: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.” (15, 16. (a) Ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone ka Jehofa? (b) Se se diragaletseng Baruke se re ruta thuto efe ya botlhokwa?
15 Batho ba ba gakologelwang Mmopi wa bone yo Mogolo ba tshela matshelo a a sa raraanang, ba tlhomamisegile gore Jehofa ‘ga a na’ go ba tlogela ‘le fa e le go ba latlha ka gope.’ (Bala Bahebera 13:5.) E re ka go akanya ka tsela e e siameng jalo go sa tsamaisane le tsela e lefatshe le akanyang ka yone, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore moya wa lefatshe o se ka wa re tlhotlheletsa. (Baef. 2:2) Mo ntlheng eno, sekaseka sekai sa mokwaledi wa ga Jeremia e bong Baruke, yo o neng a tshela ka nako e Jerusalema e neng e le mo metlheng ya yone ya bofelo e e thata e e neng ya felela ka gore motse oo o senngwe ka 607 B.C.E.
16 Baruke o ka tswa a ne a batla go tshela botoka ka go ikokoanyetsa dithoto. Jehofa o ne a bona seno mme a tlhagisa Baruke ka bopelonomi gore a tlogele go ipatlela “dilo tse dikgolo.” Baruke o ne a bontsha gore o ikokobeditse e bile o botlhale, ka gonne o ne a reetsa Jehofa mme a falola fa Jerusalema e ne e senngwa. (Jer. 45:2-5) Mme balekane ba ga Baruke bone, ba ba neng ba ipatletse “dilo tse dikgolo,” mme ba dirile gore kobamelo ya ga Jehofa e se ka ya tlhola e nna botlhokwa mo matshelong a bone, ba ne ba latlhegelwa ke dilo tseo tsotlhe fa di ne di gapiwa ke Bakaladia (Bababelona). Gape bontsi jwa bone ba ne ba swa. (2 Ditir. 36:15-18) Se se diragaletseng Baruke se re thusa go bona gore go nna le kamano e e molemo le Modimo go botlhokwa fela thata go feta khumo le go nna le maemo mo lefatsheng leno.
Etsa Dikao Tse di Molemo go Gaisa
17. Ke eng fa Jesu, Paulo le Timotheo e le dikao tse di molemo tse batlhanka ba Modimo gompieno ba ka di etsang?
17 Lefoko la Modimo le re naya dikao tse dintsi tse di molemo tse re ka di etsang, go re thusa go tswelela re tsamaya mo tseleng e e isang botshelong. Ka sekai, Jesu o ne a na le bokgoni go gaisa batho botlhe ba ba kileng ba tshela, mme le fa go ntse jalo, o ne a tlhomile mogopolo mo go se se neng se ka thusa batho ka bosakhutleng—“dikgang tse di molemo tsa bogosi.” (Luke 4:43) E le gore moaposetoloi Paulo a direle Jehofa ka bojotlhe, o ne a tlogela tiro e go neng go lebega e tla mo naya madi a mantsi mme a dirisa nako ya gagwe le maatla a rera dikgang tse di molemo. Timotheo, yo e neng e le “ngwana wa mmatota mo tumelong,” o ne a etsa sekao se se molemo sa ga Paulo. (1 Tim. 1:2) A Jesu, Paulo le Timotheo ba ne ba ikwatlhaela tsela e ba neng ba tshela ka yone? Le e seng! Tota e bile, Paulo o ne a re o tsaya dilo tsa lefatshe e le “matlakala a mantsi” fa a di bapisa le tshiamelo ya go direla Modimo.—Bafil. 3:8-11.
18. Mokaulengwe mongwe yo mosha ka dingwaga o ne a dira diphetogo dife tse dikgolo, mme ke ka ntlha yang fa a sa ikwatlhaye?
18 Basha ba bantsi ba Bakeresete gompieno ba etsa tumelo ya ga Jesu, Paulo le Timotheo. Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo mosha ka dingwaga yo o kileng a bo a na le tiro e e mo duelang madi a mantsi o ne a re: “Ka gonne ke tshela go ya ka melaometheo ya Baebele, ke ne ka tlhatlosiwa maemo ka bonako. Le fa ke ne ke na le madi a mantsi, ke ne ke bona ke kgaratlhela phefo. Fa ke ne ke bua le baokamedi ba khampani mme ke ba bolelela gore ke batla go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng, ba ne ba potlakela go ntsholofetsa gore ke tla amogela madi a a oketsegileng, ka gonne ba ne ba akanya gore ke tla fetola mogopolo. Mme ke ne ke feditse le mogopolo wa me. Batho ba bantsi ba ne ba sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ke ne ke tlogela tiro e e duelang madi a mantsi jaana gore ke tsenele tirelo ya nako e e tletseng. Karabo ya me ke gore ruri ke batla go tshelela boineelo jwa me mo Modimong. Ka gonne jaanong botshelo jwa me bo remeletse mo dilong tsa semoya, ke itumetse e bile ke kgotsofetse go feta kafa ke neng nka kgotsofala ka teng le fa ke ne nka nna le madi a mantsi kana maemo a a kwa godimo jang.”
19. Basha ba kgothalediwa gore ba tlhophe go dirang?
19 Mo lefatsheng lotlhe basha ba bantsintsi ba tlhophile ka tsela e e ntseng jalo e e molemo. Ka jalo lona basha lo nne lo akantse ka letsatsi la ga Jehofa fa lo ntse lo akanya ka isagwe ya lona. (2 Pet. 3:11, 12) Lo se ka lwa tswela batho ba ba dirisang lefatshe leno ka botlalo pelo. Go na le moo, reetsang batho ba ba lo ratang tota. Tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya go ipaakanyetsa isagwe e e sireletsegileng ke go ipolokela “matlotlo kwa legodimong,” e bile go dira jalo ke gone fela go tla lo solegelang molemo ka bosakhutleng. (Math. 6:19, 20; bala 1 Johane 2:15-17.) Ee, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo. Fa o ntse o dira jalo, Jehofa o tla go segofatsa.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 11 Fa o batla go bala ka thutego e e kwa godimo le tiro, bona Tora ya Tebelo ya October 1, 2005, tsebe 26-31.
A o A Gakologelwa?
• Re bontsha jang gore re ikanya Modimo?
• Thuto e e molemo go gaisa ke efe?
• Re ka ithuta dithuto dife mo go Baruke?
• Ke bomang ba e leng dikao tse di molemo, mme ka ntlha yang?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Jehofa o re naya thuto e e molemo go gaisa
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Baruke o ne a utlwa Jehofa mme a falola fa Jerusalema e ne e senngwa. O ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe?