Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batla Kaelo ya Modimo mo Dilong Tsotlhe

Batla Kaelo ya Modimo mo Dilong Tsotlhe

Batla Kaelo ya Modimo mo Dilong Tsotlhe

“Modimo yono ke Modimo wa rona ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae. O tla re kaela go fitlha re swa.”—PES. 48:14.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go latela kaelo ya ga Jehofa go na le go ikanya botlhale jwa rona, mme go tsoga dipotso dife?

FA RE akanya ka dilo tse di se nang mosola kana tse di kotsi, go motlhofo gore re itsietse re re ga di kotsi. (Dia. 12:11) Fa tota re batla go dira sengwe se Mokeresete a sa tshwanelang go se dira, gantsi dipelo tsa rona di re naya mabaka a a re tlhotlheletsang gore re se dire. (Jer. 17:5, 9) Mopesalema o ne a bontsha gore o botlhale fa a ne a rapela Jehofa a re: “Romela lesedi la gago le boammaaruri jwa gago. E kete tseno di ka nkgoga.” (Pes. 43:3) O ne a ikanya Jehofa e seng botlhale jwa gagwe jo bo lekanyeditsweng, mme o ne a tsaya Jehofa e le ene motswedi o o molemolemo wa kaelo. Go molemo gore re batle kaelo ya Modimo jaaka mopesalema a ne a dira.

2 Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikanya kaelo ya ga Jehofa go feta kaelo epe e sele? Re tshwanetse go batla kaelo eo mo maemong afe? Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe gore kaelo eo e re solegele molemo, mme Jehofa o re kaela jang gompieno? Mo setlhogong seno go tla tlotlwa ka dipotso tseno tsa botlhokwa.

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Ikanya Kaelo ya ga Jehofa?

3-5. Re ka ikanya kaelo ya Modimo ka botlalo ka mabaka afe?

3 Jehofa ke Rraarona yo o kwa legodimong. (1 Bakor. 8:6) O itse mongwe le mongwe wa rona ka botlalo mme o kgona go bona se se mo dipelong tsa rona. (1 Sam. 16:7; Dia. 21:2) Kgosi Dafide o ne a raya Modimo a re: “O itse go nna ga me le go ema ga me. O akanyeditse kakanyo ya me go tswa kgakala. Gonne ga go na lefoko lepe mo lolemeng lwa me, mme bona! wena Jehofa, o setse o le itse lotlhe fela.” (Pes. 139:2, 4) E re ka Jehofa a re itse sentle thata jalo, a re ka belaela gore o itse se se re siametseng? Gape Jehofa o botlhale ka tsela e e se nang selekanyo. O bona sengwe le sengwe, o kgona go bona dilo tse batho ba sa kgoneng go di bona, mme o itse bokhutlo jwa dilo go tloga kwa tshimologong ya tsone. (Isa. 46:9-11; Bar. 11:33) Ke “Modimo, yo a leng botlhale a le nosi.”—Bar. 16:27.

4 Gape Jehofa o a re rata mme ka metlha o re batlela se se molemo. (Joh. 3:16; 1 Joh. 4:8) Jaaka e le Modimo yo o lorato, o pelotshweu mo go rona. Morutwa Jakobe o ne a re: “Mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo, gonne e fologa e tswa kwa go Rara wa masedi a selegodimo.” (Jak. 1:17) Batho ba ba itetlang go kaelwa ke Modimo ba solegelwa molemo thata ke bopelotshweu jwa gagwe.

5 La bofelo, Jehofa ke mothatayotlhe. Mopesalema o ne a bua jaana ka kgang eno: “Ope fela yo o nnang mo lefelong la sephiri la Mogodimodimo o tla iponela bonno kafa tlase ga moriti wa Mothatayotlhe. Ke tla raya Jehofa ke re: ‘O botshabelo jwa me le kago ya me e e thata, Modimo wa me, yo ke tla mo ikanyang.’” (Pes. 91:1, 2) Fa re latela kaelo ya ga Jehofa, re a bo re batla botshabelo mo Modimong yo o ka se kang a palelwa ke sepe. Le fa re ganediwa, Jehofa o re ema nokeng. Ga a na go re swabisa. (Pes. 71:4, 5; Bala Diane 3:19-26.) Ee, Jehofa o itse se se re siametseng, o re batlela se se re siametseng, mme o na le maatla a go re naya se se re siametseng. A bo re tla bo re le dieleele jang ne fa re tlhokomologa kaelo ya gagwe! Mme gone, re tlhoka kaelo mo maemong afe?

Re Tlhoka Kaelo mo Maemong Afe?

6, 7. Re tlhoka kaelo ya ga Jehofa mo maemong afe?

6 Ruri re tlhoka kaelo ya Modimo botshelo jwa rona jotlhe, go tloga re sa le basha go fitlha mo botsofeng. Mopesalema o ne a re: “Modimo yono ke Modimo wa rona ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae. O tla re kaela go fitlha re swa.” (Pes. 48:14) Jaaka mopesalema, Bakeresete ba ba botlhale ga ba ke ba kgaotsa go batla kaelo ya Modimo.

7 Mme gone re a tle re ikutlwe re tlhoka thuso ka potlako. Ka dinako tse dingwe re nna mo “mathateng a magolo,” gongwe re bogisiwa, re tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi kana re latlhegetswe ke tiro ka tshoganyetso. (Pes. 69:16, 17) Fa re le mo maemong ao, go a gomotsa go rapela Jehofa re tlhomamisegile gore o tla re nonotsha gore re itshoke e bile o tla re kaela gore re dire ditshwetso tse di botlhale. (Bala Pesalema 102:17.) Le fa go ntse jalo, re tlhoka thuso ya gagwe le mo maemong a mangwe. Ka sekai, fa re ya go bua le baagelani ba rona ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi, re tlhoka kaelo ya ga Jehofa gore re rere ka tsela e e nang le matswela. Mme nako le nako fa re tshwanetse go dira tshwetso—e ka tswa e le ka boitlosobodutu, ka moaparo le go ipaakanya mo mmeleng, ditsala, tiro, thutego kana ka sepe fela se sele—re tla bo re dira ka botlhale fa re latela kaelo ya ga Jehofa. Boammaaruri ke gore dilo tse re tlhokang go kaelwa mo go tsone ga di fele.

Kotsi Ya go Sa Batle Kaelo ya Modimo

8. Fa Efa a ne a ja leungo le le ileditsweng, seo se ne se kaya eng?

8 Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore re tshwanetse ra bo re iketleeleditse go latela kaelo ya ga Jehofa. Modimo ga a na go re pateletsa go e latela fa re sa batle. Motho wa ntlha yo o neng a tlhopha go se latele kaelo ya ga Jehofa e ne e le Efa, mme sekao sa gagwe se bontsha kafa tshwetso e e sa siamang jalo e ka re tsenyang mo mathateng ka teng. Akanya gape ka se se neng se kaiwa ke se a se dirileng. Efa o ne a ja leungo le le neng le ileditswe ka gonne o ne a batla go “tshwana le Modimo, [a] itse molemo le bosula.” (Gen. 3:5) Ka go dira jalo o ne a ipaya mo maemong a Modimo, a itirela ditshwetso ka se se molemo le se se bosula go na le gore a latele kaelo ya ga Jehofa. Ka jalo, o ne a gana bolaodi jwa ga Jehofa. O ne a batla go ipusa. Monna wa gagwe, Adame, le ene o ne a tsuologa fela jalo.—Bar. 5:12.

9. Fa re sa amogele kaelo ya ga Jehofa, totatota re a bo re dirang, mme ke eng fa go dira jalo go se botlhale le e seng?

9 Le rona gompieno fa re sa latele kaelo ya ga Jehofa re tla bo re sa amogele bolaodi jwa gagwe. Ka sekai, akanya ka motho yo o itlwaetsang go leba ditshwantsho tse di hepisang. Fa e le gore motho yono o kopanela le phuthego ya Bokeresete, o itse kaelo ya ga Jehofa mo kgannyeng eno. Dilo tse di itshekologileng ga di a tshwanela go umakwa, le fa e le go lebelelwa ka kgatlhego. (Baef. 5:3) Fa motho a sa latele kaelo ya ga Jehofa, o a bo a gana bolaodi jwa ga Jehofa mme a sa amogele botlhogo jwa Gagwe. (1 Bakor. 11:3) Go dira jalo go tla bo go se botlhale le e seng, ka gonne fela jaaka Jeremia a ne a bolela, “ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jer. 10:23.

10. Ke eng fa re tshwanetse go dirisa kgololesego ya rona ya go itlhophela ka tsela e e bontshang gore re na le maikarabelo?

10 Bangwe ba ka nna ba se ka ba dumalana le mafoko a ga Jeremia, ba na le maikutlo a gore ka gonne Jehofa ke ene a re neileng kgololesego ya go itlhophela se re se batlang, ga a tshwanela go re tshwaya phoso fa re e dirisa. Le fa go ntse jalo, o se ka wa lebala gore kgololesego ya go itlhophela e tlisa maikarabelo e bile ke mpho. Re ikarabelela mo Modimong ka dilo tse re tlhophang go di bua le go di dira. (Bar. 14:10) Jesu o ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” Gape o ne a re: “Mo pelong go tswa dikakanyo tse di boikepo, dipolao, maakafalo, dikgokafalo, bogodu, ditshupo tsa maaka, ditlhapatso.” (Math. 12:34; 15:19) Ka jalo, mafoko a re a buang le dilo tse re di dirang di senola boemo jwa pelo ya rona. Di senola se tota re leng sone. Ke lone lebaka la go bo Mokeresete yo o botlhale a batla kaelo ya ga Jehofa mo go sengwe le sengwe. Fa a dira jalo, Jehofa o mo tsaya a na le ‘pelo e thokgameng’ mme o tla mo ‘direla molemo.’—Pes. 125:4.

11. Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Baiseraele?

11 Gakologelwa se se diragaletseng Baiseraele. Fa setšhaba seo se ne se tlhopha go dira dilo tse di siameng, se utlwa ditaelo tsa ga Jehofa, o ne a se sireletsa. (Josh. 24:15, 21, 31) Le fa go ntse jalo, mo makgetlhong a mantsi ga ba a ka ba dirisa kgololesego ya bone ya go itlhophela ka tsela e e tshwanetseng. Jehofa o ne a bua jaana ka bone mo motlheng wa ga Jeremia: “Ga ba a ka ba reetsa, le fa e le go sekega tsebe, mme ba ne ba tsamaya mo dikgakololong le mo bologwading jwa pelo ya bone e e bosula, mo ba neng ba tsamaela kwa morago e seng kwa pele.” (Jer. 7:24-26) A bo seo se ne se utlwisa botlhoko jang ne! A le ka motlha re se ka ra letla gore botlhogoethata kgotsa go rata go ikgotsofatsa mo go feteletseng go dire gore re gane kaelo ya ga Jehofa mme re tsamaye mo dikgakololong tsa rona, mme ka go dira jalo re ‘tsamaele kwa morago e seng kwa pele’!

Ke Eng se se Tlhokegang Gore re Latele Kgakololo ya Modimo?

12, 13. (a) Ke nonofo efe e e dirang gore re batle go latela kaelo ya ga Jehofa? (b) Ke ka ntlha yang fa tumelo e le botlhokwa?

12 Go rata Jehofa go dira gore re batle go latela kaelo ya gagwe. (1 Joh. 5:3) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a umaka selo se sengwe gape se re se tlhokang fa a ne a re: “Re tsamaya ka tumelo, e seng ka pono.” (2 Bakor. 5:6, 7) Ke eng fa tumelo e le botlhokwa? Jehofa o re gogela mo “ditselaneng tsa tshiamo,” mme ditselana tseo ga di gogele kwa khumong e bile ga di neye motho maemo mo lefatsheng leno. (Pes. 23:3) Ka ntlha ya seo, leitlho la rona la tumelo le tshwanetse go nna le tlhomame mo masegong a a boitshegang a semoya a re a bonang ka gonne re direla Jehofa. (Bala 2 Bakorintha 4:17, 18.) Mme tumelo e re thusa go kgotsofalela dilo tsa konokono tse re di tlhokang.—1 Tim. 6:8.

13 Jesu o ne a bontsha gore kobamelo ya boammaaruri e tlhoka gore motho a itime dilo dingwe, mme go dira jalo le gone go tlhoka tumelo. (Luke 9:23, 24) Baobamedi bangwe ba ba ikanyegang ba itimile dilo tse dintsi, ba itshoketse lehuma, kgatelelo, letlhoo, le e leng pogiso e e mabifi. (2 Bakor. 11:23-27; Tshen. 3:8-10) Tumelo ya bone e e nonofileng ke yone fela e ba thusitseng go dira jalo ka boipelo. (Jak. 1:2, 3) Tumelo e e nonofileng e dira gore re tlhomamisege ka botlalo gore go latela kaelo ya ga Jehofa go molemo ka metlha. Go re solegela molemo ka metlha. Re tlhomamisegile ka botlalo gore tuelo e batho ba ba itshokang ka boikanyego ba tlileng go e newa e feta kgakala go boga gope ga nakwana mo ba ka lebanang le gone.—Baheb. 11:6.

14. Ke ka ntlha yang fa Hagare a ne a tshwanetse go ikokobetsa?

14 Akanya gape kafa go leng botlhokwa ka teng go nna boikokobetso fa re latela kaelo ya ga Jehofa. Sekai sa ga Hagare, yo e neng e le lelata la ga Sara, se bontsha seno. Fa Sara a ne a tswelela a sa kgone go tshola ngwana, o ne a naya Aborahame Hagare, mme Hagare o ne a ima ngwana wa ga Aborahame. Go tswa foo Hagare o ne a simolola go ikgogomosetsa mohumagadi wa gagwe wa moopa. Ka ntlha ya seo Sara o ne a “simolola go [mo] tlhabisa ditlhong,” mme Hagare a tshaba. Moengele wa ga Jehofa o ne a kopana le Hagare mme a mo raya re: “Boela kwa mohumagading wa gago mme o ikokobeletse seatla sa gagwe.” (Gen. 16:2, 6, 8, 9) Gongwe Hagare o ka bo a ile a itumelela go kaelwa ka tsela e sele. Gore a kgone go ikobela kaelo ya moengele, o ne a tla tshwanelwa ke go tlogela go ikgogomosa. Le fa go ntse jalo, Hagare o ne a ikokobetsa a dira se moengele a neng a re a se dire, mme morwawe e bong Ishemaele o ne a tsholelwa mo bothibelelong jwa ga rraagwe jo bo sireletsegileng.

15. Tlhalosa maemo mangwe a mo go one go latela kaelo ya ga Jehofa go ka tlhokang gore re ikokobetse gompieno.

15 Fa re batla go latela kaelo ya ga Jehofa le rona re tshwanetse go ikokobetsa. Bangwe ba ka nna ba tshwanelwa ke go dumela gore mofuta mongwe wa boitlosobodutu jo ba bo ratang ga bo itumedise Jehofa. Mokeresete a ka tswa a kgopisitse mongwe mme a tshwanetse go ikopa maitshwarelo. Kana a ka tswa a dirile phoso mme a tshwanetse go dumela gore o e dirile. Go tweng fa mongwe a dirile boleo jo bo masisi? O tshwanetse go ikokobetsa mme a bolelele bagolwane boleo jo a bo dirileng. Gongwe motho a ka tswa a kgaotswe. Gore a busediwe mo phuthegong, o tshwanetse go ikwatlhaya ka boikokobetso mme a sokologe. Mo maemong ano le mo go a mangwe a a tshwanang le one, mafoko ano a a mo go Diane 29:23 a a gomotsa: “Mabela a motho wa mo lefatsheng a tla mo kokobetsa, mme yo o ikokobeditseng mo moyeng o tla bona kgalalelo.”

Jehofa o re Kaela Jang?

16, 17. Re ka dira jang gore Baebele e re solegele molemo ka botlalo jaaka e le motswedi wa kaelo ya bomodimo?

16 Motswedi o mogolo thata wa kaelo ya bomodimo ke Baebele, Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (Bala 2 Timotheo 3:16, 17.) E le gore Lefoko leo le re solegele molemo ka botlalo, re tla bo re dira ka botlhale fa re sa emele gore re welwe ke bothata pele, e bo e le gone re batlang mafoko a a ka re thusang mo Dikwalong. Go na le moo, re tla nna le mokgwa wa go bala Baebele letsatsi le letsatsi. (Pes. 1:1-3) Fa re dira jalo re tla tlwaela mafoko a a tlhotlheleditsweng. Re tla simolola go akanya jaaka Modimo, mme re tla nna re ipaakanyeditse go lebana le mathata a a tlang re sa a lebelela.

17 Mo godimo ga moo, go botlhokwa gore re tlhatlhanye ka se re se balang mo Dikwalong mme re rapele ka sone. Fa re tlhatlhanya ka ditemana tsa Baebele, re sekaseka kafa re ka di dirisang ka teng mo maemong a a rileng. (1 Tim. 4:15) Fa re lebana le mathata a a masisi, re rapela Jehofa, re mo kopa gore a re thuse go bona kaelo e re e tlhokang. Moya wa ga Jehofa o tla re thusa go gakologelwa melaometheo ya Dikwalo e re e badileng mo Baebeleng ka boyone kana mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng.—Bala Pesalema 25:4, 5.

18. Jehofa o dirisa jang phuthego ya Bokeresete go re kaela?

18 Se sengwe gape se se ka re thusang go bona kaelo ya ga Jehofa ke phuthego ya Bokeresete. Karolo ya botlhokwa thata ya phuthego eo ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le moemedi wa gagwe e bong Setlhopha se se Laolang, se se abang dijo tsa semoya ka metlha ka dikgatiso le ka dithulaganyo tsa dipokano le tsa dikopano. (Math. 24:45-47; bapisa Ditiro 15:6, 22-31.) Gape mo phuthegong ya Bokeresete go na le batho ba ba godileng semoyeng, segolobogolo bagolwane, ba ba tshwanelegang go re thusa le go re naya kgakololo ya Dikwalo. (Isa. 32:1) Bana ba ba mo malapeng a Bokeresete ba na le batho ba bangwe gape ba ba ka ba nayang kaelo. Batsadi ba bone ba ba dumelang ba neilwe taolo ke Modimo gore ba ba neye kgakololo mme ka metlha ba kgothalediwa gore ba batle kaelo kwa go bone.—Baef. 6:1-3.

19. Re bona masego afe fa re tswelela re batla kaelo ya ga Jehofa?

19 Jehofa o re naya kaelo ka ditsela tse di farologaneng mme re tshwanetse go sola kaelo eo molemo. Kgosi Dafide o ne a bua jaana ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba sa ntse ba ikanyega: “Borraarona ba ne ba go ikanya; ba ne ba ikanya, mme o ne wa nna wa ba falotsa. Ba ne ba goela kwa go wena, mme ba falola; ba ne ba go ikanya, mme ba se ka ba tlhabiwa ke ditlhong.” (Pes. 22:3-5) Fa re latela kaelo ya ga Jehofa re mo ikanya, le rona ‘ga re na go tlhabiwa ke ditlhong.’ Tsholofelo ya rona ga e na go re swabisa. Fa re ‘pitikela tsela ya rona mo go Jehofa’ go na le go ikanya botlhale jwa rona, re tla bona masego a magolo le gone jaanong. (Pes. 37:5) Mme fa re tswelela re dira jalo ka boitshoko, re tla bona masego ka bosakhutleng. Kgosi Dafide o ne a re: “Jehofa ke morati wa tshiamiso, mme ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba tla disiwa ka bosakhutleng . . . Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pes. 37:28, 29.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke ka ntlha yang fa re ikanya kaelo ya ga Jehofa?

• Fa re sa amogele kaelo ya ga Jehofa seo se kaya eng?

• Mangwe a maemo a Mokeresete a tlhokang go ikokobetsa mo go one ke afe?

• Jehofa o re kaela jang gompieno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

A o batla kaelo ya ga Jehofa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gago?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Efa o ne a gana bolaodi jwa ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Hagare o ne a tlhoka go nna le boikutlo bofe gore a kgone go latela kaelo ya moengele?