Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Johane

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Johane

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Johane

JOHANE—“morutwa yo Jesu a kileng a bo a mo rata”—ke motho wa bofelo go kwala pego e e tlhotlheleditsweng kaga botshelo le bodiredi jwa ga Keresete. (Joh. 21:20) Efangele ya Johane, e e kwadilweng mo e ka nnang ka 98 C.E., ga e umake dilo tse dintsi tse di umakwang mo Diefangeleng tse dingwe tse tharo.

Moaposetoloi Johane o ne a kwala Efangele ya gagwe a na le boikaelelo jo bo rileng. O bua jaana ka dilo tse a kwadileng ka tsone: “Tseno di kwadilwe gore lo tle lo dumele gore Jesu ke Keresete Morwa Modimo, le gore, ka ntlha ya go dumela, lo tle lo nne le botshelo ka leina la gagwe.” (Joh. 20:31) Ruri molaetsa wa yone o botlhokwa thata mo go rona.—Baheb. 4:12.

“BONANG, KWANA YA MODIMO”

(Joh. 1:1–11:54)

Fa Johane Mokolobetsi a bona Jesu o bua jaana a tlhatswegile pelo: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!” (Joh. 1:29) Fa Jesu a ntse a tsamaya go ralala Samarea, Galalea, Judea le naga e e kwa botlhaba jwa Joredane—a rera, a ruta, e bile a dira dikgakgamatso—‘batho ba le bantsi ba tla kwa go ene mme ba dumela mo go ene.’—Joh. 10:41, 42.

Nngwe ya dikgakgamatso tse di tlhomologileng thata tse Jesu a di dirang ke go tsosa Lasaro. Batho ba le bantsi ba dumela mo go Jesu fa ba bona monna yo o neng a sule malatsi a le manè a boa a tshela gape. Le fa go ntse jalo, baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba gakololana gore ba bolaye Jesu. Ka gone, Jesu o tloga koo a bo a ya “kwa lefatsheng le le gaufi le naga, kwa motseng o o bidiwang Eferaime.”—Joh. 11:53, 54.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:35, 40—Kwantle ga ga Anderea, morutwa yo mongwe yo o neng a eme le Johane Mokolobetsi ke mang? Ka gale moanedi o bitsa Johane Mokolobetsi a re ke “Johane” mme ene ga a ke a ipitsa ka leina mo Efangeleng ya gagwe. Ka jalo, go bonala morutwa yo o sa umakwang ka leina e le mokwadi wa Efangele eno e bong Johane.

2:20—Tempele ‘e e neng ya agiwa mo dingwageng di le masome a manè le borataro’ ke efe? Bajuda ba ne ba bua ka go agiwa sesha ga tempele ya ga Serubabele ke Kgosi Herode wa Judea. Go ya ka rahisitori Josephus, tiro eo e simolotse mo ngwageng wa bo18 wa puso ya ga Herode, kana ka 18/17 B.C.E. Lefelo le le boitshepo la tempele mmogo le dikago tse dingwe tsa yone tsa konokono di ne tsa agiwa mo dingwageng di le robedi. Mme dikago tse dingwe tsa tempele di ne tsa tswelela go agiwa go fitlha ka Tlolaganyo ya 30 C.E. le morago ga yone, fa Bajuda ba ne ba re e tsere dingwaga di le 46 go agiwa.

5:14—A motho o lwala ka go bo a dirile boleo? Ga go reye jalo. Monna yo Jesu a neng a mo fodisitse o ne a bobotse ka dingwaga di le 38 ka ntlha ya bosaitekanelang jo a bo ruileng. (Joh. 5:1-9) Se Jesu a neng a se kaya ke gore e re ka monna yono a bontshitswe bopelotlhomogi, o tshwanetse go latelela tsela ya poloko mme a se ka a tlhola a leofa ka boomo gore a se ka a welwa ke sengwe se se maswe go feta bolwetse. Monna yono o ne a ka dira boleo jo bo sa itshwarelweng, jo fa motho a bo dirile a tshwanelwang ke go atlholelwa loso le gore a se ka a tsosiwa.—Math. 12:31, 32; Luke 12:10; Baheb. 10:26, 27.

5:24, 25—Ke bomang ba ba ‘kgabaganyang go tswa mo losong go ya botshelong’? Jesu o bua ka batho ba ba kileng ba bo ba sule semoyeng mme ya re ba utlwa molaetsa wa gagwe ba dumela mo go ene ba bo ba tlogela tsela ya bone ya boleo. Ba ‘kgabaganya go tswa mo losong go ya botshelong’ ka tsela ya gore ga ba tlhole ba atlholetswe loso, mme ba solofediwa go tshelela ruri ka ntlha ya tumelo e ba nang le yone mo Modimong.—1 Pet. 4:3-6.

5:26; 6:53—Go nna le ‘botshelo mo go wena’ go rayang? Seno mo go Jesu Keresete se raya gore o na le bokgoni jo bo gabedi jo a bo neilweng ke Modimo—bokgoni jwa go dira gore batho ba nne le boemo jo bo siameng fa pele ga ga Jehofa mmogo le maatla a go naya botshelo ka go tsosa baswi. Mo balateding ba ga Jesu, ‘go nna le botshelo mo go bone’ go raya go nna le botshelo jo bo tletseng. Bakeresete ba ba tloditsweng ba bona botshelo jono fa ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong. Ba ba ikanyegang ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tla bona botshelo jo bo tletseng fela fa ba sena go falola teko ya makgaolakgang e e tla diregang morago fela ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete.—1 Bakor. 15:52, 53; Tshen. 20:5, 7-10.

6:64—A fa Jesu a ne a tlhopha Judase Isekariota o ne a itse gore Judase o ne a tla mo oka? Go lebega a ne a sa itse. Le fa go ntse jalo, lekgetlho lengwe ka ngwaga wa 32 C.E., Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Mongwe wa lona o senya batho maina.” Go ka direga gore ka nako eo Jesu o ne a bona ‘tshimologo’ ya tsela e e bosula mo go Judase Isekariota.—Joh. 6:66-71.

Se re Ithutang Sone:

2:4. Jesu o ne a bontsha Marea gore jaaka Morwa yo o tloditsweng wa Modimo, o ne a tshwanetse go kaelwa ke Rraagwe yo o kwa legodimong. Le fa Jesu a ne a sa ntse a simolola bodiredi jwa gagwe, o ne a itse sentle ka ura, kana nako, ya go dira tiro e a e neilweng, go akaretsa le loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo. Tota le eleng motho yo o atamalaneng thata le Ene wa losika jaaka Marea o ne a ka se mo kgoreletse go dira thato ya Modimo. Le rona re tshwanetse go direla Jehofa Modimo re ikemiseditse jalo.

3:1-9. Sekai sa ga Nikodemo, mmusi wa Bajuda, se re ruta dithuto tse pedi. Sa ntlha, Nikodemo o ne a bontsha boikokobetso, temogo, le go lemoga se a se tlhokang semoyeng, a lemoga fa morwa wa maemo a a kwa tlase wa mmetli e le moruti yo o romilweng ke Modimo. Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tlhoka go ikokobetsa. Sa bobedi, Nikodemo o ne a ikgogona go nna morutwa fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Gongwe o ne a dira seno ka gonne a tshaba batho, a sa batle go latlhegelwa ke maemo a gagwe mo Sanehederine, kana ka gonne a rata dikhumo tsa gagwe. Re kgona go ithuta thuto ya botlhokwa mo kgannyeng eno: Ga re a tshwanela go letla gore dilo tse di ntseng jalo di re dire gore re se ka ra ‘tsaya kota ya rona ya tlhokofatso mme re sale Jesu morago ka metlha.’—Luke 9:23.

4:23, 24. Gore Modimo a amogele kobamelo ya rona, e tshwanetse go dumalana le boammaaruri jo bo kwadilweng mo Baebeleng mme e kaelwe ke moya o o boitshepo.

6:27. Go direla “dijo tse di nnang go ya botshelong jo bo sa khutleng” go raya go tsaya matsapa a gore re nne le se re se tlhokang semoyeng. Re a itumela fa re dira jalo.—Math. 5:3.

6:44. Jehofa o a re tlhokomela. O re gogela kwa go Morwawe ka go fitlhelela mongwe le mongwe wa rona ka tiro ya go rera le ka go re thusa ka moya wa Gagwe o o boitshepo gore re tlhaloganye le go dirisa dithuto tsa Baebele.

11:33-36. Go bontsha maikutlo a rona ga go supe gore re bokoa.

‘TSWELELA O MO SALE MORAGO’

(Joh. 11:55–21:25)

Fa tlolaganyo ya 33 C.E. e ntse e atamela, Jesu o boela kwa Bethani. Ka Nisane 9, o tla mo Jerusalema, a palame eselana. Ka Nisane 10, Jesu o tla mo tempeleng gape. Fa a rapela gore leina la ga Rraagwe le galalediwe, lentswe le le tswang legodimong le araba le re: “Ke le galaleditse e bile ke tla le galaletsa gape.”—Joh. 12:28.

Fa Jesu le balatedi ba gagwe ba ntse ba ja dijo tsa Tlolaganyo, o ba naya kgakololo ya bofelo a bo a ba rapelela. Fa Jesu a sena go tshwarwa, o a sekisiwa a bo a bapolwa, mme go tswa foo o a tsosiwa.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

14:2—Jesu o ne a tla “baakanyetsa” balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang “lefelo” jang kwa legodimong? Seno se ne se tla akaretsa go tlhomamisa ga ga Jesu kgolagano e ntšha ka go tla fa pele ga Modimo a bo a Mo neela boleng jwa madi a gagwe. Gape go baakanya go ne go tla akaretsa gore Keresete a amogele maatla a go nna kgosi, mme morago ga moo balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ne ba tla simolola go tsosediwa kwa legodimong.—1 Bathes. 4:14-17; Baheb. 9:12, 24-28; 1 Pet. 1:19; Tshen. 11:15.

19:11—A Jesu o ne a bua ka Judase Isekariota fa a ne a bua le Pilato ka monna yo o Mo neetseng? Ga go lebege fa Jesu a ne a bua ka Judase kana ka motho mongwe yo o rileng, mme go lebega a ne a akantse ka batho botlhe ba ba nnileng le seabe mo boleong jwa go mmolaya. Bano ba ne ba akaretsa Judase, “baperesiti ba bagolo le Sanehederine yotlhe,” le eleng “boidiidi” jo bo neng jwa tlhotlhelediwa go kopa gore Barabase a gololwe.—Math. 26:59-65; 27:1, 2, 20-22.

20:17—Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a raya Marea Magadalena a re a tlogele go mo tlamparela? Marea a ka tswa a ne a tlamparela Jesu ka gonne a ne a akanya gore o ne a tloga a tlhatlogela kwa legodimong mme o ne a se kitla a tlhola a mmona gape. Jesu o ne a tlhomamisetsa Marea gore nako ya gore a tsamaye e ne e ise e fitlhe ka go mmolelela gore a tlogele go mo tlamparela mme a ye go bolelela barutwa ba gagwe dikgang tsa gore o tsositswe.

Se re Ithutang Sone:

12:36. Gore re nne “bana ba lesedi,” kana batshodi ba lesedi, re tshwanetse go nna le kitso ya boammaaruri ka Lefoko la Modimo, Baebele. Mme re tshwanetse go dirisa kitso eo go ntsha batho ba bangwe mo lefifing la semoya re ba tlisa mo leseding la Modimo.

14:6. Re ka se amogelwe ke Modimo fa e se ka Jesu Keresete. Re ka atamalana le Jehofa fela fa re na le tumelo mo go Jesu e bile re latela sekao sa gagwe.—1 Pet. 2:21.

14:15, 21, 23, 24; 15:10. Go ikobela thato ya Modimo go re thusa gore re nne re le mo loratong lwa Modimo le lwa Morwawe.—1 Joh. 5:3.

14:26; 16:13. Moya o o boitshepo wa ga Jehofa o a re ruta e bile o re gopotsa dilo tse re di ithutileng. Gape o senola dithuto tsa boammaaruri. Ka gone, o ka re thusa go godisa kitso ya rona, botlhale, temogo, bokgoni jwa go dira ditshwetso tse di siameng le bokgoni jwa go akanya. Ka jalo re tshwanetse go nnela ruri mo thapelong, re kopa moya oo ka tlhamalalo.—Luke 11:5-13.

21: 15, 19. Petere o ne a bodiwa gore a o rata Jesu go feta “tseno,” ke gore, ditlhapi tse di neng di le fa pele ga bone. Ka jalo Jesu o ne a gatelela gore go botlhokwa thata gore Petere a tlhophe go mo latela ka metlha go na le go dira tiro ya go tshwara ditlhapi. Morago ga go sekaseka dipego tsa Efangele, e kete re ka nitama mo maikemisetsong a rona a go rata Jesu go feta dilo dipe fela di sele tse di ka re gogelang. Ee, a re tsweleleng re mo sale morago ka pelo yotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Re ka ithuta eng mo sekaing sa ga Nikodemo?