Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gana “Dilo Tse di se Nang Mosola”

Gana “Dilo Tse di se Nang Mosola”

Gana “Dilo Tse di se Nang Mosola”

“Yo o latelelang dilo tse di se nang mosola ga a botlhale.”—DIA. 12:11.

1. Re na le dilo dife tse di tlhwatlhwakgolo mme re ka di dirisa jang ka tsela e e molemo?

JAAKA Bakeresete, mongwe le mongwe wa rona o na le dilo tse di tlhwatlhwakgolo tsa mefuta e e farologaneng. Dilo tseno di ka akaretsa botsogo jo bo molemo le nonofo, bokgoni jo re tsholwang re na le jone jwa go akanya, kana madi. Ka gonne re rata Jehofa, re itumelela go dirisa dilo tseno mo tirelong ya gagwe mme ka jalo re dira go dumalana le kgothatso eno e e tlhotlheleditsweng: “Tlotla Jehofa ka dilo tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo.”—Dia. 3:9.

2. Baebele e re naya tlhagiso efe malebana le dilo tse di se nang mosola, mme tlhagiso eno e dira jang ka tsela ya mmatota?

2 Baebele gape e bua ka dilo tse di se nang mosola mme e re tlhagisa gore re se ka ra senya dilo tse re nang le tsone re batla dilo tseo. Mo ntlheng eno, sekaseka mafoko a a mo go Diane 12:11: “Yo o lemang mmu wa gagwe o tla kgora senkgwe, mme yo o latelelang dilo tse di se nang mosola ga a botlhale.” Go motlhofo go bona kafa seane seo se dirang ka teng ka tsela ya mmatota. Fa motho a dirisa nako ya gagwe le nonofo a dira ka natla go tlamela ba lelapa la gagwe, a ka ikutlwa a sireletsegile ka selekanyo se se rileng. (1 Tim. 5:8) Le fa go ntse jalo, fa a senya dilo tse a nang le tsone ka go latelela dilo tse di se nang mosola, o bontsha gore “ga a botlhale,” ga a tekatekano e bile ga a na maikemisetso. Gantsi motho yoo a ka iphitlhela a humanegile.

3. Tlhagiso e e mo Baebeleng e e malebana le dilo tse di se nang mosola e ama jang kobamelo ya rona?

3 Re ka dirisa molaomotheo wa seane seno jang mo kobamelong ya rona? Molaomotheo ono o re bontsha gore Mokeresete yo o direlang Jehofa ka tlhoafalo le ka boikanyego o nna le tshireletsego ya mmatota. A ka tlhomamisega gore Modimo o tla mo segofatsa gone jaanong e bile o na le tsholofelo e e tlhomameng ya isagwe. (Math. 6:33; 1 Tim. 4:10) Le fa go ntse jalo, Mokeresete yo o itewang tsebe ke dilo tse di se nang mosola o ipaya mo kotsing ya go latlhegelwa ke kamano e e molemo le Jehofa le go latlhegelwa ke tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Re ka tila jang go nna mo seemong seo? Re tshwanetse go lemoga gore ke dilo dife tse di “se nang mosola” mo matshelong a rona mme re ititeye sehuba gore re di furalele.—Bala Tito 2:11, 12.

4. Ka kakaretso, dilo tse di se nang mosola ke eng?

4 Mme gone, dilo tse di se nang mosola ke eng? Ka kakaretso, dilo tseno e ka nna sengwe le sengwe se se re itayang tsebe gore re se ka ra kgona go direla Jehofa ka moya otlhe. Ka sekai, di ka akaretsa mefuta e e farologaneng ya boitlosobodutu. Ee, gone boitlosobodutu bo na le mosola wa jone. Mme fa re dirisa nako e ntsi thata re dira dilo tse re itlosang bodutu ka tsone re bo re tlhokomologa dilo tse di amanang le kobamelo ya rona, boitlosobodutu e nna selo se se se nang mosola, se se ka koafatsang bomoya jwa rona. (Mor. 2:24; 4:6) Mokeresete o tlhoka go nna tekatekano gore a tile boemo joo, mme o dira seo ka go nna kelotlhoko gore o dirisa jang nako ya gagwe, e e leng nngwe ya dilo tse di mosola. (Bala Bakolosa 4:5.) Le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tse di se nang mosola tse di kotsi thata go feta boitlosobodutu. Dingwe tsa tsone ke medimo ya maaka.

Gana Medimo E e Se Nang Mosola

5. Gantsi Baebele e dirisa jang mafoko a a reng “se nang mosola”?

5 Go a kgatlha go lemoga gore mo ditemaneng tse dintsi tsa Baebele tse mafoko a a reng “se nang mosola” a tlhagang mo go tsone go a bo go buiwa ka medimo ya maaka. Ka sekai, Jehofa o ne a raya Baiseraele a re: “Lo se ka lwa itirela medimo e e se nang mosola, gape lo se ka lwa itlhomela setshwantsho se se setilweng kgotsa pilara e e boitshepo, gape lo se ka lwa baya leje go nna mokgabisa mo lefatsheng la lona gore lo le ikobele.” (Lefi. 26:1) Kgosi Dafide o ne a re: “Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa thata ke go bakwa, e bile o tshwanetse go boifiwa go feta medimo e mengwe yotlhe. Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke medimo e e se nang mosola. Fa e le Jehofa ene, o dirile magodimo.”—1 Ditir. 16:25, 26.

6. Ke eng fa medimo ya maaka e se na mosola?

6 Jaaka Dafide a bontshitse, re na le bosupi jo bontsi jwa gore Jehofa o mogolo. (Pes. 139:14; 148:1-10) A bo Baiseraele ba ne ba na le tshiamelo e kgolo jang ya go nna mo kgolaganong le Jehofa! Mme ba ne ba nna dieleele tota ka go mo furalela ba bo ba ikobela ditshwantsho tse di setilweng le dipilara tse di boitshepo! Fa ba ne ba le mo mathateng, medimo ya bone ya maaka e ne ya itshupa e se na mosola tota, e palelwa ke go ipoloka mmogo le go boloka baobamedi ba yone.—Baatlh. 10:14, 15; Isa. 46:5-7.

7, 8. “Dikhumo” di ka nna jang jaaka modimo?

7 Mo dinageng tse dintsi gompieno, batho ba sa ntse ba obamela ditshwantsho tse di itiretsweng ke batho, mme medimo e e ntseng jalo e ntse e se na mosola fela jaaka e ne e se na mosola mo nakong e e fetileng. (1 Joh. 5:21) Le fa go ntse jalo, Baebele e bitsa le dilo tse dingwe tse e seng ditshwantsho e re ke medimo. Ka sekai, akanya ka mafoko ano a ga Jesu: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.”—Math. 6:24.

8 “Dikhumo” di ka nna jang jaaka modimo? Ka sekai, akanya ka leje le le mo sebatleng kwa Iseraele wa bogologolo. Leje le le ntseng jalo le ne le ka dirisiwa go aga ntlo kana lebota. Mme fa le ne le ka dirwa “pilara e e boitshepo” kana “mokgabisa,” le ne le ka nna sekgopi mo bathong ba ga Jehofa. (Lefi. 26:1) Ka tsela e e tshwanang, madi a na le mosola wa one. Re tlhoka madi gore re tshele, e bile re ka a dirisa ka tsela e e molemo go direla Jehofa. (Mor. 7:12; Luke 16:9) Mme fa re baya go batla madi kwa pele ga tirelo ya rona ya Bokeresete, madi e nna modimo wa rona. (Bala 1 Timotheo 6:9, 10.) Mo lefatsheng leno le mo go lone batho ba tseetseng dikhumo kwa godimo thata, re tshwanetse go tlhomamisa gore re leba kgang eno ka tsela e e tshwanetseng.—1 Tim. 6:17-19.

9, 10. (a) Mokeresete o leba thutego jang? (b) Thutego e e kwa godimo e kotsi ka eng?

9 Selo se sengwe se se mosola se se ka fetogang selo se se se nang mosola ke thuto ya lefatshe. Re batla gore bana ba rona ba rutege sentle gore ba kgone go itshedisa. Mme sa botlhokwa le go feta ke gore Mokeresete yo o rutegileng o kgona go bala Baebele mme a e tlhaloganye, o kgona go rarabolola mathata le go dira ditshwetso tse di siameng, e bile o kgona go ruta dithuto tsa Baebele ka tsela e e utlwalang sentle le e e tlhatswang pelo. Go rutega sentle go tsaya nako, mme go solegela molemo.

10 Go tweng ka thutego e e kwa godimo ya kholetšhe kana ya yunibesithi? Batho ba bantsi ba tsaya gore e ka thusa motho thata gore a atlege mo botshelong. Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ba ba latelelang thutego e e kwa godimo jalo ba felela ba tladitse megopolo ya bone ka dikgopolo tse di kotsi. Thuto ya mofuta ono e senya nako e e botlhokwa ya bosha e motho a neng a ka e dirisa go direla Jehofa. (Mor. 12:1) Gongwe leo ke lone lebaka la go bo batho ba bantsi ba sa dumele mo Modimong mo dinageng tse di nang le batho ba bantsi ba ba rutegileng thata. Mokeresete o ikanya Jehofa go na le gore a batle tshireletsego mo dikolong tsa thuto e e kwa godimo tsa lefatshe leno.—Dia. 3:5.

O se Ka wa Letla Keletso ya Nama Gore e Nne Modimo wa Gago

11, 12. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a bua jaana ka batho bangwe: “Modimo wa bone ke mpa ya bone”?

11 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bafilipi, o ne a umaka selo se sengwe gape se e ka nnang modimo. O bua ka bangwe ba e kileng ya bo e le baobamedi mmogo le ene, mme a re: “Go na le ba bantsi, ke ne ke tle ke ba umake gantsi mme jaanong ke ba umaka gape ke lela, ba ba tsamayang jaaka baba ba kota ya tlhokofatso ya ga Keresete, mme phelelo ya bone ke tshenyego, le modimo wa bone ke mpa ya bone, . . . mme ba beile megopolo ya bone mo dilong tse di mo lefatsheng.” (Bafil. 3:18, 19) Mpa ya motho e ka nna modimo jang?

12 Mo bathong bano ba Paulo a neng a tlwaelane le bone, go lebega dikeletso tsa nama di ne tsa nna botlhokwa mo go bone go feta go direla Jehofa ba dira mmogo le Paulo. Bangwe ba bone ba ka tswa ba ne ba ja bobe, kgotsa ba nwa gore ba bo ba tagwe. (Dia. 23:20, 21; bapisa Duteronome 21:18-21.) Ba bangwe ba ka tswa ba ne ba tlhopha go dirisa ka botlalo sengwe le sengwe se se neng se le teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga gore ba atlege, mme seo sa ba itaya tsebe mo tirelong ya ga Jehofa. A le ka motlha re se ka ra letla gore keletso ya go tshela botshelo jo bo iketlileng e dire gore re goge dinao mme re se ka ra direla Jehofa ka moya otlhe.—Bakol. 3:23, 24.

13. (a) Keletso ya bopelotshetlha ke eng, mme Paulo o ne a e tlhalosa jang? (b) Re ka tila jang go nna le keletso ya bopelotshetlha?

13 Gape Paulo o ne a umaka mofuta o mongwe wa kobamelo ya maaka. O ne a kwala a re: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.” (Bakol. 3:5) Keletso ya bopelotshetlha ke keletso e e maatla ya go batla go nna le sengwe se re se nang naso. E ka nna go eletsa go nna le dithoto. Gape e ka akaretsa keletso ya go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene. (Ekes. 20:17) A ga se kgang e e masisi go itse gore dikeletso tse di ntseng jalo di tshwana le kobamelo ya medingwana, go obamela modimo wa maaka? Jesu o ne a dirisa mafoko a a tlhalosang sentle go bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang go laola dikeletso tse di ntseng jalo tse di sa siamang.—Bala Mareko 9:47; 1 Joh. 2:16.

Itise mo Mafokong A a Se Nang Mosola

14, 15. (a) Ke ‘selo sefe se se se nang mosola’ se se neng sa dira gore batho ba bantsi ba motlha wa ga Jeremia ba kgotšwe? (b) Ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Moshe a ne a le mosola?

14 Dilo tse di se nang mosola di ka akaretsa le mafoko. Ka sekai, Jehofa o ne a raya Jeremia a re: “Baporofeti ba porofeta maaka mo leineng la me. Ga ke a ba roma, le fa e le go ba laela kgotsa go bua le bone. Ba bua ba porofeta ponatshegelo ya maaka le boitseanape le selo se se se nang mosola le tsietso ya pelo ya bone mo go lona.” (Jer. 14:14) Baporofeti bao ba maaka ba ne ba re ba bua mo leineng la ga Jehofa, mme ba ne ba buelela dikgopolo tsa bone tse e leng botlhale jwa bone. Ka jalo, mafoko a bone e ne e le “selo se se se nang mosola.” Gape a ne a ka tsenya bomoya jwa batho mo kotsing. Ka 607 B.C.E., batho ba bantsi ba ba neng ba tsere mafoko ao a a se nang mosola tsia ba ne ba swa pele ga nako, ba bolawa ke masole a Babelona.

15 Kafa letlhakoreng le lengwe, Moshe o ne a raya Baiseraele a re: “Tlhomang dipelo tsa lona mo mafokong otlhe a ke a buang le lona ke lo tlhagisa gompieno . . . Gonne ga se lefoko le le se nang mosola mo go lona, mme le raya botshelo jwa lona, mme lo ka lelefatsa malatsi a lona ka lefoko leno mo lefatsheng le lo kgabaganyang Joredane lo ya go le rua.” (Dute. 32:46, 47) Ee, mafoko a ga Moshe a ne a tlhotlheleditswe ke Modimo. Ka jalo a ne a le mosola, tota e bile a ne a tlhokega gore dilo di tsamaele setšhaba seo sentle. Ba ba neng ba a tsaya tsia ba ne ba tshela lobaka lo loleele e bile ba ne ba atlega. E kete ka metlha re ka gana mafoko a a se nang mosola, mme ra ngaparela mafoko a a mosola a boammaaruri.

16. Re leba jang mafoko a a buiwang ke baitsesaense a a sa dumalaneng le Lefoko la Modimo?

16 A gompieno re a tle re utlwe dilo dingwe tse di se nang mosola? Ee. Ka sekai, baitsesaense bangwe ba re thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe mmogo le dilo tse dingwe tse ba di boneng mo mefuteng e mengwe ya saense di bontsha gore ga go tlhole go tlhokega gore batho ba dumele mo Modimong, ba re sengwe le sengwe se se diregang se na le lebaka la tlholego la go bo se direga. A mafoko a a ntseng jalo a boikgogomoso a tshwanetse go re tshwenya? Le e seng! Botlhale jwa batho ga bo tshwane le botlhale jwa Modimo. (1 Bakor. 2:6, 7) Le fa go ntse jalo, re itse gore fa dithuto tsa batho di sa dumalane le se Modimo a se senotseng, ka metlha dithuto tsa batho ke tsone di leng phoso. (Bala Baroma 3:4.) Le fa saense e gatetse pele mo dilong dingwe, tsela e Baebele e tlhalosang botlhale jwa batho ka yone e sa ntse e le boammaaruri: “Botlhale jwa lefatshe leno ke boeleele mo Modimong.” Botlhale jwa batho ga bo na mosola fa bo bapisiwa le botlhale jwa Modimo jo bo se nang selekanyo.—1 Bakor. 3:18-20.

17. Re tshwanetse go leba jang mafoko a baeteledipele ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete le a batlhanogi?

17 Sekai se sengwe sa mafoko a a se nang mosola ke mafoko a a buiwang ke baeteledipele ba bodumedi ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete. Ba re ba bua mo leineng la Modimo, mme bontsi jwa dilo tse ba di buang ga di a thewa mo Baebeleng, e bile tota ga di na mosola. Batlhanogi le bone ba bua mafoko a a se nang mosola, ba ipolela ba le botlhale go gaisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo o tlhomilweng. (Math. 24:45-47) Le fa go ntse jalo, batlhanogi ba bua se e leng botlhale jwa bone, mme mafoko a bone ga a na mosola, a kgopisa mongwe le mongwe yo o a reetsang. (Luke 17:1, 2) Re ka dira jang gore ba se ka ba re tsietsa?

Kafa o ka Ganang Mafoko A a Se Nang Mosola ka Teng

18. Re ka dirisa jang kgakololo e e mo go 1 Johane 4:1?

18 Moaposetoloi Johane yo o tsofetseng o ne a naya kgakololo e e molemo mo kgannyeng eno. (Bala 1 Johane 4:1.) Go dumalana le kgakololo ya ga Johane, ka metlha re kgothaletsa batho ba re kopanang le bone fa re dira tiro ya go rera gore ba tlhomamise gore a se ba se rutilweng se boammaaruri ka go se bapisa le se se mo Baebeleng. Le rona re ka solegelwa molemo fa re dira jalo. Fa re utlwa dilo dingwe tse di sa dumalaneng le boammaaruri kana tse di senyang phuthego, bagolwane kana ope wa bakaulengwe ba rona leina, ga re di dumele motlhofo fela. Go na le moo, re tshwanetse go ipotsa jaana: “A motho yo o buang kgang eno o dira dilo go dumalana le se Baebele e se buang? A dikgang tseno kana magatwe ano a thusa go diragatsa maikaelelo a ga Jehofa? A a rotloetsa kagiso mo phuthegong?” Sengwe le sengwe se re se utlwang se se senyang phuthego go na le go e aga ke selo se se se nang mosola.—2 Bakor. 13:10, 11.

19. Bagolwane ba tlhomamisa jang gore ga ba bue mafoko a a se nang mosola?

19 Bagolwane le bone ba ithuta thuto ya botlhokwa malebana le mafoko a a se nang mosola. Nako le nako fa ba tshwanelwa ke go naya kgakololo, ba nna ba gakologetswe gore ba na le mo ba tlhaelang teng, mme ga ba leke go naya kgakololo ba dirisa kitso ya bone fela. Ka metlha ba tshwanetse go dirisa se se mo Baebeleng. Mafoko a ga moaposetoloi Paulo a re naya taelo eno e e molemo: “Lo se ka lwa ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng.” (1 Bakor. 4:6) Bagolwane ga ba ye ka kwa ga dilo tse di kwadilweng mo Baebeleng. Mme gape, ga ba ye ka kwa ga kgakololo e e theilweng mo Baebeleng e e kwadilweng mo dikgatisong tsa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.

20. Re thusiwa jang go gana dilo tse di se nang mosola?

20 Dilo tse di se nang mosola di kotsi thata—e ka tswa e le “medimo,” mafoko kana sengwe fela se sele. Ka ntlha ya seo, ka metlha re rapelela gore Jehofa a re thuse go lemoga dilo tseno tse di se nang mosola, mme re kopa gore a re neye kaelo ya kafa re ka di ganang ka teng. Fa re dira jalo, go tshwana le fa re bua mafoko ano a a tshwanang le a mopesalema: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola; mpoloke ke tshela mo tseleng ya gago.” (Pes. 119:37) Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla kafa go leng botlhokwa ka teng go amogela kaelo ya ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• Ka kakaretso, re tshwanetse go gana dilo dife “tse di se nang mosola”?

• Re ka tila jang go dira gore madi e nne modimo wa rona?

• Dikeletso tsa nama di ka nna jang kobamelo ya medingwana?

• Re ka gana jang mafoko a a se nang mosola?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Baiseraele ba ne ba kgothalediwa go ‘lema mmu wa bone,’ e seng gore ba latelele dilo tse di se nang mosola

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Le ka motlha o se ka wa letla gore go eletsa go nna le dithoto go dire gore o goge dinao mo tirelong ya ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Mafoko a bagolwane a ka re solegela molemo thata