Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Setlhopha se se Laolang se Rulagantsweng ka Teng

Kafa Setlhopha se se Laolang se Rulagantsweng ka Teng

Kafa Setlhopha se se Laolang se Rulagantsweng ka Teng

SETLHOPHA se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se dirilwe ka banna ba ba ineetseng ba e leng batlhanka ba ba tloditsweng ba Modimo. Ke baemedi ba setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, se tiro ya sone e leng go aba dijo tsa semoya le go kaela le go rotloetsa tiro ya go rera ka Bogosi mo lefatsheng lotlhe.—Math. 24:14, 45-47.

Dipokano tsa Setlhopha se se Laolang di tshwarwa beke le beke, gantsi e le ka Laboraro. Seno se thusa bakaulengwe bano gore ba dire mmogo ka kutlwano. (Pes. 133:1) Gape maloko a Setlhopha se se Laolang a mo dikomiting tse di farologaneng. Komiti nngwe le nngwe e na le ditiro tse e di okametseng tse di amanang le tiro ya go rera ka Bogosi, jaaka go tlhalosiwa ka bokhutshwane fa tlase fano.

▪ KOMITI YA BAOKAMEDI: Komiti eno e dirilwe ka baokamedi ba dikomiti tse dingwe tsotlhe tsa Setlhopha se se Laolang le mokwaledi, yo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang. E tlhomamisa gore dikomiti tsotlhe di dira sentle ka thelelo. Gape ke yone e ikarabelelang fa go na le ditiragalo dingwe tsa tshoganyetso, dipogiso, dikotsi tsa masetlapelo le dikgang tse dingwe tse di tlhokang go rarabololwa ka potlako tse di amang Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.

▪ KOMITI YA BADIRI: Bakaulengwe ba ba mo komiting eno ba neilwe boikarabelo jwa go okamela dithulaganyo tsa go tlhokomela maloko a a mo lefatsheng lotlhe a lelapa la Bethele ka se ba se tlhokang ka bobone le se ba se tlhokang semoyeng le go ba thusa ka ditsela tse dingwe. Komiti eno e okametse go tlhophiwa le go lalediwa ga maloko a masha a malapa a Bethele mme e araba dipotso tse di malebana le tirelo ya bone mo Bethele.

▪ KOMITI YA KGATISO: Komiti eno e tlhokomela tiro ya go gatisiwa ga dibuka tse di theilweng mo Baebeleng, go anamisiwa ga tsone le go romelwa ga tsone mo lefatsheng lotlhe. Basupi ba ga Jehofa ba na le mekgatlho e e farologaneng e ba e dirisang mme komiti eno e okametse mafelo a go gatisa le dikago tse mekgatlho eno e nang le tsone e bile e di dirisa. Komiti eno e rulaganyetsa gore madi a a ntshitsweng e le moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe ya Bogosi a dirisiwe sentle.

▪ KOMITI YA TIRELO: Ba ba mo komiting eno ba okametse tiro ya go rera mmogo le dikgang tse di amang diphuthego, babulatsela, bagolwane le balebedi ba ba etang. Komiti eno e okamela go kwalwa ga Tirelo ya Rona ya Bogosi gape e laletsa baithuti ba basha ba Sekolo sa Gileade le ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi, mme moragonyana e ba naya dikabelo tsa bone fa ba sena go aloga.

▪ KOMITI E E RUTANG: Komiti eno e okametse thuto e e newang kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo le kwa dipokanong tsa phuthego. E direla maloko a malapa a Bethele dithulaganyo tsa semoya mme e okametse dikolo tse di farologaneng tse di jaaka Sekolo sa Gileade le Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela, e bile e okametse go dirwa ga dikhasete tse di reediwang le dibidio.

▪ KOMITI YA BOKWADI: Boikarabelo jwa komiti eno ke go okamela tiro ya go kwalwa ga dijo tsa semoya gore di gatisiwe di bo di romelelwa badumedi ka rona mmogo le batho ka kakaretso. Komiti eno e araba dipotso tsa Baebele e bile e tlhatlhoba le dilo tse di jaaka diterama le diaotlelaene tsa dipuo. Gape e okametse tiro ya go ranola e e dirwang mo lefatsheng lotlhe.

Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha phuthego ya batlodiwa le mmele wa motho a bo a gatelela kafa mongwe le mongwe wa bone a leng botlhokwa ka teng le kafa ba tlhokanang ka teng, kafa ba ratanang ka teng le kafa ba dirisanang mmogo ka teng mo tirong e ba e neilweng ke Modimo. (Bar. 12:4, 5; 1 Bakor. 12:12-31) Tlhogo ya phuthego, e leng Jesu Keresete, o abela maloko a mmele se a se tlhokang gore a dirisane sentle, e bile o ba tlamela ka dijo tsa semoya. (Baef. 4:15, 16; Bakol. 2:19) Ka jalo, Setlhopha se se Laolang se rulagantswe gore se etelele pele jaaka Jehofa a ntse a se kaela ka moya o o boitshepo.