Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Latelela “Boitshepo mo go Boifeng Modimo”

Latelela “Boitshepo mo go Boifeng Modimo”

Latelela “Boitshepo mo go Boifeng Modimo”

FA Baebele e bua kafa Jehofa Modimo a leng boitshepo ka selekanyo se segolo thata ka teng, ya re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo Jehofa.” (Isa. 6:3; Tshen. 4:8) Mafoko a Sehebera le Segerika a a kayang “boitshepo” a naya mogopolo wa boitsheko kgotsa bophepa jwa bodumedi, gore sengwe ga se a leswafala. Boitshepo jwa Modimo bo kaya go itekanela ga gagwe ka tsela e e feletseng.

A Jehofa, Modimo yo o boitshepo, o ne a ka se lebelele gore batho ba ba mo obamelang ba nne boitshepo, ke gore ba nne phepa mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng? Baebele e bontsha sentle gore Jehofa o batla batho ba gagwe ba nna boitshepo. Re bala jaana mo go 1 Petere 1:16: “Lo nne boitshepo, ka gonne nna ke boitshepo.” A batho ba ba sa itekanelang ruri ba ka nna boitshepo jaaka Jehofa? Ee, le fa e se ka tsela e e feletseng. Modimo a ka re tsaya re le boitshepo fa re mo obamela re le phepa semoyeng e bile re na le kamano e e gaufi le ene.

Mme re ka nna re le phepa jang mo lefatsheng le le seng phepa mo boitsholong? Re tshwanetse go tila mekgwa efe? Re ka nna ra tshwanelwa ke go dira diphetogo dife mo tseleng e re buang ka yone le e re itshwarang ka yone? A re boneng gore re ka ithuta eng malebana le kgang eno go tswa mo go se Modimo a neng a batla Bajuda ba se dira fa ba boa kwa Babelona ba boela kwa nageng ya bone ka 537 B.C.E.

‘Go Tla Nna le Tsela ya Boitshepo’

Jehofa o ne a bolelela pele gore batho ba gagwe ba ba neng ba le mo botshwarong kwa Babelona ba ne ba tla boela kwa nageng ya bone. Boporofeti jo bo neng bo bolelela pele gore ba tla busediwa gae bo ne bo ba tlhomamisetsa jaana: “Go tla nna le tsela e kgolo teng, tsela ka boyone; mme e tla bidiwa Tsela ya Boitshepo.” (Isa. 35:8a) Mafoko ano a bontsha gore Jehofa o ne a sa solofetse Bajuda fela gore ba tla boela kwa nageng ya bone, mme gape o ne a ba tlhomamisetsa gore o tla ba sireletsa mo loetong lwa bone.

Jehofa o ne a bulela batlhanka ba gagwe ba motlha wa gompieno ba ba mo lefatsheng “Tsela ya Boitshepo” gore ba tswe mo Babelona o Mogolo, e leng mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Ka 1919, o ne a golola Bakeresete ba ba tloditsweng mo bokgobeng jwa bodumedi jwa maaka, mme ba ne ba phepafatsa kobamelo ya bone ka go latlha dithuto tsotlhe tsa maaka kgato ka kgato. Rona baobamedi ba ga Jehofa gompieno re na le phuthego e e phepa le e e ritibetseng e re ka obamelang Jehofa mo go yone, mme ra nna le kamano e e molemo le ene le bangwe ka rona.

Maloko a “letsomanyane” la Bakeresete ba ba tloditsweng le “boidiidi jo bogolo” jo bo ntseng bo oketsega jwa “dinku tse dingwe,” ba tlhophile go tsamaya mo tseleng e e boitshepo mme ba laletsa ba bangwe gore le bone ba tsamaye mo go yone. (Luke 12:32; Tshen. 7:9; Joh. 10:16) “Tsela ya Boitshepo” e bulegetse botlhe ba ba ratang go ‘isa mebele ya bone setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong.’—Bar. 12:1.

“Yo o Seng Phepa ga a Kitla a e Kgabaganya”

Ka 537 B.C.E., Bajuda ba ba neng ba boela gae ba ne ba tshwanetse go dira sengwe se se botlhokwa. Isaia 35:8b e bua jaana ka batho ba ba neng ba tshwanelega go tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo’: “Yo o seng phepa ga a kitla a e kgabaganya. Mme e tla nna ya yo o tsamayang mo tseleng, mme ga go bape ba ba dieleele ba ba tla kgarakgatshegang mo go yone.” E re ka Bajuda ba ne ba boela Jerusalema go ya go tsosolosa kobamelo e e itshekileng, go ne go ka se letlelelwe batho ba ba nang le maitlhomo a bopelotshetlha, ba ba sa tlotleng dilo tse di boitshepo kana ba ba seng phepa semoyeng. Bajuda ba ba neng ba boela gae ba ne ba tshwanetse go tshela ka melao ya ga Jehofa e e kwa godimo ya boitsholo. Batho ba ba batlang gore Modimo a ba amogele gompieno ba tshwanetse go dira fela jalo. Ba tshwanetse go latelela “boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakor. 7:1) Mme gone, ke mekgwa efe e e seng phepa e re tshwanetseng go e tila?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ditiro tsa nama di a bonala, mme tsone ke kgokafalo, boitshekologo, boitshwaro jo bo repileng.” (Bagal. 5:19) Kgokafalo e akaretsa ditiro tsotlhe tsa tlhakanelodikobo tse mo go tsone batho ba ba sa nyalanang ba dirisang dirwe tsa tsalo. Boitshwaro jo bo repileng bo akaretsa “tlhakanelodikobo e e maswe ka tsela e e feteletseng; boitshwaro jo bo makgapha; boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong.” Kgokafalo le boitshwaro jo bo repileng ga di tsamaisane gotlhelele le boitshepo jwa ga Jehofa. Ka jalo, ba ba tswelelang go di dira ga ba letlelelwe go nna karolo ya phuthego ya Bokeresete kana ba kgaolwa mo go yone. Go ntse fela jalo le ka batho ba ba dirang boitshekologo jo bo feteletseng, ke gore, “boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.”—Baef. 4:19.

“Boitshekologo” bo akaretsa mefuta e mentsi ya maleo. Lefoko la Segerika le le kayang boitshekologo le raya go leswafala kgotsa go nna makgapha ga mofuta ope fela—mo dikgannyeng tse di amanang le boitsholo, mo puong, le mo dilong tse di amanang le bodumedi. Le akaretsa ditiro tse di amanang le boitshekologo tse go ka nnang ga se ka ga tlhokega gore di tseelwe dikgato tsa boatlhodi. * A mme gone batho ba ba dirang boitshekologo jwa mofuta ono ba latelela tsela ya boitshepo?

A re re Mokeresete o simolola go lebelela ditshwantsho tse di hepisang mo sephiring. Ka bonya ka bonya, fa a ntse a tsosa dikeletso tse di leswe, maikemisetso a gagwe a go nna phepa fa pele ga ga Jehofa a a koafala. Le fa boitshwaro jwa gagwe bo ise bo fitlhe mo seemong sa go ka nna boitshekologo jo bo feteletseng, mme gone ga a sa tlhole a akanya fela ka ‘dilo le fa e le dife tse di itshekileng, tse di buiwang molemo, tse di molemo le tse di tshwanelwang ke pako.’ (Bafil. 4:8) Ruri ditshwantsho tse di hepisang di leswe e bile di senya kamano e motho a nang le yone le Modimo. Boitshekologo jwa mofuta ope fela ga bo a tshwanela le go umakwa mo go rona.—Baef. 5:3.

Akanya ka sekai se sengwe. A re re Mokeresete o itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo—a tsosa keletso ya tlhakanelodikobo ka boomo—le fa a ka tswa a dira jalo a lebeletse ditshwantsho tse di hepisang kana a sa di lebelela. Le fa lefoko “go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo” le seyo mo Baebeleng, ruri ga go pelaelo gore ke tlwaelo e e leswafatsang motho mo mogopolong le mo maikutlong. Fa motho a tswelela pele a leswafala jaana, a seo ga se ne se senya kamano e a nang le yone le Jehofa mme sa dira gore a se ka a nna phepa fa pele ga Modimo? A re tseyeng tsia tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo ya gore re ‘intlafatse leswe lengwe le lengwe la nama le moya’ le gore re ‘bolaye ditokololo tsa rona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha.’—2 Bakor. 7:1; Bakol. 3:5.

Lefatshe leno le le laolwang ke Satane le letlelela boitshwaro jo bo leswe, e bile le a bo kgothaletsa. Go lwantsha thaelo ya go wela mo boitshwarong jo bo leswe go ka nna ga se ka ga nna motlhofo. Mme Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go “tsamaya fela jaaka ditšhaba le tsone di tsamaya mo go tlhokeng mosola ga megopolo ya tsone.” (Baef. 4:17) Jehofa o tla re letla go tswelela re tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo’ fa fela re tila boitshwaro jo bo leswe, e ka tswa e le jwa mo sephiring kana mo pontsheng.

“Ga go Kitla go Nna le Tau Teng”

Go ka nna ga tlhokega gore bangwe ba dire diphetogo tse dikgolo tota mo tseleng e ba itshwarang ka yone le mo tseleng e ba buang ka yone, e le gore ba amogelwe ke Modimo yo o boitshepo, Jehofa. Isaia 35:9 e bolela jaana: “Ga go kitla go nna le tau teng, mme mofuta o o garolakang wa dibatana tsa naga ga o kitla o tla mo go yone,” ke gore “Tsela ya Boitshepo.” Batho ba ba dikgoka le ba ba buang ka bogale ba tshwantshiwa le dibatana tsa naga. Ruri ga ba kitla ba letlelelwa mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo. (Isa. 11:6; 65:25) Ka jalo go botlhokwa fela thata gore batho ba ba batlang gore Modimo a ba amogele ba latlhe mekgwa e e ntseng jalo ya bophologolo mme ba latele tsela ya boitshepo.

Dikwalo di re gakolola jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.” (Baef. 4:31) Re bala jaana mo go Bakolosa 3:8: “Di tloseng tsotlhe mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e ferosang sebete e e tswang mo molomong wa lona.” Polelwana e e dirisitsweng mo ditemaneng tse pedi tseno e e reng “puo ya go kgoba,” totatota e raya puo e e utlwisang botlhoko, e e lonyatso, kgotsa puo ya matlhapa.

Gompieno, tiriso ya puo e e tlhabang le e e tlhapatsang e atile thata, tota le eleng mo malapeng. Banyalani ba dirisa mafoko a a tlhabang, a a botlhoko kana a a nyatsang fa ba bua le balekane ba bone le fa ba bua le bana ba bone. Mofuta ono wa puo e e sa siamang ga o a tshwanela go dirisiwa mo malapeng a Bakeresete.—1 Bakor. 5:11.

Go Latelela “Boitshepo mo go Boifeng Modimo” go Lere Masego!

Ruri ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go direla Modimo yo o boitshepo, e bong Jehofa! (Josh. 24:19) Paradaise ya semoya e Jehofa a re tsentseng mo go yone e botlhokwa fela thata. Ruri go nna re itshwara ka tsela e e boitshepo fa pele ga ga Jehofa ke tsela e e molemolemo ya botshelo.

Go ise go ye kae, lefatshe la Modimo le le solofeditsweng la Paradaise le tla nna teng. (Isa. 35:1, 2, 5-7) Ba ba le eletsang ba bo ba tswelela ba latelela tsela ya bomodimo ba tla segofadiwa ka go nna mo go lone. (Isa. 65:17, 21) Ka jalo he, a re tsweleleng pele re obamela Modimo re le phepa semoyeng mme re nne re na le kamano e e gaufi le ene.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Gore o bone gore “boitshekologo . . . ka bogagaru” le “boitshekologo” di farologana jang, bona Tora ya Tebelo ya July 15, 2006, tsebe 29-31.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Bajuda ba ne ba tlhoka go dirang gore ba tsamaye mo ‘Tseleng ya Boitshepo’?

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Go lebelela ditshwantsho tse di hepisang go senya kamano e motho a nang le yone le Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

“A . . . go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona”