Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelelang lo Dira Molemo

Tswelelang lo Dira Molemo

Tswelelang lo Dira Molemo

“Tswelelang lo . . . dira molemo.” —LUKE 6:35.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa go direla ba bangwe molemo go ka nna ga se nne motlhofo ka dinako tse dingwe?

GO DIRELA ba bangwe molemo go ka nna ga se nne motlhofo. Batho ba re ba bontshang lorato bone ba ka nna ba se re lo bontshe. Le fa re leka ka natla go thusa batho ka go ba bolelela “dikgang tse di molemo tse di galalelang tsa Modimo yo o itumetseng” le Morwawe, ba ka nna ba se ka ba di amogela kana go di anaanela. (1 Tim. 1:11) Ba bangwe ke “baba [ba ba letlhoo] ba kota ya tlhokofatso ya ga Keresete.” (Bafil. 3:18) Jaaka Bakeresete, re tshwanetse go ba tshwara jang?

2 Jesu Keresete o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Tswelelang lo rata baba ba lona le go dira molemo.” (Luke 6:35) Mma jaanong re sekaseke kgakololo eno ka kelotlhoko. Gape re tla solegelwa molemo ke dintlha tse dingwe tse Jesu a neng a di bua malebana le go direla ba bangwe molemo.

“Lo Rate Baba ba Lona”

3. (a) Dirisa mafoko a gago go sobokanya mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 5:43-45. (b) Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba setse ba na le tumelo efe malebana le Bajuda le batho ba e seng Bajuda?

3 Mo Therong e e itsegeng thata ya ga Jesu ya kwa Thabeng, o ne a raya bareetsi ba gagwe a re ba rate baba ba bone ba bo ba rapelele ba ba ba bogisang. (Bala Mathaio 5:43-45.) Ba ba neng ba le teng ka nako eo e ne e le Bajuda, ba ba neng ba itse taelo eno ya Modimo: “O se ka wa ipusolosetsa le fa e le go tshwara bomorwa batho ba gaeno ka pelo; mme o rate mongwe ka wena jaaka o ithata.” (Lefi. 19:18) Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dumela gore mafoko a a reng “bomorwa batho ba gaeno” le “mongwe ka wena” a ne a lebisitse mo Bajudeng fela. Molao wa ga Moshe o ne o re Baiseraele ba tshwanetse go nna ba ikgaogantse le ditšhaba tse dingwe, mme go ne go setse go na le tumelo ya gore batho botlhe ba e seng Bajuda e ne e le baba, mme mongwe le mongwe wa bone o ne a tshwanetse go tlhoiwa.

4. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go tshwara baba ba bone jang?

4 Mme Jesu ene o ne a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Math. 5:44) Barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go rata batho botlhe ba ba neng ba ba tlhoile. Go ya ka mokwadi wa Efangele e bong Luke, Jesu o ne a re: “Ke a lo raya lona ba lo reeditseng ka re, Tswelelang lo rata baba ba lona, lo direle ba ba lo tlhoileng molemo, lo segofatse ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo tlhapatsang.” (Luke 6:27, 28) Fela jaaka batho ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba tsaya tsia mafoko a ga Jesu, le rona re ‘direla ba ba re tlhoileng molemo’ ka go ba tshwara sentle le fa ba re tlhoile. Re ‘segofatsa ba ba re hutsang’ ka go bua le bone ka bopelontle. E bile re ‘rapelela ba ba re bogisang’ ka tirisodikgoka kgotsa ka go re ‘tlhapatsa’ ka ditsela dipe fela tse dingwe. Fa re rapela jalo re a bo re kopa ka lorato gore batho ba ba re bogisang ba fetole megopolo ya bone mme ba dire ditiro tse di tla dirang gore Jehofa a ba amogele.

5, 6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rata baba ba rona?

5 Ke ka ntlha fa re tshwanetse go rata baba ba rona? Jesu o ne a re: “Gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong.” (Math. 5:45) Fa re tsaya kgakololo eo tsia, re nna “bana” ba Modimo ka gonne re a bo re etsa Jehofa, yo o ‘tlhabisetsang batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.’ Jaaka pego ya ga Luke e bolela, Modimo “o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng le ba ba boikepo.”—Luke 6:35.

6 Jesu o ne a bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng gore barutwa ba gagwe ba ‘tswelele ba rata baba ba bone’ fa a ne a re: “Fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le maduo afe? A bakgethisi le bone ga ba dire sone seo? Mme fa lo dumedisa bakaulengwe ba lona fela, ke eng se se sa tlwaelegang se lo se dirang? A batho ba ditšhaba le bone ga ba dire sone seo?” (Math. 5:46, 47) Fa re ne re ka rata fela batho ba ba re ratang, re ne re ka se tshwanelwe ke gore Modimo a re neye “maduo” ape, kgotsa a re amogele. Tota le bakgethisi, ba ba neng ba nyadiwa, ba ne ba rata batho ba ba ba ratang.—Luke 5:30; 7:34.

7. Ke ka ntlha yang fa e ne e ka se nne sengwe se se sa tlwaelegang fa re ne re ka dumedisa “bakaulengwe” ba rona fela?

7 Tumediso e e tlwaelegileng ya Sejuda e ne e na le lefoko “kagiso.” (Baatlh. 19:20; Joh. 20:19) Eno e ne e le tsela ya go eleletsa motho yo o dumedisiwang botsogo jo bo molemo le katlego. E ne e ka se nne sengwe “se se sa tlwaelegang” fa re ne re ka dumedisa fela batho ba re ba tsayang e le “bakaulengwe” ba rona. Jaaka Jesu a boletse, “batho ba ditšhaba” le bone ba ne ba dira se se tshwanang.

8. Jesu o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba dire eng fa a ne a re: “Lo tshwanetse go itekanela”?

8 E re ka barutwa ba ga Keresete ba ne ba ruile boleo, go ne go se na jaaka ba ka tlhoka diphoso. (Bar. 5:12) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a konela karolo eno ya thero ya gagwe ka go re: “Jalo lo tshwanetse go itekanela, jaaka Rraalona wa selegodimo a itekanetse.” (Math. 5:48) Ka jalo o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba etse ‘Rraabone wa selegodimo,’ Jehofa, ka go dira gore lorato lwa bone lo itekanele—ba dira jalo ka go rata baba ba bone. Le rona re tshwanetse go dira fela jalo.

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Itshwarela ba Bangwe?

9. Mafoko a a reng: “O re itshwarele melato ya rona” a kayang?

9 Re tswelela re dira molemo fa re nna kutlwelobotlhoko mme re itshwarela mongwe yo o re diretseng phoso. E bile tota, thapelo ya ga Jesu ya sekao e na le mafoko a a reng: “O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona.” (Math. 6:12) Mme gone, fano ga go buiwe ka melato ya dikoloto. Efangele ya ga Luke e bontsha gore “melato” e Jesu a neng a bua ka yone ke maleo, ka gonne ya re: “Re itshwarele maleo a rona, gonne le rona ka borona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona.”—Luke 11:4.

10. Re ka etsa Modimo jang malebana le go itshwarela?

10 Re tshwanetse go etsa Modimo, yo o itshwarelang baleofi ba ba ikwatlhayang a gololesegile. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.” (Baef. 4:32) Mopesalema Dafide o ne a opela jaana: “Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelontle, o bonya go galefa e bile o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato. . . . Ga a re direla kafa maleong a rona; le gone ga a re tlisetsa se se re tshwanelang kafa ditlolong tsa rona. . . . Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile ditlolo tsa rona kgakala le rona fela jalo. Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko, Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko. Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.”—Pes. 103:8-14.

11. Modimo o itshwarela batho ba ba ntseng jang?

11 Modimo a ka itshwarela batho fela fa e le gore ba setse ba itshwaretse ba ba ba diretseng diphoso. (Mar. 11:25) Jesu o ne a gatelela ntlha eno ka go boa a re: “Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraalona wa selegodimo le ene o tla lo itshwarela; mme fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, le Rraalona ga a na go itshwarela ditlolo tsa lona.” (Math. 6:14, 15) Ee, Modimo o itshwarela fela batho ba ba itshwarelang ba bangwe ba gololesegile. Mme tsela e nngwe ya go tswelela re dira molemo ke go latela kgakololo eno ya ga Paulo: “Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, le lona dirang jalo.”—Bakol. 3:13.

“Tlogelang go Atlhola”

12. Jesu o ne a naya bareetsi ba gagwe kgakololo efe malebana le go atlhola ba bangwe?

12 Jesu o ne a umaka tsela e nngwe ya go dira molemo mo Therong ya kwa Thabeng fa a ne a bolelela bareetsi ba gagwe gore ba tlogele go atlhola ba bangwe a bo a dirisa setshwantsho se se utlwalang sentle go gatelela ntlha eno. (Bala Mathaio 7:1-5.) A re sekasekeng gore Jesu o ne a rayang fa a ne a re: “Tlogelang go atlhola.”

13. Bareetsi ba ga Jesu ba ne ba ka ‘nna ba golola’ ka tsela efe?

13 Mo Efangeleng ya ga Mathaio go nopolwa mafoko a ga Jesu fa a ne a re: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa.” (Math. 7:1) Luke ene o baya mafoko a ga Jesu jaana: “Tlogelang go atlhola, mme ga lo na go atlholwa ka gope; gape tlogelang go bona molato, mme ga lo na go bonwa molato ka gope. Nnang lo golole, mme lo tla gololwa.” (Luke 6:37) Bafarasai ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba atlhola ba bangwe setlhogo, ba latela ditlwaelo tse di sa thewang mo Dikwalong. Batho bape ba ba neng ba reeditse Jesu mme ba na le mokgwa oo ba ne ba tshwanetse go ‘tlogela go atlhola.’ Mo boemong jwa moo, ba ne ba tshwanetse go ‘nna ba golola,’ ke gore ba itshwarela ba bangwe diphoso tsa bone. Moaposetoloi Paulo o ne a naya kgakololo e e tshwanang le eo malebana le go itshwarela, jaaka go bontshitswe fa godimo.

14. Fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba itshwarela ba bangwe, seo se ne se tla dira gore batho bao ba dire eng?

14 Fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba itshwarela ba bangwe, seo se ne se tla dira gore le bone ba ba itshwarele. Jesu o ne a re: “Katlholo e lo atlholang ka yone, lo tla atlholwa ka yone; le selekanyo se lo lekanyang ka sone, ba tla lo lekanyetsa ka sone.” (Math. 7:2) Re roba se re se jadileng malebana le tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone.—Bagal. 6:7.

15. Jesu o ne a bontsha jang gore go rata go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso ga go a siama?

15 Gakologelwa gore Jesu o ne a botsa jaana fa a ne a gatelela kafa go rata go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso go sa siamang ka teng: “Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o leba lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago, mme o sa akanyetse tlhomeso e e mo leitlhong la gago? Kgotsa o ka raya jang mokaulengwe wa gago wa re, ‘Ntetlelela gore ke ntshe lotlhaka mo leitlhong la gago’; fa, bona! tlhomeso e le mo leitlhong la gago?” (Math. 7:3, 4) Motho yo o nang le mokgwa wa go tshwayatshwaya diphoso o bona phoso e e sa reng sepe mo “leitlhong” la mokaulengwe wa gagwe. Fa motho a dira jalo o a bo a raya gore mokaulengwe wa gagwe ga a bone dilo sentle e bile ga a kgone go dira ditshwetso tse di siameng. Le fa phoso eno e se ya sepe—go tshwana le lotlhaka—motho yo o tshwayang diphoso o ithaopa go ‘ntsha lotlhaka’ mo go yo mongwe. O ithaopela go thusa mokaulengwe wa gagwe go leba dilo sentle, mme tota a itimokanya.

16. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Bafarasai ba ne ba na le “tlhomeso” mo leitlhong la bone?

16 Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ke bone ba segolobogolo ba neng ba rata go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso. Ka sekai: Fa monna mongwe wa sefofu yo o neng a fodisitswe ke Keresete a ne a bolela gore Jesu o tshwanetse a bo a tswa kwa Modimong, Bafarasai ba ne ba bua jaana ka bogale: “O tsaletswe mo maleong gotlhelele, le fa go ntse jalo a o ruta rona?” (Joh. 9:30-34) Fa go tliwa mo kgannyeng ya go leba dilo sentle go ya ka melao ya Modimo le go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng, Bafarasai ba ne ba na le “tlhomeso” mo leitlhong la bone mme ba ne ba foufetse gotlhelele. Ka jalo Jesu o ne a re: “Moitimokanyi! Ntsha pele tlhomeso e e mo leitlhong la gago, mme ke gone o tla bonang sentle kafa o ka ntshang ka gone lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago.” (Math. 7:5; Luke 6:42) Fa re ikemiseditse go dira molemo le go tshwara ba bangwe sentle, re ka se ba tshwayatshwaye diphoso le go nnela go batla sengwe se se jaaka lotlhaka mo leitlhong la mokaulengwe wa rona. Mo boemong jwa moo, re tla dumela gore le rona re dira diphoso mme ka jalo re tla tila go tshwayatshwaya badumedi ka rona diphoso.

Kafa re Tshwanetseng go Tshwara ba Bangwe ka Teng

17. Go ya ka Mathaio 7:12, re tshwanetse go tshwara ba bangwe jang?

17 Mo Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng, o ne a bontsha gore Modimo o tshwara batlhanka ba gagwe jaaka rre ka go araba dithapelo tsa bone. (Bala Mathaio 7:7-12.) Go botlhokwa go ela tlhoko gore Jesu o ne a ntsha taelo eno malebana le tsela e batho ba tshwanetseng go itshwara ka yone: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Math. 7:12) Re ka bontsha gore re balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete fela fa re tshwara ba bangwe ka tsela eo.

18. “Molao” o ne o bontsha jang gore re tshwanetse go tshwara ba bangwe kafa re batlang ba re tshwara ka teng?

18 Fa Jesu a sena go bolela gore re tshwanetse go tshwara ba bangwe kafa re batlang bone ba re tshwara ka teng, o ne a re: “Tota e bile, seno, ke se se kaiwang ke Molao le Baporofeti.” Fa re tshwara ba bangwe ka tsela e Jesu a e boletseng, re a bo re dira go dumalana le boikaelelo jwa “Molao”—dibuka tsa Baebele go tloga ka Genesise go ya go Duteronome. Kwantle ga go senola boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go tlisa losika lo lo neng lo tla fedisa bosula, dibuka tseno di tlhalosa Molao o Modimo a neng a o naya setšhaba sa Iseraele a dirisa Moshe ka 1513 B.C.E. (Gen. 3:15) Gareng ga tse dingwe, Molao o ne o bontsha gore Baiseraele ba ne ba tshwanetse go dira dilo ka tshiamiso, ba sa tlhaole batho, e bile ba direla batho ba ba bogang le baagi ba baeng molemo.—Lefi. 19:9, 10, 15, 34.

19. Dibuka tsa boporofeti di bontsha jang gore re tshwanetse go dira molemo?

19 Fa Jesu a bua ka “Baporofeti” o ne a akantse ka dibuka tsa boporofeti tsa Dikwalo tsa Sehebera. Di na le boporofeti jo bo ka ga Mesia jo bo diragetseng mo go ene Keresete. Dibuka tseno gape di bontsha gore Modimo o segofatsa batho ba gagwe fa ba dira se se siameng mo matlhong a gagwe e bile ba tshwara batho ba bangwe ka tsela e e tshwanetseng. Ka sekai, boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa gakolola Baiseraele jaana: “Jehofa o buile jaana: ‘Bolokang tshiamiso, lo dire se se siameng. . . . Go itumela motho yo o nang le go swa yo o dirang seno, le morwa batho yo o se tshwarang, . . . e bile a boloka seatla sa gagwe gore a se ka a dira bosula jwa mofuta ope.’” (Isa. 56:1, 2) Ee, Modimo o lebeletse gore batho ba gagwe ba tswelele ba dira molemo.

Direla ba Bangwe Molemo ka Metlha

20, 21. Boidiidi bo ne jwa itshwara jang fa bo sena go utlwa Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng, mme ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tlhatlhanya ka yone?

20 Re sekasekile dintlha di se kae fela mo go tse dintsintsi tsa botlhokwa tse Jesu a di buileng mo Therong ya gagwe e e sa tshwaneng le epe ya kwa Thabeng. Le fa go ntse jalo, go motlhofo gore re tlhaloganye tsela e batho ba ba neng ba mo reeditse ka nako eo ba neng ba itshwara ka yone. Baebele ya re: “Jaanong e rile Jesu a fetsa mafoko ano, phelelo ya nna gore boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta; gonne o ne a ba ruta jaaka motho a na le taolo, e seng jaaka bakwadi ba bone.”—Math. 7:28, 29.

21 Kwantle ga pelaelo, Jesu Keresete o ne a itshupa e le ene “Mogakolodi yo o Gakgamatsang” yo go neng go boleletswe pele ka ene. (Isa. 9:6) Thero ya kwa Thabeng ke sekai se se tlhomologileng se se bontshang gore Jesu o ne a itse tsela e Rraagwe yo o kwa legodimong a lebang dilo ka yone. Kwantle ga dintlha tse re tlotlileng ka tsone, thero eo e umaka dilo tse dintsi malebana le boitumelo jwa mmatota, kafa re ka tilang boitsholo jo bo sa siamang ka teng, kafa re ka dirang se se siameng ka teng, se re tshwanetseng go se dira gore re nne le isagwe e e sireletsegileng le e e itumetseng, mmogo le dilo tse dingwe gape tse dintsi. Ke ka ntlha yang fa o sa bale Mathaio kgaolo 5 go ya go 7 gape, o e bala ka kelotlhoko e bile o rapela? Tlhatlhanya ka kgakololo e e molemolemo ya ga Jesu e e kwadilweng moo. Dirisa se Keresete a se buileng mo Therong ya kwa Thabeng mo botshelong jwa gago. Fa o dira jalo o tla kgona go itumedisa Jehofa botoka, go tshwara ba bangwe sentle, le go tswelela o dira molemo.

O ka Araba Jang?

• Re tshwanetse go tshwara baba ba rona jang?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itshwarela ba bangwe?

• Jesu o ne a reng ka ga go atlhola batho?

• Go ya ka Mathaio 7:12, re tshwanetse go tshwara batho ba bangwe jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a re: “Tlogelang go atlhola”?

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rapelela ba ba re bogisang?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

A ka metlha o tshwara batho ba bangwe kafa o ka ratang bone ba go tshwara ka teng?