Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Jesu O ne A Bua ka Molelo wa Dihele?

A Jesu O ne A Bua ka Molelo wa Dihele?

A Jesu O ne A Bua ka Molelo wa Dihele?

BATHO bangwe ba ba dumelang thuto ya molelo wa dihele ba dirisa mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mareko 9:48 (kgotsa temana 44,  46). Fano Jesu o ne a umaka diboko tse di sa sweng le molelo o o sa tingweng. Fa mongwe a ne a ka go botsa ka mafoko ao, o ne o ka mo araba ka go reng?

Motho a ka bala temana 44, 46 kana 48, go ikaegile ka gore o dirisa thanolo efe ya Baebele, ka gonne mo dithanolong dingwe, ditemana tseno di na le mafoko a a tshwanang. * Thanolo ya Lefatshe le Lesha e balega jaana: “Fa leitlho la gago le dira gore o kgotšwe, le latlhe; go molemo thata gore o tsene mo bogosing jwa Modimo o le moitlho go na le gore o latlhelwe mo Gehena o na le matlho a le mabedi, koo diboko tsa tsone di sa sweng le molelo o sa tingweng gone.”—Mar. 9:47, 48.

Mme gone, bangwe ba bolela gore mafoko a ga Jesu a tshegetsa kgang ya gore fa batho ba ba boikepo ba sena go swa, meya ya bone e boga ka bosakhutleng. Ka sekai, kakgelo nngwe e e mo Baebeleng ya Se-Spain ya Sagrada Biblia ya Yunibesithi ya Navarre ya re: “Morena wa rona o dirisa [mafoko ano] fa a bua ka go tlhokofadiwa mo diheleng. Gantsi mafoko a a reng ‘seboko se se sa sweng’ a tlhalosiwa e le kutlobotlhoko e e sa feleng ya batho ba ba kwa diheleng; mme ‘molelo o o sa tingweng’ o tlhalosiwa e le botlhoko jo ba bo utlwang mo mmeleng.”

Le fa go ntse jalo, bapisa se Jesu a neng a se bua le mafoko a a mo temaneng ya bofelo ya boporofeti jwa ga Isaia. * A ga go bonale sentle gore Jesu o ne a umaka mafoko a a mo go Isaia kgaolo 66? Go lebega gore fano moporofeti o bua ka go tswa “mo Jerusalema go ya kwa Mokgatšheng o o fa gaufi wa Hinoma (Gehena), kwa batho ba neng ba kile ba ntshiwa ditlhabelo gone (Jer. 7:31) mme kgabagare ya nna lefelo le batho ba motse ba latlhelang matlakala mo go lone.” (The Jerome Biblical Commentary) Go bonala sentle gore mafoko a tshwantshetso a a mo go Isaia 66:24 ga a kaye batho ba ba tlhokofadiwang; a bua ka ditopo. Se a reng ga se swe ke diboko—e seng batho ba ba tshelang kana meya e e sa sweng. Ka jalo he, mafoko a ga Jesu a kayang?

Ela tlhoko kakgelo e e ka ga Mareko 9:48 mo kgatisong ya Katoliki ya El evangelio de Marcos. Karolo ya Análisis lingüístico y comentario exegético, Bolumo II, ya re: “Polelo eno e tserwe mo go Isaia (66,24). Moporofeti moo o bontsha ditsela tse pedi tse gantsi ditopo tsa batho di neng di senngwa ka tsone: ka go bola le ka go fisiwa . . . Go dirisiwa ga mafoko diboko le molelo di le mmogo mo temaneng eno go gatelela kgopolo ya go senngwa. . . . Go bontshiwa fa dilo tse pedi tseno tse di senyang e le tse di nnelang ruri (‘ga o tingwe, ga di swe’): ga go na jaaka motho a ka di tshabela. Mo tlhalosong eno, seboko le molelo ke tsone fela dilo tse pedi tse di sa senngweng—e seng motho—mme ka bobedi di nyeletsa sepe fela se se welang fa go tsone. Ka gone, seno ga se tlhalose tlhokofatso ya bosakhutleng, mme se tlhalosa tshenyego e e feletseng e e kayang loso lwa bosakhutleng, e re ka e thibela gore motho a se ka a tsoga mo baswing. Ka jalo, [molelo] o tshwantshetsa go senngwa gotlhelele.”

Ope fela yo o itseng gore Modimo wa boammaaruri o lorato e bile o siame o tshwanetse go bona gore go a utlwala go tlhaloganya mafoko a ga Jesu ka tsela eo. O ne a sa re baikepi ba tla tlhokofadiwa ka bosakhutleng. Go na le moo, go ka direga gore ba nyelelediwe ruri mo ba ka se kang ba tsosiwa mo baswing.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Mekwalo e e ikanyegang ya bogologolo ya Baebele ga e na temana 44 le 46. Baithuti bangwe ba dumela gore ditemana tse pedi tseno di tshwanetse tsa bo di itsenyeditswe moragonyana. Porofesa Archibald T. Robertson o kwala jaana: “Mekwalo ya bogologolo thata le e e gaisang yotlhe e e leng gone ga e na ditemana tse pedi tseno. Di tswa mo ditlhopheng tsa memeno tsa kwa Bophirima le tsa kwa Siria (Byzantine). Di boeletsa fela se se kwadilweng mo temaneng ya 48. Ka jalo, mo ditemaneng tsa rona ga re tsenye 44 le 46, tse di seyong mo mekwalong ya bogologolo.”

^ ser. 5 “Ba tla tswa ba ya go leba ditopo tsa batho ba ba neng ba ntirela tlolo; gonne diboko tse di mo go bone ga di kitla di swa le molelo wa bone ga o kitla o timiwa, mme ba tla nna selo se se ferosang sebete mo nameng yotlhe.”—Isa. 66:24.