Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ipaakanyeditse go Femela Tumelo ya Gago?

A o Ipaakanyeditse go Femela Tumelo ya Gago?

A o Ipaakanyeditse go Femela Tumelo ya Gago?

AO KILE wa iphitlhela o le mo maemong a mo go one o neng o ikutlwa o tshwanelwa ke go femela tumelo ya gago? Akanya ka se se diragaletseng Susana, kgaitsadi yo o nang le dingwaga di le 16 wa kwa Paraguay. Nako nngwe fa ba ne ba rutiwa kwa sekolong se segolwane, bangwe ba ne ba bolela fa Basupi ba ga Jehofa ba sa amogele “Tesetamente e Kgologolo,” Jesu Keresete kgotsa Marea. Gape ba bangwe ba ne ba re Basupi ke batho ba ba feteletsang dilo ba e leng gore bogolo ba ka swa go na le gore ba amogele kalafi. O ne o ka dirang?

Susana o ne a rapela Jehofa mme a tsholetsa seatla. Tlelase e ne e tloga e tswa, ka jalo o ne a kopa morutabana wa gagwe gore a mo letlelele gore a tle a tlhalose dilo tse a di dumelang jaaka e le Mosupi wa ga Jehofa. Morutabana o ne a dumela ka bonako. Mo dibekeng tse pedi tse di neng tsa latela, Susana o ne a ipaakanyetsa go naya tlhaloso eo a dirisa boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa—Ke Bomang? Ba Dumela Eng?

Letsatsi la gore a tlhalose se a se dumelang le ne la goroga. Susana o ne a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re bidiwa Basupi ba ga Jehofa. Gape o ne a tlhalosa tsholofelo e re nang le yone ka isagwe le gore ke eng fa re sa dumele go tshelwa madi. Go tswa foo o ne a kopa baithuti gore ba botse dipotso. Baithuti ba le bantsi ba ne ba tsholetsa diatla. Morutabana o ne a kgatlhwa ke tsela e mosetsana yo mmotlana yono a neng a araba dipotso a dirisa Dikwalo ka yone.

Moithuti mongwe o ne a akgela a re, “Nkile ka ya kwa Holong ya Bogosi, mme ga ke a bona le fa e le setshwantsho se le sengwe.” Morutabana o ne a batla go itse gore ke ka ntlha yang fa go ne go se na ditshwantsho kwa Holong ya Bogosi. Susana o ne a bala Pesalema 115:4-8 le Ekesodo 20:4. Morutabana o ne a bua jaana a gakgametse: “Go tla jang gore dikereke tsa rona di bo di tletse ka ditshwantsho jaana ntswa Baebele e di kgala?”

Puisano eo ya dipotso le dikarabo e ne ya tsaya metsotso e le 40. Baithuti ba ne ba dumela botlhe fa Susana a ne a ba botsa gore a ba batla go bona bidio ya No Blood—Medicine Meets the Challenge [Kgwetlho ya go Alafa Ntle le go Tshela Madi]. Ka jalo morutabana o ne a rulaganyetsa gore puisano e tswelele pele mo letsatsing le le latelang. Fa baithuti ba sena go lebelela bidio eno, Susana o ne a tlhalosa mefuta mengwe ya kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone e bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba e amogelang. Morutabana o ne a akgela jaana malebana le kgang eno: “Ke ne ke sa itse gore go na le mefuta e mentsi jaana ya kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone; e bile ke ne ke sa itse melemo ya go alafa ntle le go tshela madi. A mefuta eno ya kalafi e dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa fela?” Fa morutabana a sena go utlwa gore mongwe le mongwe a ka dirisa mefuta eno ya kalafi o ne a re, “Mo lekgetlhong le le latelang fa Basupi ba ga Jehofa ba nketela, ke tlile go tlotla le bone.”

Puisano e Susana a neng a e baakanyeditse ya metsotso e le 20 e ne ya tsaya diura tse tharo. Beke moragonyana, baithuti ba bangwe ba ne ba bua ka ditumelo tse ba leng maloko a dikereke tsa tsone. Kwa bokhutlong, go ne ga bodiwa dipotso tse dintsi, mme baithuti bano ba ne ba palelwa ke go femela tumelo ya bone. Morutabana o ne a ba botsa a re, “Go tla jang gore lo palelwe ke go femela tumelo ya lona jaaka moithuti ka lona yo e leng Mosupi wa ga Jehofa a ne a femela tumelo ya gagwe?”

Ba ne ba araba ba re: “Bone ba ithuta Baebele tota. Rona ga re e ithute.”

Morutabana o ne a raya Susana a re: “Ruri lo ithuta Baebele lo bo lo leka go dira se e se buang. Lo tshwanelwa ke go akgolwa.”

Susana o ne a ka itidimalela fela. Le fa go ntse jalo, ka go bua ga gagwe a baakanya dilo tse di phoso tse ba bangwe ba neng ba di akanya, o ne a etsa sekao se se siameng sa mosetsanyana wa Moiseraele yo o sa buiwang ka leina, yo o neng a gapilwe ke Basiria. Mosetsana yono o ne a iphitlhela a le mo ntlong ya molaodi wa masole a Siria e bong Naamane, yo o neng a na le bolwetse jo bo maswe jwa letlalo. Mosetsana yono wa Moiseraele o ne a raya mohumagadi wa gagwe a re: “Fa fela morena wa me a ne a le fa pele ga moporofeti yo o kwa Samarea! Foo o ne a tla fola mo leperong la gagwe.” Mosetsana yono o ne a ikutlwa a tshwanelwa ke go rera ka Modimo wa boammaaruri. Seno se ne sa felela ka gore mong wa gagwe, Naamane, e nne moobamedi wa ga Jehofa.—2 Dikg. 5:3, 17.

Ka tsela e e tshwanang, Susana o ne a ikutlwa a tshwanelwa ke go rera ka Jehofa le ka batho ba Gagwe. O ne a ikobela taelo eno ya Dikwalo ka go tsaya kgato go femela tumelo ya gagwe fa se a se dumelang se ne se ganediwa: “Itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Pet. 3:15) A o ipaakanyeditse go femela tumelo ya gago le go tsaya kgato fa o bulegelwa ke sebaka sa go dira jalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Didirisiwa tseno di ka go thusa gore o femele tumelo ya gago