Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dilo Tse re Tshwanetseng go Tshaba mo go Tsone

Dilo Tse re Tshwanetseng go Tshaba mo go Tsone

Dilo Tse re Tshwanetseng go Tshaba mo go Tsone

“Lona bana ba dinoga tse di botlhole, ke mang yo o lo lomileng tsebe gore lo tshabe tšhakgalo e e tlang?”—MATH. 3:7.

1. Dikai dingwe tsa go tshaba tse di mo Baebeleng ke dife?

OAKANYA ka eng fa o utlwa lefoko “tshaba”? Bangwe ba ka akanya ka nako ya fa Josefa, yo e neng e le lekawana la maratagolejwa, a ne a tshaba fa mosadi wa ga Potifaro a ne a leka go mo raela gore a robale le ene. (Gen. 39:7-12) Ba bangwe ba ka akanya ka Bakeresete ba ba neng ba tshaba kwa Jerusalema ka ngwaga wa 66 C.E., ba ikobela tlhagiso eno ya ga Jesu: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, . . . a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge.”—Luke 21:20, 21.

2, 3. (a) Mafoko a Johane Mokolobetsi a neng a a dirisa fa a ne a kgala baeteledipele ba bodumedi tota a ne a kaya eng? (b) Jesu o ne a gatelela jang tlhagiso e e neng e ntshitswe ke Johane?

2 Mo dikaing tse di umakilweng fa godimo, go ne go tshabiwa ka tsela ya mmatota. Gompieno, mo e batlileng e le mo dinageng tsotlhe tsa lefatshe, go potlakile gore Bakeresete ba boammaaruri ba tshabe ka tsela ya tshwantshetso. Johane Mokolobetsi o ne a dirisa lefoko “tshaba” ka tsela eo ya tshwantshetso. Bangwe ba batho ba ba neng ba tla mo go Johane e ne e le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ba neng ba ipona e le basiami e bile ba sa bone go tlhokega gore ba ikwatlhaye. Ba ne ba nyatsa batho ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba kolobediwa go bontsha gore ba a ikwatlhaya. Johane ka bopelokgale o ne a senola baeteledipele bano ba baitimokanyi a re: “Lona bana ba dinoga tse di botlhole, ke mang yo o lo lomileng tsebe gore lo tshabe tšhakgalo e e tlang? Jalo he ungwang maungo a a tshwanelang boikwatlhao.”—Math. 3:7, 8.

3 Johane o ne a sa bue ka go tshaba ka tsela ya mmatota. O ne a tlhagisa ka katlholo e e tlang, e leng letsatsi la tšhakgalo; mme o ne a itsise baeteledipele ba bodumedi gore fa ba ne ba batla go falola letsatsi leo, ba ne ba tla tshwanelwa ke go ungwa maungo a a bontshang gore ba a ikwatlhaya. Moragonyana, Jesu ka bopelokgale o ne a kgala baeteledipele bao ba bodumedi—tshekamelo e ba neng ba na le yone ya go bolaya e ne e bontsha gore rraabone tota e ne e le Diabolo. (Joh. 8:44) Jesu o ne a gatelela tlhagiso ya ga Johane ya pelenyana ga foo, mme a ba bitsa “bana ba dinoga tse di botlhole” a bo a botsa a re: “Lo tla tshaba jang katlholo ya Gehena?” (Math. 23:33) Jesu o ne a kaya eng fa a bua ka “Gehena”?

4. Jesu o ne a kaya eng fa a ne a bua ka “Gehena”?

4 Gehena e ne e le mokgatšha o o neng o le kafa ntle ga dipota tsa Jerusalema o go neng go fisediwa matlakala le ditoto tsa diphologolo tse di suleng kwa go one. Jesu o ne a dirisa Gehena go tshwantshetsa loso lwa bosakhutleng. (Bona tsebe 27.) Lebaka la go bo a ne a botsa baeteledipele bao ba bodumedi gore ba tla tshaba jang Gehena, le ne le bontsha gore jaaka setlhopha ba ne ba tshwanelwa ke go senngwa ka bosakhutleng.—Math. 5:22, 29.

5. Go ya ka hisitori, se Johane le Jesu ba neng ba tlhagisa ka sone se ne sa diragala jang?

5 Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba ikokeletsa maleo ka go bogisa Jesu le balatedi ba gagwe. Moragonyana, fela jaaka Johane le Jesu ba ne ba tlhagisitse, letsatsi la Modimo la tšhakgalo le ne la tla. Ka nako eo, “tšhakgalo e e tlang” e ne e remeletse mo lefelong le le rileng, Jerusalema le Judea, ka jalo go ne go ka kgonega gore batho ba tshabe ka tsela ya mmatota. Tšhakgalo eo e ne ya bonala fa Jerusalema le tempele ya yone e ne e senngwa ke masole a Roma ka 70 C.E. “Pitlagano” eo e ne e le kgolo go feta sepe se se neng se kile sa direga mo Jerusalema. Batho ba le bantsi ba ne ba bolawa kgotsa ba isiwa botshwarwa. Pitlagano eo e ne e tshwantshetsa tshenyego e kgolo le go feta eo, e e tla tlelang batho ba bantsi ba ba ipitsang Bakeresete le ba madumedi a mangwe.—Math. 24:21.

Tšhakgalo e e Tlang e re Tshwanetseng go e Tshaba

6. Ke eng se se neng sa simolola go nna teng mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete?

6 Bangwe ba Bakeresete ba bogologolo ba ne ba fetoga batlhanogi mme batho bangwe ba ne ba ba latela. (Dit. 20:29, 30) Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba sa ntse ba tshela ba ne ba ntse jaaka “thibelo” mo botlhanoging jo bo ntseng jalo, mme fa ba sena go swa, go ne ga simolola go nna le makoko a mantsi a Bokeresete jwa maaka. Gompieno mo madumeding a a ipitsang gore ke a Bokeresete go na le ditumelo tse dintsi tse di sa tsamaisaneng. Baebele e ne ya bolelela pele gore go ne go tla nna le baruti ba madumedi a a ipitsang gore ke a Bokeresete, e ba bitsa jaaka setlhopha e re ke “monna yo o se nang molao” le “morwa tshenyego . . . yo Morena Jesu o tla mo tlosang . . . a ba a mo nyeletsa ka go bonatshega ga go nna gone ga gagwe.”—2 Bathes. 2:3, 6-8.

7. Ke eng fa baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba tshwanelwa ke go bidiwa “monna yo o se nang molao”?

7 Baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ga ba na molao ka tsela ya gore ba tsieditse dimilione tsa batho ka go rotloetsa dithuto, malatsi a boikhutso le boitshwaro jo bo sa tsamaisaneng le Baebele. Fela jaaka baeteledipele ba bodumedi ba Jesu a neng a ba kgala, baobamedi ba motlha wa gompieno ba e leng karolo ya “morwa tshenyego” ba lebanwe ke tshenyego mme ga ba na tsholofelo ya tsogo. (2 Bathes. 1:6-9) Mme go tla diragalang ka batho ba ba tsieditsweng ke baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete le baruti ba madumedi a mangwe a maaka? Re tla araba potso eno ka go sekaseka ditiragalo tse di ileng tsa direga fa Jerusalema e sena go senngwa pelenyana ka 607 B.C.E.

“Tshabang mo Gare ga Babelona”

8, 9. (a) Jeremia o ne a tsholetse Bajuda ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babelona molaetsa ofe wa boporofeti? (b) Fa Bameda le Baperesia ba sena go fenya Babelona, Bajuda ba ne ba ka kgona go tshaba ka tsela efe?

8 Moporofeti Jeremia o ne a bolelela pele ka go senngwa ga Jerusalema mo go diragetseng ka 607 B.C.E. O ne a bolela gore batho ba Modimo ba ne ba tla isiwa botshwarwa mme ba ne ba tla busediwa kwa nageng ya bone morago ga “dingwaga di le masome a supa.” (Jer. 29:4, 10) Jeremia o ne a tsholetse Bajuda ba ba neng ba ile botshwarwa kwa Babelona molaetsa wa botlhokwa; ba ne ba tshwanetse go nna ba sa leswafadiwa ke bodumedi jwa maaka jwa kwa Babelona. Ka jalo ba ne ba tla bo ba ipaakanyeditse go boela Jerusalema le go tsosolosa kobamelo e e itshekileng fa nako e e beilweng e goroga. Seno se diragetse fela fa Bameda le Baperesia ba sena go fenya Babelona ka 539 B.C.E. Kgosi Kurose II wa kwa Peresia o ne a ntsha taelo ya gore Bajuda ba boe mme ba age tempele ya ga Jehofa e e kwa Jerusalema sesha.—Esera 1:1-4.

9 Bajuda ba le diketekete ba ne ba dirisa sebaka seno mme ba boela gae. (Esera 2:64-67) Ka go dira jalo, ba ne ba diragatsa taelo ya ga Jeremia ya boporofeti e mo go bone e neng e kaya gore ba tshabe ka tsela ya mmatota, ba tshabele kwa lefelong le lengwe. (Bala Jeremia 51:6, 45, 50.) Maemo a ne a sa letle Bajuda botlhe gore ba tseye mosepele o moleele wa go boela kwa Jerusalema le kwa Juda. Ba ba neng ba setse mo Babelona, ba ba jaaka moporofeti Daniele yo o godileng, ba ne ba ka segofadiwa ke Modimo, fa fela ka pelo yotlhe ba ne ba ka tsweledisa kobamelo e e itshekileng e e neng e direlwa kwa Jerusalema, e bile ba nna ba sa amane ka gope le kobamelo ya maaka ya kwa Babelona.

10. “Babelona o Mogolo” o dirile “dilo” dife “tse di ferosang sebete”?

10 Gompieno batho ba bantsintsi ba mo mefuteng e e farologaneng ya bodumedi jwa maaka e e simologileng kwa Babelona wa bogologolo. (Gen. 11:6-9) Madumedi ao fa a sobokanngwa a bidiwa “Babelona o Mogolo, mmadiaka le mmadilo tse di ferosang sebete tsa lefatshe.” (Tshen. 17:5) Bodumedi jwa maaka ga bo bolo go ema nokeng babusi ba lefatshe leno ba dipolotiki. Dingwe tsa ‘dilo tse di ferosang sebete’ tse Babelona o Mogolo a ikarabelelang mo go tsone ke dintwa tse dintsi tse di feletseng ka gore batho ba le dimilionemilione ‘ba bolawe mo lefatsheng.’ (Tshen. 18:24) ‘Dilo tse dingwe tse di ferosang sebete’ di akaretsa mokgwa wa go tlhakanela dikobo le bana le mefuta e mengwe ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e e dirwang ke baruti e bile e amogelwa ke baeteledipele ba dikereke. Ga go gakgamatse go bo Jehofa Modimo a tla tloga a fedisa bodumedi jotlhe jwa maaka mo lefatsheng.—Tshen. 18:8.

11. Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go dirang pele ga Babelona o Mogolo a senngwa?

11 Bakeresete ba boammaaruri ba ba itseng seno ba na le boikarabelo jwa go tlhagisa maloko a Babelona o Mogolo. Tsela nngwe e ba dirang seno ka yone ke ka go anamisa Dibaebele le dibuka tse di theilweng mo go yone tse di gatisiwang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” yo Jesu a mo tlhomileng gore a abe ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’ (Math. 24:45) Fa batho ba bontsha gore ba kgatlhegela molaetsa wa Baebele, go dirwa dithulaganyo tsa go ba thusa ka go ba tshwarela thuto ya Baebele. Re solofela gore ba tla lemoga gore ba tshwanetse go ‘tshaba mo gare ga Babelona’ pele go nna thari.—Tshen. 18:4.

Tshabang Kobamelo ya Medingwana

12. Modimo o leba jang go obamelwa ga ditshwantsho le medingwana?

12 Mokgwa o mongwe gape o o ferosang sebete o o tlwaelegileng mo Babelona o Mogolo ke go obamela ditshwantsho le medingwana. Modimo o di bitsa ‘dilo tse di ferosang sebete’ le ‘medingwana e e makgapha.’ (Dute. 29:17) Batho botlhe ba ba batlang go itumedisa Modimo ba tshwanetse go tila kobamelo ya medingwana, go dumalana le mafoko ano a Modimo: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me; mme ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me, le fa e le ditshwantsho tse di betlilweng pako ya me.”—Isa. 42:8.

13. Ke mefuta efe e e fitlhegileng ya kobamelo ya medingwana e re tshwanetseng go e tshaba?

13 Lefoko la Modimo gape le senola mefuta e e fitlhegileng ya kobamelo ya medingwana. Ka sekai, le bitsa keletso ya bopelotshetlha le re ke “kobamelo ya medingwana.” (Bakol. 3:5) Go nna le keletso ya bopelotshetlha go kaya go eletsa se e seng sa gago, jaaka go eletsa dilo tsa motho yo mongwe. (Ekes. 20:17) Moengele yo o neng a fetoga Satane Diabolo o ne a nna le keletso ya bopelotshetlha ya gore a tshwane le Mogodimodimo mme a obamelwe. (Luke 4:5-7) Seno se ne sa felela ka gore a tsuologele Jehofa mme a raele Efa gore a eletse sengwe se Modimo a neng a se ileditse. Ka tsela nngwe, Adame le ene o ne a obamela medingwana ka gonne o ne a itetla gore a tseye keletso ya gagwe ya bopelotshetlha ya go amogelwa ke mosadi wa gagwe e le botlhokwa thata go feta gore a ikobele Rraagwe yo o lorato yo o kwa legodimong. Go fapaana le seo, botlhe ba ba batlang go tshaba letsatsi la Modimo la tšhakgalo ba tshwanetse go ineela mo go ene ka pelo yotlhe mme ba se ka ba ineela mo keletsong epe e e ntseng jalo ya bopelotshetlha.

“Tshabang Kgokafalo”

14-16. (a) Ke ka ntlha yang fa Josefa e ne e le sekao se se molemo jaana fa go tliwa mo kgannyeng ya boitsholo? (b) Re tshwanetse go dirang fa re nna le keletso e e leswe ya tlhakanelodikobo? (c) Re ka kgona jang go tshaba kgokafalo?

14 Bala 1 Bakorintha 6:18. Fa mosadi wa ga Potifaro a ne a leka go raela Josefa, Josefa o ne a tshaba ka tsela ya mmatota. A bo a tlhometse Bakeresete ba ba mo lenyalong mmogo le ba ba seng mo lenyalong sekao se se molemo jang ne! Go bonala sentle gore segakolodi sa ga Josefa se ne se tlhotlhelediwa ke ditiragalo tse di fetileng tse di neng di bontsha gore Modimo o ikutlwa jang ka boitsholo jo bo sa siamang. Fa re batla go ikobela taelo ya gore re ‘tshabe kgokafalo,’ re tla tila dilo tse di ka dirang gore re eletse go tlhakanela dikobo le motho mongwe yo e seng molekane wa rona wa lenyalo. Re bolelelwa jaana: “Bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di . . . ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana. Ka ntlha ya dilo tseo tšhakgalo ya Modimo e a tla.”—Bakol. 3:5, 6.

15 Ela tlhoko gore “tšhakgalo ya Modimo e a tla.” Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba nna le dikeletso tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo ba bo ba ineela mo go tsone. Ka jalo, rona Bakeresete re tshwanetse go rapelela gore Modimo a re thuse a bo a re neye moya o o boitshepo gore re se ka ra laolwa ke dikeletso tse di leswe tsa tlhakanelodikobo. Mo godimo ga moo, go ithuta Baebele, go ya dipokanong tsa Bokeresete le go bolelela baagelani ba rona dikgang tse di molemo go tla re thusa gore re ‘nne re tsamaya ka moya.’ Fa re dira jalo “ga [re] na go diragatsa keletso epe ya senama ka gope.”—Bagal. 5:16.

16 Ee ruri, fa re lebelela ditshwantsho tse di hepisang, re tla bo re sa ‘tsamaye ka moya.’ Ka tsela e e tshwanang, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itisa gore a se ka a bala, a lebelela kgotsa a reetsa dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Gape go phoso gore “batho ba ba boitshepo” ba Modimo ba kgatlhwe ka tsela epe fela ke go dira metlae ka dikgang tse di ntseng jalo kgotsa go tlotla ka tsone fa ba le mmogo. (Baef. 5:3, 4) Fa re tila go dira dilo tseo, re tla bo re bontsha Rraarona yo o lorato gore tota re batla go falola tšhakgalo ya gagwe e e tlang le go tshela mo lefatsheng le lesha la tshiamo.

Tshabang “Lorato Lwa Madi”

17, 18. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshaba “lorato lwa madi”?

17 Mo lekwalong la ntlha le Paulo a neng a le kwalela Timotheo, o ne a bolela melaometheo e Bakeresete ba e leng batlhanka ba tshwanetseng go tshela ka yone, e re ka bangwe mo go bone ba ne ba ka nna ba solofela go bona melemo mengwe ka gonne beng ba bone e le Bakeresete. Ba bangwe ba ka tswa ba ile ba leka go dirisa Bakeresete ka bone ka tsela e e sa siamang gore ba solegelwe molemo ka bobone. Paulo o ne a tlhagisa batho gore ba se ka ba “akanya gore boineelo jwa bomodimo ke tsela ya go bona papadi.” Se se neng se baka bothata e ka tswa e ne e le “lorato lwa madi,” lo lo ka amang mongwe le mongwe ka tsela e e sa siamang, e ka ne a humile kgotsa a humanegile.—1 Tim. 6:1, 2, 5, 9, 10.

18 A o gopola dikai dingwe mo Baebeleng tsa batho ba kamano ya bone le Modimo e neng ya senngwa ke “lorato lwa madi” kgotsa ke go rata dilo tse di seng botlhokwa tse di ka rekwang ka madi? (Josh. 7:11, 21; 2 Dikg. 5:20, 25-27) Paulo o ne a rotloetsa Timotheo jaana: “Wena monna wa Modimo, tshaba dilo tseno. Mme latelela tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko, bonolo.” (1 Tim. 6:11) Go botlhokwa thata gore botlhe ba ba batlang go falola letsatsi le le tlang la tšhakgalo ba ikobele kgakololo eo.

‘Tshabang Dikeletso Tse Basha ba Nang le go Nna le Tsone’

19. Ke eng se basha botlhe ba se tlhokang?

19 Bala Diane 22:15. Boeleele jo bo mo pelong ya mosha bo ka mo timetsa motlhofo fela. Sengwe se se ka thibelang seo ke kotlhao e e theilweng mo Baebeleng. Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba batsadi ba bone e seng Basupi ba leka go ipatlela melaometheo e e mo Baebeleng le go e dirisa. Ba bangwe ba solegelwa molemo ke kgakololo e e molemo ya batho ba ba godileng semoyeng mo phuthegong. Go sa kgathalesege gore ke mang yo o nayang kgakololo e e tswang mo Baebeleng, go e ikobela go ka felela ka boitumelo gone jaanong le mo isagweng.—Baheb. 12:8-11.

20. Ke eng se se ka thusang basha go tshaba dikeletso tse di phoso?

20 Bala 2 Timotheo 2:20-22. Basha ba le bantsi ba ba sa newang kaelo e e siameng ba ile ba wela mo ditseleng tsa boeleele, tse di jaaka go nna le moya wa go gaisana, keletso ya bopelotshetlha, kgokafalo, lorato lwa madi le go rata menate. Basha bano ba bontsha gore ba na le “dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone,” tse Baebele e re rotloetsang gore re di tshabe. Gore mosha wa Mokeresete a tshabe, go tlhokega gore a itise mo ditlhotlheletsong tse di kotsi, go sa kgathalesege gore di tswa kae. Sengwe se se ka thusang thata ke kgakololo ya Modimo ya gore re latelele dinonofo tse di siameng “mmogo le ba ba bitsang Morena ka pelo e e phepa.”

21. Jesu Keresete o ne a dira tsholofetso efe e e molemolemo ka ga balatedi ba gagwe ba sekadinku?

21 Le fa re ka tswa re le basha kgotsa re le bagolo, fa re gana go reetsa batho ba ba lekang go re timetsa, seo se bontsha gore re batla go nna balatedi ba ga Jesu ba sekadinku, ba ba ‘tshabang lentswe la batswakwa.’ (Joh. 10:5) Le fa go ntse jalo, fa re batla go falola letsatsi la Modimo la tšhakgalo, re tshwanetse go dira se se fetang fela go tshaba dilo tse di kotsi. Gape re tshwanetse go leka go nna le dinonofo tse di siameng. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka di le supa tsa dinonofo tseno. Ruri go botlhokwa go sekaseka kgang eno go ya pele ka gonne Jesu o dira tsholofetso eno e e molemolemo: “Ke . . . naya [dinku tsa me] botshelo jo bo sa khutleng, mme le ka motlha ga di na go senngwa ka gope, e bile ga go na ope yo o tla di tsubulang mo seatleng sa me.”—Joh. 10:28.

O ka Araba Jang?

• Jesu o ne a tlhagisa baeteledipele ba bodumedi ka eng?

• Batho ba le bantsintsi ba lebane le seemo sefe se se kotsi gompieno?

• Re tshwanetse go tshaba mefuta efe e e fitlhegileng ya kobamelo ya medingwana?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

O akanya ka eng fa o utlwa lefoko “tshaba”?