Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dinonofo Tse re Tshwanetseng go di Latelela

Dinonofo Tse re Tshwanetseng go di Latelela

Dinonofo Tse re Tshwanetseng go di Latelela

“Latelela tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko [le] bonolo.” —1 TIM. 6:11.

1. Dira dikai tse di bontshang gore lefoko “latelela” le kaya eng.

O AKANYA ka eng fa o utlwa lefoko “latelela”? Gongwe o akanya ka motlha wa ga Moshe fa masole a Baegepeto a ne a “latelela” Baiseraele, mme a bo a welwa ke masetlapelo mo Lewatleng le Lehibidu. (Ekes. 14:23) Kgotsa o ka akanya ka kotsi e motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso kwa Iseraele wa bogologolo a neng a ka lebana le yone. O ne a tshwanetse go fitlha kwa go mongwe wa metse e merataro ya botshabelo ka bonako. E seng jalo, “mmusolosi wa madi, ka gonne a lateletse mmolai pelo ya gagwe e gotetse, a [ka nna] a mo tshwara mme a mmolaya.”—Dute. 19:6, Tanakh.

2. (a) Modimo o laleditse Bakeresete bangwe gore ba latelele mokgele ofe? (b) Gompieno Jehofa o naya bontsi jwa Bakeresete tsholofelo efe?

2 Jaanong bapisa dikai tse di fa godimo tse di mo Baebeleng le boikutlo jo bo siameng jo moaposetoloi Paulo a neng a na le jone: “Ke latelela go ya fela kwa mokgeleng go tsaya tuelo ya pitso ya kwa godimo ya Modimo ka Keresete Jesu.” (Bafil. 3:14) Baebele e bontsha gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000, go akaretsa le Paulo, ba bona tuelo eo ya go tshela kwa legodimong. Ba tla busa lefatshe mmogo le Jesu Keresete mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete. A bo Modimo a laleditse batho bano go latelela mokgele o o molemo jang ne! Le fa go ntse jalo, bontsi jwa Bakeresete gompieno ba na le tsholofelo kgotsa mokgele o sele. Jehofa ka lorato o ba solofetsa se Adame le Efa ba se latlhileng, e leng tsholofelo ya go tshelela ruri ba itekanetse mo lefatsheng la paradaise.—Tshen. 7:4, 9; 21:1-4.

3. Re ka bontsha jang gore re anaanela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo?

3 Batho ba e leng baleofi ba ka se bone botshelo jo bo sa khutleng fela ka gonne ba dira maiteko a go dira se se siameng le fa ba sa itekanela. (Isa. 64:6) Batho ba ka kgona go bona botshelo jo bo sa khutleng fela fa ba ikanya thulaganyo e e lorato e Modimo a e dirileng go boloka batho ka Jesu Keresete. Re ka dirang go bontsha gore re anaanela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang joo jwa Modimo? Sengwe se re ka se dirang ke go ikobela taelo eno: “Latelela tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko [le] bonolo.” (1 Tim. 6:11) Go sekaseka dinonofo tseno go ka thusa mongwe le mongwe wa rona gore a ititeye sehuba le go feta gore a di latelele “ka botlalo segolo.”—1 Bathes. 4:1.

“Latelela Tshiamo”

4. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore go latelela “tshiamo” go botlhokwa, mme fa motho a e latelela ke dilo dife tse a tshwanetseng go di dira pele?

4 Mo makwalong oomabedi a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela Timotheo, o ne a dira lenaane la dilo tse di tshwanetseng go latelelwa, mme nako le nako o ne a umaka “tshiamo” pele. (1 Tim. 6:11; 2 Tim. 2:22) Mo godimo ga moo, mo ditemaneng tse dingwe, Baebele e re kgothaletsa gangwe le gape gore re latelele tshiamo. (Dia. 15:9; 21:21; Isa. 51:1) Re ka simolola go dira jalo ka “go tsenya kitso ka ga . . . Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo [a] mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Joh. 17:3) Go latelela tshiamo go tla tlhotlheletsa motho gore a tseye kgato—a ikwatlhaele maleo a a kileng a a dira mme a “sokologe” gore a dire thato ya Modimo.—Dit. 3:19.

5. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne le leina le lentle le Modimo re bo re tswelele re na le lone?

5 Batho ba bantsintsi ba ba latelelang tshiamo tota, ba ile ba neela matshelo a bone mo go Jehofa ba bo ba tshwantshetsa boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing. Fa e le gore jaanong o Mokeresete yo o kolobeditsweng, a o kile wa akanyetsa ntlha ya gore botshelo jwa gago bo tshwanetse go bontsha gore o latelela tshiamo, mme e bile gongwe bo setse bo bontsha gore o dira jalo? Sengwe se se ka go thusang go dira jalo ke go lemoga go tswa mo Baebeleng gore “se se siameng le se se sa siamang” ke sefe fa o dira ditshwetso mo botshelong. (Bala Bahebera 5:14.) Ka sekai, fa e le gore o Mokeresete yo o seng mo lenyalong mme o lekane gore o ka nyala kgotsa wa nyalwa, a o ititeile sehuba gore o se ka wa ratana le ope yo e seng Mokeresete yo o kolobeditsweng? Ee, fa e le gore o latelela tshiamo, o tla ititaya sehuba jalo.—1 Bakor. 7:39.

6. Go latelela tshiamo ka tsela ya mmatota go akaretsa eng?

6 Go nna tshiamo go farologane le go ipona o siame kgotsa go “siama ka tsela e e feteletseng.” (Mor. 7:16) Jesu o ne a tlhagisa gore motho ga a tshwanela go itshupa a siame ka tsela eo gore a lebege a le botoka mo bathong ba bangwe. (Math. 6:1) Go latelela tshiamo ka tsela ya mmatota go akaretsa pelo—go baakanya dikakanyo, maikutlo, maitlhomo le dikeletso tse di phoso. Fa re tswelela pele re leka go dira jalo, go ka se nne motlhofo gore re dire maleo a a masisi. (Bala Diane 4:23; bapisa Jakobe 1:14, 15.) Mo godimo ga moo, Jehofa o tla re segofatsa a bo a re thuse go latelela dinonofo tse dingwe tsa botlhokwa tsa Bokeresete.

“Latelela . . . Boineelo Jwa Bomodimo”

7. “Boineelo jwa bomodimo” ke eng?

7 Boineelo bo akaretsa go ineela le go ikanyega ka pelo yotlhe. Dikishinare nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele ya re lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “boineelo jwa bomodimo” le kaya “boikutlo jo bo siameng jwa go nna kelotlhoko gore motho a se ka a felelwa ke poifomodimo.” Gantsi Baiseraele ba ne ba sa bontshe boineelo jo bo ntseng jalo, mme seo se bontshiwa ke ditiro tsa bone tsa go sa ikobele melao ya Modimo, tota le fa a sena go ba golola kwa Egepeto.

8. (a) Boleo jwa ga Adame bo ne jwa tsosa potso efe? (b) Bokao jwa ‘sephiri seno se se boitshepo’ bo ne jwa senolwa jang?

8 Dingwaga di le dintsi morago ga gore Adame yo o itekanetseng a leofe, go ne go sa ntse go ka bodiwa jaana, “A go na le motho ope yo o ka bontshang boineelo jwa bomodimo ka tsela e e feletseng?” Fa dingwaga di ntse di feta, go ne go se na motho ope yo o nang le boleo yo o neng a kgona go tshela botshelo jwa boineelo jwa bomodimo ka tsela e e feletseng. Mme Jehofa ka nako ya gagwe e e tshwanetseng o ne a senola bokao jwa ‘sephiri seno se se boitshepo.’ O ne a fetisetsa botshelo jwa ga Morwawe yo o tsetsweng a le esi yo o rategang wa kwa legodimong mo popelong ya ga Marea gore a tle go tsholwa e le motho yo o itekanetseng. Mo botshelong jotlhe jwa ga Jesu a le mo lefatsheng go akaretsa le loso lwa gagwe lwa matlhabisaditlhong, o ne a bontsha gore go ineela ka pelo yotlhe le go ikanyega ka botlalo mo Modimong wa boammaaruri go kaya eng. Dithapelo tsa gagwe di ne tsa bontsha gore o tlotla Rraagwe yo o lorato yo o kwa legodimong thata. (Math. 11:25; Joh. 12:27, 28) Ka jalo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa Paulo gore a bue ka ga “boineelo jwa bomodimo” fa a tlhalosa tsela e e tlhomang sekao e Jesu a neng a tshela ka yone.—Bala 1 Timotheo 3:16.

9. Re ka latelela boineelo jwa bomodimo jang?

9 E re ka re le baleofi, re ka se bontshe boineelo jwa bomodimo ka tsela e e feletseng. Mme gone re ka bo latelela. Seno se tlhoka gore re latele sekao sa ga Keresete gaufiufi kafa re ka kgonang ka teng. (1 Pet. 2:21) Ka jalo, re ka se tshwane le baitimokanyi “ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.” (2 Tim. 3:5) Seno ga se reye gore boineelo jwa mmatota jwa bomodimo bo ka se bonale ka fa ntle. Bo ka bonala. Ka sekai, le fa re ka tswa re tlhopha mosese wa lenyalo kgotsa re akanya gore re tla apara eng fa re ile mabenkeleng, ka dinako tsotlhe tebego ya rona e tshwanetse ya dumalana le se re se buang fa re re re “tlotla Modimo.” (1 Tim. 2:9, 10) Ee, go latelela boineelo jwa bomodimo go tlhoka gore re akanye ka melao ya Modimo e e siameng mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi.

“Latelela . . . Tumelo”

10. Re tshwanetse go dirang gore tumelo ya rona e nne e nonofile?

10 Bala Baroma 10:17. E le gore Mokeresete a nne le tumelo e e nonofileng a bo a tswelele a na le yone, o tshwanetse go nna a tlhatlhanya ka dithuto tsa boammaaruri tse di mo Lefokong la Modimo. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o gatisitse dikgatiso tse dintsi tse di molemo. Dibuka tse tharo tse di molemolemo ke ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela, ya Ithute mo Morutising yo Mogolo, le ya ‘Tla o Nne Molatedi wa Me,’ tse di kwaletsweng go re thusa go itse Keresete botoka le gore re kgone go mo etsa. (Math. 24:45-47) Gape setlhopha sa motlhanka se rulaganya dipokano, dikopano tse dinnye le tse dikgolo, tse bontsi jwa tsone di gatelelang “lefoko le le kaga Keresete.” A o bona ditsela dingwe tse o neng o ka sola dithulaganyo tseno molemo ka tsone fa o ntse o ‘ela tlhoko thata go feta kafa go tlwaelegileng ka teng’ dilo tse Modimo a di re nayang?—Baheb. 2:1.

11. Go rapela le go nna kutlo go re thusa jang gore re latelele tumelo?

11 Se sengwe gape se se ka re thusang go nna le tumelo e e nonofileng ke thapelo. Balatedi ba ga Jesu ba kile ba mo kopa ba re: “Re neye tumelo e e oketsegileng.” Le rona re ka kopa Modimo jalo ka boikokobetso. (Luke 17:5) E le gore re nne le tumelo e e oketsegileng, re tshwanetse go rapelela gore Modimo a re thuse ka moya o o boitshepo ka gonne tumelo ke karolo ya ‘leungo la moya.’ (Bagal. 5:22) Mo godimo ga moo, go ikobela melao ya Modimo go nonotsha tumelo ya rona. Ka sekai, re ka nna ra dira ka natla gore re nne le seabe se segolwane mo tirong ya go rera. Seo se ka re tlisetsa boitumelo jo bogolo. Mme fa re ntse re akanya ka masego a a ka tlisiwang ke go ‘batla pele bogosi le tshiamo ya Modimo,’ tumelo ya rona e tla gola.—Math. 6:33.

“Latelela . . . Lorato”

12, 13. (a) Taelo ya ga Jesu e ntšha ya reng? (b) Re tshwanetse go latelela lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete ka ditsela dife tsa botlhokwa?

12 Bala 1 Timotheo 5:1, 2Paulo o ne a naya kgakololo e e molemo ya kafa Bakeresete ba ka bontshanang lorato ka teng. Boineelo jwa rona jwa bomodimo bo tshwanetse go akaretsa go ikobela taelo ya ga Jesu e ntšha ya gore re “ratane” fela jaaka a re ratile. (Joh. 13:34) Moaposetoloi Johane o ne a bolela jaana: “Le fa e le mang yo o nang le mo go tshegetsang botshelo ga lefatshe leno mme a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka mme le fa go ntse jalo a mo tswalela setswalo sa mapelotlhomogi, ke ka tsela efe lorato lwa Modimo lo ntseng mo go ene?” (1 Joh. 3:17) A o ka akanya ka dinako tse ka tsone o kileng wa bontsha lorato ka ditiro?

13 Tsela e nngwe e re latelelang lorato ka yone ke ka go itshwarela, re sa bolokele bakaulengwe ba rona dikgopi. (Bala 1 Johane 4:20.) Go na le moo, re batla go latela kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” (Bakol. 3:13) A go na le mongwe mo phuthegong yo o tlhokang go mo itshwarela? A o tla mo itshwarela?

“Latelela . . . Boitshoko”

14. Re ka ithuta eng mo phuthegong ya kwa Filadelefia?

14 Re ka nna ra dira bojotlhe jwa rona go fitlhelela mokgele mongwe o re ka kgonang go o fitlhelela ka bonako, mme e ka nna bothata fa e le gore mokgele oo o thata go o fitlhelela kgotsa re ka se kgone go o fitlhelela ka bonako jaaka re ne re akantse. Go bonala sentle gore go latelela mokgele wa botshelo jo bo sa khutleng go tlhoka boitshoko. Morena Jesu o ne a bolelela phuthego ya kwa Filadelefia a re: “Ka gonne o ne wa boloka [se ke se buileng] kaga boitshoko jwa me, le nna ke tla go boloka mo nakong ya teko.” (Tshen. 3:10) Ee ruri, Jesu o ne a ruta kafa boitshoko bo leng botlhokwa ka teng, e leng nonofo e e re thusang gore re se ka ra ineela fa re lebane le diteko le dithaelo. Bakaulengwe ba phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya kwa Filadelefia ba tshwanetse ba bo ba ile ba bontsha boitshoko ka tsela e e tlhomologileng fa ba ntse ba itshokela diteko tse dintsi tsa tumelo. Ka jalo, Jesu o ne a ba tlhomamisetsa gore o tla tswelela a ba thusa ka nako ya teko e kgolwane e e tlang.—Luke 16:10.

15. Jesu o ne a ruta eng ka ga boitshoko?

15 Jesu o ne a itse gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla tlhoiwa ke ba losika ba ba sa dumeleng le ke lefatshe ka kakaretso, ka jalo ka makgetlho a ka nna mabedi, o ne a ba kgothatsa a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Math. 10:22; 24:13) Gape Jesu o ne a bontsha kafa barutwa ba gagwe ka nako eo ba neng ba ka nna le nonofo ya go itshoka ka teng. Mo setshwantshong sengwe o ne a tshwantsha mmu o o maje le batho ba ba ‘amogelang lefoko la Modimo ka boipelo,’ mme ba bo ba wa mo tseleng fa ba lebana le diteko tsa tumelo. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwantsha balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang le mmu o o molemo ka gonne ba “tshegetsa” lefoko la Modimo e bile “ba [ungwa] maungo ka boitshoko.”—Luke 8:13, 15.

16. Ke eng se re se neilweng ka lorato se se thusitseng batho ba le bantsi gore ba itshoke?

16 A o lemogile gore tsela ya go itshoka ke efe? Re tshwanetse go “tshegetsa” lefoko la Modimo, re dira gore le nne le tshela mo dipelong le mo megopolong ya rona. Jaanong go setse go le motlhofo e bile go ka kgonega go dira jalo ka gonne go na le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo—thanolo e e nepileng le e e balegang motlhofo ya Baebele, e e setseng e le teng ka dipuo tse dintsi. Fa re tlhatlhanya ka karolo nngwe ya Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi re tla kgona go nna le maatla a a tlhokegang gore re nne re ungwe maungo “ka boitshoko.”—Pes. 1:1, 2.

“Latelela . . . Bonolo” le Kagiso

17. (a) Ke ka ntlha yang fa go nna “bonolo” go le botlhokwa thata? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore o bonolo?

17 Ga go ope yo o ratang go latofadiwa ka sengwe se a sa se buang kgotsa se a sa se dirang. Gantsi go tlwaelegile gore batho ba ganetse ka bogale fa ba tshwaiwa diphoso ka sengwe se ba sa se dirang. Ruri go ka nna botoka go nna “bonolo”! (Bala Diane 15:1.) Go tlhokega gore motho a bo a ikemiseditse tota gore a nne bonolo fa a tshwaiwa diphoso go sa tshwanela. Jesu Keresete o ne a tlhoma sekao se sentle thata mo go seno. “E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa, mme a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.” (1 Pet. 2:23) Re ka se lebelele gore re ka kgona go dira jalo ka botlalo jaaka Jesu, mme gone a re ka leka go tokafatsa selekanyo se re bontshang bonolo ka sone?

18. (a) Go nna bonolo go mosola ka eng? (b) Ke nonofo efe e nngwe e re rotloediwang go e latelela?

18 E kete re ka etsa Jesu ka go nna ‘ka metlha re iketleeleditse go femela’ dilo tse re di dumelang, re “dira jalo ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Pet. 3:15) Ee, fa re le bonolo, seo se ka thibela gore re se ka ra felela re omana le batho mo bodireding kgotsa le badumedi ka rona, fa re sa lebe dilo ka tsela e e tshwanang. (2 Tim. 2:24, 25) Bonolo bo re thusa gore re nne le kagiso. Gongwe ke sone se Paulo, mo lekwalong la bobedi le a neng a le kwalela Timotheo, a neng a umaka “kagiso” fa a ne a tlhalosa dinonofo tse re tshwanetseng go di latelela. (2 Tim. 2:22; bapisa 1 Timotheo 6:11.) Ee, “kagiso” ke nngwe ya dinonofo tse Dikwalo di re kgothaletsang go di latelela.—Pes. 34:14; Baheb. 12:14.

19. Fa o sena go sekaseka dinonofo tse supa tsa Bokeresete, o iketleeditse go latelela eng, mme ka ntlha yang?

19 Re tlotlile ka bokhutshwane ka dinonofo di le supa tsa Bokeresete tse re rotloediwang go di latelela—tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko, bonolo le kagiso. A bo go le molemo jang fa mo phuthegong nngwe le nngwe bakaulengwe le bokgaitsadi ba leka ka natla go bontsha dinonofo tseno tsa botlhokwa ka tsela e kgolwane! Seno se tla tlisetsa Jehofa tlotlo mme se mo letle gore a bope mongwe le mongwe wa rona ka tsela e e tla mo tlisetsang pako.

Dintlha Tse re ka Tlhatlhanyang ka Tsone

• Go latelela tshiamo le boineelo jwa bomodimo go akaretsa eng?

• Ke eng se se tla re thusang go latelela tumelo le boitshoko?

• Lorato lo tshwanetse go ama jang tsela e re dirisanang le ba bangwe ka yone?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go latelela bonolo le kagiso?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Jesu o ne a tlhagisa gore motho ga a tshwanela go itshupa a siame go kgatlha batho

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Re ka latelela tumelo ka go tlhatlhanya ka dithuto tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Re ka latelela lorato le bonolo