Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikobele Bolaodi Jwa ga Jehofa

Ikobele Bolaodi Jwa ga Jehofa

Ikobele Bolaodi Jwa ga Jehofa

“Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 JOH. 5:3.

1, 2. (a) Ke eng fa batho ba bantsi gompieno ba sa rate kgang ya go laolwa? (b) A ruri batho ba ba reng bone ga ba dumele gore ope a ba bolelele gore ba tshele jang ba dira fela se se batlwang ke bone? Tlhalosa.

GOMPIENO batho ba bantsi ga ba batle go laolwa ke batho ba bangwe. Batho ba ba ipolelang gore ga ba batle go laolwa ke ope ba na le maikutlo a gore, “Nna ga ke bolelelwe ke ope gore ke dire eng!” Le fa go ntse jalo, a mme gone batho bano ba dira fela se se batlwang ke bone? Le e seng! Bontsi jwa bone ba laolwa ke mekgwa ya boidiidi jwa batho ba ba ‘bopegileng jaaka tsamaiso eno ya dilo.’ (Bar. 12:2) Go na le gore ba bo ba dira se bone ba se ratang, ke “batlhanka ba go bola,” fa re dirisa mafoko a a neng a dirisiwa ke moaposetoloi wa Mokeresete, e bong Petere. (2 Pet. 2:19) Ba tsamaya “go ya ka tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno, go ya ka mmusi wa taolo ya moya,” e bong Satane Diabolo.—Baef. 2:2.

2 Mokwadi mongwe o kile a ikgantsha ka go re: “Ga ke letlelele batsadi ba me, kana moruti, kana Baebele gore e ntirele ditshwetso.” Gone batho bangwe ba ka nna ba dirisa taolo e ba nang le yone ka tsela e e sa siamang mme ba bo ba sa tshwanelwe ke gore re ba ikobele. A mme go sa batle go kaelwa ka tsela le fa e le epe fela go botlhale? Fa re bala makwalodikgang re bona karabo e e hutsafatsang. Go utlwisa botlhoko gore gompieno batho ba bantsi ga ba a ikemisetsa go amogela kgakololo mme ke yone nako e tota ba e tlhokang thata.

Tsela e re Tshwanetseng go Leba Bolaodi ka Yone

3. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bontsha jang gore ga ba dire sengwe le sengwe fela se balaodi ba batho ba reng ba se dire?

3 Rona Bakeresete, ga re lebe dilo jaaka batho mo lefatsheng ba di leba. Ga se gore re dira sengwe le sengwe fela se go tweng re se dire. Go na le moo, ka dinako tse dingwe re tshwanetse go gana go ineela go dira se batho ba bangwe ba batlang gore re se dire le fa e le batho ba ba nang le taolo. Le Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba gana go ineela. Ka sekai, fa baaposetoloi ba ne ba laelwa gore ba emise go rera, ga ba a ka ba ineela go dira se moperesiti yo mogolo le balaodi ba bangwe ba Sanehederine ba neng ba batla gore ba se dire. Ga ba a ka ba tlogela go dira se se siameng e le fela gore ba dire se se batlwang ke balaodi ba batho.—Bala Ditiro 5:27-29.

4. Ke dikai dife tse di mo Dikwalong tsa Sehebera tse di bontshang gore batho ba bantsi ba Modimo ga ba a ka ba dira se batho ba neng ba lebeletse gore ba se dire?

4 Batlhanka ba bantsi ba Modimo mo motlheng wa pele ga Bokeresete le bone ba ne ba ititaya sehuba go dira se se tshwanang. Ka sekai, Moshe o ne “a gana go bidiwa morwa morwadia Faro, a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo,” le fa go dira jalo go ne ga dira gore ‘kgosi e nne bogale.’ (Baheb. 11:24, 25, 27) Josefa ga a ka a ineela fa a ne a raelwa ke mosadi wa ga Potifaro, yo o neng a ka ipusolosetsa le go mmakela mathata. (Gen. 39:7-9) Daniele o ne “a ikemisetsa mo pelong ya gagwe gore o ne a se kitla a ikgotlela ka dijo tsa maemo tsa kgosi” le fa modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgosi a ne a sa dumalane le tsela e a neng a dira dilo ka yone. (Dan. 1:8-14) Dikai tseo di bontsha gore batho ba Modimo ga ba bolo go nna ba emela se se siameng, go sa kgathalesege ditlamorago. Ba ne ba sa dire se se batlwang ke batho e le fela gore ba ba rate; le rona ga re a tshwanela go dira jalo.

5. Tsela e re lebang bolaodi ka yone e farologana jang le e batho mo lefatsheng ba bo lebang ka yone?

5 Bopelokgale jwa rona ga bo reye gore re ditlhogodithata; e bile ga re tshwane le batho ba bangwe ba ba tsuologang fela ka gonne ba sa dumalane le tsamaiso ya bopolotiki. Go na le moo re ikemiseditse gore re tla ikobela bolaodi jwa ga Jehofa go na le jwa motho le fa e le ofe. Fa melao ya batho e thulana le molao wa Modimo, ga re thatafalelwe ke go dira tshwetso ya gore re tla dira eng. Jaaka baaposetoloi ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re utlwa Modimo e le mmusi go na le batho.

6. Ke eng fa go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa go le molemo ka metlha?

6 Ke eng se se re thusitseng go amogela bolaodi jwa Modimo? Re dumalana le se se kwadilweng mo go Diane 3:5, 6: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” Re dumela gore sengwe le sengwe se Modimo a batlang gore re se dire, kgabagare se tla re solegela molemo. (Bala Duteronome 10:12, 13.) Jehofa o ne a itlhalosetsa Baiseraele a re ke ‘Yo o ba rutang gore ba solegelwe molemo, Yo o dirang gore ba gate mo tseleng e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone.’ Go tswa foo o ne a re: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” (Isa. 48:17, 18) Re dumela mafoko ao. Re tlhomamisegile gore ka metlha re solegelwa molemo fa re ikobela ditaelo tsa Modimo.

7. Re tshwanetse go dira eng fa re sa tlhaloganye ka botlalo taelo nngwe e e mo Lefokong la Modimo?

7 Re amogela bolaodi jwa ga Jehofa e bile re a mo ikobela le fa re sa tlhaloganye ka botlalo lebaka la go bo re tshwanetse go dira sengwe se re se laelwang mo Lefokong la gagwe. Seno ga se reye gore re dumela sengwe le sengwe fela; se kaya gore re a mo ikanya. Se bontsha gore re tlhatswegile pelo ka botlalo gore Jehofa o itse se se re siametseng. Gape fa re ikobela Modimo re a bo re bontsha gore re a mo rata, ka gonne moaposetoloi Johane o ne a re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.” (1 Joh. 5:3) Mme go na le sengwe gape se re tshwanetseng go nna re se gakologetswe malebana le go nna kutlo.

Go Thapisa Bokgoni Jwa Rona Jwa go Lemoga

8. ‘Go thapisiwa ga bokgoni jwa rona jwa go lemoga’ go amana jang le go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa?

8 Baebele e re bolelela gore ‘bokgoni jwa rona jwa go lemoga bo tshwanetse go thapisiwa ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ (Baheb. 5:14) Ka jalo, ga re batle go ikobela melao ya Modimo e le seomodiro fela; go na le moo, re batla go nna le bokgoni jwa go ‘farologanya se se siameng le se se sa siamang’ go ya ka melao ya ga Jehofa. Re batla go bona kafa go leng botlhale ka teng go tsamaya ka ditsela tsa ga Jehofa, gore re tle re bue jaaka mopesalema a kile a bua a re: “Molao wa gago o mo teng ga me.”—Pes. 40:8.

9. Re ka dira jang gore segakolodi sa rona se tsamaisane le melao ya ga Jehofa, mme ke eng fa go le botlhokwa gore re dire jalo?

9 Gore re kgone go bona kafa melao ya Modimo e leng molemo ka teng jaaka mopesalema, re tshwanetse go tlhatlhanya ka se re se balang mo Baebeleng. Ka sekai, fa re ithuta ka sengwe se Jehofa a batlang gore re se dire, re ka nna ra ipotsa jaana: ‘Taelo eno kana molaomotheo ono o molemo ka eng? Nka solegelwa molemo jang fa ke o ikobela? Batho ba ba ileng ba tlhokomologa kgakololo ya Modimo mo kgannyeng eno ba ile ba tlelwa ke ditlamorago dife tse di maswe?’ Fa segakolodi sa rona se tsamaisana le ditsela tsa ga Jehofa jalo, re tla dira ditshwetso tse di dumalanang le thato ya gagwe. Re tla kgona go ‘tswelela re lemoga se e leng thato ya ga Jehofa’ mme re bo re bontsha seo ka go nna kutlo. (Baef. 5:17) Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go dira jalo.

Satane o Batla go Nyatsa Bolaodi Jwa ga Jehofa

10. Satane o nyaditse bolaodi jwa Modimo mo dilong dife?

10 Satane ga a bolo go batla go nyatsa bolaodi jwa Modimo. Moya wa gagwe wa boitaolo o bonala ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, akanya kafa batho ba sa tseyeng thulaganyo ya Modimo ya lenyalo masisi ka teng. Bangwe ba nna mmogo fela ba sa nyalana, mme ba bangwe bone ba loga maano a go kgaogana le balekane ba bone ba lenyalo. Batho bano botlhe ba ka tswa ba dumalana le mafoko a mosadi mongwe yo e leng motshameki yo o itsegeng thata wa thelebishene, yo o neng a re: “Go ka se kgonege gore motho a nne le molekane a le mongwe fela, e ka tswa e le monna kana e le mosadi.” O ne a boa a re: “Ga ke itse motho ope yo o ikanyegang mo molekaneng wa gagwe, kana yo o batlang go ikanyega.” Monna mongwe yo e leng motshameki wa thelebishene yo o itsegeng thata le ene o ne a bua jaana a akantse ka manyalo a gagwe a a thubegileng: “Ga ke dumele gore motho a ka kgona go nna a nyalane le motho a le mongwe fela botshelo jwa gagwe jotlhe.” Re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A ke ikobela bolaodi jwa ga Jehofa mo kgannyeng ya lenyalo, kana tsela e lefatshe le sa tseyeng lenyalo masisi ka yone e setse e tshwaeditse tsela e ke akanyang ka yone?’

11, 12. (a) Ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore basha ba ikobele bolaodi jwa ga Jehofa? (b) Tlhalosa maitemogelo a a bontshang kafa go sa ikobele melao le melaometheo ya ga Jehofa e leng boeleele ka teng.

11 A o mosha yo o mo phuthegong ya ga Jehofa? Fa go ntse jalo, Satane a ka tswa a ikaeletse go dira gore o se ka wa ikobela bolaodi jwa ga Jehofa. “Dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone” mmogo le kgatelelo ya dithaka di ka nna tsa dira gore o akanye gore melao ya Modimo e bokete. (2 Tim. 2:22) O se ka wa ba wa akanya jalo. Leka go bona kafa go leng botlhale ka teng go ikobela melao ya Modimo. Ka sekai, Baebele ya re o ‘tshabe kgokafalo.’ (1 Bakor. 6:18) Le mo kgannyeng eno, ipotse dipotso tseno: ‘Ke eng fa go le botlhale go ikobela taelo eo? Go nna kutlo mo kgannyeng eno go tla ntsholegela molemo jang?’ O ka tswa o itse batho bangwe ba ba neng ba tlhokomologa kgakololo ya Modimo ba bo ba tlelwa ke ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tota. A ruri ba itumetse gompieno? A ba tshela botoka go feta ka nako ya fa ba ne ba sa ntse ba le mo phuthegong ya ga Jehofa? A ruri ba bone sephiri sengwe sa boitumelo se batlhanka ba bangwe ba Modimo ba iseng ba se bone?—Bala Isaia 65:14.

12 Akanya ka se se neng sa buiwa ke Mokeresete mongwe yo o bidiwang Sharon mo nakong e e fetileng: “Ke tsenwe ke bolwetse jo bo bolayang jwa AIDS ka ntlha ya go sa ikobele molao wa ga Jehofa. Gantsi ke gopola dingwaga tse dintsi tsa fa ke ne ke direla Jehofa ke itumetse.” O ne a lemoga kafa e neng e le boeleele ka teng go sa ikobele melao ya ga Jehofa le gore o tshwanetse a ka bo a ile a e tseela kwa godimo thata. Melao ya ga Jehofa e sireletsa rona. Sharon o ne a tlhokafala dibeke di le supa fela a sena go kwala mafoko a a fa godimo. Jaaka ditiragalo tse di botlhoko tsa botshelo jwa gagwe di bontsha, Satane ga a direle batho ba ba nnang karolo ya tsamaiso eno e e boikepo sepe se se molemo. Jaaka e le “ramaaka” o solofetsa batho dilo tse dintsi, mme dilo tseo ga di diragale, fela jaaka se a neng a se solofeditse Efa se sa diragala. (Joh. 8:44) Eleruri, go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa go molemo ka metlha.

Itise Gore O se Ka wa Nna le Moya wa Boitaolo

13. Boemo bongwe jo re tshwanetseng go itisa gore re se ka ra nna le moya wa boitaolo mo go jone ke bofe?

13 Fa re ikobela bolaodi jwa ga Jehofa, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra nna le moya wa boitaolo. Boikgogomoso bo ka dira gore re akanye gore ga re tlhoke go newa kgakololo ke ope. Ka sekai, re ka nna ra gana go amogela kgakololo e re e newang ke ba ba eteletseng batho ba Modimo pele. Modimo o dirile thulaganyo e setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se e dirisang go aba dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. (Math. 24:45-47) Re tshwanetse go dumela ka boikokobetso gore eno ke tsela e Jehofa a e dirisang go tlhokomela batho ba gagwe gompieno. Dira jaaka baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ne ba dira. Fa barutwa bangwe ba ga Jesu ba ne ba kgopisega mme ba tlogela go mo sala morago, Jesu o ne a botsa baaposetoloi jaana: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” Petere o ne a araba a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.”—Joh. 6:66-68.

14, 15. Ke eng fa re tshwanetse go ikokobetsa mme ra ikobela kgakololo e e mo Baebeleng?

14 Go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa go akaretsa go dira go dumalana le kgakololo e e theilweng mo Lefokong la gagwe. Ka sekai, setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se ntse se re tlhagisa gore re ‘nne re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.’ (1 Bathes. 5:6) Kgakololo eo e a tshwanela tota mo metlheng eno ya bofelo, e mo go yone batho ba bantsi e leng “baithati, barati ba madi.” (2 Tim. 3:1, 2) A le rona re ka tshwaediwa ke mekgwa eno e batho ba bantsi ba nang le yone? Ee. Go ipeela mekgele e e sa amaneng ka gope le go direla Modimo go ka dira gore re robale ka tsela ya semoya, kana re ka nna ra simolola go rata dikhumo. (Luke 12:16-21) Ka jalo, go botlhale tota go amogela kgakololo ya Baebele mme re tile go tshela botshelo jwa boithati jo bo tshelwang ke batho ba bantsi mo lefatsheng la ga Satane!—1 Joh. 2:16.

15 Bagolwane ba ba tlhomilweng ba naya diphuthego dijo tsa semoya tse di tswang kwa motlhankeng yo o boikanyego le yo o botlhale. Baebele e re gakolola jaana: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.” (Baheb. 13:17) A seno se raya gore bagolwane ba phuthego ga ba dire diphoso? Nnyaa! Modimo o bona diphoso tsa bone sentle go feta tsela e batho ba di bonang ka yone. Mme o ntse a lebeletse gore re ba ikobele. Go dirisana le bagolwane sentle, le fa ba dira diphoso, ke bosupi jwa gore re ikobela bolaodi jwa ga Jehofa.

Kafa Boikokobetso bo Leng Botlhokwa ka Teng

16. Re ka bontsha jang gore re tlotla Jesu jaaka e le ene Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete?

16 Ka metlha re tshwanetse go gakologelwa gore ruri Jesu ke Tlhogo ya phuthego. (Bakol. 1:18) Leo ke lengwe la mabaka a go bo re ikobela kaelo ya bagolwane ba ba tlhomilweng, re ba ‘tlotla ka tsela e e fetang e e tlwaelegileng.’ (1 Bathes. 5:12, 13) Ee, bagolwane ba phuthego ba ka bontsha gore le bone ba boikobo ka go nna kelotlhoko gore ba neye phuthego molaetsa wa Modimo, e seng se bone ba se akanyang. Ga ba ye “ka kwa ga dilo tse di kwadilweng” ka go buelela tsela e bone ba lebang dilo ka yone. —1 Bakor. 4:6.

17. Ke eng fa go rata maemo go le kotsi?

17 Botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba batla go itlotlomatsa. (Dia. 25:27) Go bonala morutwa mongwe yo moaposetoloi Johane a neng a kopana le ene a ne a wetse mo serung se se ntseng jalo. Johane o ne a kwala jaana: “Dioterefese, yo o ratang go nna le maemo a ntlha mo gare ga bone, ga a amogele sepe mo go rona ka tlotlo. Ke gone ka moo e tla reng fa ke tla, ke tla dirang gore go gakologelwe ditiro tsa gagwe tse a tswelelang a di dira, a balabala ka rona ka mafoko a boikepo.” (3 Joh. 9, 10) Le rona gompieno re ithuta sengwe mo go seo. Re tshwanetse go tlosa gotlhelele keletso epe fela e re ka tswang re na le yone ya go rata maemo. Baebele ya re: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.” Batho ba ba ikobelang bolaodi jwa Modimo ba tshwanetse go emelana le seru sa go rata go ipaya kwa pele, ka gonne fa ba sa dire jalo ba tla tlontlologa.—Dia. 11:2; 16:18.

18. Ke eng se se tla re thusang go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa?

18 Ee, leka ka natla go gana moya wa lefatshe wa boitaolo mme o ikobele bolaodi jwa ga Jehofa. Nako le nako, tlhatlhanya ka tshiamelo e kgolo e o nang le yone ya go direla Jehofa. Go bo o le mo gare ga batho ba Modimo ke bosupi jwa gore o go gogile ka moya wa gagwe o o boitshepo. (Joh. 6:44) Le ka motlha o se ka wa tsaya kamano ya gago le Modimo motlhofo. Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o gane moya wa boitaolo mme o ikobele bolaodi jwa ga Jehofa mo go sengwe le sengwe mo botshelong.

A o A Gakologelwa?

• Go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa go akaretsa eng?

• Go thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga go amana jang le go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa?

• Satane o leka go nyatsa bolaodi jwa Modimo mo maemong afe?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore motho a bo a ikokobeditse gore a kgone go ikobela bolaodi jwa ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

“Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho”

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ka metlha go botlhale go ikobela melao ya Modimo