Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maano ga a Site

Maano ga a Site

Maano ga a Site

MAKAWANA mangwe a le mararo mo Afrika Bogare a ne a batla go ya kwa kopanong ya kgaolo ya lefelo la bone. Ba ne ba tla fitlha jang koo? Lefelo la kopano le ne le le sekgala sa dikilometara di ka nna 90 go tswa mo ba nnang teng, mme tsela e e yang koo e ne e le maswe thata e bile e le dithole, mme ba ne ba se na sepalangwa se ba ka tsamayang ka sone. Ba ne ba swetsa ka gore ba adime dibaesekele tse tharo mme ga ba a ka ba kgona go bona dibaesekele tse di siametseng gore ba ka tsamaya ka tsone.

Mogolwane mongwe wa phuthego ya bone o ne a lemoga bothata jo ba lebaneng le jone mme a ba adima baesekele ya gagwe—e le ya bogologolo mme e sa ntse e bereka sentle. O ne a ba tlhalosetsa kafa ene le batho ba bangwe ba neng ba dira ka teng mo nakong e e fetileng gore ba kgone go fitlha kwa kopanong ya kgaolo. O ne a ba naya kakantsho ya gore ba dirise baesekele e le nngwe ba le bararo. E ne e le tharabololo e e bonolo, mme e tlhoka go rulaganngwa ka matsetseleko. Tota ba ne ba ka kgona jang go dirisa baesekele e le nngwe ba le bararo?

Makawana ano a ne a kopana go sa le makuku gore ba se ka ba tsamaya mo letsatsing le le mogote, ba bo ba pega morwalo wa bone mo baesekeleng. Wa ntlha o ne a tsamaela kwa pele ka baesekele fa ba bangwe ba babedi ba ne ba tla ba gata ba gatoga kwa morago. Morago ga mo e ka nnang dimmetara di le 500, yo o pagameng baesekele eno e e rweleng morwalo o ne a ema a bo a e aega ka setlhare. Gone mme, o ne a nna kelotlhoko gore o e baya fa bakaulengwe ba bangwe ba neng ba ka kgona go e bona teng, e se re kgotsa mongwe a e “ikadima.” Go tswa foo mokaulengwe yo o neng a simolotse a tsamaya ka baesekele o ne a tswelela ka loeto a tsamaya ka dinao.

Fa bakaulengwe ba bangwe ba babedi ba fitlha fa baesekeleng, yo mongwe o ne a e pagama mme yo mongwe a nna a tsamaya ka dinao sekgala se sengwe gape sa dimmetara di ka nna 500 pele a tsamaya ka baesekele. Ka ntlha ya go rulaganya dilo sentle le go ikemisetsa, bakaulengwe ba bararo bano ba ne ba kgona go tsamaya ka dinao sekgala sa dikilometara di le 60 mo boemong jwa tse 90. Matsapa a bone ga e a ka ya nna a lefela. Ba ne ba kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete kwa kopanong mme ba itumelela mokete wa dijo tsa semoya. (Dute. 31:12) A o tla dira sotlhe se o ka se kgonang gore o nne gone kwa kopanong ya kgaolo ya lefelo la lona monongwaga?