Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa Gone Jaanong?
Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa Gone Jaanong?
“Letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.”—DIT. 5:42.
1, 2. (a) Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka mokgwa ofe wa go rera? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
KE SENGWE se se bonwang thata mo e batlileng e le mo setšhabeng sengwe le sengwe mo lefatsheng. Batho ba babedi ba ba apereng sentle ba tla mo legaeng lengwe ba bo ba leka go bolelela mong wa ntlo molaetsa o mokhutshwane go tswa mo Baebeleng ka ga Bogosi jwa Modimo. Fa a bontsha gore o kgatlhegela molaetsa, ba ka nna ba mo naya dibuka tse di theilweng mo Baebeleng ba bo ba ithaopa gore ba ka ithuta Baebele le ene mo gae mahala. Go tswa foo ba fetela kwa ntlong e e latelang. Fa e le gore o a tle o dire tiro eno, o tshwanetse wa bo o fitlhela gore gantsi batho ba lemoga gore o Mosupi wa ga Jehofa, tota le pele o simolola go bua. Ee ruri, re setse re itsege ka go rera ka ntlo le ntlo.
2 Re dirisa mekgwa e e farologaneng go dira se Jesu a laetseng gore re se dire e leng go rera le go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) Re rera mo marekisetsong, mo mebileng le mo mafelong a mangwe a batho botlhe. (Dit. 17:17) Re buisana le batho ba le bantsi ka go ba leletsa mogala le ka go ba kwalela. Fa re dira ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi re bolelela ba re kopanang le bone dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. E bile re na le aterese e e kafa molaong ya Internet, e e thusang batho go bona tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng ka dipuo di feta 300. * Mekgwa eno yotlhe e na le maduo a a molemo. Le fa go ntse jalo, mo mafelong a mantsi, tsela ya konokono e re anamisang dikgang tse di molemo ka yone ke ka go rera ka ntlo le ntlo. Mokgwa ono wa go rera o theilwe kae? Go tlile jang gore batho ba Modimo mo metlheng eno ba o dirise thata jaana? Mme ke eng fa o le botlhokwa gone jaanong?
Mokgwa o o Neng o Dirisiwa ke Baaposetoloi
3. Jesu o ne a naya baaposetoloi ditaelo dife malebana le go rera, mme seno se bontsha eng malebana le kafa ba neng ba tshwanetse go rera ka teng?
3 Mokgwa wa go rera ka ntlo le ntlo o theilwe mo Dikwalong. Fa Jesu a ne a romela baaposetoloi ba gagwe go ya go rera, o ne a ba laela jaana: “Mo motseng le fa e le ofe o lo tsenang mo go one kgotsa motsana, batlisisang gore ke mang mo go one yo o tshwanetseng.” Ba ne ba tla batla jang batho ba ba tshwanetseng? Jesu o ne a ba raya a re ba ye kwa magaeng a batho, a re: “Fa lo tsena mo ntlong, dumedisang ba ntlo eo; mme fa ntlo eo e tshwanetse, a kagiso e lo e e eleletsang e nne mo go yone.” A ba ne ba tshwanetse go eta fela ba sa lalediwa pele? Ela tlhoko mafoko a Jesu a a buang morago ga moo: “Gongwe le gongwe fela koo ope a sa lo tsholeng gone kgotsa a sa reetseng mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo kgotsa mo motseng oo lo tlhotlhoreng lorole mo dinaong tsa lona.” (Math. 10:11-14) Ditaelo tseno di bontsha sentle gore fa baaposetoloi ba ntse ba “ralala karolo ya naga go tswa motsaneng go ya motsaneng o mongwe, ba bolela dikgang tse di molemo,” ba ne ba tshwanetse gore e nne bone ba etelang batho kwa magaeng a bone.—Luke 9:6.
4. Ke fa kae mo Baebeleng fa go rera ka ntlo le ntlo go umakwang ka tlhamalalo teng?
4 Baebele e umaka ka tlhamalalo gore baaposetoloi ba ne ba rera ka ntlo le ntlo. Ka sekai, Ditiro 5:42 e bolela jaana ka bone: “Letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.” Dingwaga di ka nna 20 moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a gakolola banna ba bagolwane ba phuthego ya Efeso a re: “Ke ne ke sa ithibe go lo bolelela sepe sa dilo tse di neng di na le poelo le fa e le go lo ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.” A Paulo o ne a etela bagolwane bao pele ga ba nna badumedi? Go lebega jalo ka gonne dingwe tsa dilo tse a neng a di ba ruta e ne e le “kaga boikwatlhao mo Modimong le tumelo mo Moreneng wa rona Jesu.” (Dit. 20:20, 21) Buka ya ditlhaloso ya Word Pictures in the New Testament ya ga Robertson e akgela jaana ka Ditiro 20:20: “Go botlhokwa go ela tlhoko gore moreri yono yo mogolo go gaisa botlhe o ne a rera ka ntlo le ntlo.”
Mophato wa Tsie wa Motlha wa Gompieno
5. Tiro ya go rera e tshwantshiwa le eng mo boporofeting jwa ga Joele?
5 Tiro ya go rera e e neng e dirwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le maoko fela a tiro e kgolo thata e e neng e tlile go dirwa mo motlheng wa rona. Moporofeti Joele o ne a tshwantsha tiro ya go rera ya Bakeresete ba ba tloditsweng le petso ya ditshenekegi tse di senyang, tse di akaretsang le tsie. (Joele 1:4) Tsie eno e tsamaya jaaka mophato, e feta fa godimo ga dikgoreletsi, e tsena mo matlong, e bo e kometsa sengwe le sengwe se e se bonang. (Bala Joele 2:2, 7-9.) A bo e le setshwantsho se se tshwanelang sentle jang ne se se bontshang kafa batho ba Modimo ba itshokang ka teng le kafa ba dirang ka tlhoafalo ka teng fa ba ntse ba dira tiro ya go rera mo metlheng ya gompieno! Go rera ka ntlo le ntlo ke mokgwa wa konokono o Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” ba o dirisang go diragatsa setshwantsho seno sa boporofeti. (Joh. 10:16) Go tlile jang gore rona Basupi ba ga Jehofa re simolole go dirisa mokgwa ono wa go rera o o neng o dirisiwa ke baaposetoloi?
6. Ka 1922, go ne ga ntshiwa kgothatso efe ya go rera ka ntlo le ntlo, mme bangwe ba ne ba dira eng?
6 Go tloga ka 1919 go ya pele, go ile ga gatelelwa gore Mokeresete mongwe le mongwe o na le boikarabelo jwa go rera. Ka sekai, setlhogo se se reng “Tirelo e Botlhokwa” mo makasineng wa Watch Tower wa August 15, 1922 (ka Seesemane), se ne sa gopotsa Bakeresete ba ba tloditsweng kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba “tlhoafale ba ise molaetsa o o gatisitsweng kwa bathong le go bua le bone mo matlong a bone, ba ba rerela gore bogosi jwa
legodimo bo atametse.” Kgatiso ya Bulletin (e jaanong e leng Tirelo ya Rona ya Bogosi) e ne ya naya dikakantsho tse di neng di tlhalosa ka botlalo se re neng re ka se bua fa re rera. Le fa go ntse jalo, kwa tshimologong palo ya batho ba ba neng ba tsena ntlo le ntlo ba rera e ne e le nnye. Ba bangwe ba ne ba sa dire jalo. Ba ne ba na le mabaka a a farologaneng, mme bothata jo bogolo e ne e le gore bangwe ba ne ba dumela gore go rera ka ntlo le ntlo go ne go tla ba diga seriti. Fa botlhokwa jwa tirelo ya tshimo bo ntse bo gatelelwa, ka iketlo ba le bantsi ba batho bao ba ne ba tlogela go kopanela le phuthego ya ga Jehofa.7. Ka bo1950, go ne ga bonala go tlhokega gore go dirwe eng?
7 Mo masomeng a dingwaga a a neng a latela, tiro ya go rera e ne ya oketsega. Le fa go ntse jalo, go ne ga bonala sentle gore batho ba ne ba sa ntse ba tlhoka go thapisiwa mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Ka sekai, akanya ka se se neng se direga kwa United States. Kwa tshimologong ya bo1950, diperesente di le 28 tsa Basupi mo nageng eo ba ne ba rera fela ka go tsamaisa dipampitshana kgotsa go ema mo mebileng ba tshotse dimakasine. Ba ba fetang diperesente di le 40 ba ne ba sa dire tiro ya go rera ka metlha, ba fetisa dikgwedi tse dintsi ba sa rera ka tsela epe fela. Go ne go ka dirwang go thusa Bakeresete botlhe ba ba ineetseng gore ba rere ka ntlo le ntlo?
8, 9. Go ne ga simololwa thulaganyo efe ya thapiso ka 1953, mme ga nna le diphelelo dife?
8 Kwa kopanong ya ditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa New York City ka 1953, go ne ga buiwa thata ka bodiredi jwa go rera ka ntlo le ntlo. Mokaulengwe Nathan H. Knorr o ne a bolela gore tiro e kgolo ya balebedi botlhe ba Bakeresete e tshwanetse ya nna go thusa Mosupi mongwe le mongwe gore a nne modiredi yo o rerang ka ntlo le ntlo ka metlha. O ne a re: “Mongwe le mongwe o tshwanetse a kgona go rera dikgang tse di molemo ka ntlo le ntlo.” E le gore seo se direge, go ne ga simololwa thulaganyo ya thapiso mo lefatsheng lotlhe. Ba ba neng ba ise ba simolole go rera ka ntlo le ntlo ba ne ba thapisediwa go buisana le batho mo magaeng a bone, go ba tlhalosetsa dithuto tsa Baebele le go araba dipotso tsa bone.
9 Thulaganyo eno ya thapiso e ne ya nna le diphelelo tse di molemo. Mo dingwageng di le lesome, palo ya baboledi mo lefatsheng lotlhe e ne ya oketsega ka diperesente di le 100, palo ya maeto a go boela ka diperesente di le 126 mme palo ya dithuto tsa Baebele yone e ne ya oketsega ka diperesente di le 150. Gompieno mo e batlileng e le baboledi ba Bogosi ba le dimilione tse supa ba rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Koketsego eno e e tlhomologileng ke bosupi jwa gore Jehofa o segofatsa maiteko a batho ba gagwe mo bodireding jwa ntlo le ntlo.—Isa. 60:22.
Go Tshwaya Batho ba ba Tla Falolang
10, 11. (a) Esekiele o ne a bontshiwa ponatshegelo efe, jaaka go kwadilwe mo go Esekiele kgaolo 9? (b) Ponatshegelo eo e diragadiwa jang mo motlheng wa rona?
10 Ponatshegelo nngwe e e neng ya bontshiwa moporofeti Esekiele e bontsha kafa bodiredi jwa ntlo le ntlo bo leng botlhokwa ka teng. Mo ponatshegelong eo, Esekiele o bona banna ba le barataro ba tshotse dibetsa ka diatla le monna wa bosupa a apere leloba e bile a na le kurwana ya enke ya mokwaledi fa nokeng. Monna wa bosupa o tewa go twe a ‘fete mo gare ga motse’ mme a “beye letshwao mo diphatleng tsa batho ba ba fegelwang le ba ba sonelang ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang mo gare ga one.” Morago ga tiro eo ya go tshwaya, banna ba barataro ba ba tshotseng dibetsa ba laelwa gore ba bolaye batho botlhe ba ba se nang letshwao.—Bala Esekiele 9:1-6.
11 Re tlhaloganya gore fa boporofeti jono bo diragadiwa, monna “yo o apereng leloba” o tshwantshetsa masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. Setlhopha sa batlodiwa se dirisa tiro ya go rera le go dira barutwa go baya letshwao la tshwantshetso mo bathong ba ba nnang bangwe ba “dinku tse dingwe” tsa ga Keresete. (Joh. 10:16) Letshwao leo ke eng? Ke bosupi jo bo ntseng jaaka e kete bo mo diphatleng tsa bone jwa gore dinku tseno ke barutwa ba ba ineetseng ba ba kolobeditsweng ba ga Jesu Keresete e bile ba apere botho jo bosha jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. (Baef. 4:20-24) Bano ba sekadinku ba nna letsomane le le lengwe fela le Bakeresete ba ba tloditsweng ba bo ba ba thusa mo tirong ya bone ya botlhokwa ya go tshwaya ba bangwe gape.—Tshen. 22:17.
12. Ponatshegelo ya ga Esekiele ya go tshwaiwa mo diphatleng e bontsha jang kafa go leng botlhokwa ka teng gore re tswelele pele re dira tiro ya go batla ba sekadinku?
12 Ponatshegelo ya ga Esekiele e bontsha lengwe la mabaka a go bo go potlakile thata jaana gore re nne re batle batho ba ba “fegelwang le ba ba sonelang.” Go dira jalo go ama matshelo a batho. Go ise go ye kae, masomosomo a a bolayang a ga Jehofa a kwa legodimong, a a emelwang ke banna ba barataro ba ba tshotseng dibetsa, a tla senya batho ba ba se nang letshwao la tshwantshetso. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala ka katlholo eo e e tlang, o ne a re Morena Jesu, a na le “baengele ba gagwe ba ba maatla,” o tla tlisa “pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.” (2 Bathes. 1:7, 8) Ela tlhoko gore batho ba tla atlholwa go ya ka tsela e ba itshwarang ka yone fa ba utlwa dikgang tse di molemo. Ka jalo, molaetsa wa Modimo o tshwanetse go tswelela pele o bolelwa go fitlha fela kwa bofelong. (Tshen. 14:6, 7) Seno se naya batlhanka botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa boikarabelo jo bogolo.—Bala Esekiele 3:17-19.
13. (a) Paulo o ne a ikutlwa a tshwanetse go dirang, mme ka ntlha yang? (b) O ikutlwa o na le boikarabelo bofe mo bathong ba tshimo ya lona?
13 Moaposetoloi Paulo o ne a ikutlwa a tshwanetse go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo. O ne a kwala jaana: “Ke molato mo Bagerikeng le mo Bathoseeng, mo go ba ba botlhale le ba ba se nang tlhaloganyo: ka jalo ke na le tlhagafalo ya go bolela dikgang tse di molemo le mo go lona koo kwa Roma.” (Bar. 1:14, 15) E re ka Paulo a ne a anaanela kutlwelobotlhoko e a neng a e bontshitswe, o ne a ikutlwa a patelesega go thusa ba bangwe gore ba solegelwe molemo ke bopelonomi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang, fela jaaka bo ne bo mo solegetse molemo le ene. (1 Tim. 1:12-16) Go ne go ntse jaaka e kete o kolota mongwe le mongwe yo a kopanang le ene, mme e le molato o a ka o duelang fela ka go bolelela motho yoo dikgang tse di molemo. A le wena o ikutlwa o le molato jalo mo bathong ba ba mo tshimong ya lona?—Bala Ditiro 20:26, 27.
14. Lebaka la konokono la go bo re rera phatlalatsa le ka ntlo le ntlo ke lefe?
14 Le fa go bolokwa ga matshelo a batho go le botlhokwa, go na le lebaka le legolo le go feta leo la go bo re rera ka ntlo le ntlo. Mo boporofeting jo bo kwadilweng mo go Malaki 1:11, Jehofa a re: “Go tswa botlhabatsatsi le go ya bophirimong jwa lone leina la me le tla nna legolo mo ditšhabeng, mme . . . leina la me le tla direlwa neo, le mpho e e phepa; ka gonne leina la me le tla nna legolo mo ditšhabeng.” Batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba diragatsa boporofeti jono ka go baka leina la gagwe phatlalatsa mo lefatsheng lotlhe fa ba ntse ba dira bodiredi jwa bone ka boikokobetso. (Pes. 109:30; Math. 24:14) Lebaka la konokono la go bo re rera phatlalatsa le ka ntlo le ntlo ke ka gonne re batla go naya Jehofa “setlhabelo . . . sa pako.”—Baheb. 13:15.
Ditiragalo Tsa Botlhokwa di Larile Kwa Pele
15. (a) Baiseraele ba ile ba oketsa tiro ya bone jang fa ba ntse ba gwanta go dikologa Jeriko ka letsatsi la bosupa? (b) Seno se kaya eng ka tiro ya go rera?
15 Ke eng se se sa ntseng se tla diragala ka tiro ya go rera? Re ka tshwantsha seno le go gapiwa ga Jeriko, mo go tlhalositsweng mo bukeng ya Joshua. Gakologelwa gore pelenyana fela ga Modimo a senya Josh. 6:2-5) Gongwe tiro ya rona ya go rera le yone e tla oketsega fela jalo. Kwantle ga pelaelo, fa tsamaiso ya jaanong ya dilo e senngwa, re tla bo re bone batho ba rera ka leina la Modimo le Bogosi jwa gagwe go feta le fa e le leng pele mo hisitoring ya lefatshe leno.
Jeriko, Baiseraele ba ne ba laelwa gore ba gwante go dikologa motse gangwe fela ka letsatsi malatsi a le marataro. Mme ka letsatsi la bosupa ba ne ba tla dira se se fetang seo kgakala. Jehofa o ne a raya Joshua a re: “Lo gwante go dikologa motse ga supa mme baperesiti ba letse dinaka. Mme go tla diragala gore fa ba letsa lonaka lwa phelefu, . . . batho botlhe ba tlhabe mokgosi o mogolo wa ntwa; mme lobota lwa motse lo tla salalagana.” (16, 17. (a) Go tla dirwa eng pele ‘pitlagano e kgolo’ e fela? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
16 Go tla tla nako e ka yone molaetsa o re o bolelang o tla nnang jaaka “mokgosi o mogolo wa ntwa.” Mo bukeng ya Tshenolo, melaetsa e e maatla ya katlholo e tshwantshiwa le “sefako se segolo se leje lengwe le lengwe la sone le leng mo e ka nnang bokete jwa talenta.” * Mme Tshenolo 16:21 ya re: “Sebetso sa sone se ne se le segolo mo go sa tlwaelegang.” Ga re ise re itse gore bodiredi jwa ntlo le ntlo bo tla nna le seabe sefe mo go bolelweng ga melaetsa eo ya makgaolakgang ya katlholo. Mme re ka tlhomamisega gore pele ‘pitlagano e kgolo’ e fela, batho ba tla bo ba boleletswe ka leina la ga Jehofa go feta le fa e le leng pele.—Tshen. 7:14; Esek. 38:23.
17 Fa re ntse re emetse ditiragalo tsa botlhokwa tse di larileng kwa pele, e kete re ka tswelela re bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhoafalo. Fa re ntse re dira tiro eo e re e neilweng, ke mathata afe a re kopanang le one mo bodireding jwa ntlo le ntlo, mme re ka a fenya jang? Re tla tlotla ka dipotso tseo mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 2 Aterese ya Internet ke www.watchtower.org.
^ ser. 16 Fa e le gore go buiwa ka selekanyo sa talenta ya Bagerika, leje lengwe le lengwe la sefako le ne le le bokete jwa dikilogerama di ka nna 20.
O ka Araba Jang?
• Tiro ya go rera ka ntlo le ntlo e theilwe fa kae mo Baebeleng?
• Mo metlheng ya gompieno go ne ga gatelelwa jang kafa bodiredi jwa go rera ka ntlo le ntlo bo leng botlhokwa ka teng?
• Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba na le boikarabelo jwa go rera?
• Ke ditiragalo dife tsa botlhokwa tse di sa ntseng di larile kwa pele?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 4]
A o ikutlwa o tshwanetse go rerela ba bangwe, fela jaaka moaposetoloi Paulo?
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Mokaulengwe Knorr, 1953