Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fenya Mathata a re Kopanang le One mo Bodireding Jwa Ntlo le Ntlo

Go Fenya Mathata a re Kopanang le One mo Bodireding Jwa Ntlo le Ntlo

Go Fenya Mathata a re Kopanang le One mo Bodireding Jwa Ntlo le Ntlo

“Re [ne] ra nna pelokgale ka Modimo wa rona . . . gore re bue le lona dikgang tse di molemo tsa Modimo ka go kgaratlha mo gogolo thata.”—1 BATHES. 2:2.

1. Jeremia o ne a kopana le mathata afe, mme o ne a kgona jang go a fenya?

JEREMIA e ne e le motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona. Fa Jehofa a ne a mmolelela gore o romilwe gore a nne “moporofeti mo ditšhabeng,” o ne a goela kwa godimo a re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke mosimanyana fela.” Le fa go ntse jalo, o ne a amogela kabelo eo a ikantse Jehofa. (Jer. 1:4-10) Jeremia o ne a itshoka ka dingwaga di feta 40 batho ba sa kgatlhegele molaetsa, ba sa mo amogele, ba mo sotla, e bile ba mo itaya. (Jer. 20:1, 2) Ka dinako tse dingwe, o ne a ikutlwa e kete a ka latlhela seditse. Le fa go ntse jalo, o ne a itshoka mme a bolela molaetsa o o sa rategeng mo bathong ba bontsi jwa bone ba neng ba sa o amogele. Maatla a Modimo a ne a thusa Jeremia go dira se a neng a ka se ka a kgona go se dira ka maatla a gagwe fela.—Bala Jeremia 20:7-9.

2, 3. Batlhanka ba Modimo gompieno ba lebana le mathata a a tshwanang le a ga Jeremia jang?

2 Batlhanka ba Modimo ba le bantsi gompieno ba tlhaloganya tsela e Jeremia a neng a ikutlwa ka yone. Fa re ne re akanyetsa kgang ya go rera ka ntlo le ntlo, bangwe ba rona re kile ra akanya gore, ‘Nka se tsoge ke kgonne go dira tiro eno.’ Le fa go ntse jalo, e rile re lemoga gore Jehofa o batla re rera dikgang tse di molemo, re ne ra fenya poifo ya rona mme ra tlhoafala mo tirong ya go rera. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba rona re kile ra lebana le maemo mangwe mo matshelong a rona a a neng a dira gore go nne thata go tswelela pele re rera, le fa e ne e le ka lobaka lo lo rileng fela. Ke boammaaruri gore ga se kgetsi e potlana go simolola go rera ka ntlo le ntlo le go tswelela pele o rera go ya bokhutlong.—Math. 24:13.

3 Go tweng fa e le gore o ntse o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa e bile o na le nako e telele o ya dipokanong tsa phuthego mme o tshaba go simolola go rera ka ntlo le ntlo? Kgotsa go tweng fa e le gore o Mosupi yo o kolobeditsweng yo o fitlhelang go le boima go dira tiro ya go rera ka ntlo le ntlo le fa botsogo jwa gago bo go letla go e dira? Tlhomamisega gore batho ba mefuta yotlhe ba kgona go lebana le mathata a ba kopanang le one mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Le wena o ka kgona, ka thuso ya ga Jehofa.

Go Nna Pelokgale

4. Ke eng se se neng sa dira gore moaposetoloi Paulo a kgone go rera dikgang tse di molemo ka bopelokgale?

4 O tshwanetse wa bo o lemoga gore tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e dirwa ka moya wa Modimo, e seng ka maatla kgotsa botlhale jwa motho. (Seka. 4:6) Go ntse jalo le ka bodiredi jwa Mokeresete mongwe le mongwe. (2 Bakor. 4:7) Akanya ka moaposetoloi Paulo. O ne a kwala jaana a gopotse nako ya fa ene le morongwa ka ene ba ne ba sotliwa ke baganetsi: “[Fa] re sena go boga pele le go tshwarwa ka go tlhoka maitseo . . . kwa Filipi, re [ne] ra nna pelokgale ka Modimo wa rona . . . gore re bue le lona dikgang tse di molemo tsa Modimo ka go kgaratlha mo gogolo thata.” (1 Bathes. 2:2; Dit. 16:22-24) Re ka nna ra se ka ra akanya gore moreri yo o tlhoafetseng jaaka Paulo o ne a tle a rere ka go kgaratlha. Mme Paulo o ne a tshwanelwa ke go ikanya Jehofa fela jaaka rona gore a rere dikgang tse di molemo ka bopelokgale. (Bala Baefeso 6:18-20.) Re ka etsa sekao sa ga Paulo jang?

5. Tsela nngwe e re ka nnang le bopelokgale jwa go rera ka yone ke efe?

5 Tsela nngwe e re nnang le bopelokgale jwa go rera ka yone ke ka go rapela. Mmulatsela mongwe o ne a re: “Ke rapelela gore ke kgone go bua ke sa boife, ke rapelela gore ke kgone go fitlhelela dipelo tsa batho gape ke rapelela gore ke kgone go itumelela bodiredi. Aitsane, tiro eno ke ya ga Jehofa, ga se ya rona, ka jalo ga go sepe se re ka se dirang ntle le thuso ya gagwe.” (1 Bathes. 5:17) Rotlhe re tlhoka go rapela re sa kgaotse gore Modimo a re thuse ka moya wa gagwe o o boitshepo gore re rere ka bopelokgale.—Luke 11:9-13.

6, 7. (a) Esekiele o ne a bontshiwa ponatshegelo efe, mme e ne e na le bokao bofe? (b) Batlhanka ba Modimo gompieno ba ka ithuta eng mo ponatshegelong ya ga Esekiele?

6 Buka ya Esekiele e re bolelela selo se sengwe gape se se ka re thusang go bua ka bopelokgale. Mo ponatshegelong, Jehofa o ne a naya Esekiele momeno mme mo matlhakoreng a one a mabedi go ne go kwadilwe “dipina tsa khutsafalo le selelo sa khutsafalo le go kuruetsa” mme a mo laela gore a o je, a re: “Morwa motho, o dire gore mpa ya gago e je, gore o tlatse mala a gago ka momeno ono o ke o go nayang.” Ponatshegelo eno e ne e kaya eng? Esekiele o ne a tshwanetse go itse ka botlalo molaetsa o a neng a tlile go o bolelela batho. O ne o tshwanetse go nna jaaka e kete o mo go ene, o mo ama maikutlo a a kwa tengteng. Go tswa foo moporofeti o anela jaana: “Ka simolola go o ja, mme wa nna botshe mo molomong wa me jaaka tswina ya dinotshe.” Esekiele o ne a natefelwa ke go bolela molaetsa wa Modimo phatlalatsa—go ne go tshwana le go ja tswina ya dinotshe. O ne a ikutlwa a le motlotlo go emela Jehofa le go dira tiro eno e a neng a e neilwe ke Modimo, le fa seno se ne se raya gore a ise molaetsa o o bogale mo bathong ba ba sa o amogeleng.—Bala Esekiele 2:8–3:4, 7-9.

7 Ponatshegelo eno e tshwaretse batlhanka ba Modimo gompieno thuto ya botlhokwa. Le rona re tshotse molaetsa o o bogale o re tshwanetseng go o naya batho ba ka dinako tse dingwe ba sa boneng botlhokwa jwa tiro ya rona. E le gore re tswelele pele re leba bodiredi jwa Bokeresete e le tshiamelo e e tswang kwa Modimong, re tshwanetse go ikotla sentle semoyeng. Go ithuta ka go latlhela matlho fela kgotsa go sa ithute ka metlha go ka se go thuse go itse Lefoko la Modimo ka botlalo. A o ka tokafatsa tsela e o balang Baebele kgotsa e o e ithutang ka yone kgotsa o ka go dira ka metlha go feta jaanong? A o ka oketsa selekanyo se o tlhatlhanyang ka sone ka se o se balang?—Pes. 1:2, 3.

Go Simolola Metlotlo e e Theilweng mo Baebeleng

8. Ke mokgwa ofe o o thusitseng baboledi bangwe ba Bogosi go simolola metlotlo e e theilweng mo Baebeleng fa ba le mo bodireding jwa ntlo le ntlo?

8 Baboledi ba le bantsi ba fitlhela gore fa ba le mo bodireding jwa ntlo le ntlo ba thatafalelwa thata ke go simolola motlotlo le mong wa ntlo. Gone ke boammaaruri gore mo mafelong mangwe go thata go simolola metlotlo le batho. Baboledi bangwe ba ikutlwa ba phuthologile fa ba bua le batho ba eme fa kgorong mme ba simolola motlotlo ka mafoko a se kae a ba a tlhophileng sentle go tswa foo ba bo ba naya mong wa ntlo pampitshana, jaaka go bontshitswe mo lebokoseng le le mo tsebeng eno. Setlhogo sa pampitshana kgotsa setshwantsho sa yone se sentle se ka nna sa gapa kgatlhego ya mong wa ntlo, mme seno sa dira gore re kgone go umaka ka bokhutshwane gore re tletse eng re bo re botsa potso. Mokgwa o mongwe gape e ka nna go bontsha mong wa ntlo dipampitshana tse tharo kgotsa tse nnè re bo re mo kopa gore a tlhophe e a e ratang. Gone ke boammaaruri gore mokgele wa rona ga se go tsamaisa dipampitshana fela kgotsa go di dirisa mo ntlong nngwe le nngwe mme boikaelelo ke go simolola metlotlo e e theilweng mo Baebeleng e e tla felelang ka gore re simolole dithuto tsa Baebele.

9. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go baakanyetsa sentle?

9 Le fa o ka tswa o dirisa mokgwa ofe, fa o baakanyetsa sentle o tla kgona go itshepa le go nna matlhagatlhaga mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Mmulatsela mongwe o ne a re: “Ke itumela thata fa ke baakanyeditse sentle. Seo se dira gore ke batle go bolelela batho se ke se baakanyeditseng.” Mmulatsela yo mongwe ene o ne a re, “Fa ke itse se se mo dikgatisong tse ke yang go di tsamaisa, ke di dirisa ka matlhagatlhaga.” Le fa gone go ka nna molemo go boeletsa ka tidimalo se o tlileng go se bua, ba le bantsi ba fitlhela go thusa thata go buela kwa godimo fa ba boeletsa mafoko a ba tlileng go a bua. Go dira jalo go ba thusa gore ba neele Jehofa se se molemolemo.—Bakol. 3:23; 2 Tim. 2:15.

10. Ke eng se se ka dirwang gore dipokano tsa tirelo ya tshimo di solegele baboledi molemo?

10 Dipokano tsa tirelo ya tshimo tse di nayang dikakantsho di thusa thata gore re atlege re bo re itumelele go dira bodiredi jwa ntlo le ntlo. Fa temana ya letsatsi e bua ka tiro ya go rera ka tlhamalalo, e ka nna ya balwa mme ya tlhalosiwa ka bokhutshwane. Le fa go ntse jalo, mokaulengwe yo o tshwereng pokano ya tirelo ya tshimo o tshwanetse go dirisa nako e e lekaneng a tlhalosa kgotsa a dira pontsho ya puisano e e motlhofo e e tshwanelang tshimo ya lona kgotsa a sekaseka tshedimosetso e nngwe e e mosola e e ka dirisiwang mo tshimong letsatsi leo. Seno le sone se tla thusa ba ba leng teng gore ba atlege mo tirong ya go rera. Fa bagolwane le ba bangwe ba ba tshwarang dipokano tseno ba baakanyetsa sentle go sa le gale, ba ka kgona go fitlhelela seo mme ba nne ba tshware pokano ka nako e e beilweng.—Bar. 12:8.

Kafa go Reetsa go Thusang ka Teng

11, 12. Go reetsa ka kutlwelobotlhoko go ka re thusa jang go fitlhelela dipelo tsa batho ka dikgang tse di molemo? Naya dikai.

11 Re tshwanetse go baakanyetsa sentle gore re kgone go simolola metlotlo e e theilweng mo Baebeleng le go fitlhelela dipelo tsa batho mo tshimong mme gape re tshwanetse go kgatlhegela batho go tswa pelong. Tsela e nngwe e re ka bontshang ka yone gore re kgatlhegela batho ke kafa re reetsang ka teng. Molebedi mongwe yo o etang o ne a akgela jaana: “Go nna pelotelele le go bontsha gore o rata go reetsa batho go thusa thata gore ba kgatlhegele molaetsa e bile ke tsela e e molemo ya go bontsha gore o amega ka bone.” Go reetsa mong wa ntlo ka kutlwelobotlhoko go ka dira gore a batle go tswelela pele le motlotlo, jaaka kgang e e latelang e bontsha.

12 Mo lekwalong le le neng le gatisitswe mo lokwalodikgannyeng lwa Le Progrès lwa kwa Saint-Étienne, kwa Fora, mosadi mongwe o ne a tlhalosa gore o ne a etelwa ke batho ba babedi ba ba neng ba kokota mo kgorong ya gagwe morago ga nako e khutshwane fela a sena go phatlolwa pelo ke loso lwa morwadie wa dikgwedi tse tharo. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka lemoga ka bonako fela gore ke Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke ikaeletse go ba koba ke sa ba tlhabe ka mafoko mme ke ne ka bona boroutšhara jo ba neng ba bo tsamaisa. Bo ne bo tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letla batho gore ba boge. Ka jalo ke ne ka ba tsenya mo ntlong ke ikaeletse go ganetsa se ba se buang. . . . Basupi bano ba ne ba nna nako e e fetang ura go se kae. Ba ne ba ntheetsa ka kutlwelobotlhoko tota mme fa ba tsamaya ke ne ke ikutlwa botoka thata mo ke neng ka dumela gore ba nketele gape.” (Bar. 12:15) Fa nako e ntse e ya, mosadi yono o ne a dumela gore ba ithute Baebele le ene. Re ka ela tlhoko gore se mosadi yono a se gopolang ka loeto loo lwa ntlha ga se se bokgaitsadi bao ba se buileng, mme ke kafa ba neng ba reetsa ka teng.

13. Re ka dira jang gore tsela e re rerang dikgang tse di molemo ka yone e tshwanele batho ba re kopanang le bone?

13 Fa re reetsa batho ka kutlwelobotlhoko, tota re a bo re ba letla gore ba re bolelele lebaka la go bo ba tlhoka Bogosi. Seno se dira gore re kgone go ba rerela dikgang tse di molemo botoka. O ka tswa o lemogile gore gantsi bareri ba ba atlegang ke batho ba ba kgonang go reetsa sentle. (Dia. 20:5) Ba bontsha gore tota ba kgatlhegela batho ba ba kopanang le bone mo tshimong. Ba kwala maina a bone le diaterese mme gape ba ela tlhoko dilo tse ba di ratang le tse ba di tlhokang. Fa mongwe a tlhalosa sengwe se a tshwenyegileng ka sone, ba dira dipatlisiso ba bo ba boela kwa go ene ka bonako go ya go mo tlhalosetsa se ba se boneng mo dipatlisisong tseo. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, ba dira gore tsela e ba rerang molaetsa wa Bogosi ka yone e tshwanele batho ba ba kopanang le bone. (Bala 1 Bakorintha 9:19-23.) Go kgatlhegela batho ka pelo yotlhe jalo go dira gore ba rate dikgang tse di molemo mme go bontsha sentle “bopelotlhomogi jo bo pelonomi jwa Modimo wa rona.”—Luke 1:78.

Nna o Leba Batho ka Tsela e e Siameng

14. Fa re ntse re le mo bodireding jwa rona, re ka bontsha jang dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Jehofa?

14 Jehofa o re bontshitse gore o re tsaya re le botlhokwa ka go re naya kgololesego ya go itlhophela. Le fa e le Modimo Mothatayotlhe, ga a pateletse ope gore a mo direle mme o laletsa batho ka lorato, a segofatsa ba ba amogelang dithulaganyo tsa gagwe tse di molemo. (Bar. 2:4) E re ka re le badiredi ba gagwe, re tshwanetse go iketleeletsa gore nako le nako fa re rera, re tlhalose dikgang tse di molemo ka tsela e e tshwanelang Modimo wa rona yo o kutlwelobotlhoko. (2 Bakor. 5:20, 21; 6:3-6) Re ka fitlhelela seo ka go nna re leba batho ba ba mo tshimong ya rona ka tsela e e siameng. Ke eng se se ka re thusang mo ntlheng eno?

15. (a) Jesu o ne a laela baaposetoloi ba gagwe gore ba dire eng fa batho ba sa amogele molaetsa? (b) Ke eng se se ka re thusang gore re batle batho ba ba tshwanelang?

15 Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba se ka ba tshwenyega ka tsela e e feteletseng fa bangwe ba sa amogele molaetsa mme go na le moo ba leke go batla ba ba tshwanelang. (Bala Mathaio 10:11-15.) Re ka kgona go dira jalo fa re ipeela mekgele e mennye e re ka kgonang go e fitlhelela. Mokaulengwe mongwe o itshwantsha le motho yo o batlang ditswammung tse di tlhwatlhwakgolo. Moono wa gagwe ke gore, “Ke solofela gore nako nngwe mo tsamaong ya letsatsi la gompieno, ke tla bona gouta.” Mokaulengwe yo mongwe ene o na le mokgele wa go ‘kopana le motho a le mongwe yo o kgatlhegelang molaetsa beke le beke a bo a boela kwa go ene go tsweledisa motlotlo morago ga malatsi a se kae fela.’ Baboledi bangwe ba leka go balela mong wa ntlo mongwe le mongwe bogolo temana e le nngwe fa go kgonega. Wena o ka ipeela mokgele ofe o o ka kgonang go o fitlhelela?

16. Ke mabaka afe a a dirang gore re tswelele pele re rera?

16 Go atlega ga tiro ya go rera ka ntlo le ntlo ga go laolwe fela ke gore batho mo tshimong ba amogela molaetsa jang. Ke boammaaruri gore go rera go na le seabe sa botlhokwa mo go bolokweng ga batho ba ba dipelo di ikanyegang, mme gape go fitlhelela maikaelelo a mangwe a botlhokwa. Bodiredi jwa Bokeresete bo re naya sebaka sa go bontsha gore re rata Jehofa. (1 Joh. 5:3) Bo re thusa gore re se ka ra nna le molato wa madi. (Dit. 20:26, 27) Bo tlhagisa batho ba ba sa siamang gore “nako ya [Modimo] ya go atlhola e gorogile.” (Tshen. 14:6, 7) Mo godimo ga tsotlhe, fa go ntse go rerwa dikgang tse di molemo, leina la ga Jehofa le bakwa mo lefatsheng lotlhe. (Pes. 113:3) Ka jalo, le fa batho ba reetsa kgotsa ba sa reetse, re tshwanetse go tswelela re bolela molaetsa wa Bogosi. Ee ruri, Jehofa o anaanela maiteko otlhe a re a dirang go rera dikgang tse di molemo.—Bar. 10:13-15.

17. Go ise go ye kae batho ba tla patelesega go lemoga eng?

17 Le fa batho ba le bantsi gompieno ba tlhokomologa tiro ya rona ya go rera, go ise go ye kae ba tla e leba ka tsela e sele. (Math. 24:37-39) Jehofa o ne a tlhomamisetsa Esekiele gore fa dikatlholo tse a neng a di bolela di diragala, ba ntlo ya Iseraele ya botsuolodi “ruri ba [ne ba] tla itse gore moporofeti o ne a le mo gare ga bone.” (Esek. 2:5) Ka tsela e e tshwanang, fa Modimo a diragatsa dikatlholo tsa gagwe mo tsamaisong ya jaanong ya dilo, batho ba tla patelesega go lemoga gore molaetsa o Basupi ba ga Jehofa ba neng ba o rera mo mafelong otlhe le ka ntlo le ntlo tota o ne o tswa kwa Modimong yo o esi wa boammaaruri, Jehofa, le gore tota Basupi e ne e le baemedi ba gagwe. A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go sikara leina la gagwe le go bolela molaetsa wa gagwe mo metlheng eno ya ditiragalo tsa botlhokwa! Ka thuso ya gagwe, a re tsweleleng pele re fenya mathata a re kopanang le one mo bodireding jwa ntlo le ntlo.

O ka Araba Jang?

• Re ka dira jang gore re nne pelokgale fa re rera?

• Ke eng se se ka re thusang go simolola metlotlo e e theilweng mo Baebeleng fa re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo?

• Re ka bontsha ba bangwe jang gore re ba kgatlhegela go tswa pelong?

• Ke eng se se ka re thusang gore re nne re leba batho ba ba mo tshimong ya rona ka tsela e e siameng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Tsela Nngwe ya go Simolola Metlotlo e e Theilweng mo Baebeleng

O ka simolola jaana:

▪ Fa o sena go dumedisa mong wa ntlo, o ka mo naya pampitshana o bo o re, “Gompieno ke go etetse gore ke tle go go bolelela sengwe se se kgothatsang ka kgang eno ya botlhokwa.”

▪ Kgotsa o ka tsamaisa pampitshana o bo o re, “Ke go etetse ka nakwana gompieno ka gonne nka rata go itse gore o akanyang ka kgang eno.”

Fa a amogela pampitshana:

▪ Ntle le go senya nako, mmotse gore o akanyang ka setlhogo sa pampitshana eo.

▪ Reetsa ka kelotlhoko, o leke go tlhaloganya tsela e mong wa ntlo a lebang dilo ka yone. Mo lebogele dikarabo tsa gagwe ka bopelontle.

O ka tsweledisa motlotlo jaana:

▪ Bala temana e le nngwe kgotsa di le mmalwa, mme o dire gore motlotlo o tshwanele dilo tse motho yono a di kgatlhegelang le tse a di tlhokang.

▪ Fa mong wa ntlo a bontsha gore o a rata, mo fe dikgatiso mme fa go kgonega o mmontshe kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng. Rulaganya gore o boe gape.