Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ipeele Mekgele E o Ka Kgonang go e Fitlhelela, Mme o Ipele

Ipeele Mekgele E o Ka Kgonang go e Fitlhelela, Mme o Ipele

Ipeele Mekgele E o Ka Kgonang go e Fitlhelela, Mme o Ipele

“KE RETELETSWE gape!” O setse o kile wa bua mafoko a a tshwanang le ano ga kae ka gonne o sa kgona go dira sengwe se o neng o ikaeletse go se dira? Mmè yo mmotlana wa Mokeresete a ka nna le maikutlo a a ntseng jalo ka gonne a ikutlwa a lapile ka ntlha ya go bo ngwana wa gagwe yo o sa tswang go tsholwa a tlhoka tlhokomelo ka dinako tsotlhe mme a kgobega marapo ka gonne a se na nako e ntsi ya go dira dilo tsa semoya. Mokeresete yo mongwe a ka ikutlwa a sa kgone go dira dilo dingwe ka ntlha ya tsela e a godisitsweng ka yone mme a ka akanya gore ga a kgone go dira go le gontsi mo phuthegong. Mosupi yo o godileng a ka utlwisiwa botlhoko ke gonne a sa kgone go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tsa Bokeresete jaaka a ne a kgona go dira fa a ne a sa ntse a na le maatla a magolwane e bile a kgona go tsamaya. Christiane, yo maemo a lelapa la gagwe a mo kgoreletsang go dira mo gontsi mo tirelong ya ga Jehofa ka fa a neng a ka rata go dira ka teng, a re: “Ka dinako tse dingwe puo e e newang go kgothatsa batho go nna babulatsela e dira gore ke lele.”

Re ka fenya jang maikutlo a a ntseng jalo? Bakeresete bangwe ba kgonne jang go dira gore ba lebe maemo a bone ka tsela e e tshwanetseng? Go ipeela mekgele e re ka kgonang go e fitlhelela go solegela molemo jang?

Nna Tekatekano fa o Ipeela Mekgele

Moaposetoloi Paulo o re bolelela se re ka se dirang gore re nne re ipela fa a re: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng. Ke tla boa gape ke re, Ipeleng! A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafil. 4:4, 5) Gore re ipele mme re kgotsofale mo tirelong e re e direlang Modimo, re tlhoka go nna tekatekano fa re ipeela mekgele, re lebile bokgoni jo re nang le jone le maemo a re leng mo go one. Fa re leka ka thata go fitlhelela dilo tse re ka se kang ra di kgona go sa kgathalesege gore seo se tla tlhoka gore re dire eng, re ka felela re ngomoga pelo go sa tlhokege. Kafa letlhakoreng le lengwe, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra ipabalela go feta selekanyo, re dirisa dilo tse re bonang re tlhaela mo go tsone e le seipato sa go dira go le gonnye mo bodireding jwa Bokeresete go sa tlhokege.

Le fa maemo a rona e ka tswa e le afe, Jehofa o batla gore re mo neye sotlhe se re ka se kgonang—re mo direle ka moya otlhe le ka pelo yotlhe. (Bakol. 3:23, 24) Fa re sa direle Jehofa ka bojotlhe jwa rona, re tla bo re sa tshelele boineelo jwa rona mo go ene. (Bar. 12:1) Mo godimo ga moo, re tla bo re dira gore re se ka ra nna le kgotsofalo e kgolo le boipelo jwa mmatota, mmogo le masego a mangwe a re a bonang fa re direla ka pelo yotlhe.—Dia. 10:22.

Lefoko le le ranotsweng e le “tekatekano” mo Baebeleng le na le mogopolo wa go akanyetsa ba bangwe. Mme fa le ranolwa ka tlhamalalo, le kaya go ineela. (Jak. 3:17) Gape lefoko leno le naya kgopolo ya go se gagamatse letsogo mo go feteletseng. Ka jalo he, fa re le tekatekano, re tla kgona go leba maemo a re leng mo go one ka tsela e e siameng. A go thata go dira jalo? Bangwe ba bona go le thata, le fa ba ka nna ba kgona go akanyetsa batho ba bangwe. Ka sekai, fa re bona gore tsala nngwe ya rona e lapile mo go feteletseng ka gonne e ne e dira ditiro tse dintsi thata, a ga re kitla re leka go mo thusa gore a bone kafa a ka solegelwang molemo ka teng ke go dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gagwe? Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go kgona go lemoga fa re dira dilo tse dintsi go feta kafa re ka kgonang ka teng.—Dia. 11:17.

Go ka nna thata go leba ditlhaelo tsa rona ka tsela e e siameng fa re godisitswe ke batsadi ba ba neng ba batla gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona. Fa ba ne ba sa le bana, bangwe ba ne ba akanya gore ka metlha ba ne ba tshwanetse go oketsa se ba se dirang kana go se dira botoka gore batsadi ba bone ba ba rate. Fa e le gore re ne re ikutlwa jalo, re ka nna le kakanyo e e phoso ya kafa Jehofa a re lebang ka teng. Jehofa o re rata ka ntlha ya tiro e re mo direlang yone ka pelo yotlhe. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa gore Jehofa “o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pes. 103:14) O itse fa re tlhaelang teng mme o a re rata fa re mo direla ka tlhoafalo le fa re tlhaela. Go gakologelwa gore Modimo wa rona ga se mogobagobetsi yo o gagamaditseng letsogo go tla re thusa gore re nne tekatekano fa re ipeela mekgele, re lemoga gore re na le fa re tlhaelang teng.—Mik. 6:8.

Go ntse go le jalo, batho ba bangwe ga ba kgone go leba dilo ka tekatekano jalo. Fa e le gore o ntse jalo, ke eng fa o sa kope thuso ya Mokeresete yo o nang le maitemogelo yo o go itseng sentle? (Dia. 27:9) Ka sekai, a o batla go nna mmulatsela wa ka metlha? Ono ke mokgele o montle tota! A o bona go le thata go fitlhelela mokgele ono? Gongwe o tlhoka go thusiwa gore o tlhofofatse botshelo jwa gago. Kgotsa tsala nngwe ya gago e o e ikanyang ya Mokeresete e ka go akantsha gore a tota maikarabelo a mantsi a lelapa a o nang le one a ka go letla go ipeela mokgele wa go nna mmulatsela wa ka metlha gone jaanong. A ka go thusa go bona gore a tota o ka kgona go dira ditiro tse dingwe tse o batlang go di dira, kgotsa a ka go thusa go bona gore o ka dira diphetogo dife mo botshelong jwa gago gore o kgone go di dira. Monna yo o nyetseng le ene a ka kgona go thusa mosadi wa gagwe gore a dire dilo go ya kafa bokgoni jwa gagwe bo mo letlang ka gone. Ka sekai, a ka akantsha mosadi wa gagwe gore a ikhutse pele a ka simolola tiro e nngwe mo kgweding e e latelang. Seno se ka dira gore a nonofe mme a nne a itumetse mo bodireding.

Batla Dilo Tse o ka Kgonang go di Dira

Bogodi kana botsogo jo bo ntseng bo koafala bo ka dira gore re se ka ra kgona go dira go le gontsi mo tirelong ya ga Jehofa. Fa o le motsadi, o ka nna wa akanya gore ga o solegelwe molemo thata ke go ithuta o le esi kana go ya dipokanong tsa Bokeresete ka gonne nako ya gago e ntsi le maatla o di dirisa o tlhokomela bana ba gago ba babotlana. Le fa go ntse jalo, a ka dinako tse dingwe go akanya thata ka dilo tse o sa kgoneng go di dira go ka dira gore o se ka wa lemoga se o sa ntseng o kgona go se dira?

Dingwaga di le diketekete tse di fetileng, Molefi mongwe o ne a bolela gore o na le keletso nngwe, mme o ne a sa kgone go diragatsa keletso eo. O ne a na le tshiamelo ya go direla kwa tempeleng dibeke di le pedi ngwaga le ngwaga. Le fa go ntse jalo, o ne a bolela fa a na le keletso e e molemo ya go nnela ruri gaufi le sebeso. (Pes. 84:1-3) Ke eng se se neng sa thusa monna yo o ikanyegang yono go kgotsofala? O ne a lemoga gore le eleng letsatsi le le lengwe mo malwapeng a tempele e ne e le tshiamelo e e sa tshwaneng le epe. (Pes. 84:4, 5, 10) Ka tsela e e tshwanang, go na le gore re nnele go akanya ka dilo tse re sa kgoneng go di dira, re tshwanetse go lemoga le go anaanela dilo tse re ka kgonang go di dira.

Ka sekai, akanya ka Nerlande, e leng kgaitsadi wa Mokeresete wa kwa Canada. O nna fela a le mo setulong sa maotwana mme o ne a ikutlwa a sa kgone go dira go le kalo mo bodireding. Le fa go ntse jalo, o ne a fetola tsela e a lebang dilo ka yone ka go tsaya mabenkele a a fa gaufi le fa a nnang teng e le yone tshimo ya gagwe. O tlhalosa jaana: “Ke nna mo setulong sa me sa maotwana fa thoko ga setulo sa logong se se ka fa ntle ga mabenkele. Ke itumelela go rerela batho ba ba tlang ba bo ba dula fa fatshe gore ba ikhutse go le gonnye.” Go nna le seabe mo bodireding jono jo bo botlhokwa go kgotsofatsa Nerlande fela thata.

Dira Diphetogo fa go Tlhokega

Sekepe se ka tswa se tsamaya ka lobelo lo lo kwa godimo diseile tsa sone di ntse di phailwa ke phefo. Le fa go ntse jalo, fa motsamaisi wa sekepe a lebana le matsubutsubu, o patelesega go baakanya diseile tsa sone. A ka se laole matsubutsubu, mme fa a baakanya diseile, a ka nna a kgona go tswelela a laola sekepe sa gagwe. Le rona fela jalo, gantsi ga re kgone go laola maemo a a sa itumediseng a a tshwanang le matsubutsubu, a re kopanang le one mo botshelong. Mme re ka kgona go laola matshelo a rona ka selekanyo se se rileng ka go fetola tsela e re dirisang maatla a rona, tlhaloganyo ya rona le maikutlo a rona ka yone. Fa re gopola gore maemo a rona a fetogile, re tla kgona go nna re kgotsofetse e bile re itumetse mo tirelong ya Modimo.—Dia. 11:2.

Akanya ka dikai tse dingwe. Fa re se na nonofo e e kalo, re ka bona go le molemo gore re se ka ra dira ditiro tse di tla re lapisang thata go sa le gale mo letsatsing e le gore re nne le maatla a go ya dipokanong tsa Bokeresete mo maitseboeng. Seno se tla dira gore re solegelwe molemo ka botlalo ke go nna le Bakeresete ka rona. Kana fa mmangwana a sa kgone go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo ka gonne ngwana a lwala, a ka nna a bona go thusa go kopa kgaitsadi mongwe wa Mokeresete gore a tle mo legaeng la gagwe gore ba tle go neela bosupi ka thelefouno mmogo fa ngwana a sa ntse a robetse.

Go tweng fa maemo a gago a sa go letle gore o baakanyetse sengwe le sengwe se go tla bong go tlotliwa ka sone kwa dipokanong tsa phuthego? O ka nna wa ipeela selekanyo sa gore o ka kgona go baakanyetsa go le kana kang mme o bo o baakanyetsa sentle kafa o ka kgonang ka teng. Fa re fetola mekgele ya rona e re batlang go e fitlhelela ka bonako, re ka nna re tshwaregile e bile re itumetse.

Go fetola mekgele ya rona go ka batla gore re ikemisetse re bo re tseye matsapa. Serge le Agnès, e leng banyalani ba kwa Fora, ba ne ba tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo mo dilong tse ba neng ba ikaeletse go di dira. Serge a re: “Fa re sena go itse gore Agnès o ne a solofetse ngwana, re ne ra felelwa ke tsholofelo ya gore re ka tlhola re nna barongwa.” Serge, yo jaanong a nang le bana ba babedi ba ba matlhagatlhaga ba basetsana, o tlhalosa kafa ene le mosadi wa gagwe ba neng ba ipeela mokgele o mosha ka teng. A re: “E re ka re ne re sa kgone go ya go direla kwa nageng e sele, re ne ra ipolelela gore re tla nna ‘barongwa’ mo nageng ya rona. Re ne ra simolola go kopanela le setlhopha sa puo e sele.” A ba ne ba solegelwa molemo ke go ipeela mokgele ono o mosha? Serge a re: “Re ikutlwa re na le mosola thata mo phuthegong.”

Odile, e bong kgaitsadi wa Mokeresete wa kwa Fora yo o mo dingwageng tsa bo70 e bile a na le ramatiki e e senyang mahihiri (osteoarthritis) mo mangoleng, ga a kgone go ema lobaka lo loleele. O ne a kgobiwa marapo ke gore bolwetse jwa gagwe bo dira gore a se ka a nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Le fa go ntse jalo, ga a ka a latlhela seditse. O ne a fetola bodiredi jwa gagwe ka go neela bosupi ka thelefouno. A re: “Go motlhofo e bile go itumedisa thata go feta kafa ke neng ke akanya ka teng!” Mokgwa ono wa go rera o ne wa dira gore a rate bodiredi gape.

Go Nna Tekatekano fa re Ipeela Mekgele go Lere Masego

Go leba maemo a rona ka tsela e e siameng go tla dira gore re se ka ra kgobega marapo thata. Fa re nna tekatekano fa re ipeela mekgele, re ikutlwa re fitlheletse sengwe, le fa go na le dilo tse re sa kgoneng go di dira. Mme ka jalo re itumelela se re kgonang go se fitlhelela, le fa re kgona go dira go le gonnye fela.—Bagal. 6:4.

Fa re ntse re tlwaela go nna tekatekano fa re ipeela mekgele, re tla kgona go akanyetsa Bakeresete ka rona botoka. Ka metlha re tla anaanela se ba re direlang sone, ka re itse gore go na le mo ba tlhaelang teng. Fa re anaanela thuso epe fela e re e newang ke ba bangwe, re tla dirisana sentle mmogo le bone le go ba tlhaloganya. (1 Pet. 3:8) Gakologelwa, Jehofa, jaaka Rre yo o lorato ga nke a lebelela gore re dire se re ka se kgoneng go se dira. Mme fa re nna tekatekano mo go se re lebelelang gore re ka se dira e bile re ipeela mekgele e re ka kgonang go e fitlhelela, tiro e re e direlang Jehofa e tla dira gore re kgotsofale mme re itumele.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Gore re ipele mme re kgotsofale mo tirelong e re e direlang Modimo, re tlhoka go nna tekatekano fa re ipeela mekgele, re lebile bokgoni jo re nang le jone le maemo a re leng mo go one

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Nerlande o itumelela se a kgonang go se dira mo bodireding

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ithute go “baakanya diseile”

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Wave Royalty Free/age fotostock

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Serge le Agnès ba ne ba solegelwa molemo ke go ipeela mekgele e mesha