A o A Gakologelwa?
A o A Gakologelwa?
A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:
• Bakeresete bangwe ba lebana le bothata bofe jo bo masisi fa ba sena go nyalana, mme ba tshwanetse ba leka go dira eng?
Bakeresete bangwe ba ka lemoga gore bone le balekane ba bone ga ba lebe dilo ka tsela e e tshwanang mo dikgannyeng tse dintsi tsa botshelo. E re ka ba itse gore go tlhalana ka mabaka a e seng a Dikwalo ga se tharabololo e e siameng, ba tshwanetse go dira ka natla gore lenyalo la bone le se ka la thubega.—4/15, tsebe 17.
• Mokeresete yo o nnang mo legaeng le go tlhokomelwang batsofe mo go lone a ka lebana le mathata afe?
A ka tswa a sa tlwaela phuthego e legae leno le leng mo tshimong ya yone. Bontsi jwa batho ba mo legaeng leno ba ka tswa ba na le ditumelo tse di farologaneng e bile ba ka leka go mo akaretsa mo ditirong dingwe tsa bodumedi. Ba masika ba Bakeresete le maloko a phuthego e a leng mo go yone ba tshwanetse go itse ka mathata ano mme ba ithaope go mo ema nokeng le go mo tlhokomela.—4/15, tsebe 25-27.
• Banyalani ba ka tsaya dikgato dife tse nnè tse di ka ba thusang go rarabolola mathata?
Ipeeleng nako ya go buisana ka mathata. (Mor. 3:1, 7) Tlhalosa ka tlotlo kafa tota o ikutlwang ka gone. (Baef. 4:25) Reetsa molekane wa gago mme o leke go tlhaloganya kafa a ikutlwang ka gone. (Math. 7:12) Dumalanang ka tharabololo, mme lo dirisane mmogo go rarabolola bothata. (Mor. 4:9, 10)—5/1, tsebe 10-12.
• Fa Jesu a ne a re rotloetsa gore re rapelele go itshwarelwa melato ya rona, o ne a bua ka melato ya mofuta ofe?
Fa o bapisa Mathaio 6:12 le Luke 11:4, o bona sentle gore Jesu o ne a sa bue ka melato ya dikoloto. O ne a bua ka maleo. Re tshwanetse go etsa Modimo ka go iketleeletsa go itshwarela ba bangwe.—5/15, tsebe 9.
• Maloko a Setlhopha se se Laolang a direla mo dikomiting dife?
Komiti ya Baokamedi; Komiti ya Badiri; Komiti ya Kgatiso; Komiti ya Tirelo; Komiti e e Rutang; Komiti ya Bokwadi.—5/15, tsebe 29.
• Re ka tlhomamisa jang gore Morwalela wa ga Noa o ne o diragetse mo lefatsheng lotlhe?
Jesu o ne a dumela gore Morwalela o diragetse le gore o diragetse mo lefatsheng lotlhe. Ditlhagiso tse di mo Baebeleng di bua ka Morwalela o o nnileng teng mo lefatsheng lotlhe.—6/1, tsebe 8.
• A boitsholo jo bo tlhalosiwang mo go Baroma 1:24-32 bo ne bo dirwa ke Bajuda kana ke Baditšhaba?
Tlhaloso eno e ne e ka tshwanela sengwe le sengwe sa ditlhopha tseno, mme tota moaposetoloi Paulo o ne a bua ka Baiseraele ba bogologolo ba go neng go fetile makgolo a dingwaga ba sa latele Molao. Ba ne ba itse melao e e siameng ya Modimo, mme ba ne ba sa tshele ka yone.—6/15, tsebe 29.
• Tel Arad e kwa kae, mme ke eng fa e le botlhokwa?
Thota eno e e kwa Iseraele, e e fa motse wa bogologolo wa Arada o neng o le teng, e kwa bophirima jwa Lewatle le le Suleng. Mo thoteng eno, baithutamarope ba bone dikapetlana tsa letsopa tse go neng go kwalelwa mo go tsone. Dingwe tsa tsone di kwadilwe maina a a mo Baebeleng, mme di bontsha gore leina la Modimo le ne le dirisiwa mo mekwalong e e seng ya bodumedi.—7/1, tsebe 23-24.
• Ke ka ntlha yang fa go nna tekatekano fa re ipeela mekgele go ka oketsa boipelo jwa rona?
Fa re leka ka thata go fitlhelela dilo tse re ka se kang ra di kgona go sa kgathalesege gore seo se tla tlhoka gore re dire eng, re ka felela re ngomoga pelo go sa tlhokege. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga re a tshwanela go ipabalela go feta selekanyo, re dirisa dilo tse re bonang re tlhaela mo go tsone e le seipato sa go dira go le gonnye mo bodireding go sa tlhokege.—7/15, tsebe 29.
• Ke eng se se ka kgoreletsang batsadi go buisana le bana ba dingwaga tsa bolesome?
Dingwe tsa dikgoreletsi e ka nna gore mosha o ditlhong, o batla go nna le kgololesego, e bile ga a batle batsadi ba tsenatsena mo botshelong jwa gagwe. Batsadi ba ka nna ba leka go kgothaletsa mosha go tlotla ka nako ya fa go iketlilwe fela mme ba leke go tlhaloganya se mosha a se buang mmogo le maikutlo a gagwe.—8/1, tsebe 10-11.