Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Barongwa ba Tshwantshiwa le Tsie

Barongwa ba Tshwantshiwa le Tsie

Kalogo ya Bo124 ya Gileade

Barongwa ba Tshwantshiwa le Tsie

DIKGWEDI dingwe le dingwe di le thataro, sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade se tshwara thulaganyo ya kalogo e lelapa lotlhe la Bethele ya United States le lalediwang kwa go yone. Ka March 8, 2008, baeng ba ba tswang kwa dinageng di feta 30 ba ne ba kopanela mmogo le lelapa la Bethele mo kalogong ya setlhopha sa bo124 sa Sekolo sa Gileade. Batho ba ba 6 411 ba ba neng ba le teng ba ne ba itumela le baithuti mo letsatsing la bone le le kgethegileng.

Modulasetulo wa thulaganyo e bong Stephen Lett wa Setlhopha se se Laolang, o ne a simolola thulaganyo ka puo ya setlhogo se se reng “Tsamayang le Tsie ya ga Jehofa ya Tshwantshetso.” Tshenolo 9:1-4 e tshwantsha setlhopha se sebotlana sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba boa ba nna matlhagatlhaga gape mo tirelong ya Modimo ka 1919, le lesogodi la tsie e e neng ya simolola go dira ka tlhagafalo. Baithuti ba ne ba gakololwa gore jaaka e le maloko a “dinku tse dingwe,” ba kopane mmogo le lesogodi leno la tsie ya tshwantshetso.—Joh. 10:16.

Lon Schilling, leloko la Komiti ya Lekala la United States, o ne a latela ka puo e e reng “Nna Mothusi yo o Molemo.” E ne e theilwe mo sekaing sa Baebele sa ga Akhwila le Periseka, banyalani ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (Bar. 16:3, 4) Setlhopha seno sa Gileade se ne se na le banyalani ba le 28. Ba ne ba gakololwa gore ba tshwanetse go dira gore manyalo a bone a nne a nonofile gore ba kgone go atlega mo tirong ya borongwa. Baebele ga e ke e bua ka Akhwila mme e sa umake mosadi wa gagwe, Periseka. Ka jalo, moaposetoloi Paulo le phuthego ba ne ba ba tsaya ba le seoposengwe. Ka tsela e e tshwanang, banyalani ba barongwa gompieno ba tshwanetse go bereka mmogo, go obamela mmogo le go lebana le dikgwetlho tse di sa tlwaelegang tsa go direla kwa nageng e sele mmogo, mme ka go dira jalo ba a thusana.—Gen. 2:18.

Puo e e latelang, ya setlhogo se se reng “Amogela Bomolemo Jwa ga Jehofa Mme o Nne Molemo,” e ne ya neelwa ke Guy Pierce wa Setlhopha se se Laolang. Mokaulengwe Pierce o ne a tlhalosa gore go nna molemo ga go reye fela go tila go dira bosula. Motho yo o molemo o direla ba bangwe dilo tse di molemo. Jehofa Modimo o molemo ka selekanyo se segolo fela thata. (Seka. 9:16, 17) Bomolemo jwa Modimo le lorato lwa gagwe di ka re tlhotlheletsa go direla ba bangwe dilo tse di molemo. Fa Mokaulengwe Pierce a ne a konela o ne a akgola baithuti ka go re: “Lo ntse lo dira molemo. Re tlhomamisegile gore lo tla amogela bomolemo jwa Modimo ka go dira molemo mo dikabelong dipe fela tse Jehofa Modimo a tla di lo nayang mo isagweng.”

Go tswa foo, Michael Burnett, yo e kileng ya nna morongwa mme a sa tswa go nna motlhatlheledi wa Gileade, o ne a baya puo ya setlhogo se se reng “E Apare Jaaka Moitlamo wa Phatla fa Gare ga Matlho a Gago.” Baiseraele ba ne ba tshwanetse go gakologelwa tsela e Jehofa a ba golotseng ka yone ka kgakgamatso kwa Egepeto, jaaka e kete ba apere “moitlamo wa phatla” fa gare ga matlho a bone. (Ekes. 13:16) Baithuti ba ne ba kgothadiwa gore ba gakologelwe thuto e ntsi e ba e neilweng kwa Sekolong sa Gileade jaaka e kete ba e apere jaaka moitlamo wa phatla fa gare ga matlho a bone. Mokaulengwe Burnett o ne a gatelela gore go botlhokwa gore ba nne boikokobetso le boingotlo le go dirisa melaometheo ya Baebele fa ba rarabolola kgotlhang epe fa gare ga bone le barongwa ba bangwe kana le batho ba bangwe.—Math. 5:23, 24.

Mark Noumair, yo o sa bolong go nna motlhatlheledi wa Gileade, o ne a baya puo ya setlhogo se se reng “Go Tla Opelwa Pina Efe ka Wena?” Bogologolo go ne go tlwaelegile go itumelela diphenyo tsa ntwa ka go opela dipina. Nngwe ya dipina tseo ya re ditso tsa Rubene, Dana, le Ashera ga di dire ka natla, mme e baka lotso lwa Sebulone ka ntlha ya moya wa lone wa go intsha setlhabelo. (Baatlh. 5:16-18) Jaaka mafoko a pina, kgabagare ba bangwe ba felela ba itse ditiro tsa Mokeresete mongwe le mongwe. Motho yo o tlhoafaletseng go dira tiro ya Modimo e bile a ikanyega ka botlalo mo phuthegong o tla itirela leina le le molemo le Jehofa mme o tla nna sekao se se molemo mo bakaulengweng ba gagwe. Fa ba bangwe mo phuthegong ba ntse ba reeditse pina ya tshwantshetso e e leng ditiro tsa rona, ba tlhotlheletsega go latela sekao seo se se molemo.

Setlhopha sa bo124 se ne sa dirisa diura di ka nna 3 000 mo tirong ya go rera, e le karolo ya thapiso ya bone ya Gileade. Mo puong ya setlhogo se se reng “Go Latela Kaelo ya Moya o o Boitshepo,” baithuti ba ne ba anegela Sam Roberson wa Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo maitemogelo a le mmalwa a tshimo, mme ba dira dipontsho ka mangwe a one. Morago ga maitemogelo ao a a kgothatsang, Patrick LaFranca wa Komiti ya Lekala la United States o ne a botsolotsa dialogane tsa Gileade tse jaanong di direlang mo dinageng tse di farologaneng. Baithuti ba ne ba itumelela kgakololo e e molemo e ba e neilweng ke bakaulengwe bano.

Anthony Morris wa Setlhopha se se Laolang o ne a baya puo ya bofelo ya setlhogo se se reng, “Gakologelwa, Dilo Tse di Bonwang ke Tsa Nakwana.” Dikwalo di re kgothaletsa go tlhoma mogopolo mo masegong a re tla a newang ke Jehofa mo isagweng go na le mo pitlaganong epe ya nakwana e re ka tswang re na le yone gone jaanong. (2 Bakor. 4:16-18) Lehuma le le feteletseng, go tlhoka tshiamiso, kgatelelo, bolwetse le loso ke dilo tse rotlhe re di bonang gompieno. Barongwa ba ka nna ba lebana le mangwe a maemo ano a a utlwisang botlhoko. Mme go gakologelwa gore dilo tseno ke tsa nakwana go tla re thusa go nna re le tekatekano mo dilong tsa semoya e bile re na le tsholofelo.

Thulaganyo e ne ya konelwa fa dialogane tsotlhe, tse di neng di le kwa seraleng, di reeditse mafoko a a konelang a ga Mokaulengwe Lett. O ne a ba kgothaletsa gore ba se ka ba itlhoboga mme a re: “Ga go na sepe se se tla fedisang boikanyego jwa rona fa Jehofa a re eme nokeng.” O ne a kgothaletsa barongwa ba basha gore ba tshwane le tsie, ba tswelele ba dira ka tlhoafalo mo tirelong ya ga Jehofa mme ba nne ba tlhagafetse, ba ikanyega e bile ba le kutlo ka bosakhutleng.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

DIPALOPALO MALEBANA LE SETLHOPHA

Palo ya dinaga tse ba tswang kwa go tsone: 7

Palo ya dinaga tse ba abetsweng go ya kwa go tsone: 16

Palo ya baithuti: 56

Palogare ya dingwaga tsa bone: 33,8

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 18,2

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13, 8.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setlhopha sa bo124 sa Dialogane Tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Nicholson, T.; Main, H.; Senge, Y.; Snape, L.; Vanegas, C.; Pou, L. (2) Santana, S.; Oh, K.; Lemaitre, C.; Williams, N.; Alexander, L. (3) Woods, B.; Stainton, L.; Huntley, E.; Alvarez, G.; Cruz, J.; Bennett, J. (4) Williamson, A.; González, N.; Zuroski, J.; Degandt, I.; May, J.; Diemmi, C.; Tavener, L. (5) Lemaitre, W.; Harris, A.; Wells, C.; Rodgers, S.; Durrant, M.; Senge, J. (6) Huntley, T.; Vanegas, A.; Pou, A.; Santana, M.; Bennett, V.; Tavener, D.; Oh, M. (7) Zuroski, M.; Rodgers, G.; Diemmi, D.; Nicholson, L.; Alvarez, C.; Snape, J. (8) Harris, M.; González, P.; Main, S.; Woods, S.; Stainton, B.; Williamson, D.; Durrant, J. (9) Cruz, P.; Degandt, B.; Williams, D.; Wells, S.; Alexander, D.; May, M.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Sekolo sa Gileade se kwa Lefelong la Thutelo la Watchtower