Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bagalatia, Baefeso, Bafilipi le Bakolosa

Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bagalatia, Baefeso, Bafilipi le Bakolosa

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bagalatia, Baefeso, Bafilipi le Bakolosa

FA MOAPOSETOLOI Paulo a utlwa gore Bakeresete bangwe ba fapositswe mo kobamelong e e itshekileng ke Babueledi ba tsamaiso ya tumelo ya Sejuda, o “kwalela diphuthego tsa Galatia” lekwalo le le maatla. (Bagal. 1:2) Lekwalo leno, le le kwadilweng nako nngwe fa gare ga 50 le 52 C.E., le na le kgakololo e e tlhamaletseng mmogo le kgothatso e e maatla.

Dingwaga di ka nna lesome moragonyana, fa Paulo a le kwa Roma e le “legolegwa la ga Keresete Jesu,” o kwalela diphuthego tsa kwa Efeso, Filipi le Kolosa, a di naya kgakololo e e molemo le go di kgothatsa ka lorato. (Baef. 3:1) Gompieno re ka solegelwa molemo ke go tlhwaela tsebe molaetsa wa dibuka tsa Baebele tsa Bagalatia, Baefeso, Bafilipi le Bakolosa.—Baheb. 4:12.

‘BA BOLELWA E LE BA BA SIAMENG’—JANG?

(Bagal. 1:1–6:18)

E re ka Babueledi ba tsamaiso ya tumelo ya Sejuda ba batla go senya Paulo leina ka boferefere, o buelela go nna moaposetoloi ga gagwe ka go tlhalosa dintlha dingwe ka botshelo jwa gagwe. (Bagal. 1:11–2:14) Paulo o bua jaana, a ganetsa dithuto tsa bone tsa maaka: “Motho o bolelwa e le yo o siameng, e seng ka ntlha ya ditiro tsa molao, fa e se fela ka tumelo ka ga Keresete Jesu.”—Bagal. 2:16.

Paulo a re Keresete o ‘golotse ka theko ba ba leng tlase ga molao,’ a ba golola gore ba ipelele kgololesego ya Bokeresete. O naya Bagalatia kgothatso eno e e maatla: “Emang lo nitame, mme lo se ka lwa itetla go bofelelwa gape mo jokweng ya botlhanka.”—Bagal. 4:4, 5; 5:1.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

3:16-18, 28, 29—A kgolagano ya ga Aborahame e sa ntse e dira? Ee, e sa ntse e dira. Kgolagano ya Molao e ne e sa emisetse kgolagano e Modimo a e dirileng le Aborahame mme di ne di tla dira mmogo. Ka jalo, kgolagano ya ga Aborahame e ne ya nna e ntse e dira morago ga gore Molao o ‘fedisiwe.’ (Baef. 2:15) Ditsholofetso tsa yone di fetela mo ‘losikeng’ lwa mmatota lwa ga Aborahame—Keresete Jesu, yo e leng ene karolo ya konokono ya losika, mmogo le ba e leng “ba ga Keresete.”

6:2—“Molao wa ga Keresete” ke eng? Molao ono o akaretsa dilo tsotlhe tse Jesu a di rutileng le tse a di laetseng. O akaretsa segolobogolo taelo ya go ‘ratana.’—Joh. 13:34.

6:8—Re ‘jalela moya’ jang? Re dira seno ka go tshela ka tsela e e dirang gore moya wa Modimo o dire ka kgololesego mo go rona. Go jalela moya go akaretsa go nna le seabe ka pelo yotlhe mo ditirong tse di dirang gore moya o dire ka kgololesego.

Se re Ithutang Sone:

1:6-9. Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go tsaya kgato ka bonako fa go nna le mathata mo phuthegong. Fa ba akanya sentle e bile ba dirisa Dikwalo, ba ka gana dikakanyo tse di phoso ka bonako.

2:20. Thekololo ke mpho e Modimo a e re neileng. Re tshwanetse go ithuta go e leba ka tsela eo.—Joh. 3:16.

5:7-9. Go itlwaelanya le ba ba bosula go ka re ‘kgoreletsa go nna re utlwa boammaaruri.’ Re dira ka botlhale fa re ba tila.

6:1, 2, 5Ba ba nang le “ditshwanelego tsa semoya” ba ka re thusa go rwala mokgweleo, o o jaaka go lebana le maemo a a thata a re leng mo go one ka gonne re tsere kgato e e phoso re sa lemoge. Le fa go ntse jalo, fa go tla mo kgannyeng ya go rwala morwalo wa maikarabelo a rona a semoya, re tshwanetse go o ithwalela ka borona.

‘GO PHUTHELA DILO TSOTLHE MO GO KERESETE’

(Baef. 1:1–6:24)

Fa Paulo a gatelela kgang ya kutlwano ya Bokeresete mo lekwalong le a le kwalelang Baefeso, o bua ka “go dira tsamaiso fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e feta . . . go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” Keresete o abile “dimpho tse e leng banna” go thusa botlhe go “fitlhelela bongwefela mo tumelong.”—Baef. 1:10; 4:8, 13.

Gore Bakeresete ba tlotle Modimo mme ba utlwane, ba tshwanetse go ‘apara botho jo bosha’ ba bo ba ‘ikobelane ba boifa Keresete.’ Gape ba tlhoka go ‘nna ba nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo’ ka go apara diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tsa semoya.—Baef. 4:24; 5:21; 6:11.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:4-7—Bakeresete ba batlodiwa ba ne ba tlhomamisiwa jang e sale gale bogologolo pele ga ba tsholwa? Ba ne ba tlhomamisiwa e sale gale e le setlhopha, mme e seng motho ka bongwe. Seno se ne sa diragala pele ga batsadi ba rona ba ntlha ba fetisa boleo fa ba ne ba tshola ngwana wa bone wa ntlha. Boporofeti jo bo kwadilweng mo go Genesise 3:15, jo bo neng jwa bolelwa pele go imiwa motho ope yo o nang le boleo, bo akaretsa boikaelelo jwa Modimo jwa gore balatedi bangwe ba ga Keresete ba buse le ene kwa legodimong.—Bagal. 3:16, 29.

2:2—Moya wa lefatshe o tshwana jang le moya o re o hemang, mme taolo ya one e bonala jang? “Moya wa lefatshe”—moya wa boitaolo le botlhokakutlo—o gotlhe fela, jaaka moya o re o hemang. (1 Bakor. 2:12) Taolo ya moya ono, kana maatla a one a bonala mo lefatsheng ka tlhotlheletso ya one e e maatla le e e sa feleng.

2:6—Bakeresete ba batlodiwa ba ka nna jang “mo mafelong a selegodimo” fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng? Fano polelwana e e reng “mafelong a selegodimo” ga e reye boswa jwa bone jwa kwa legodimong jo ba bo solofeditsweng. Go na le moo, e tlhalosa boemo jo bo kwa godimo jwa semoya jo ba nang le jone ka gonne ba ‘tshwailwe ka moya o o boitshepo o o solofeditsweng.’—Baef. 1:13, 14.

Se re Ithutang Sone:

4:8, 11-15. Jesu Keresete o ne a “tsaya batshwarwa,” ke gore, o ne a ntsha batho mo taolong ya ga Satane gore a ba dirise e le dimpho gore a age phuthego ya Bokeresete. Re ka ‘gola ka lorato mo dilong tsotlhe mo go Keresete’ ka go utlwa le ka go ikobela ba ba re etelelang pele le ka go tsamaisana le dithulaganyo tsa phuthego.—Baheb. 13:7, 17.

5:22-24, 33. Mo godimo ga gore mosadi a ikobele monna wa gagwe, o tshwanetse go mo tlotla. O dira seno ka go bontsha “moya o o didimetseng le o o bonolo” le ka go leka go mo tlotla ka go bua molemo ka ene le ka go mo ema nokeng gore ditshwetso tse a di dirang di atlege.—1 Pet. 3:3, 4; Tito 2:3-5.

5:25, 28, 29. Fela jaaka monna a ‘iphepa,’ o tshwanetse go tlhokomela mosadi wa gagwe sentle—mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng. Gape o tshwanetse a mo ngomaela ka go ipha nako e e lekaneng le ene le ka go dirisana le ene ka bonolo, ka tsela e a buang le ene ka yone le e a mo tshwarang ka yone.

6:10-13. Gore re emelane le mephato ya badimona, re tshwanetse go apara diaparo tsa tlhabano tsa semoya tse di tswang kwa Modimong ka pelo yotlhe.

‘TSWELELANG LO TSAMAYA KA THULAGANYO’

(Bafil. 1:1–4:23)

Paulo o bua thata ka lorato mo lekwalong le a le kwalelang Bafilipi. A re: “Seno ke se ke tswelelang ke se rapelela, gore lorato lwa lona lo tote fela thata ka kitso ya boammaaruri le temogo e e tletseng.” O ba gakolola jaana go ba thusa go tila serai sa go itshepa thata: “Nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma.”—Bafil. 1:9; 2:12.

Paulo o rotloetsa ba ba godileng sentle gore ba gagamalele “go ya fela kwa mokgeleng go tsaya tuelo ya pitso ya kwa godimo ya Modimo.” A re: “Go ya bokgakaleng jo re dirileng kgatelopele mo go jone, a re tsweleleng re tsamaya ka thulaganyo ka one mokgwa ono.”—Bafil. 3:14-16.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:23—Paulo o ne a le tlase ga kgatelelo ya ‘dilo dife tse pedi,’ mme o ne a eletsa go “gololwa” ka tsela efe? Ka ntlha ya maemo a Paulo a neng a le mo go one, o ne a le tlase ga kgatelelo ya dilo tse pedi tse di neng di ka nna tsa mo diragalela: botshelo kana loso. (Bafil. 1:21) Le fa a sa bolele gore o ne a ka tlhopha eng, o bolela gore o eletsa eng—“go gololwa le go nna le Keresete.” (Bafil. 3:20, 21; 1 Bathes. 4:16) Go “gololwa” mono mo go diregang ka nako ya go nna gone ga ga Keresete go ne go tla felela ka gore Paulo a amogele tuelo e Jehofa a neng a e mmaakanyeditse.—Math. 24:3.

2:12, 13—Modimo o dira jang gore ‘re rate re bo re dire’? Moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ka dira mo pelong le mo mogopolong wa rona go oketsa keletso e re nang le yone ya go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirelong ya gagwe. Ka jalo, go na le se se re thusang fa re ‘ntse re direla poloko ya rona.’

Se re Ithutang Sone:

1:3-5. Le fa Bafilipi ba ne ba humanegile, ba re tlhometse sekao se se molemo sa go aba ka bopelotshweu.—2 Bakor. 8:1-6.

2:5-11. Jaaka fa sekai sa ga Jesu se bontsha, go nna boikokobetso ga se go nna bokoa mme ke go ikemisetsa go dira se se siameng. Mo godimo ga moo, Jehofa o godisa ba ba ikokobetsang.—Dia. 22:4.

3:13. “Dilo tse di kwa morago” e ka nna dilo tse di jaaka tiro ya maemo a a kwa godimo, tshireletsego ya go nna mo lelapeng le le humileng, kana le e leng maleo a a masisi a nako e e fetileng a re a ikwatlhaetseng mme ‘ra tlhapisiwa ra nna phepa.’ (1 Bakor. 6:11) Re tshwanetse go lebala dilo tseno, ke gore, re kgaotse go tshwenyega ka tsone, mme re ‘gagamalele pele kwa dilong tse di kwa pele.’

“LO TSEPAMISIWA MO TUMELONG”

(Bakol. 1:1–4:18)

Paulo o senola dikgopolo tse di phoso tsa baruti ba maaka mo lekwalong le a le kwalelang Bakolosa. O tlhalosa gore poloko ga e a ikaega ka dilo tse di batlwang ke Molao, mme e ikaegile ka go “tswelela mo tumelong.” Paulo o rotloetsa Bakolosa gore ba ‘tswelele ba tsamaya ba le seoposengwe le Keresete, ba namile medi e bile ba agiwa mo go ene gape ba tsepamisiwa mo tumelong.’ Go tsepamisiwa gono go tshwanetse ga ba ama jang?—Bakol. 1:23; 2:6, 7.

Paulo o kwala jaana: “Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano. Gape, a kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa lona.” Moaposetoloi o ba bolelela jaana: “Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho.” O bua jaana ka ba ba kwa ntle ga phuthego: “Tswelelang lo tsamaya ka botlhale mo go” bone.—Bakol. 3:14, 15, 23; 4:5.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:8—“Dilo tsa tshimologo tsa lefatshe” tse Paulo a neng a tlhagisa ka tsone ke eng? Tseno ke dilo tsa lefatshe la ga Satane—dilo tsa motheo kana melaometheo e e le bopang, e e le kaelang kana e e le tlhotlheletsang. (1 Joh. 2:16) Dilo tseno di akaretsa filosofi, go rata dikhumo le madumedi a maaka a lefatshe leno.

4:16—Ke ka ntlha yang fa lekwalo le le kwaletsweng Balaodikia e se karolo ya Baebele? Seno e ka tswa e le ka ntlha ya gore lekwalo leno le ne le se na tshedimosetso e re e tlhokang mo motlheng wa rona. Kgotsa e ka tswa e le ka go bo le ne le na le dintlha tse di mo makwalong a mangwe a e leng karolo ya Baebele.

Se re Ithutang Sone:

1:2, 20. Thekololo, mpho e Modimo a re neileng yone ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang, e ka dira gore re se ka ra nna le segakolodi se se molato e bile e ka dira gore re nne le kagiso ya mogopolo.

2:18, 23. “Boikokobetso jo e seng jone”—go itshema re le batho ba ba ikokobeditseng e le gore re kgatlhe batho ba bangwe, gongwe re dira jalo ka go gana dithoto kana ka go tshwara mmele setlhogo—bo bontsha gore motho o ‘gogomosiwa ke sebopego sa mogopolo wa gagwe sa senama.’