Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Tlhokomela Batlhanka ba Gagwe ba ba Tsofetseng ka Lorato

Jehofa o Tlhokomela Batlhanka ba Gagwe ba ba Tsofetseng ka Lorato

Jehofa o Tlhokomela Batlhanka ba Gagwe ba ba Tsofetseng ka Lorato

“Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—BAHEB. 6:10.

1, 2. (a) O ka gopola eng fa o bona motho yo o moriri mosweu? (b) Jehofa o leba jang Bakeresete ba ba tsofetseng?

FA O bona batsofe ba ba meriri mesweu mo phuthegong, a o gopola pego nngwe e e mo bukeng ya Baebele ya Daniele? Mo ponatshegelong e Jehofa Modimo a neng a e bontsha Daniele, Jehofa o ne a na le moriri o mosweu. Daniele o ne a kwala a re: “Ke ne ka nna ka leba go fitlha go bewa ditulo tsa bogosi mme Mogologolo wa Malatsi a nna. Diaparo tsa gagwe di ne di le ditshweu fela jaaka kapoko, mme moriri wa tlhogo ya gagwe o ne o tshwana le boboa jo bo phepa.”—Dan. 7:9.

2 Fa boboa bo ise bo dirwe sepe, gantsi bo bosweu. Ka jalo, moriri o mosweu le sereto se se reng “Mogologolo wa Malatsi” di kaya gore Modimo o na le dingwaga tse dintsintsi a tshela e bile o na le botlhale jo bogolo, e leng dilo tse re tshwanetseng go di tlotla thata. Mme gone, Mogologolo wa Malatsi, Jehofa, o leba jang banna le basadi ba ba tsofetseng ba ba ikanyegang? Lefoko la Modimo la re “botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.” (Dia. 16:31) Ee, fa Mokeresete yo o ikanyegang a nna tlhogoputswa, tebego eo e e bontshang gore o godile e ntle mo matlhong a Modimo. A o leba bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba ba tsofetseng jaaka Jehofa a ba leba?

Ke Eng fa ba Tsewa ba le Botlhokwa Thata Jaana?

3. Ke ka ntlha yang fa re tsaya badumedimmogo le rona ba ba tsofetseng ba le botlhokwa thata jaana?

3 Bangwe ba batlhanka ba ba rategang ba Modimo ba ba tsofetseng ke maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, balebedi ba ba etang le ba e kileng ya bo e le bone, babulatsela ba ba tlhagafetseng le baboledi ba Bogosi ba ba godileng—bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba direlang ka boikanyego mo diphuthegong tsa rona. O ka tswa o itse bangwe ba ba ntseng ba rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo ka dingwagangwaga le ba dikao tsa bone tse di molemo di thusitseng go rotloetsa basha le go ba thusa go tshela matshelo a a siameng. Badumedimmogo bangwe ba ba tsofetseng ba kile ba bo ba rwele maikarabelo a a bokete mme ba itshoketse pogiso ka ntlha ya dikgang tse di molemo. Jehofa le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ba anaanela thata dilo tsotlhe tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng le tse ba di dirang gone jaanong go ema tiro e e direlwang Bogosi nokeng.—Math. 24:45.

4. Ke eng fa re tshwanetse go tlotla Bakeresete ba ba tsofetseng le go ba rapelela?

4 Batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa Modimo ba tshwanetse go leboga le go tlotla batsofe bano ba ba ikanyegang. Tota e bile, Molao wa Modimo o a neng a o neile Moshe o amanya go tlotla batsofe le go boifa Jehofa. (Lefi. 19:32) Ka metlha re tshwanetse go rapelela batsofe bano ba ba ikanyegang mme re leboge Modimo ka ntlha ya tirelo ya bone e ba e dirang ka lorato. Moaposetoloi Paulo o ne a rapelela badirimmogo le ene ba ba rategang, ba basha le ba ba tsofetseng.—Bala 1 Bathesalonika 1:2, 3.

5. Re ka solegelwa molemo jang ke go tsalana le baobamedi ba ba tsofetseng ba ga Jehofa?

5 Mo godimo ga moo, botlhe mo phuthegong ba ka solegelwa molemo ke go tsalana le Bakeresete ba ba tsofetseng. Baobamedi ba ba ikanyegang ba ba tsofetseng ba ga Jehofa ba nnile le kitso e e tlhwatlhwakgolo ka go ithuta, ka go ela dilo tlhoko le go diragalelwa ke dilo dingwe. Ba ithutile go nna pelotelele le go nna kutlwelobotlhoko, mme go fetisetsa kitso e ba nang le yone mo kokomaneng e nngwe go ba itumedisa thata e bile go a ba kgotsofatsa. (Pes. 71:18) Basha, tlhalefang mme lo sole motswedi ono wa kitso molemo fela jaaka lo ne lo ka gelela metsi mo sedibeng se se boteng.—Dia. 20:5.

6. O ka bontsha batsofe jang gore ruri o a ba anaanela?

6 A o itsise batho ba ba tsofetseng gore o ba rata fela jaaka Jehofa a ba rata? Tsela nngwe e o ka dirang seo ka yone ke ka go ba bolelela gore o a ba rata ka gonne ba ikanyega le gore o tseela tsela e ba lebang dilo ka yone kwa godimo thata. Gape, fa o dirisa se o se ithutang mo go bone, o bontsha gore o ba tlotla go tswa pelong. Bakeresete ba bantsi ba ba godileng ba sa ntse ba gopola kgakololo e e molemo e ba kileng ba e newa ke batsofe bangwe ba ba ikanyegang le kafa go e dirisa go ba solegetseng molemo ka teng botshelo jotlhe jwa bone. *

Bontsha Lorato ka Ditiro

7. Jehofa o neile bomang boikarabelo jwa konokono jwa go tlhokomela batsofe?

7 Modimo o naya malapa a batsofe boikarabelo jwa konokono jwa go ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. (Bala 1 Timotheo 5:4, 8.) Jehofa o a itumela fa ba malapa ba rwala maikarabelo a bone ka go tlhokomela masika a bone a batsofe mme ka go dira jalo ba bontsha gore ba amega ka batsofe fela jaaka ene. Modimo o ema malapa ano nokeng mme o a a segofatsa ka ntlha ya maiteko a ba a dirang le ka gonne ba itima dilo dingwe gore ba kgone go thusa. *

8. Ke ka ntlha yang fa diphuthego di tshwanetse go amega ka Bakeresete ba ba tsofetseng?

8 Jehofa o itumela ka tsela e e tshwanang fa diphuthego di thusa batsofe ba ba ikanyegang ba ba tlhokang thuso, ba ba se nang ba malapa ba ba dumelang kana ba ba batlang go ba tlhokomela. (1 Tim. 5:3, 5, 9, 10) Ka go dira jalo diphuthego di bontsha gore di ‘utlwela batsofe botlhoko, di na le lorato lwa bokaulengwe, e bile di pelotlhomogi ka bonolo.’ (1 Pet. 3:8) Tsela e ba amegang ka yone ka maloko a a tsofetseng a phuthego e tlhalosiwa sentle ke Paulo fa a re fa tokololo e le nngwe ya mmele e boga, “ditokololo tse dingwe tsotlhe di boga le yone.” (1 Bakor. 12:26) Go thusa batsofe ka tsela e e bontshang kutlwelobotlhoko jalo go tsamaisana le molaomotheo o o mo kgakololong eno ya ga Paulo: “Tswelelang lo rwalelana mekgweleo, mme ka gone lo diragatse molao wa ga Keresete.”—Bagal. 6:2.

9. Botsofe bo ka bakela motho mathata afe?

9 Bakeresete ba ba tsofetseng ba na le mathata afe? Ba bantsi ba lapa ka bonako. Ba ka tswa ba fitlhela go le boima go dira dilo fela tse di tlwaelegileng, tse di jaaka go ya ngakeng, go bala poso, go phepafatsa ntlo le go apaya. E re ka keletso ya dijo le go tshwarwa ke lenyora di fokotsega fa motho a ntse a gola, ba ka nna ba akanya gore ga ba tlhoke go ja le go nwa metsi jaaka tota ba tshwanetse. Mme go ka buiwa jalo le ka go ikotla semoyeng. Matlho le ditsebe tse di tsofetseng di ka nna tsa dira gore go bala le go reetsa kwa dipokanong go nne thata, mme go ipaakanyetsa go ya dipokanong tsa Bokeresete fela ka bogone go ka dira gore ba lape. Ka jalo, ba bangwe ba ka direla batsofe bano eng?

Kafa o ka Thusang ka Teng

10. Bagolwane ba ka dira eng go tlhomamisa gore batsofe ba newa thuso?

10 Mo diphuthegong tse dintsi batsofe ba tlhokomelwa ka tsela e e molemo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato ba ba thusa ka go ba ela mabenkeleng, ka go ba apeela le go ba phepafaletsa. Ba thusa batsofe go ithuta, go ipaakanyetsa go ya dipokanong le go nna le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo. Basupi ba ba sa tsofalang ba tsamaya le bone mme ba ba pega mo dipalangweng tsa bone. Fa batsofe ba sa kgone go tswa mo gae, ba kgona go utlwa dipokano ka thulaganyo ya tlhaeletsano ya founu, kana ba a di rekotelwa. Nako le nako fa go kgonega, bagolwane ba tlhomamisa gore dithulaganyo tse di diretsweng go thusa batsofe ba ba mo phuthegong di a latelwa. *

11. Tlhalosa kafa lelapa lengwe le neng la thusa mokaulengwe mongwe yo o tsofetseng ka teng.

11 Mokeresete mongwe le mongwe a ka bontsha batsofe bopelontle le bopelotshweu. Fa mosadi wa mokaulengwe mongwe yo o tsofetseng a sena go tlhokafala, o ne a sa tlhole a kgona go duelela ntlo kgwedi le kgwedi ka gonne madi a mosadi a penshene a ne a sa tlhole a le teng. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba ithutile Baebele le lelapa lengwe—rre, mmè le bana ba babedi ba basetsana—le le neng le na le ntlo e kgolo. Ba ne ba mo naya dikamore tse pedi gore a di dirise. Ba ne ba itumelela go ja mmogo, go tshega mmogo le go bontshana lorato lwa bokaulengwe ka dingwaga tse 15. Bana ba ne ba ithuta dilo tse dintsi mo tumelong ya mokaulengwe yono le mo dilong tse dintsi tse di mo diragaletseng mme ene o ne a itumelela botsala jo bo molemo. Mokaulengwe yono yo o tsofetseng o ne a nna le bone go fitlha a swa a na le dingwaga di le 89. Lelapa leno le sa ntse le leboga Modimo ka ntlha ya masego a mantsi a le a boneng ka go nna le ene. Ga ba a ‘latlhegelwa ke maduo a bone’ ka gonne ba thusitse mongwe yo le ene e leng morutwa wa ga Jesu Keresete.—Math. 10:42. *

12. Ke eng se o ka se dirang go bontsha gore o amega ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tsofetseng?

12 O ka nna wa se ka wa kgona go thusa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o tsofetseng jaaka lelapa leno le ile la dira, mme o ka nna wa kgona go thusa batsofe go ya dipokanong le go ya tirelong ya tshimo. Gape o ka ba laletsa kwa legaeng la gago kana wa tsamaya le bone fa o intsha. O ka ba etela, segolobogolo fa ba lwala kana ba sa kgone go tswa mo magaeng a bone. Gape ka metlha o ka ba tshwara jaaka batho ba ba godileng, e bile tota o tshwanetse go dira jalo. Fa fela ditlhaloganyo tsa Bakeresete ba ba tsofetseng di sa ntse di bereka sentle, ba tshwanetse go akarediwa nako le nako fa go dirwa ditshwetso tse di ba amang. Le ba ditlhaloganyo tsa bone di sa tlholeng di bereka sentle ba kgona go lemoga gore a ba bangwe ba ba tshwara ka tsela e e nang le seriti.

Jehofa A ka Se Lebale Tiro ya Gago

13. Ke eng fa go akanyetsa maikutlo a Bakeresete ba ba tsofetseng go le botlhokwa?

13 Go botlhokwa go bontsha gore re akanyetsa maikutlo a batsofe. Gantsi batsofe ba utlwisiwa botlhoko thata ke go bo ba sa tlhole ba kgona go dira dilo tsotlhe tse ba neng ba kgona go di dira fa ba sa le basha e bile ba sa ntse ba itekanetse. Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o neng a direla Jehofa ka matlhagatlhaga ka dingwaga tse 50 e bile a kile a nna mmulatsela wa ka metlha o ne a tshwarwa ke bolwetse jo bo neng bo mo dirile sekoa mme go ne go le boima gore a ye dipokanong. Fa a ne a bapisa bodiredi jwa gagwe jwa mo nakong e e fetileng le kafa a setseng a palelwa ka teng jaanong, o ne a simolola go lela. O ne a oba tlhogo, mme a bua jaana a rothisa keledi, “Tota ke bona ke sa tlhole ke dira sepe.”

14. Batlhanka ba ba tsofetseng ba ga Jehofa ba ka kgothadiwa jang ke dipesalema?

14 Fa e le gore o motsofe, a o kile wa utlwa botlhoko jalo? Kana go na le dinako tse ka tsone o nnang le maikutlo a gore Jehofa a ka tswa a go latlhile? Mopesalema o ka tswa a kile a nna le maikutlo a a ntseng jalo fa a tsofala, ka gonne o ne a kopa Jehofa jaana: “O se ka wa ntatlha mo motlheng wa botsofe; fa maatla a me a fela, o se ka wa ntlogela. Le e leng go fitlha botsofeng le botlhogoputsweng, tlhe Modimo, o se ka wa ntlogela.” (Pes. 71:9, 18) Ee, Jehofa o ne a ka se latlhe mokwadi wa pesalema eo, mme le wena ga a na go go latlha. Mo pesalemeng e nngwe, Dafide o ne a bolela gore o ikantse Modimo. (Bala Pesalema 68:19.) Tlhomamisega gore fa e le gore o Mokeresete yo o tsofetseng yo o ikanyegang, Jehofa o na le wena mme o tla tswelela a go nonotsha letsatsi le letsatsi.

15. Ke eng se se ka thusang batsofe gore ba lebe dilo ka tsela e e siameng?

15 Modimo o gakologelwa sengwe le sengwe se lona Basupi ba ba tsofetseng ba ga Jehofa lo se dirileng le se lo se dirang gone jaanong gore a galalediwe. Baebele ya re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” (Baheb. 6:10) Ka jalo, lo se ka lwa akanya ka tsela e e phoso gore ka gonne lo tsofetse, ga lo tlhole lo na le mosola mo go Jehofa. Go na le go akanya ka dilo tse di kgobang marapo, akanyang ka dilo tse di kgothatsang. Itumeleleng masego a lo nang le one le tsholofelo e lo nang le yone ka isagwe! Re na le “isagwe le tsholofelo” e e molemolemo, mme Mmopi wa rona o tlhomamisa gore o tlile go di re naya. (Jer. 29:11, 12; Dit. 17:31; 1 Tim. 6:19) Akanya ka tsholofelo e o nang le yone, leka go nna o le mosha mo pelong le mo tlhaloganyong, mme le ka motlha o se ka wa inyatsa mme wa itsaya o se botlhokwa mo phuthegong! *

16. Ke ka ntlha yang fa mokaulengwe mongwe yo o tsofetseng a ne a akanya gore go ka nna botoka gore a tlogele go direla e le mogolwane, mme setlhopha sa bagolwane se ne sa mo kgothatsa jang?

16 Akanya ka Johan, yo o nang le dingwaga tse 80 mme a nna a tlhokometse mosadi wa gagwe yo o ikanyegang, yo jaanong a leng sekoa, e bong Sannie. * Bokgaitsadi ba a refosana go sala le Sannie gore Johan a kgone go ya dipokanong le kwa tirelong ya tshimo. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, Johan o ne a ikutlwa a imetswe thata mo maikutlong, mme a simolola go akanya gore go ka nna botoka gore a tlogele go direla e le mogolwane mo phuthegong. O ne a botsa jaana a sekile dikeledi: “Go thusa ka eng gore ke tswelele ke le mogolwane? Ga ke tlhole ke thusa phuthego ka sepe.” Bagolwane ba bangwe ba ne ba mo tlhomamisetsa gore maitemogelo a gagwe le temogo ya gagwe di botlhokwa thata. Ba ne ba mo kgothaletsa gore a tswelele a direla e le mogolwane, le fa a ne a sa tlhole a kgona go dira dilo tse dintsi. Seo se ne sa kgothatsa Johan thata mo e leng gore o sa ntse a direla e le mogolwane, mme phuthego e solegelwa molemo fela thata.

Ruri Jehofa o a Amega

17. Baebele e kgothatsa Bakeresete ba ba tsofetseng jang?

17 Dikwalo di tlhalosa sentle gore batsofe ba ka tswelela ba atlega mo tirelong ya bone le fa ba na le mathata a a bakwang ke botsofe. Mopesalema o ne a re: “Ba ba jadilweng mo ntlong ya ga Jehofa . . . ba tla nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng, ba tla tswelela pele ba nonne e bile ba le banana.” (Pes. 92:13, 14) Moaposetoloi Paulo, yo o ka tswang a ne a na le bokoa bongwe jwa nama, ‘ga a ka a ineela, le fa motho yo a neng a le ene kafa ntle a ne a onala.’—Bala 2 Bakorintha 4:16-18.

18. Ke eng fa badumedi ka rona ba ba tsofetseng le batho ba ba ba tlhokomelang ba tlhoka go thusiwa?

18 Dikai di le dintsi tsa motlha wa segompieno di bontsha gore batsofe ba ka tswelela “ba tlhogonolofala.” Mme mathata a a bakwang ke bolwetse le botsofe a ka kgoba batsofe marapo, tota le fa ba malapa a bone ba amega ka bone e bile ba ba thusa. Batho ba ba tlhokomelang batsofe le bone ba ka lapa thata. Phuthego e na le tshiamelo le boikarabelo jwa go bontsha lorato lwa bone ka ditiro ka go thusa batsofe le ba ba ba tlhokomelang. (Bagal. 6:10) Go ba thusa ka tsela e e ntseng jalo go bontsha gore ga re ba reye fela re re ba tsamaye mme ba ‘nne ba thuthafetse e bile ba fepiwa sentle’ mme re sa dire sepe go ba thusa.—Jak. 2:15-17.

19. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba tsofetseng ba ba ikanyegang ba ka leba isagwe ba na le tsholofelo?

19 Botsofe bo ka dira gore Mokeresete a se ka a tlhola a kgona go dira dilo dingwe tse pele a neng a kgona go di dira, mme go feta ga nako ga go fokotse lorato lo Jehofa a ratang batlhanka ba gagwe ba ba tsofetseng ba ba ikanyegang ka lone. Go na le moo, Bakeresete bano botlhe ba ba ikanyegang ba tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe, mme le ka motlha a ka se ba tlogele. (Pes. 37:28; Isa. 46:4) Jehofa o tla ba nonotsha le go ba kaela mo dingwageng tsotlhe tsa bone tsa botsofe.—Pes. 48:14.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Bona tsebe 3-10 ya Tsogang! ya February 8, 1994.

^ ser. 10 Mo dinageng dingwe, seno se ka akaretsa go thusa batsofe go bona thuso e e newang ke puso. Bona setlhogo se se reng “Modimo o Amega ka Batsofe,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya June 1, 2006.

^ ser. 15 Bona setlhogo se se reng “Kgalalelo ya Botlhogopududu,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 15, 1993.

^ ser. 16 Maina a fetotswe.

O ka Araba Jang?

• Ke eng fa o tsaya Bakeresete ba ba tsofetseng ba ba ikanyegang ba le botlhokwa thata?

• Re ka bontsha jang gore re amega ka badumedimmogo le rona ba ba tsofetseng?

• Ke eng se se ka thusang batlhanka ba ba tsofetseng ba ga Jehofa gore ba lebe dilo ka tsela e e siameng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Maloko a phuthego a tlotla batsofe