Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Jesu—Obamela Modimo ka Tsela E a E Amogelang

Etsa Jesu—Obamela Modimo ka Tsela E a E Amogelang

Etsa Jesu—Obamela Modimo ka Tsela E a E Amogelang

Modimo ka lorato o laletsa batho ‘ba ba tswang mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme’ gore ba mo obamele. (Tshen. 7:9, 10; 15:3, 4) Ba ba amogelang taletso eno ba ka ‘bona bontle jwa ga Jehofa.’ (Pes. 27:4; 90:17) Fela jaaka mopesalema, ba tsholetsa mantswe a bone ba baka Modimo, ba re: “A re obameng re ikobeng; a re khubameng fa pele ga ga Jehofa Modiri wa rona.”—Pes. 95:6.

Kobamelo e e Neng e Tseelwa Kwa Godimo Thata

E re ka Jesu e ne e le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo, o ne a nna le nako e e lekaneng ya go ithuta gore Rraagwe o leba dilo jang le go ithuta melao le melaometheo ya gagwe. Ka jalo, Jesu o ne a ka bolelela batho a tlhatswegile pelo gore kobamelo ya boammaaruri ke efe. O ne a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.”—Joh. 1:14; 14:6.

Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo thata sa go ikobela Rraagwe ka boikokobetso. O ne a re: “Ga ke dire sepe ka bogame; mme ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.” Go tswa foo o ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Joh. 8:28, 29) Jesu o ne a itumedisa Rraagwe ka ditsela dife?

Sa ntlha, Jesu o ne a ineetse mo go Rraagwe ka pelo yotlhe, mme seo ke sone se go obamela Modimo go se kayang. Jesu o ne a bontsha gore o rata Rraagwe ka go mo utlwa, ka go dira thato ya gagwe, tota le fa a ne a tshwanelwa ke go ithontsha dilo dingwe. (Bafil. 2:7, 8) Sengwe sa botlhokwa mo kobamelong ya ga Jesu ke gore o ne a dira tiro ya go dira barutwa ka metlha mo e leng gore, o ne a bidiwa Moruti ke badumedi le ba e seng badumedi. (Math. 22:23, 24; Joh. 3:2) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a tsaya matsapa go thusa ba bangwe. Moya wa gagwe wa go rata go ithontsha dilo o ne o dira gore a se ka a salelwa ke nako ya go nna a le esi, mme o ne a itumelela go direla ba bangwe. (Math. 14:13, 14; 20:28) Le fa Jesu a ne a na le dilo tse dintsi tse a tshwanelwang ke go di dira, ka metlha o ne a ipha nako ya go buisana le Rraagwe yo o kwa legodimong ka thapelo. (Luke 6:12) A bo Modimo a ne a tseela kobamelo ya ga Jesu kwa godimo thata jang ne!

Go Leka go Itumedisa Modimo Sentle

Jehofa o ne a ela tlhoko tsela e Morwawe a neng a itshwara ka yone mme a bua gore o mo amogetse. (Math. 17:5) Le fa go ntse jalo, Satane Diabolo le ene o ne a lemoga kafa Jesu a neng a ikanyega ka teng mo botshelong jwa gagwe. Ka jalo, Satane o ne a ikemisetsa go tlhasela Jesu. Ka ntlha yang? Ka gonne go ne go ise go ke go nne le motho ope yo o utlwang Modimo ka botlalo, a mo obamela ka tsela e a e batlang. Gape Diabolo o ne a batla go thibela Jesu gore a se ka a obamela Jehofa, yo tota a neng a tshwanelwa ke go obamelwa.—Tshen. 4:11.

Satane o ne a leka go leofisa Jesu ka go mo naya sengwe se a neng a akanya gore se ka mo raela. O ne a isa Jesu “kwa thabeng e e kwa godimo ka tsela e e sa tlwaelegang, a mmontsha magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one.” Go tswa foo o ne a re: “Dilo tseno tsotlhe ke tla di go naya fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.” Jesu o ne a dirang? O ne a re: “Tsamaya, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’” (Math. 4:8-10) Ee, Jesu o ne a lemoga gore go obamela Satane e ne e tla bo e le kobamelo ya medingwana, le fa go ne go lebega go ka mo solegela molemo. O ne a batla go obamela Jehofa fela e seng ope o sele.

Rona Satane a ka nna a se ka a re solofetsa go re naya magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one fa re ka mo obamela. Mme gone o sa ntse a leka go kgoreletsa Bakeresete ba ba peloephepa fa ba obamela Modimo. Diabolo o batla gore re obamele mongwe o sele kgotsa sengwe se sele.—2 Bakor. 4:4.

Keresete Jesu o ne a ikanyega go fitlha losong. Ka go nna a ikanyega mo Modimong, Jesu o ne a galaletsa Jehofa ka tsela e go se nang motho ope yo mongwe yo o kileng a mo galaletsa ka yone. Rona Bakeresete ba boammaaruri gompieno, re leka go latela sekao sa ga Jesu sa boikanyego ka go dira gore kobamelo ya rona mo Mmoping e tle pele ga dilo tse dingwe tsotlhe. Ee ruri, kamano e e molemo e re nang le yone le Modimo ke sone selo sa botlhokwa thata se re nang le sone.

Melemo ya go Obamela Modimo ka Tsela E a E Amogelang

Go obamela Modimo ka tsela e a e tsayang e le “mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang” go na le melemo e mentsi. (Jak. 1:27) Ka sekai, re tshela ka nako e ka yone batho ba bantsi e leng “baithati, barati ba madi, baipegi” e bile e le “ba ba sa rateng se se molemo.” (2 Tim. 3:1-5) Le fa go ntse jalo, mo ntlong ya Modimo re na le tshiamelo ya go kopanela le batho ba ba phepa, ba ba siameng, ba ba lekang go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang. A seo ga se itumedise?

Fa re nna re sa leswafadiwa ke lefatshe leno, gape re itumelela go nna le segakolodi se se phepa. Re batla go nna re na le segakolodi se se phepa ka go ikobela melaometheo e e siameng ya Modimo le ka go ikobela melao ya ga Kaesara e e sa thulaneng le melao ya Modimo.—Mar. 12:17; Dit. 5:27-29.

Go obamela Modimo ka moya otlhe go re solegela molemo ka ditsela tse dingwe gape. Fa re tlhoma mogopolo mo go direng thato ya Modimo e seng ya rona, botshelo jwa rona bo nna le bokao e bile bo a kgotsofatsa. Mo boemong jwa go re: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa,” re na le tsholofelo e e nonofileng ya gore re tla tshelela ruri mo paradaiseng, mo lefatsheng.—1 Bakor. 15:32.

Buka ya Tshenolo ya re go na le nako e ka yone batho ba ba nnang ba na le seemo se se siameng fa pele ga ga Jehofa ba tla “tswang mo pitlaganong e kgolo.” Pego eo ya re “Yo o ntseng mo setulong sa bogosi o tla tsharolola mogope wa gagwe godimo ga bone.” (Tshen. 7:13-15) Yo o ntseng mo setulong sa bogosi ke Jehofa Modimo, Motho yo o galalelang go feta botlhe mo lobopong. Akanya fela gore go tla nna monate jang fa a go amogela o le moeng mo mogopeng wa gagwe, a go tlhokomela le go go sireletsa gore o se ka wa welwa ke kotsi epe! Mme le gone jaanong a ka re sireletsa le go re tlhokomela ka selekanyo se se rileng.

Mo godimo ga moo, botlhe ba ba obamelang Modimo ka tsela e a e amogelang ba tlhalosiwa e le ba ba kaelwang kwa “metsweding ya metsi a botshelo.” Metswedi eno e e lapolosang ke dithulaganyo tsotlhe tse Jehofa a di dirang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Ee, ka thekololo ya ga Keresete, “Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” (Tshen. 7:17) Batho ba tla thusiwa gore ba itekanele, mme seo se tla tlisa boitumelo jo bogolo mo bathong ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng. Tota le gone jaanong, batho ba ba obamelang Modimo ba itumetse, ba goa ka boipelo, ba leboga Jehofa go tswa pelong, e bile ba mo obamela mmogo le ba ba kwa legodimong ba ba opelang ba re: “Ditiro tsa gago di dikgolo e bile di a gakgamatsa, Jehofa Modimo, Mothatayotlhe. Ditsela tsa gago di siame e bile di boammaaruri, Kgosi ya bosakhutleng. Ke mang yo tota a ka se kang a go boifa, Jehofa, a ba a galaletsa leina la gago, ka gonne ke wena o le nosi yo o ikanyegang? Gonne ditšhaba tsotlhe di tla tla di obama fa pele ga gago, ka gonne ditaelo tsa gago tse di siameng di bonaditswe.”—Tshen. 15:3, 4.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Satane o solofetsa gore o tla re naya eng fa re ka mo obamela?