Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Etelela Pele mo go Bontsheng Tlotlo?

A o Etelela Pele mo go Bontsheng Tlotlo?

A o Etelela Pele mo go Bontsheng Tlotlo?

“Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.”—BAR. 12:10.

1. Ke eng se se sa tlholeng se tlwaelegile mo mafelong a mantsi mo lefatsheng?

MO MAFELONG mangwe mo lefatsheng, go tlwaelegile gore fa bana ba na le bagolo, ba ba bontshe tlotlo ka go khubama ka boikokobetso. Seno se dira gore bana ba se ka ba lebega e kete ba feta bagolo. Gape mo ditšhabeng tseno go tsewa e le go tlhoka maitseo gore ngwana a furalele mogolo. Le fa tlotlo e bontshiwa ka ditsela tse di sa tshwaneng mo ditsong ka go farologana, go bontsha tlotlo jalo go re gopotsa Molao wa ga Moshe. Molao ono o ne o na le taelo e e reng: “O nanoge [ka tlotlo] fa pele ga moriri o mosweu, mme o tlotle motho yo o tsofetseng.” (Lefi. 19:32) Ka maswabi, mo mafelong a le mantsi ga go tlhole go tlwaelegile go bontsha ba bangwe tlotlo. E bile tota, go tlhoka tlotlo go aname.

2. Lefoko la Modimo la re re tlotle bomang?

2 Lefoko la Modimo la re go bontsha tlotlo go botlhokwa thata. Le re laela gore re tlotle Jehofa le Jesu. (Joh. 5:23) Gape re laelwa gore re tlotle maloko a lelapa, badumedi ka rona le bangwe ba ba seng mo phuthegong. (Bar. 12:10; Baef. 6:1, 2; 1 Pet. 2:17) Ditsela dingwe tse re bontshang ka tsone gore re tlotla Jehofa ke dife? Re bontsha jang gore re tlotla bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba Bakeresete? A re sekasekeng dipotso tseno le tse dingwe tse di tsamaisanang le tsone.

Tlotla Jehofa le Leina la Gagwe

3. Tsela nngwe ya botlhokwa e re ka tlotlang Jehofa ka yone ke efe?

3 Tsela nngwe ya botlhokwa e re ka bontshang ka yone gore re tlotla Jehofa ke go tlotla leina la gagwe ka tsela e e tshwanetseng. Aitsane, re “batho ba leina la gagwe.” (Dit. 15:14) Ruri ke tshiamelo go bidiwa ka leina la Modimo Mothatayotlhe, Jehofa. Moporofeti Mika o ne a re: “Ditšhaba tsotlhe, di tla tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone; mme fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.” (Mik. 4:5) Re “tsamaya mo leineng la ga Jehofa” ka go leka go tshela ka tsela e e tlotlang leina la gagwe letsatsi le letsatsi. Jaaka Paulo a ile a gopotsa Bakeresete ba kwa Roma, fa re sa tshele go dumalana le dikgang tse di molemo tse re di rerang, leina la Modimo le a “tlhapadiwa,” le a tlontlololwa.—Bar. 2:21-24.

4. O ikutlwa jang ka tshiamelo ya go rera ka ga Jehofa?

4 Gape re tlotla Jehofa ka go dira tiro ya go rera. Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ne a laletsa maloko a setšhaba sa Iseraele gore e nne basupi ba gagwe, mme ba ne ba se ka ba diragatsa maikarabelo ao. (Isa. 43:1-12) Ba ne ba tsuologela Jehofa gantsi e bile ba “utlwisa Moitshepi wa Iseraele botlhoko.” (Pes. 78:40, 41) Kgabagare, Jehofa o ne a se ka a tlhola a amogela setšhaba seno gotlhelele. Mme rona gompieno re anaanela tshiamelo ya go rera ka ga Jehofa le go itsise batho leina la gagwe. Re dira jalo ka gonne re mo rata e bile re eletsa gore leina la gagwe le itshepisiwe. Tota re ka nna jang re sa rere mme re itse boammaaruri ka ga Rraarona yo o kwa legodimong le maikaelelo a gagwe? Re ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo fa a ne a re: “Ke patelesega go dira jalo. Tota, a bo go latlhega nna fa e le gore ga ke a bolela dikgang tse di molemo!”—1 Bakor. 9:16.

5. Go nna le tumelo mo go Jehofa go amana jang le go mo tlotla?

5 Mopesalema Dafide o ne a re: “Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya, gonne ruri ga o na go tlogela ba ba go batlang, wena Jehofa.” (Pes. 9:10) Fa tota re itse Jehofa e bile re tlotla leina la gagwe, re tla mo ikanya fela jaaka batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba bogologolo. Go ikanya Jehofa le go nna le tumelo mo go ene jalo ke tsela e nngwe gape ya go mo tlotla. Ela tlhoko kafa Lefoko la Modimo le amanyang go ikanya Jehofa le go mo tlotla ka teng. Fa Baiseraele ba bogologolo ba ne ba sa ikanye Jehofa, o ne a botsa Moshe a re: “Batho bano ba tla ntshwara ka go tlhoka tlotlo ka lobaka lo lo kae, mme ga ba kitla ba dumela mo go nna ka lobaka lo lo kae ka ntlha ya ditshupo tsotlhe tse ke neng ka di dira mo go bone?” (Dipa. 14:11) Mme fa re mo ikanya, seo se bontsha gore re a mo tlotla. Fa re ikanya Jehofa gore o tla re sireletsa a bo a re tlamele le fa re lekwa, re a bo re bontsha gore re a mo tlotla.

6. Ke eng se se re tlhotlheletsang go tlotla Jehofa thata?

6 Jesu o ne a bontsha gore motho o tshwanetse go tlotla Jehofa go tswa pelong. Fa a ne a bua le batho ba ba neng ba sa obamele ka pelo yotlhe, o ne a nopola mafoko a ga Jehofa fa a ne a re: “Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, le fa go ntse jalo pelo ya bone e katogetse kgakala le nna.” (Math. 15:8) Fa re rata Jehofa go tswa pelong re tla mo tlotla ka pelo yotlhe. (1 Joh. 5:3) Gape re nna re gopotse tsholofetso eno ya ga Jehofa: “Ba ba ntlotlang ke tla ba tlotla.”—1 Sam. 2:30.

Ba ba Eteletseng Pele ba Tlotla ba Bangwe

7. (a) Ke ka ntlha yang fa bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba tlotla batho ba ba ba okametseng? (b) Paulo o ne a bontsha jang gore o tlotla badumedi ka ene?

7 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola badumedi ka ene a re: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Bar. 12:10) Bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ba tshwanetse go tlhoma sekao—‘go etelela pele’—mo go tlotleng batho ba ba ba okametseng. Mo ntlheng eno, ba ba nang le maikarabelo ba tshwanetse go latela sekao sa ga Paulo. (Bala 1 Bathesalonika 2:7, 8.) Bakaulengwe ba diphuthego tse Paulo a neng a di etela ba ne ba itse gore a ka se ba reye a re ba dire dilo tse ene a neng a ka se di dire. Paulo o ne a tlotla badumedi ka ene, mme ka jalo le bone ba ne ba mo tlotla. Fa Paulo a ne a re: “Jalo, ke a lo rapela, nnang baetsi ba me,” re ka tlhomamisega gore batho ba le bantsi ba ne ba mo etsa ka go rata ka ntlha ya sekao sa gagwe se se molemo.—1 Bakor. 4:16.

8. (a) Tsela nngwe ya botlhokwa e Jesu a neng a tlotla barutwa ba gagwe ka yone ke efe? (b) Gompieno balebedi ba ka latela sekao sa ga Jesu jang?

8 Tsela e nngwe e mokaulengwe yo o nang le maikarabelo a bontshang batho ba a ba okametseng tlotlo ka yone ke ka go ba fa mabaka fa a ba kopa kgotsa a ba laela gore ba dire sengwe. Fa a dira jalo, o etsa Jesu. Ka sekai, fa Jesu a ne a raya barutwa ba gagwe a re ba rapelele gore go romelwe barobi ba ba oketsegileng, o ne a ba fa mabaka. O ne a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Math. 9:37, 38) Ka tsela e e tshwanang, fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re ba ‘nne ba disitse,’ o ne a ba fa lebaka. O ne a re: “Ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.” (Math. 24:42) Gangwe le gape Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe se ba tshwanetseng go se dira a bo a ba fa le mabaka a go bo ba tshwanetse go se dira. Ka tsela eo, o ne a ba tlotla e bile a ba naya seriti. A sekao se se molemo jang ne se balebedi ba Bakeresete ba ka se latelang!

Tlotla Phuthego ya ga Jehofa le Kaelo ya Yone

9. Go tlotla phuthego ya Bokeresete e e mo lefatsheng lotlhe le baemedi ba yone go supa eng? Tlhalosa.

9 E le gore re tlotle Jehofa, gape re tshwanetse go tlotla phuthego ya Bokeresete e e mo lefatsheng lotlhe mmogo le baemedi ba yone. Fa re ikobela kgakololo ya Dikwalo e e tswang kwa setlhopheng sa motlhanka yo o boikanyego, re bontsha gore re tlotla thulaganyo ya ga Jehofa. Mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Johane o ne a bona go tlhokega go kgalemela batho ba ba neng ba sa tlotle bakaulengwe ba ba tlhomilweng. (Bala 3 Johane 9-11.) Mafoko a ga Johane a bontsha gore balebedi ba ne ba sa tlotlwe, mme le yone thuto ya bone le kaelo ya bone e ne e sa tlotlwe. Se se itumedisang ke gore, Bakeresete ba bantsi ba ne ba na le tlotlo. Fa baaposetoloi ba sa ntse ba tshela, go lebega phuthego ka kakaretso e ne e tlotla ba ba eteletseng pele.—Bafil. 2:12.

10, 11. Dirisa Dikwalo go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore mo phuthegong ya Bokeresete bangwe ba nne le selekanyo se se rileng sa taolo.

10 Bangwe ba dumela gore e re ka Jesu a ne a raya barutwa ba gagwe a re “lona lotlhe lo bakaulengwe,” ga go a tshwanela go nna le batho bape ba ba newang maikarabelo a go etelela pele mo phuthegong ya Bokeresete. (Math. 23:8) Le fa go ntse jalo, Dikwalo tsa Sehebera mmogo le tsa Segerika di na le dikai tse dintsi tsa banna ba Modimo a neng a ba neile maikarabelo. Ditiragalo tsa metlha ya ditlhogo tsa lotso, baatlhodi le dikgosi tsa Bahebera tsa bogologolo, di supa sentle gore Jehofa o ne a kaela batho a dirisa baemedi ba gagwe ba batho. Fa batho ba ne ba sa neye batho ba ba tlhomilweng tlotlo e e tshwanetseng, Jehofa o ne a ba otlhaya.—2 Dikg. 1:2-17; 2:19, 23, 24.

11 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba ikobela taolo ya baaposetoloi. (Dit. 2:42) Ka sekai, Paulo o ne a naya bakaulengwe ba gagwe kaelo. (1 Bakor. 16:1; 1 Bathes. 4:2) Mme le ene o ne a ineela ka go rata mo go ba ba neng ba mo okametse. (Dit. 15:22; Bagal. 2:9, 10) Ee ruri, Paulo o ne a leba taolo mo phuthegong ya Bokeresete ka tsela e e tshwanetseng.

12. Dikai tse di mo Baebeleng di re ruta thuto efe e e gabedi malebana le taolo?

12 Re ithuta thuto e e gabedi. Sa ntlha, ke kgang e e theilweng mo Dikwalong gore “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a dirise Setlhopha sa gagwe se se Laolang go naya banna maikarabelo mangwe. Mme banna bangwe ba tlhomiwa gore ba okamele banna ba bangwe ba le bone ba tlhomilweng. (Math. 24:45-47; 1 Pet. 5:1-3) Sa bobedi, rotlhe, go akaretsa le bone banna ba ba tlhomilweng, re tshwanetse go tlotla ba ba nang le taolo mo go rona. Mme ditsela dingwe tse re ka bontshang ka tsone gore re tlotla batho ba ba okametseng mo phuthegong ya Bokeresete e e mo lefatsheng lotlhe ke dife?

Go Tlotla Balebedi ba ba Etang

13. Re ka bontsha jang gore re tlotla baemedi ba motlha wa gompieno ba phuthego ya Bokeresete?

13 Paulo o ne a re: “Re a lo kopa, bakaulengwe, gore lo tlotle ba ba dirang ka natla mo gare ga lona ba bile ba lo okametse mo Moreneng le go lo tlhagisa; le gore lo ba tlotle ka tsela e e fetang e e tlwaelegileng ka lorato ka ntlha ya tiro ya bone. A mongwe le mongwe a nne le kagiso le yo mongwe.” (1 Bathes. 5:12, 13) Ruri balebedi ba ba etang ke bangwe ba batho “ba ba dirang ka natla.” Ka jalo, a re “ba [tlotleng] ka tsela e e fetang e e tlwaelegileng.” Tsela nngwe e re ka dirang seo ka yone ke ka go amogela kgakololo ya bone le kgothatso ka pelo yotlhe. Fa molebedi yo o etang a re naya kaelo e e tswang kwa setlhopheng sa motlhanka yo o boikanyego, “botlhale jo bo tswang kwa godimo” bo tla re tlhotlheletsa gore re ‘iketleeletse go utlwa.’—Jak. 3:17.

14. Phuthego e bontsha jang gore e tlotla balebedi ba ba etang ka pelo yotlhe, mme go dira jalo go felela ka eng?

14 Mme go tweng fa re kaelwa gore re dire dilo ka tsela e e sa tsamaisaneng le e re e tlwaetseng? Ka dinako tse dingwe go bontsha tlotlo go ka tlhoka gore re ithibe gore re se ka ra akanya dilo tse di jaaka, “Rona mono ga re dire dilo jalo” kgotsa, “Gongwe seo se ka bereka kwa mafelong a mangwe mme e seng mo phuthegong ya rona.” Mo boemong jwa moo, re leka go ikobela kaelo e re e newang. Go nna re gopotse gore phuthego ke ya ga Jehofa le gore Jesu ke Tlhogo ya yone go tla re thusa go dira jalo. Fa phuthego e itumelela go amogela kaelo ya molebedi yo o etang e bo e e dirisa, seo se supa gore phuthego e na le tlotlo tota. Moaposetoloi Paulo o ne a akgola bakaulengwe ba kwa Korintha ka go bo ba ile ba bontsha tlotlo ka go ikobela kaelo ya mogolwane yo o neng a ba etetse e bong Tito. (2 Bakor. 7:13-16) Le rona gompieno re ka tlhomamisega gore fa re ikobela ka go rata kaelo e re e newang ke balebedi ba ba etang, seo se tla thusa thata gore re itumelele tiro ya rona ya go rera.—Bala 2 Bakorintha 13:11.

“Tlotlang Batho ba Mefuta Yotlhe”

15. Dingwe tsa ditsela tse re bontshang ka tsone gore re tlotla badumedi ka rona ke dife?

15 Paulo o ne a kwala jaana: “O se ka wa tshwaya monna yo mogolwane phoso mo go botlhoko. Go na le moo, mo rapele jaaka rrago, makawana jaaka bomorwarrago, basadi ba bagolwane jaaka bommaago, makgarebana jaaka bokgaitsadio ka boitsheko jotlhe. Tlotla batlholagadi ba tota e leng batlholagadi.” (1 Tim. 5:1-3) Ee, Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go tlotla mongwe le mongwe yo o mo phuthegong ya Bokeresete. Mme go tweng fa o na le kgotlhang le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe? A seo se tla go thibela gore o se ka wa tlotla Mokeresete ka wena jaaka o tshwanetse? A kgotsa o ka fetola tsela e o ikutlwang ka yone ka go lemoga gore motlhanka yoo wa Modimo o na le dinonofo tse di molemo tsa semoya? Ba ba nang le taolo ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go tlotla bakaulengwe ba bone—le ka motlha ba sa ‘rene mo letsomaneng.’ (1 Pet. 5:3) Ee ruri, re na le ditshono tse dintsi tsa go bontshana tlotlo mo phuthegong ya Bokeresete, e e tlhaolwang ka lorato lo lo tswang pelong lo maloko a yone a ratanang ka lone.—Bala Johane 13:34, 35.

16, 17. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re se ka ra tlotla batho ba re ba rerelang fela mme re tlotle le baganetsi? (b) Re ka ‘tlotla batho ba mefuta yotlhe’ jang?

16 Gone ke boammaaruri gore ga re tlotle batho ba ba mo phuthegong ya Bokeresete fela. Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba motlha wa gagwe a re: “Fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe.” (Bagal. 6:10) Ee, gone go ka nna thata go dirisa molaomotheo oo fa mongwe yo re berekang le ene kgotsa yo re tsenang sekolo le ene a sa re tshware sentle. Fa go le jalo, re tshwanetse go gopola mafoko ano: “O se ka wa itshupa o galefile ka ntlha ya badirabosula.” (Pes. 37:1) Go dirisa kgakololo eo go tla re thusa gore re bontshe tlotlo, tota le mo baganetsing. Ka tsela e e tshwanang, fa re ntse re le mo bodireding jwa phatlalatsa, go sa itseele kwa godimo go ka re thusa go nna “bonolo le [go bontsha] tlotlo e e boteng” mo go botlhe. (1 Pet. 3:15) Tota le tsela e re lebegang ka yone le e re aparang ka yone e ka bontsha gore re tlotla batho ba re ba rerelang.

17 Ee ruri, go sa kgathalesege gore re dirisana le badumedi ka rona kgotsa le batho ba ba seng mo phuthegong, re batla go leka go dirisa kgakololo eno: “Tlotlang batho ba mefuta yotlhe, ratang bakaulengwe botlhe, boifang Modimo, tlotlang kgosi.”—1 Pet. 2:17.

O ka Araba Jang?

O ka bontsha jang gore o tlotla batho ba ba latelang ka tsela e e tshwanetseng:

• Jehofa?

• Bagolwane ba phuthego le balebedi ba ba etang?

• Leloko lengwe le lengwe la phuthego?

• Ba o ba rerelang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlotla bookamedi jwa setlhopha se se laolang

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bagolwane mo dinageng tsotlhe ba tlotla balebedi ba ba etang, ba ba tlhomiwang ke Setlhopha se se Laolang