Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Tito, Filemone le go Bahebera

Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Tito, Filemone le go Bahebera

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Tito, Filemone le go Bahebera

LOBAKANYANA moaposetoloi Paulo a sena go gololwa mo kgolegelong morago ga go golegwa lekgetlho la ntlha kwa Roma ka 61 C.E., o etela kwa setlhaketlhakeng sa Kereta. E re ka a bona gore diphuthego tsa koo di bokoa semoyeng, o tlogela Tito teng gore a sale a di nonotsha. Moragonyana, gongwe a le kwa Makedonia, Paulo o kwalela Tito lekwalo le le tla mo kaelang mo ditirong tsa gagwe le bo le bontshe gore Tito o romilwe ke moaposetoloi yono.

Pelenyana ga moo, fela fa Paulo a tla tloga a gololwa mo kgolegelong ka 61 C.E., o ne a kwalela Filemone, mokaulengwe wa Mokeresete yo o neng a nna kwa Kolosa. O ne a mo kwalela lekwalo la motho a ikopela mo tsaleng ya gagwe.

Mo e ka nnang ka 61 C.E., Paulo o ne a kwalela le badumedi ba Bahebera kwa Judea lekwalo, le le bontshang gore Bokeresete bo botlhokwa go feta tsamaiso ya Sejuda. Makwalo ano otlhe ka boraro jwa one a na le kgakololo ya botlhokwa e e ka re solegelang molemo.—Baheb. 4:12.

NNA O ITEKANETSE SEMOYENG

(Tito 1:1–3:15)

Fa Paulo a sena go naya kaelo ka ga go ‘tlhoma banna ba bagolwane mo metseng ka go tlhatlologana,’ o gakolola Tito gore a ‘nne a kgalemele a gagamaditse ba ba sa laolesegeng, gore ba itekanele mo tumelong.’ O gakolola botlhe ba ba mo diphuthegong tsa Kereta gore ba “gane boikepo . . . mme [ba] tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo.”—Tito 1:5, 10-13; 2:12.

Paulo o naya bakaulengwe ba kwa Kereta kgakololo e nngwe e e tla ba thusang gore ba nne ba itekanetse semoyeng. O laela Tito gore a “tshabe dipotso tsa boeleele . . . le dintwa tse di ka ga Molao.”—Tito 3:9.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:15—Go ka direga jang gore “dilo tsotlhe” di nne “phepa mo bathong ba ba phepa,” mme di se phepa “mo bathong ba ba leswafetseng le ba ba se nang tumelo”? Re ka bona karabo ka go tlhaloganya gore Paulo o ne a kayang fa a bua ka “dilo tsotlhe.” O ne a sa bue ka dilo tse di kgalwang ka tlhamalalo mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng mme o ne a bua ka dilo tse Dikwalo di letlang gore modumedi mongwe le mongwe a itirele tshwetso mo go tsone. Motho yo o akanyang ka tsela e e tsamaisanang le melao ya Modimo o tsaya dilo tse di ntseng jalo di le phepa. Mme motho yo o akanyang ka tsela e e sokameng, yo segakolodi sa gagwe se leswafetseng, ene o leba dilo ka tsela e sele. *

3:5—Bakeresete ba ba tloditsweng ba ‘bolokiwa ka go tlhatswiwa’ ka tsela efe ba bo ba ‘dirwa basha ka moya o o boitshepo’? Ba ‘bolokiwa ka go tlhatswiwa’ ka tsela ya gore Modimo o ba tlhatswitse, kgotsa o ba ntlafaditse ka madi a ga Jesu mo motheong wa setlhabelo sa thekololo. Ba ‘dirwa basha ka moya o o boitshepo’ ka gonne jaanong ke “popo e ntšha” jaaka e le barwa ba Modimo ba ba tsetsweng ka moya.—2 Bakor. 5:17.

Se re Ithutang Sone:

1:10-13; 2:15. Balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse go bontsha bopelokgale ka go baakanya diphoso mo phuthegong.

2:3-5. Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bokgaitsadi ba ba godileng ba Bakeresete gompieno ba tshwanetse go “[nna] le poifo ya bomodimo mo boitshwarong, e se ba ba senyang batho maina, le gone ba sa dirwa batlhanka ke beine e ntsi, e le ba ba rutang se se molemo.” Fa ba dira jalo, ba ka kgona go laya “makgarebe” a a mo phuthegong kwa bothokong.

3:8, 14. Go boloka “megopolo ya [rona] e tshwareletse mo ditirong tse di molemo” go ‘molemo e bile go tswela mosola’ ka gonne go re thusa gore re nne le matswela mo tirelong ya Modimo e bile go dira gore re nne re kgaogane le lefatshe le le boikepo.

ROTLOETSA “KA LORATO”

(File. 1-25)

Filemone o akgolelwa go nna sekao sa ‘lorato le tumelo.’ Lebaka la go bo a lapolosa Bakeresete ka ene le dirile gore Paulo a nne le “boipelo jo bogolo le kgomotso.”—File. 4, 5, 7.

Paulo o tlhomela balebedi botlhe sekao ka gore mo kgannyeng eno e e ka ga Onesimo, e go neng go ka direga gore e kgopise, a se ka a ntsha taelo mme a rotloetse “ka lorato.” O raya Filemone a re: “E re ka ke ikantse gore o tla dira jalo, ke go kwalela ke itse gore o tla dira le eleng go feta dilo tse ke di buang.”—File. 8, 9, 21.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

10, 11, 18—Go tlile jang gore Onesimo yo o neng a ntse a “se na mosola” a ‘nne le mosola’? Onesimo e ne e le motlhanka yo o neng a sa rate go nna motlhanka, mme o ne a thobile kwa legaeng la ga Filemone kwa Kolosa a bo a tshabela kwa Roma. Gape Onesimo o ka tswa a ile a utswela mong wa gagwe gore a duelele mosepele ono wa sekgala sa dikilometara di le 1 400. Ee ruri, o ne a se na mosola mo go Filemone. Mme fa Onesimo a le kwa Roma, Paulo o ne a mo thusa gore a nne Mokeresete. Motho yono yo o neng a kile a nna motlhanka yo o ‘se nang mosola’ jaanong o ne a nna mokaulengwe wa Mokeresete yo o “nang le mosola.”

15, 16—Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a sa kope Filemone gore a golole Onesimo? Paulo o ne a batla go tlhoma mogopolo fela mo go se a se romilweng, e leng go ‘rera bogosi jwa Modimo le go ruta dilo tse di ka ga Morena Jesu Keresete.’ Ka jalo, o ne a tlhopha gore a se ka a tsenelela mo dikgannyeng tsa ditirisano tsa batho tse di jaaka dikgang tsa batlhanka.—Dit. 28:31.

Se re Ithutang Sone:

2. Filemone o ne a bula legae la gagwe gore go tshwarelwe dipokano tsa Bokeresete mo go lone. Ke tshiamelo gore go tshwarelwe pokano ya tirelo ya tshimo mo legaeng la rona.—Bar. 16:5; Bakol. 4:15.

4-7. Re tshwanetse go tsaya matsapa mme re akgole badumedi ka rona ba ba tlhomang sekao mo go bontsheng tumelo le lorato.

15, 16.Ga re a tshwanela go letla gore ditiragalo tse di sa itumediseng mo botshelong di re ngomole pelo mo go feteletseng. Di ka nna tsa nna le diphelelo tse di molemo, jaaka go diragetse ka Onesimo.

21. Paulo o ne a lebeletse gore Filemone a itshwarele Onesimo. Le rona go lebeletswe gore fa mokaulengwe mongwe a re kgopisitse, re mo itshwarele.—Math. 6:14.

‘GAGAMALELA KWA GO GOLENG SENTLE’

(Baheb. 1:1–13:25)

Paulo o supa gore go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu go botlhokwa go feta ditiro tsa Molao ka go tlhalosa kafa Mothei wa Bokeresete a leng molemolemo ka teng e bile e le moperesiti, a bo a tlhalosa setlhabelo sa gagwe le kgolagano e ntšha. (Baheb. 3:1-3; 7:1-3, 22; 8:6; 9:11-14, 25, 26) Go itse dilo tseno ruri go tshwanetse ga bo go ile ga thusa Bakeresete ba Bahebera gore ba itshokele go bogisiwa ke Bajuda. Paulo o rotloetsa badumedi ka ene ba Bahebera gore ba ‘gagamalele kwa go goleng sentle.’—Baheb. 6:1.

Tumelo e botlhokwa go le kana kang mo Bokereseteng? Paulo a re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go . . . itumedisa [Modimo] sentle.” O kgothatsa Bahebera jaana: “A re tabogeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele,” re dira jalo ka tumelo.—Baheb. 11:6; 12:1.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:14, 15—A lebaka la go bo Satane e le “yo o nang le dithata tsa go baka loso,” le kaya gore a ka bolaya mongwe le mongwe fela yo a batlang go mmolaya? Nnyaa ga le kaye seo. Le fa go ntse jalo, go tloga fela fa Satane a ne a simolola boikepo kwa Edene, maaka a gagwe a tlisitse loso ka gonne Adame o ne a leofa mme a fetisetsa boleo le loso mo lelapeng la batho. (Bar. 5:12) Mo godimo ga moo, batho ba ba dirang thato ya ga Satane mo lefatsheng ba ile ba bogisa batlhanka ba Modimo gore ba bo ba swe, fela jaaka ba ile ba dira ka Jesu. Mme seo ga se reye gore Satane o na le maatla a go bolaya mongwe le mongwe fela yo a batlang go mmolaya. Fa a ka bo a na le one, ruri o ka bo a sa bolo go fedisa baobamedi ba ga Jehofa. Jehofa o sireletsa batho ba gagwe e le setlhopha mme ga a letle Satane a ba fedisa. Tota le fa Modimo a letla gore bangwe ba rona ba swe fa Satane a ba tlhasela, re ka tlhomamisega gore Modimo o tla dirolola sepe fela se se bosula se se re diragalelang.

4:9-11—Re ‘tsena mo boikhutsong jwa Modimo’ jang? Fa malatsi a marataro a popo a wela, Modimo o ne a ikhutsa mo ditirong tsa gagwe tsa go bopa, a tlhomamisegile gore boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le batho bo ne bo tla diragala.(Gen. 1:28; 2:2, 3) Re ‘tsena mo boikhutsong joo’ ka go tlogela go dira dilo kafa rona re bonang go siame ka teng re bo re amogela thulaganyo ya Modimo ya go re boloka. Fa re dumela mo go Jehofa mme re nna kutlo ka go latela Morwawe go na le go latelela dilo tse rona re di ratang, re nna le masego a a lapolosang letsatsi le letsatsi.—Math. 11:28-30.

9:16—“Mogolaganyi wa motho” wa kgolagano e ntšha ke mang? Jehofa ke ene Modiri wa kgolagano e ntšha, mme Jesu ke “mogolaganyi wa motho.” Jesu ke Motsereganyi wa kgolagano eo, mme ka loso lwa gagwe o ne a ntsha setlhabelo se se tlhokegang go e tlhomamisa.—Luke 22:20; Baheb. 9:15.

11:10, 13-16—Aborahame o ne a letetse “motse” ofe? E ne e se motse wa mmatota, mme e ne e le motse wa tshwantshetso. Aborahame o ne a letetse “Jerusalema wa selegodimo,” e leng Keresete Jesu mmogo le babusi ka ene ba ba 144 000. Bano ba ba tla busang le Keresete ba le mo kgalalelong ya legodimo, gape ba bidiwa “motse o o boitshepo, Jerusalema yo Mosha.” (Baheb. 12:22; Tshen. 14:1; 21:2) Aborahame o ne a lebile pele go tshela a busiwa ke Bogosi jwa Modimo.

12:2—“Boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga [ga Jesu]” jo a neng a “itshokela kota ya tlhokofatso” ka ntlha ya jone e ne e le eng? E ne e le boipelo jwa go bona se bodiredi jwa gagwe bo neng bo tla se dira—go akaretsa go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa, go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa Modimo le go rekololwa ga batho mo losong. Gape Jesu o ne a lebile pele kwa tuelong ya go busa e le Kgosi le go nna Moperesiti yo Mogolo yo o tla direlang batho dilo tse di molemo.

13:20—Ke ka ntlha yang fa go twe kgolagano e ntšha ke “ya bosakhutleng”? Ke ka ntlha ya mabaka a mararo: (1) Le ka motlha e ka se emisediwe ka epe, (2) se e se dirang se nnela ruri, mme (3) ba “dinku tse dingwe” ba tla tswelela pele ba solegelwa molemo ke thulaganyo ya kgolagano e ntšha morago ga Haramagedona.—Joh. 10:16.

Se re Ithutang Sone:

5:14. Re tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo, Baebele, ka tlhoafalo mme re dirise se re se ithutang mo go lone. Ga go na tsela epe e sele e ka yone ‘bokgoni jwa rona jwa go lemoga bo ka thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’—1 Bakor. 2:10.

6:17-19. Fa tsholofelo ya rona e theilwe ka tlhomamo mo tsholofetsong ya Modimo le mo ikanong ya gagwe, seo se tla re thusa gore re se ka ra tlogela go tsamaya mo tseleng ya boammaaruri.

12:3, 4Mo boemong jwa gore re ‘lape le meya ya rona e felelwe ke thata’ ka ntlha ya diteko tse e seng tsa sepe kgotsa kganetso e re ka lebanang le yone, re tshwanetse go gatela pele kwa go goleng sentle mme re tokafatse bokgoni jwa rona jwa go itshokela diteko. Re tshwanetse go ititaya sehuba gore re emelane le diteko “go fitlha mading,” ke gore, go fitlha losong.—Baheb. 10:36-39.

12:13-15. Ga re a tshwanela go letla “modi ope o o nang le botlhole,” kgotsa bape mo phuthegong ba ba tshwayatshwayang tsela e dilo di dirwang ka yone diphoso gore ba re thibele go ‘direla dinao tsa rona ditselana tse di tlhamaletseng.’

12:26-28. “Dilo tse di dirilweng” ka diatla mme di sa dirwa ka diatla tsa Modimo—tsamaiso yotlhe ya jaanong ya dilo, tota le “legodimo” le le boikepo—di tla reketlisiwa di fedisiwa. Fa seo se direga, go tla sala fela “dilo tse di sa reketlisiweng,” ke gore Bogosi le ba ba bo emang nokeng. A bo go le botlhokwa jang ne gore re rere ka Bogosi ka tlhoafalo mme re tshele ka melaometheo ya jone!

13:7, 17. Fa re nna re gopotse kgakololo eno ya gore re utlwe re bo re ikobele balebedi ba ba mo diphuthegong, seo se tla re thusa gore re bontshe moya wa tirisanommogo.

[Ntlha e e kwa tlase]