Matlho “a a Phatsimang” a ga Jehofa a Tlhatlhoba Sengwe le Sengwe
Matlho “a a Phatsimang” a ga Jehofa a Tlhatlhoba Sengwe le Sengwe
“Matlho a [ga Jehofa] a a phatsimang a tlhatlhoba bomorwa batho.”—PES. 11:4.
1. Re rata batho ba mofuta mang?
O IKUTLWA jang ka batho ba tota ba amegang ka wena? Fa o ba kopa gore ba ntshe maikutlo a bone, ba go bolelela kafa tota ba ikutlwang ka teng. Fa o tlhoka thuso, ba go thusa ka bopelotshweu. Fa o tlhoka kgakololo, ba go gakolola ka lorato. (Pes. 141:5; Bagal. 6:1) A ga o ikutlwe o rata batho ba ba ntseng jalo? Jehofa le Morwawe ba amega ka wena jalo. Tota e bile, tsela e ba amegang ka wena ka yone e feta e motho ope a ka amegang ka yone, mme ba dira jalo ka maitlhomo a a siameng; ba batla go go thusa ‘gore o tshware botshelo jwa mmatota ka thata.’—1 Tim. 6:19; Tshen. 3:19.
2. Jehofa o amega ka batlhanka ba gagwe go le kana kang?
2 Mopesalema Dafide o ne a tlhalosa kafa Jehofa a amegang ka rona thata ka teng fa a ne a re: “Matlho a [ga Jehofa] a a bona, matlho a gagwe a a phatsimang a tlhatlhoba bomorwa batho. (Pes. 11:4) Ee, Modimo ga a re lebe fela; o a re tlhatlhoba. Gape Dafide o ne a re: “O tlhatlhobile pelo ya me, o tlhatlhobile go le bosigo . . . O tla bona gore ga ke a loga leano.” (Pes. 17:3) Go bonala sentle gore Dafide o ne a lemoga gore Jehofa o amega thata ka ene. O ne a itse gore a ka utlwisa Jehofa botlhoko e bile Jehofa a ka se mo amogele fa a nna a akanya dikakanyo tsa boleo, kana a simolola go nna le pelo e e maano. A o tsaya Jehofa e le motho wa mmatota jaaka Dafide a ne a mo tsaya?
Jehofa o Bona Pelo
3. Jehofa o bontsha jang gore o leba makoa a rona ka tsela e e tekatekano?
3 Jehofa o kgatlhegela thata motho wa kafa teng—se tota re leng sone mo pelong. (Pes. 19:14; 26:2) Ka lorato, ga a tlhome mogopolo mo diphosong tse dinnye. Ka sekai, fa Sara, mosadi wa ga Aborahame, a ne a sa bue boammaaruri fa a bua le moengele yo o neng a itirile motho, moengele yoo o ne a kgona go bona gore Sara o ne a boifa e bile a tlhabiwa ke ditlhong, ka jalo o ne a mo naya kgakololo fela ka bonolo. (Gen. 18:12-15) Fa Jobe yo e neng e le tlhogo ya lotso a ne a “bolela fa moya wa gagwe o siame go na le Modimo,” Jehofa o ne a mo segofatsa le fa a buile jalo, ka gonne a ne a itse gore Jobe o ne a bogisitswe thata ke Satane. (Jobe 32:2; 42:12) Gape Jehofa ga a ka a galefela motlholagadi wa kwa Sarepate ka gonne a boleletse moporofeti Elija kafa tota a neng a ikutlwa ka teng. Modimo o ne a tlhaloganya gore motlholagadi yono o ne a utlwisitswe botlhoko thata ke go swelwa ke ngwana wa gagwe yo o esi.—1 Dikg. 17:8-24.
4, 5. Jehofa o ne a bontsha bopelontle jang mo tseleng e a neng a tshwara Abimeleke ka yone?
4 Ka gonne Jehofa o tlhatlhoba dipelo, o ile a bontsha gore o amega le ka batho ba ba sa dumeleng. Akanya kafa a neng a tshwara Abimeleke, yo e neng e le kgosi ya motse wa kwa Filisitia wa Gerare ka teng. Abimeleke o ne a tsaya Sara gore e nne mosadi wa gagwe ka gonne a ne a sa lemoge gore Aborahame le Sara ba ne ba nyalane. Le fa go ntse jalo, pele ga Abimeleke a ka dira Sara sepe, Jehofa o ne a mo raya jaana mo torong: “Le nna ke a itse gore o dirile selo seno ka boikanyegi jwa pelo ya gago, mme gape ke ne ke go thiba gore o se ka wa nteofela. Ke gone ka moo ke neng ka se ka ka go letla gore o mo ame. Mme jaanong busa mosadi wa monna yono, gonne ke moporofeti, mme o tla go kokotlelela. Ka jalo nna o ntse o tshela.”—Gen. 20:1-7.
5 Eleruri Jehofa o ne a ka naya Abimeleke, yo o neng a obamela medimo ya maaka, kotlhao e e gagametseng. Mme Modimo o ne a bona gore monna yono o ne a dirile dilo ka boikanyego mo
lekgetlhong leno. Jehofa ka bopelontle o ne a akanyetsa seo, mme a bolelela kgosi eno se e tshwanetseng go se dira gore e itshwarelwe mme e ‘nne e ntse e tshela.’ A ga o batle go obamela Modimo yo o ntseng jalo?6. Jesu o ne a etsa Rraagwe ka ditsela dife?
6 Jesu o ne a etsa Rraagwe ka botlalo, ka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse barutwa ba gagwe ba neng ba di dira, e bile a ba itshwarela a gololesegile. (Mar. 10:35-45; 14:66-72; Luke 22:31, 32; Joh. 15:15) Tsela e Jesu a neng a dira dilo ka yone e dumalana le mafoko a gagwe a a mo go Johane 3:17: “Modimo o ne a romela Morwawe mo lefatsheng, e seng gore a tle go atlhola lefatshe, mme gore lefatshe le bolokwe ka ene.” Ee, lorato lo Jehofa le Jesu ba re ratang ka lone lo logolo e bile lo nnela ruri. Lo bonala mo tseleng e ba ratang ka yone gore re bone botshelo. (Jobe 14:15) Lorato lo lo ntseng jalo ke lone lo dirang gore Jehofa a re tlhatlhobe, a re lebe ka tsela e a re lebang ka yone, mme a tseye kgato e a e tsayang ka se a se bonang.—Bala 1 Johane 4:8, 19.
Re Tlhatlhobiwa ka Lorato
7. Jehofa o re tlhatlhoba ka maitlhomo afe?
7 Tota go tla bo go le phoso gore re tseye gore Jehofa ke lepodise le le re tlhomileng matlho le le kwa legodimong gore le re tshware re leofa! Satane ke ene yo o nang le matlho a a belaelang, a a latofatsang. (Tshen. 12:10) E bile o re latofatsa ka gore re na le maitlhomo a a sa siamang, ntswa go sa nna jalo! (Jobe 1:9-11; 2:4, 5) Mopesalema o ne a bua jaana ka Modimo: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pes. 130:3) Karabo ke gore, Ga a yo! (Mor. 7:20) Go na le moo, Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelonomi mo go rona jaaka motsadi yo o lorato yo o batlang go sireletsa bana ba gagwe ba a ba ratang gore ba se ka ba welwa ke kotsi epe. Gangwe le gape o re tlhokomedisa gore ga re a itekanela e bile re na le makoa, mme o dira jalo ka gonne a sa batle gore re ikutlwise botlhoko.—Pes. 103:10-14; Math. 26:41.
8. Jehofa o naya batlhanka ba gagwe tao le kotlhao jang?
8 Modimo o re bontsha lorato ka go re naya tao le kotlhao ka Dikwalo le ka dijo tsa semoya tse re di newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45; Baheb. 12:5, 6) Gape Jehofa o re thusa ka phuthego ya Bokeresete le ka “dimpho tse e leng banna.” (Baef. 4:8) Mo godimo ga moo, Jehofa o re baya leitlho go bona gore re itshwara jang fa a re thapisa jaaka rre, mme o batla go tswelela a re thusa. Pesalema 32:8 ya re: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” Ka jalo, go botlhokwa thata gore ka metlha re reetse Jehofa! Re tshwanetse go nna re ikokobeditse fa pele ga gagwe, re itse gore ke Morutisi wa rona le Rre yo o lorato.—Bala Mathaio 18:4.
9. Re tshwanetse go tila mekgwa efe, mme ka ntlha yang?
9 Kafa letlhakoreng le lengwe, e kete le ka motlha re ka se kgwaraladiwe dipelo ke boikgogomoso, go tlhoka tumelo, kana “maatla a a tsietsang a boleo.” (Baheb. 3:13; Jak. 4:6) Gantsi motho o simolola go nna le mekgwa eno fa a itetla go nna le dikakanyo kana dikeletso tse di sa siamang. Kgabagare motho yono a ka gana le kgakololo e e tshwanetseng ya Dikwalo. Se se maswe le go feta, a ka kgwaraladiwa ke mokgwa wa gagwe o o maswe kana ditsela tsa gagwe mo a ka feleletsang a itirile mmaba wa Modimo, e leng seemo se se boifisang tota! (Dia. 1:22-31) Akanya ka sekai sa ga Kaine, leitibolo la ga Adame le Efa.
Jehofa o Bona Sengwe le Sengwe Mme o Tsaya Kgato e e Tshwanetseng
10. Ke eng fa Jehofa a ne a sa amogele tshupelo ya ga Kaine, mme Kaine o ne a itshwara jang?
10 Fa Kaine le Abele ba ne ba tlisetsa Jehofa tshupelo, O ne a sa leba mpho ya bone fela mme o ne a lebile le maitlhomo a bone. Ka ntlha ya seo, Modimo o ne a amogela tshupelo ya ga Abele, e e neng e isitswe ka tumelo, mme a se ka a amogela ya ga Kaine, e ka tsela nngwe e neng e bontsha gore ga a na tumelo. (Gen. 4:4, 5; Baheb. 11:4) Go na le gore Kaine a ithute sengwe mo tiragalong eo mme a fetole tsela e a lebang dilo ka yone, o ne a galefela monnawe mo go botlhoko.—Gen. 4:6.
11. Kaine o ne a itshupa jang gore o na le pelo e e boferefere, mme seo se re ruta eng?
11 Jehofa o ne a lemoga boikutlo jono jo bo kotsi jwa ga Kaine mme a bua le ene ka bopelonomi, a mmolelela gore fa a ka dira molemo, o tla godisiwa. Go utlwisa botlhoko gore Kaine o ne a tlhokomologa kgakololo ya Mmopi wa gagwe mme a bolaya monnawe. Se sengwe gape se se bontshang gore Kaine o ne a na le pelo e e bosula ke kafa a neng a araba potso eno ya Modimo ka teng ka go tlhoka maitseo: “Abele monnao o kae?” Kaine o ne a araba jaana ka bogale: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?” (Gen. 4:7-9) Pelo e ka nna boferefere tota, mo e ka felelang e nyatsa kgakololo e e tswang kwa Modimong ka tlhamalalo! (Jer. 17:9) Ka jalo, a re ithuteng mo ditiragalong tse di tshwanang le eo mme re nne bonako go ithiba gore re se ka ra nna le dikakanyo le dikeletso tse di sa siamang. (Bala Jakobe 1:14, 15.) Fa re newa kgakololo ya Dikwalo, e kete re ka e anaanela mme ra e tsaya e le bosupi jwa gore Jehofa o a re rata.
Ga go Na Boleo Jwa Sephiri
12. Jehofa o dira dilo jang fa a bona phoso?
12 Batho bangwe ba ka akanya gore fa go se na ope yo o ba bonang ba dira phoso, ba ka se otlhaiwe. (Pes. 19:12) Tota ga go na boleo jwa sephiri. “Dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Baheb. 4:13) Jehofa ke Moatlhodi yo o tlhatlhobang maitlhomo a rona a a kwa tengteng, mme fa a bona phoso o dira dilo ka tsela e e bontshang gore o na le tshiamiso e e feletseng. Ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri.” Mme mo bathong ba ba sa ikwatlhayeng, ga a “kitla a golola mo kotlhaong ka gope” fa ba “dira boleo ka boomo” kana ba na le mokgwa wa bolotsana, wa go loga maano. (Ekes. 34:6, 7; Baheb. 10:26) Go ne ga bonala gore Jehofa o dira dilo jalo mo tseleng e a neng a dirisana ka yone le Akane le Ananiase le Safira.
13. Go lebega go akanya ka tsela e e phoso go ne ga tlhotlheletsa Akane jang gore a dire bosula?
13 Akane o ne a se ka a latela taelo e e neng e ntshitswe ke Modimo ka go tsaya dilwana tse a neng a di gapile kwa motseng wa Jeriko a bo a di fitlha mo mogopeng wa gagwe, gongwe ba lelapa la gagwe le bone ba kopanela mo go seo. Fa boleo jwa ga Akane bo ne bo senolwa, o ne a bontsha gore o lemoga bomasisi jwa se a neng a se dirile, ka gonne o ne a re: “Ke leofetse Jehofa.” (Josh. 7:20) Jaaka Kaine, Akane o ne a nna le pelo e e bosula. Akane ene o ne a tlhotlhelediwa thata ke bopelotshetlha, mme seo se ne sa dira gore a dire ka boferefere. E re ka dilwana tse Akane a neng a di gapile kwa Jeriko e ne e le tsa ga Jehofa, tota o ne a utswetse Modimo, mme seo se ne sa nna le diphelelo tse di botlhoko fela thata mo go ene le lelapa la gagwe.—Josh. 7:25.
14, 15. Ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela gore Modimo a se ka a itumelela se se dirilweng ke Ananiase le Safira, mme re ithuta eng mo go seo?
14 Ananiase le mosadi wa gagwe, Safira, e ne e le maloko a phuthego ya bogologolo ya Bokeresete kwa Jerusalema. Morago ga Pentekosete ya 33 C.E., go ne ga tlhongwa letlole le le neng le tlile go tlhokomela badumedi ba basha ba ba tswang kwa dinageng tse di kgakala, ba ba neng ba sa ntse Dit. 5:1-11.
ba le mo Jerusalema, ka dilo tse ba di tlhokang. Go ne go tsenngwa meneelo ya boithatelo mo letloleng leo. Ananiase o ne a rekisa tshimo mme a ntsha mangwe a madi ao moneelo a a tsenya mo letloleng. Le fa go ntse jalo, Ananiase o ne a dira e kete o ntshitse madi otlhe a a neng a a bone fa a rekisa tshimo, mme mosadi wa gagwe o ne a itse seo ka botlalo. Go bonala sentle gore banyalani bano ba ne ba batla gore batho ba ba tseele kwa godimo mo phuthegong. Mme ba ne ba dirile boferefere. Jehofa ka kgakgamatso o ne a senolela moaposetoloi Petere boferefere joo, mme Petere o ne a ya go botsa Ananiase ka jone. Gone fela foo, Ananiase o ne a wela fa fatshe mme a swa. Moragonyana fela ga foo, Safira le ene o ne a swa.—15 Ananiase le Safira ga ba a ka ba dira seo ka ntlha ya bokoa fela jwa nakwana. Ba ne ba loga maano mme ba bua maaka gore ba tsietse baaposetoloi. Se se maswe le go feta, ba ne ba ‘tsieditse moya o o boitshepo le Modimo.’ Tsela e Jehofa a neng a dira dilo ka yone e bontsha sentle gore o ikaeletse go sireletsa phuthego ya gagwe mo baitimokanying. Ruri “ke selo se se boifisang go wela mo diatleng tsa Modimo yo o tshelang”!—Baheb. 10:31.
Nna o Ikanyega ka Dinako Tsotlhe
16. (a) Satane o leka jang go tlhotlheletsa batho ba Modimo go dira bosula? (b) Diabolo o dirisa mekgwa efe go tlhotlheletsa batho go dira bosula mo lefelong la gaeno?
16 Satane o dira sotlhe se a ka se kgonang go re tlhotlheletsa go dira bosula gore Jehofa a se ka a re amogela. (Tshen. 12:12, 17) Maikaelelo a a bosula a ga Diabolo a bonala sentle mo lefatsheng le le ilweng tlhogong ke thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Go setse go le motlhofo go bona tshedimosetso e e hepisang mo dikhomputareng kana mo didirisiweng tse dingwe tsa ileketeroniki. A le ka motlha re se ka ra ineela mo ditlhaselong tsa ga Satane. Go na le moo, e kete re ka nna le maikutlo a a tshwanang le a mopesalema Dafide, yo o neng a re: “Ke tla dira ka botlhale ka tsela e e se nang molato. . . . Ke tla tsamayatsamaya mo bothokgaming jwa pelo ya me mo teng ga ntlo ya me.”—Pes. 101:2.
17. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa kgabagare a senola maleo a a fitlhilweng? (b) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?
17 Gompieno Jehofa ga a tlhole a senola boleo jo bo maswe thata le boferefere ka kgakgamatso jaaka a ne a tle a dire mo nakong e e fetileng. Le fa go ntse jalo, o bona sengwe le sengwe mme ka nako ya gagwe le ka tsela ya gagwe o senola dilo tse di fitlhilweng a di baya mo pontsheng. Paulo o ne a re: “Maleo a batho bangwe a bonatshega phatlalatsa, a isa ka tlhamalalo kwa katlholong, mme fa e le ka batho ba bangwe maleo a bone le one a bonatshega moragonyana.” (1 Tim. 5:24) Lorato ke lone lebaka la konokono le le dirang gore Jehofa a senole ditiro tse di bosula. O rata phuthego mme o batla gore e nne e itshekile. Gape o bontsha kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba leofileng mme jaanong ba ikwatlhaya go tswa pelong. (Dia. 28:13) Ka jalo, a re lekeng ka natla go nna re na le pelo e e feletseng mo Modimong le go gana ditlhotlheletso tsotlhe tse di bosula.
Nna O na Le Pelo e e Feletseng
18. Kgosi Dafide o ne a batla gore morwawe a ikutlwe jang ka Modimo?
18 Kgosi Dafide o ne a raya morwawe e bong Solomone a re: “Itse Modimo wa ga rrago mme o mo direle ka pelo e e feletseng le ka moya o o itumetseng; gonne Jehofa o hukutsa dipelo tsotlhe, e bile o lemoga tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo.” (1 Ditir. 28:9) Dafide o ne a batla gore morwawe a dire se se fetang go dumela fela mo Modimong. O ne a batla gore Solomone a tlhaloganye kafa Jehofa a amegang thata ka teng ka batlhanka ba Gagwe. A o itumelela go bo Jehofa a amega jalo ka batho?
19, 20. Go ya ka Pesalema 19:7-11, ke eng se se neng sa thusa Dafide gore a atamalane le Modimo, mme re ka etsa Dafide jang?
19 Jehofa o itse gore batho ba ba nang le boikutlo jo bo siameng ba tla atamela kwa go ene le gore ba tla itumelela go itse ka dinonofo tsa gagwe tse di molemo. Ka jalo, Jehofa o batla gore re mo itse mme re itse le botho jwa gagwe jo bo molemo. Re ka dira seo jang? Ka go ithuta Lefoko la gagwe le ka go bona kafa a re segofatsang ka teng mo botshelong.—Dia. 10:22; Joh. 14:9.
20 A o bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi ka kanaanelo, e bile o rapela? A o bona kafa go tshela go ya ka melaometheo ya Baebele go solegelang molemo ka teng? (Bala Pesalema 19:7-11.) Fa go ntse jalo, tumelo e o nang le yone mo go Jehofa le lorato lo o mo ratang ka lone di tla tswelela di oketsega. Mme ene o tla atamalana thata le wena, o tla tsamaya le wena a go tshwere ka seatla ka tsela ya tshwantshetso. (Isa. 42:6; Jak. 4:8) Ee, Jehofa o tla go bontsha gore o a go rata ka go go segofatsa le ka go go sireletsa ka tsela ya semoya fa o ntse o tsamaya mo tseleng e e pitlaganeng e e isang botshelong.—Pes. 91:1, 2; Math. 7:13, 14.
O ka Araba Jang?
• Ke ka ntlha yang fa Jehofa a re tlhatlhoba?
• Ke eng se se neng sa dira gore batho bangwe ba nne baba ba Modimo?
• Re ka bontsha jang gore re tsaya Jehofa e le motho wa mmatota?
• Re ka dira jang gore re nne re na le pelo e e feletseng mo Modimong?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Jehofa o re baya leitlho jang jaaka motsadi yo o lorato?
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Re ithuta eng mo sekaing sa ga Ananiase?
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Ke eng se se tla re thusang go tswelela re direla Jehofa ka pelo e e feletseng?