Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Tla Ithontsha Eng Gore o Nne o Tshela?

O Tla Ithontsha Eng Gore o Nne o Tshela?

O Tla Ithontsha Eng Gore o Nne o Tshela?

“Ke eng se motho o ka se ntshang a se ananya ka moya wa gagwe?”—MATH. 16:26.

1. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kgala Petere fa a ne a mo kgalema?

MOAPOSETOLOI Petere o ne a sa dumele se a se utlwang. Moeteledipele wa gagwe yo o rategang, Jesu Keresete, o ne a bua “ka tlhamalalo” a re O ne a tla tloga a boga a bo a swa! Petere o ne a kgalema Jesu—mme kwantle ga pelaelo a dira jalo ka maitlhomo a mantle—a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.” Jesu o ne a furalela Petere mme a leba barutwa ba bangwe. Le bone ba ka tswa ba ne ba leba dilo ka tsela eo e e phoso. Go tswa foo o ne a raya Petere a re: “Mpota kafa morago, Satane! O sekgopi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.”—Mar. 8:32, 33; Math. 16:21-23.

2. Jesu o ne a tlhalosa jang dilo tse morutwa wa boammaaruri a tshwanetseng go di dira?

2 Se Jesu a neng a se bua morago ga moo se ka tswa se ile sa thusa Petere go bona lebaka la go bo Jesu a ne a kgala mafoko a gagwe a kgalemo thata jaana. Jesu o ne “a biletsa boidiidi kwa go ene le barutwa ba gagwe” mme a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse. Gonne le fa e le mang yo o batlang go boloka moya wa gagwe o tla mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke moya wa gagwe ka ntlha ya me le dikgang tse di molemo o tla o boloka.” (Mar. 8:34, 35) Fano Jesu o ne a dirisa lefoko “moya” a kaya “botshelo.” Ee, o ne a le gaufi le go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, mme gape o ne a lebeletse gore ba ba mo latelang ba bo ba iketleeditse go dirisa matshelo a bone ba direla Modimo. Fa ba ne ba ka dira jalo, ba ne ba tla bona maduo a magolo.—Bala Mathaio 16:27.

3. (a) Jesu o ne a botsa bareetsi ba gagwe dipotso dife? (b) Potso ya ga Jesu ya bobedi e ka tswa e ile ya gopotsa bareetsi ba gagwe eng?

3 Ka lone lekgetlho leo, Jesu o ne a botsa dipotso tse pedi tse di dirang gore motho a akanye: “Tota, motho o solegelwa molemo ke eng gore a gape lefatshe lotlhe mme a latlhe moya wa gagwe?” le e e reng, “Ke eng tota, se motho a ka se ntshang a se ananya ka moya wa gagwe?” (Mar. 8:36, 37) Karabo ya potso ya ntlha ga e gake. Ga go na mosola gore motho a gape lefatshe lotlhe a bo a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe, kgotsa moya wa gagwe. Dithoto di na le mosola fa fela motho a tshela gore a di dirise. Potso ya ga Jesu ya bobedi: “Ke eng tota, se motho a ka se ntshang a se ananya ka moya wa gagwe?” e ka tswa e ile ya gopotsa bareetsi ba gagwe tatofatso e Satane a neng a e dira mo metlheng ya ga Jobe: “Sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.” (Jobe 2:4) Bangwe ba ba sa obameleng Jehofa ba ka nna ba bo ba tshela go dumalana le mafoko ao a ga Satane. Ba le bantsi ba ka dira sengwe le sengwe, le gone go tlola molao le fa e le ofe wa boitsholo, fela gore ba nne ba tshela. Mme Bakeresete bone ba leba dilo ka tsela e sele.

4. Ke ka ntlha yang fa dipotso tsa ga Jesu di ama Bakeresete thata?

4 Re itse gore Jesu o ne a sa tlela mo lefatsheng go tla go re naya botsogo jo bontle, khumo le botshelo jo boleele mo lefatsheng leno. O ne a tletse go re naya tshiamelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha mme tsholofelo eo ke yone e re e tseelang kwa godimo thata. (Joh. 3:16) Mokeresete a ka tlhaloganya gore potso ya ga Jesu ya ntlha e ne e kaya gore, “Tota motho o solegelwa molemo ke eng fa a gapa lefatshe lotlhe mme a latlhegelwa ke tsholofelo ya gagwe ya go tshelela ruri?” Karabo ke gore, Ga a solegelwe molemo ka gope. (1 Joh. 2:15-17) Fa re batla go araba potso ya ga Jesu ya bobedi, go ka nna molemo gore re ipotse jaana, ‘Ke iketleeditse go ithontsha dilo go le kana kang gone jaanong gore ke tlhomamisege gore ke tla tshela mo lefatsheng le lesha?’ Tsela e re arabang potso eo ka yone, e e bontshiwang ke tsela e re tshelang ka yone, e senola kafa tsholofelo eo e itsetsepetseng ka teng mo dipelong tsa rona.—Bapisa Johane 12:25.

5. Re ka bona jang mpho ya botshelo jo bo sa khutleng?

5 Gone ke boammaaruri gore Jesu o ne a sa re motho a ka bona botshelo jo bo sa khutleng ka gonne a bo bereketse. Botshelo—tota le botshelo jwa rona jo bokhutshwane jo re bo tshelang mo tsamaisong eno ya dilo—ke mpho. Re ka se bo reke kgotsa ra dira sepe fela gore re tshwanelwe ke go tshela. Tsela e le yosi fela e re ka bonang mpho ya botshelo jo bo sa khutleng ka yone ke ka go ‘dumela mo go Keresete Jesu’ le mo go Jehofa, “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bagal. 2:16; Baheb. 11:6) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go bontsha tumelo ka ditiro, ka gonne “tumelo kwantle ga ditiro e sule.” (Jak. 2:26) Ka gone, fa re ntse re tlhatlhanya ka potso ya ga Jesu, go ka nna molemo go akanyetsa kwa teng gore re iketleeditse go ithontsha dilo go le kana kang mo tsamaisong eno ya dilo, le gore re iketleeditse go dira go le kana kang mo tirelong ya ga Jehofa go bontsha gore ruri tumelo ya rona e a tshela.

‘Keresete O ne A se Ka a Iitumedisa’

6. Ke eng se Jesu a neng a se tsaya se le botlhokwa thata?

6 Mo boemong jwa gore Jesu a tlhome matlho a gagwe mo dilong tse a neng a ka nna le tsone tsa lefatshe la motlha wa gagwe, o ne a tlhoma mogopolo mo dilong tsa botlhokwa mme a gana thaelo ya gore a tshele botshelo jwa manobonobo ka go ikokoanyetsa dithoto. O ne a tshela botshelo jwa go ithontsha dilo le go ikobela Modimo. Mo boemong jwa go iitumedisa, o ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di . . . itumedisang [Modimo].” (Joh. 8:29) Jesu o ne a iketleeditse go ithontsha dilo go le kana kang gore a itumedise Modimo?

7, 8. (a) Jesu o ne a ithontsha eng, mme o ne a bona maduo afe? (b) Re tshwanetse go ipotsa potso efe?

7 Nako nngwe Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Morwa motho [o] ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Math. 20:28) Pelenyana ga foo, fa Jesu a ne a simolola go tlhagisa balatedi ba gagwe gore o ne a tla tloga a tshwanelwa ke go “ntsha moya wa gagwe,” Petere o ne a mo raya a re a ikutlwele botlhoko. Mme Jesu o ne a nna a nitame. O ne a ntsha moya wa gagwe ka go rata, ke gore botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng, a bo ntshetsa batho. Jesu o ne a nna le isagwe e e tlhomamisegileng ka ntlha ya go nna pelotshweu ga gagwe. O ne a tsosiwa mme a “tlhatlosediwa kwa seatleng sa moja sa Modimo.” (Dit. 2:32, 33) Ka jalo o ne a re tlhomela sekao se se molemo thata.

8 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Roma gore ba ‘se ka ba iitumedisa’ mme a ba gopotsa gore “le Keresete tota o ne a se ka a iitumedisa.” (Bar. 15:1-3) Ka jalo, re ikemiseditse go latela kgakololo eo ya moaposetoloi ka selekanyo se se kana kang mme re tla ithontsha dilo go le kana kang re etsa Keresete?

Jehofa o Batla re mo Naya se se Molemolemo

9. Tota Mokeresete o a bo a dirang fa a ineela mo Modimong?

9 Kwa Iseraele wa bogologolo, Molao wa ga Moshe o ne o re batlhanka ba Bahebera ba ne ba tshwanetse go gololwa mo ngwageng wa bosupa e le batlhanka kgotsa ka ngwaga wa Jubile. Le fa go ntse jalo, batlhanka ba ne ba ka tlhopha go dira ka tsela e sele. Fa motlhanka a rata mong wa gagwe, o ne a ka tlhopha go tswelela e le motlhanka wa lelapa leo botshelo jwa gagwe jotlhe. (Bala Duteronome 15:12, 16, 17.) Le rona re a bo re dira se se tshwanang fa re ineela mo Modimong. Re dumela ka go rata gore re tla dira thato ya Modimo, e seng se rona re batlang go se dira. Fa re dira jalo, re bontsha gore re rata Jehofa thata e bile re eletsa go mo direla ka bosakhutleng.

10. Re ba Modimo ka tsela efe, mme go itse seo go tshwanetse ga ama jang se re se akanyang le se re se dirang?

10 Fa e le gore gone jaanong o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o rera dikgang tse di molemo, e bile o nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, re a go akgola. Re solofela gore mo nakong e e sa fediseng pelo o tla ikutlwa o batla go ineela mo go Jehofa le go botsa potso e Moethiopia a neng a e botsa Filipi: “Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?” (Dit. 8:35, 36) Fa o dirile jalo, kamano ya gago le Modimo e tla bo e tshwana le ya Bakeresete ba Paulo a neng a ba kwalela jaana: “Ga lo ba lona, gonne lo ne lwa rekwa ka tlhwatlhwa.” (1 Bakor. 6:19, 20) Le fa re ka tswa re solofetse go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, fa e le gore re ineetse mo go Jehofa, ke ene Mong wa rona. A bo go le botlhokwa jang he gore re fenye dikeletso tsa senama mme re ‘tlogele go nna batlhanka ba batho’! (1 Bakor. 7:23) Ruri ke tshiamelo e kgolo tota go nna motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa yo a ka mo dirisang kafa a ratang ka teng!

11. Bakeresete ba rotloediwa go intsha setlhabelo ka tsela efe, mme seo totatota se kaya eng, jaaka go bontshiwa ke ditlhabelo tse di neng di ntshiwa go ya ka Molao wa ga Moshe?

11 Paulo o ne a gakolola badumedi ka ene a re: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.” (Bar. 12:1) Mafoko ao a ka tswa a ile a gopotsa Bakeresete ba Bajuda ka ditlhabelo tse e neng e le karolo ya kobamelo ya bone pele e nna balatedi ba ga Jesu. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba itse gore go ya ka Molao wa ga Moshe, diphologolo tse di isiwang setlhabelo kwa sebesong sa ga Jehofa e ne e tshwanetse go nna tse di gaisang tse dingwe tsotlhe. Phologolo epe fela ya maemo a a kwa tlase e ne e sa amogelesege. (Mal. 1:8, 13) Go ntse jalo le fa re isa mebele ya rona “setlhabelo se se tshelang.” Re naya Jehofa se se molemolemo, e seng fela se se salang fa re sena go kgotsofatsa dikeletso tsa rona tsotlhe. Fa re ineela mo Modimong, re mo naya “meya” ya rona re sa itshiele sepe, ke gore matshelo a rona—go akaretsa nonofo ya rona, dithoto le bokgoni jwa rona. (Bakol. 3:23) Re ka dira seo jang ka tsela ya mmatota?

Dirisa Nako ya Gago ka Botlhale

12, 13. Tsela nngwe e re ka nayang Jehofa se se molemolemo ka yone ke efe?

12 Tsela nngwe e re ka nayang Jehofa se se molemolemo ka yone ke go dirisa nako ya rona ka botlhale. (Bala Baefeso 5:15, 16.) Seo se tlhoka boikgapo. Ka ntlha ya tlhotlheletso ya lefatshe mmogo le bosaitekanelang jo re bo ruileng re ka batla go dirisa nako ya rona go iitumedisa kgotsa go dira dilo tse di solegelang rona fela molemo. Ke boammaaruri, “sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng,” go akaretsa le boitapoloso jo bo monate le tiro ya boitshediso e e re thusang go diragatsa maikarabelo a rona a Bokeresete. (Mor. 3:1) Le fa go ntse jalo, Mokeresete yo o ineetseng o tshwanetse go nna a le tekatekano mme a dirise nako ya gagwe ka botlhale.

13 Fa Paulo a ne a etetse kwa Athena, o ne a lemoga gore “Baathena botlhe le batswakwa ba ba jakileng koo ba ne ba sa dirise nako ya bone ya boiketlo mo go sepe fa e se go bolela sengwe kgotsa go reetsa sengwe se sesha.” (Dit. 17:21) Gompieno batho ba le bantsi ba senya nako ya bone fela jalo. Dilo tse batho ba fetisang nako ka tsone gompieno di akaretsa go lebelela thelebishene, go tshameka metshameko ya bidio le go fenyenkolola Internet. Dilo tse di ka re senyetsang nako di ntse di a oketsega. Fa re itetla go dirisa nako e ntsi mo go tsone, re ka nna ra tlhokomologa dilo tse re di tlhokang semoyeng. E bile re ka nna ra tsaya gore re tshwaregile thata mo re se nang nako ya go dira “dilo tse di botlhokwa thata”—dilo tse di amanang le go direla Jehofa.—Bafil. 1:9, 10.

14. Ke dipotso dife tse re tshwanelwang ke go di akanyetsa ka kelotlhoko?

14 Ka jalo, jaaka motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa, ipotse, ‘A thulaganyo ya me ya letsatsi le letsatsi e akaretsa nako ya go bala Baebele, go tlhatlhanya le go rapela?’ (Pes. 77:12; 119:97; 1 Bathes. 5:17) ‘A ke beela nako kwa thoko go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete? A ke kgothatsa ba bangwe ka go akgela kwa dipokanong?’ (Pes. 122:1; Baheb. 2:12) Lefoko la Modimo le bolela gore Paulo le Barenabase ba ne ba tsaya “nako e telele ba bua ka bopelokgale ka taolo ya ga Jehofa.” (Dit. 14:3) A o ka fetola maemo a gago gore o kgone go dirisa nako e e oketsegileng, gongwe e bile e le “nako e telele,” mo tirong ya go rera, gongwe o le mmulatsela?—Bala Bahebera 13:15.

15. Bagolwane ba dirisa nako ya bone ka botlhale jang?

15 Fa moaposetoloi Paulo le Barenabase ba ne ba etetse phuthego ya Bokeresete kwa Antioka, ba ne “ba nna nako e telelenyana le barutwa” gore ba ba kgothatse. (Dit. 14:28) Bagolwane ba ba lorato le bone gompieno ba dirisa nako ya bone e ntsi go nonotsha ba bangwe. Mo godimo ga bodiredi jwa bone jwa tshimo, bagolwane ba dira ka natla go disa letsomane, go senka dinku tse di latlhegileng, go thusa ba ba lwalang, le go dira maikarabelo a mangwe a mantsi a ba nang le one mo phuthegong. Fa e le gore o mokaulengwe yo o kolobeditsweng, a maemo a gago a go letla gore o ka leka go tshwanelegela maikarabelo ano a a oketsegileng a tirelo?

16. Ditsela dingwe tse re ka dirang “se se molemo mo go . . . ba ba amanang le rona mo tumelong” ka tsone ke dife?

16 Ba le bantsi ba ile ba itumelela go thusa go namola batho ba ba latlhegetsweng ke dilo tse di farologaneng ka ntlha ya masetlapelo a a bakilweng ke batho kgotsa a tlholego. Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo60 yo o direlang kwa Bethele o ne a tsaya mesepele e meleele ka makgetlho a mantsi a ya go ithaopa mo tirong ya go namola. Ke ka ntlha yang fa a ne a dirisa malatsi a gagwe a boikhutso ka tsela eo? A re: “Le fa ke se na bokgoni bope jo bo rileng, ke ne ke tsaya e le tshiamelo gore ke dire sengwe le sengwe se se neng se tlhokega. Ke ne ke kgothala thata fa ke bona tumelo e e nonofileng ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba neng ba latlhegetswe ke dithoto tse dintsi.” Mo godimo ga moo, batho ba le diketekete mo lefatsheng lotlhe ba thusa go aga Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano. Fa re nna le seabe mo ditirong tseno, re bontsha bopelotshweu ka go dira “se se molemo mo go . . . ba ba amanang le rona mo tumelong.”—Bagal. 6:10.

“Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”

17. Wena o ne o ka ntsha eng gore o bone botshelo jo bo sa khutleng?

17 Batho ba ba ikgaogantseng le Modimo ba tla tloga ba fedisiwa. Ga re itse gore tota seo se tla diragala leng. Mme gone re itse gore “nako e e setseng e khutshwafetse” e bile “seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” (Bala 1 Bakorintha 7:29-31.) Go itse seo go dira gore potso eno ya ga Jesu e nne botlhokwa le go feta: “Ke eng tota, se motho a ka se ntshang a se ananya ka moya wa gagwe?” Ruri re tla ithontsha sengwe le sengwe fela go ya kafa Jehofa a re laelang ka teng gore re bone “botshelo jwa mmatota.” (1 Tim. 6:19) Ee ruri, go botlhokwa gore re ikobele kgothatso ya ga Jesu ya gore re ‘mo sale morago re sa kgaotse’ mme re “batle pele bogosi.”—Math. 6:31-33; 24:13.

18. Re ka tlhomamisega ka eng, mme ka ntlha yang?

18 Gone ke boammaaruri gore go latela Jesu go a tle go nne thata, mme fela jaaka Jesu a tlhagisitse, go ile ga felela ka gore bangwe ba swe mo tsamaisong eno ya dilo. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jesu, ga re ineele mo thaelong ya gore re ‘ikutlwele botlhoko.’ Re dumela se a neng a se raya balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba lekgolo la ntlha la dingwaga fa a ne a ba tlhomamisetsa a re: “Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:20) Ka jalo, a re diriseng nako ya rona le bokgoni jwa rona ka botlalo kafa re ka kgonang ka teng mo tirelong e e boitshepo. Fa re ntse re dira jalo, re bontsha gore re ikanya Jehofa gore o tla re falotsa pitlagano e kgolo kgotsa a dire gore re boe re tshele gape mo lefatsheng le lesha. (Baheb. 6:10) Ka jalo re tla bo re bontshitse kafa re tseelang mpho ya botshelo kwa godimo ka teng.

O ka Araba Jang?

• Jesu o ne a bontsha jang ka tsela e e tlhomologileng gore o iketleeditse go direla Modimo le batho?

• Ke ka ntlha yang fa motho a tshwanetse go iitatola, mme a ka dira seo jang?

• Jehofa o ne a amogela fela ditlhabelo tse di ntseng jang bogologolo kwa Iseraele, mme seo se re ruta eng gompieno?

• Re ka dirisa jang nako ya rona ka tsela e e botlhale?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 26

Ka metlha Jesu o ne a dira dilo tse di neng di itumedisa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Baiseraele ba ba nang le tebogo ba ne ba neela se se molemolemo mo kobamelong ya boammaaruri

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Re itumedisa Modimo ka go dirisa nako ya rona ka botlhale