Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Thuse Gore ba Boe Ntle le go Senya Nako!

Ba Thuse Gore ba Boe Ntle le go Senya Nako!

Ba Thuse Gore ba Boe Ntle le go Senya Nako!

“Re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.”—JOH. 6:68.

1. Petere o ne a reng fa barutwa ba le bantsi ba ne ba tlogela Jesu?

BARUTWA ba ga Jesu Keresete ba le bantsi ba kile ba mo tlogela ka gonne ba sa rate nngwe ya dithuto tsa gagwe. O ne a botsa baaposetoloi ba gagwe a re: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” Petere o ne a mo araba a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 6:51-69) Go ne go se na gope gape kwa ba ka yang teng. Mo metlheng eo, tumelo ya Sejuda e ne e se na “mafoko [ape] a botshelo jo bo sa khutleng,” mme le gompieno ruri go ka se fitlhelwe mafoko ape a a ntseng jalo mo Babelona o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. “E setse e le nako ya gore” batho bape ba ba tlogetseng letsomane la Modimo mme ba batla go itumedisa Jehofa, ‘ba thanye’ mme ba boele mo letsomaneng.—Bar. 13:11.

2. Ke eng se se tshwanetseng go gopolwa malebana le dikgang tse di masisi kgotsa tse di tlhokang go tseelwa kgato ke komiti ya boatlhodi?

2 Jehofa o ne a bontsha gore o amega ka dinku tse di latlhegileng tsa Iseraele. (Bala Esekiele 34:15, 16.) Bagolwane ba Bakeresete le bone ba eletsa go thusa batho ba sekadinku ba ba tlogetseng letsomane, e bile ba tshwanetse go ba thusa. Fa bagolwane ba kopile mmoledi mongwe gore a ithute le mongwe yo o tsidifetseng yo o batlang thuso, mmoledi o tshwanetse a dirang fa motho yono a mmolelela gore o dirile boleo jo bo masisi? Mo boemong jwa go mo naya kgakololo ka kgang epe e e masisi kgotsa e e tlhokang go tseelwa kgato ke komiti ya boatlhodi, mmoledi o tshwanetse go mmolelela gore a bue le bagolwane. Fa a sa dire jalo, mmoledi ka boene o tshwanetse go bolelela bagolwane ka kgang eo.—Lefi. 5:1; Bagal. 6:1.

3. Monna yo o neng a na le dinku di le 100 o ne a ikutlwa jang fa a bona nku e e neng e latlhegile?

3 Mo setlhogong se se fetileng, go ne ga umakwa setshwantsho sa ga Jesu sa monna yo o neng a na le dinku di le 100. Fa e nngwe e ne e timetse, o ne a tlogela tse 99 a ya go e batla. A bo monna yoo a ne a itumela jang ne fa a e bona! (Luke 15:4-7) Re itumela fela jalo fa nngwe ya dinku tsa Modimo e e neng e latlhegile e boela mo letsomaneng. Gongwe bagolwane le maloko a mangwe a phuthego ba ntse ba etela motho yono yo o tsidifetseng, ba tlhotlhelediwa ke lorato. Le bone ba batla go bona motho yoo a boela mo letsomaneng gore Modimo a mo thuse, a mo sireletse a bo a mo segofatse. (Dute. 33:27; Pes. 91:14; Dia. 10:22) Fa ba bulegelwa ke sebaka sa go thusa mongwe gore a boe, ba ka dira eng?

4. Bagalatia 6:2, 5 e tshwanetse go tlhaloganngwa jang?

4 Gongwe ba ka kgothaletsa motho gore a boele mo phuthegong ka go mmontsha ka bopelonomi gore Jehofa o rata dinku tsa Gagwe mme ga a a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra kgona go di dira. O lebeletse gore re dire dilo tse di jaaka go ithuta Baebele, go ya dipokanong tsa Bokeresete le go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Go ka nna ga tshwanela go bala Bagalatia 6:2, 5 le go umaka gore Bakeresete ba ka thusana go rwalelana mekgweleo, mme “mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe” wa boikarabelo jo a nang le jone mo Modimong. Ke rona re tshwanetseng go ikanyega mo Modimong, ga go ope yo o ka re direlang seo.

A ba Fekeeditswe ke “Ditlhobaelo Tsa Botshelo”?

5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re reetse ka kelotlhoko fa badumedi ka rona ba ba tsidifetseng ba tlhalosa maikutlo a bone? (b) O ka thusa jang batho ba ba tsidifetseng go bona gore go se kopanele le batho ba Modimo go dirile gore ba se ka ba itumela jaaka pele?

5 Gore bagolwane le baboledi ba bangwe ba ba godileng semoyeng ba bone kafa ba ka thusang badumedi ka bone ba ba tsidifetseng ka teng, ba tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko fa ba ba tlhalosetsa maikutlo a bone. A re re o mogolwane o etetse banyalani bangwe ba ba sa tleng dipokanong ka gonne ba fekeeditswe ke “ditlhobaelo tsa botshelo.” (Luke 21:34) Mathata a madi kgotsa maikarabelo a mantsi a lelapa a ka tswa a dirile gore ba tsidifale semoyeng. Ba ka nna ba re ba tlhoka go kgwa mowa ka gonne ba na le maikarabelo a mantsi, mme o ka ba bontsha gore go itlhaola go ka se ba thuse ka sepe. (Bala Diane 18:1.) O ka nna wa ba botsa jaana ka botlhale: “A fa e sa le lo tlogela go tla dipokanong lo itumetse go feta pele? A botshelo jwa lelapa la lona bo tokafetse? A boipelo jwa ga Jehofa e sa ntse e le kago ya lona e e thata?”—Neh. 8:10.

6 Fa batho ba ba tsidifetseng ba akanya ka dipotso tse di ntseng jalo, seo se ka ba thusa go bona gore ka ntlha ya go se kopanele le phuthego, ga ba tlhole ba leba dilo ka tsela ya bomodimo e bile ga ba a itumela jaaka pele. (Math. 5:3; Baheb. 10:24, 25) O ka nna wa kgona go ba thusa go lemoga gore ga ba tlhole ba bona boitumelo jo ba neng ba bo bona fa ba ne ba rera dikgang tse di molemo. (Math. 28:19, 20) Mme ke eng se ba tshwanetseng go se dira jaanong?

7. Re ka kgothaletsa ba ba tlogetseng letsomane gore ba dire eng?

7 Jesu o ne a re: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo . . . Nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala.” (Luke 21:34-36) Ba ba tlogetseng letsomane mme ba batla go itumela jaaka pele, ba ka kgothalediwa gore ba rapelele moya o o boitshepo le gore Modimo a ba thuse gore ba dire dilo tse di tsamaisanang le dithapelo tsa bone.—Luke 11:13.

A ba Ne ba Kgopisegile?

8, 9. Mogolwane a ka thusa jang motho yo o kgopisegileng gore a lebe dilo sentle?

8 E re ka batho ba sa itekanela, go a tle go nne le dikgotlhang, mme di ka kgopisa bangwe. Bangwe ba a tle ba kgopisege fa mongwe yo o tlotlegang mo phuthegong a dira dilo tse di sa tsamaisaneng le melaometheo ya Baebele. Fa e le gore motho yo o tsidifetseng o kgopisitswe ke sengwe se se ntseng jalo, mogolwane yo o mo etetseng a ka nna a mmontsha gore Jehofa ga a kgopise ope. Ka jalo tota o tla bo a fedisetsang kamano ya gagwe le Modimo le batho ba Gagwe? Mo boemong jwa moo, a motho ga a tshwanela go tswelela pele a direla Modimo, a tlhomamisegile gore “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” o itse se se diragetseng mme o tla tsaya kgato e e tshwanetseng? (Gen. 18:25; Bakol. 3:23-25) Fa motho a ka kgotšwa ka tsela ya mmatota a bo a wa, a ka se nne fela fa a wetseng teng, a sa leke le gone go emelela.

9 Mogolwane a ka nna a leka go mo thusa go boela mo phuthegong ka go umaka gore fa nako e ntse e feta, bangwe ba ile ba bona gore se se neng se ba kgopisitse ga se tlhole se lebega se le segolo go le kalo. E bile tota se se neng se ba kgopisitse se ka tswa se sa tlhole se le teng. Fa e le gore motho yono yo o tsidifetseng o kgopisitswe ke go bo a ile a otlhaiwa, go tlhatlhanya le go rapela go ka nna ga dira gore a bone gore tota le ene o ne a le molato ka tsela nngwe mme o ne a sa tshwanela go itetla gore a kgopisege fa a otlhaiwa.—Pes. 119:165; Baheb. 12:5-13.

A ga Ba a Rata Thuto Nngwe?

10, 11. Ke mabaka afe a o ka a dirisang fa o leka go thusa mongwe yo o neng a sa dumalane le thuto nngwe ya Baebele?

10 Bangwe ba ka tswa ba ile ba tlogela letsomane la Modimo ka gonne ba sa dumalane le thuto nngwe ya Dikwalo. Baiseraele ba ba neng ba gololwa mo bokgobeng jwa kwa Egepeto ba ne ba “lebala ditiro” tse Modimo a neng a ba diretse tsone mme ‘ba se ka ba leta kgakololo ya gagwe.’ (Pes. 106:13) Go ka nna ga nna molemo go gopotsa motho yo o tsidifetseng gore “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o aba dijo tse di molemolemo tsa semoya. (Math. 24:45) Ke gone kwa motho yono a ithutileng boammaaruri teng kwa tshimologong. Mme ke eng fa a sa ikemisetse go boa a tsamaya mo boammaaruring gape?—2 Joh. 4.

11 Fa mogolwane a ntse a leka go thusa ba ba tlogetseng letsomane la Modimo, a ka nna a umaka barutwa ba ba ileng ba tlogela Jesu ka gonne ba sa rata nngwe ya dithuto tsa gagwe. (Joh. 6:53, 66) Ka go tlogela go kopanela le Keresete le balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang, ba ne ba kgaotsa go anaanela dilo tsa semoya mme ba felelwa ke boitumelo. A batho ba ba tlogetseng go kopanela le phuthego ya Bokeresete ba bone lefelo le lengwe le le nang le dijo tse di nonneng tsa semoya? Nnyaa, ka gonne ga le yo!

A ba Dirile Boleo Bongwe jo bo Masisi?

12, 13. Fa mongwe yo o tlogetseng letsomane a dumela gore o dirile boleo bongwe jo bo masisi, a ka thusiwa jang?

12 Bangwe ba tlogela go rera le go ya dipokanong ka gonne ba dirile boleo bongwe jo bo masisi. Ba ka nna ba akanya gore fa ba ka bolelela bagolwane phoso e ba e dirileng, ba tla kgaolwa. Mme gone ba ka se lelekwe mo phuthegong fa e le gore ba tlogetse mokgwa oo o o kgalwang ke Dikwalo e bile ba ikwatlhaya tota. (2 Bakor. 7:10, 11) Go na le moo, ba tla amogelwa, mme bagolwane ba tla ba naya thuso e ba e tlhokang ya semoya.

13 Fa e le gore o mmoledi yo o godileng semoyeng yo o kopilweng go thusa motho yo o tsidifetseng, o tshwanetse go dirang fa motho yono a go bolelela gore o dirile boleo jo bo masisi? Jaaka go bontshitswe kwa tshimologong, mo boemong jwa go tsenelela mo kgannyeng eno, mo gakolole gore a bue le bagolwane. Fa a sa batle go dira jalo, o tla bo o bontsha gore o amega ka leina la ga Jehofa le phuthego ya gagwe fa o dira go ya kafa Modimo a laelang ka teng malebana le dikgang tse di tshwanang le tseo. (Bala Lefitiko 5:1.) Bagolwane ba tla itse gore ba ka thusa jang motho ope yo o batlang go boela mo phuthegong a bo a tshela go dumalana le thato ya Modimo. Go ka nna ga tlhokega gore a newe kotlhao e e lorato. (Baheb. 12:7-11) Fa motho a dumela gore o leofetse Modimo mme o tlogetse boleo joo e bile o ikwatlhaya eletota, bagolwane ba tla mo thusa mme Jehofa o tla mo itshwarela.—Isa. 1:18; 55:7; Jak. 5:13-16.

Fa Morwa a Boa go a Itumelwa

14. Dirisa mafoko a gago go anela setshwantsho sa ga Jesu sa morwa wa sesenyi.

14 Fa mongwe a kopilwe go thusa nku e e latlhegileng, a ka nna a umaka setshwantsho sa ga Jesu se se mo go Luke 15:11-24. Mo setshwantshong seo, lekawana lengwe le senya boswa jwa lone ka go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Kgabagare o simolola go tlhoa botshelo jwa tlhapelo e e feteletseng jo a ntseng a bo tshela. O tshwerwe ke tlala, o gopotse gae, mme o feditse mogopolo—o boela gae! Fa a sa ntse a le kgakala, rraagwe o a mmona, o tabogela kwa go morwawe a bo a wela mo molaleng wa gagwe, a mo atla ka lorato e bile a itumetse tota. Fa motho yo o tlogetseng phuthego a akanya ka setshwantsho seno, se ka nna sa mo tlhotlheletsa gore a boele mo letsomaneng. E re ka tsamaiso eno e tla tloga e senngwa, o tshwanetse go ‘boela gae’ ntle le go senya nako.

15. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba katoga phuthego?

15 Bontsi jwa batho ba ba katogang phuthego ga ba tshwane thata le morwa wa sesenyi. Bangwe ba katoga ka iketlo, fela jaaka seketswana se se sa setlelwang se katoga ka iketlo mo lotshitshing se tsenelela kwa lewatleng. Ba bangwe ba fekeediwa thata ke ditlhobaelo mo ba tlhokomologang dilo tse di amanang le kobamelo. Mme ba bangwe bone ba itetla gore ba kgopisiwe ke mongwe yo o mo phuthegong, kgotsa ba tlogela phuthego ka gonne ba sa dumalane le thuto nngwe ya Dikwalo. Ba le mmalwa ga ba itshware ka tsela e e tsamaisanang le Dikwalo. Le fa go ntse jalo, kgakololo e e neetsweng malebana le maemo ano otlhe e ka go thusa fa o ntse o thusa batho ba ba tlogetseng letsomane ka ntlha ya mabaka ano kgotsa a mangwe gore ba boe pele go nna thari.

“Re a Go Amogela, Ngwanaka!”

16-18. (a) Mogolwane mongwe o ne a thusa jang mokaulengwe yo o neng a na le dingwaga tse dintsi a tsidifetse? (b) Go ne go tlile jang gore mokaulengwe yono a tsidifale, o ne a thusiwa jang, mme phuthego e ne ya mo amogela jang?

16 Mogolwane mongwe wa Mokeresete a re: “Setlhopha sa bagolwane sa phuthego ya rona se leka ka natla go etela batho ba ba tsidifetseng. Ke ne ka gopola mokaulengwe mongwe yo ke ileng ka ithuta le ene mme ka mo thusa go itse boammaaruri. O ne a na le dingwaga di ka nna 25 a tsidifetse mme o ne a na le mathata tota, ka jalo ke ne ka mo tlhalosetsa kafa go dirisa melaometheo e e mo Baebeleng go ka mo thusang ka teng. Morago ga nakonyana o ne a simolola go tla kwa Holong ya Bogosi mme a dumela gore mongwe a ithute Baebele le ene gore a mo kgothaletse go boela mo letsomaneng.”

17 Go ne go tlile jang gore mokaulengwe yono a tsidifale? A re: “Ke ne ka simolola go senya nako e ntsi mo dilong tsa lefatshe go na le mo go tsa semoya. Go tswa foo ke ne ka emisa go ithuta, go ya tshimong le go ya dipokanong. Fa ke re tha, ke ne ke sa tlhole ke kopanela le phuthego ya Bokeresete. Mme se se neng sa nthusa go boa ke gore mogolwane yono o ne a bontsha gore o amega tota ka nna.” Mathata a mokaulengwe yono a ne a simolola go fokotsega fa a sena go dumela gore mongwe a ithute Baebele le ene. A re: “Ke ne ka lemoga gore se se neng se tlhaela mo botshelong jwa me e ne e le lorato le kaelo ya ga Jehofa le phuthego ya gagwe.”

18 Mokaulengwe yono o ne a amogelwa jang mo phuthegong? A re: “Ke ikutlwa jaaka morwa wa sesenyi yo Jesu Keresete a buileng ka ene. E bile kgaitsadi mongwe yo o godileng yo o neng a le teng dingwaga di le 30 tse di fetileng mme le jaanong a ntse a direla Jehofa ka boikanyegi, o ne a nthaya a re, ‘Re a go amogela, Ngwanaka!’ Seo se ne sa nkama tota. Ruri ke ne ke ikutlwa ke amogelesegile. Mme ke batla go leboga thata ke lebogela lorato, botsalano, bopelotelele le kamego tse ke neng ka di bontshiwa ke mogolwane yoo le phuthego yotlhe. Tsela e ba ratang Jehofa le moagelani ka yone ruri e ne ya nthusa gore ke boele mo letsomaneng.”

Ba Kgothaletse Gore ba Tseye Kgato Gone Jaanong!

19, 20. O ka kgothatsa jang batho ba ba tsidifetseng gore ba boele mo letsomaneng ntle le go senya nako, mme o ka ba bontsha jang gore Modimo ga a lebelela gore re dire se re ka se kang ra se kgona?

19 Re tshela mo metlheng ya bofelo, mme tsamaiso eno ya dilo e tloga e fedisiwa. Ka jalo, kgothaletsa batho ba ba tsidifetseng gore ba tle dipokanong tsa Bokeresete. Ba rotloetse gore ba simolole go tla dipokanong ntle le go senya nako. Ba gopotse gore Satane o leka go senya kamano ya bone le Modimo e bile o batla go dira gore ba akanye gore ba ka imologa mo mathateng a botshelo fa ba ka tlogela kobamelo ya boammaaruri. O ka ba tlhomamisetsa gore go nna balatedi ba ba ikanyegang ba ga Jesu ke yone fela tsela ya gore ba lapologelwe ka tsela ya mmatota.—Bala Mathaio 11:28-30.

20 Gopotsa batho ba ba tsidifetseng gore Modimo o lebeletse gore re dire se re ka se kgonang. Fa kgaitsadie Lasaro e bong Marea a ne a kgalelwa go tlotsa Jesu ka leokwane le le nkgang monate le le tlhwatlhwakgolo pele fela a swa, Jesu o ne a re: “Mo leseng. . . . O dirile se a neng a ka se kgona.” (Mar. 14:6-8) Jesu o ne a baka motlholagadi wa motlhoki yo o neng a ntsha moneelo o monnye kwa tempeleng. Le ene o ne a dirile se a neng a ka se kgona. (Luke 21:1-4) Bontsi jwa rona re ka kgona go ya dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi. Ka thuso ya ga Jehofa, batho ba le bantsi ba jaanong ba tsidifetseng ba tla kgona go dira ditiro tseo.

21, 22. O ka tlhomamisetsa batho ba ba boelang mo go Jehofa o reng?

21 Fa mongwe wa batho ba sekadinku yo o tlogetseng letsomane a tshaba go boa a kopana le bakaulengwe ba gagwe, o ka nna wa mo gopotsa kafa go neng ga itumelwa ka teng fa morwa wa sesenyi a boela gae. Ba ba boelang mo phuthegong le bone ba itumelelwa fela jalo. Ba kgothaletse gore ba tseye kgato gone jaanong gore ba ganetse Diabolo mme ba atamalane le Modimo.—Jak. 4:7, 8.

22 Ba ba boelang kwa go Jehofa ba tla amogelwa ka boitumelo. (Dikhu. 3:40) Kwantle ga pelaelo ba ne ba itumetse thata fa ba ne ba direla Modimo mo nakong e e fetileng. Ba ba boelang mo letsomaneng ntle le go senya nako ba tla bona masego a se kana ka sepe!

O ka Araba Jang?

• O ka thusa jang Mokeresete yo o ileng a kgopisega a bo a tsidifala?

• Ke mabaka afe a a ka thusang motho yo o tlogetseng letsomane la Modimo ka gonne a sa dumalane le thuto nngwe?

• Motho yo o tshabang go boela mo phuthegong a ka thusiwa jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Reetsa ka kelotlhoko fa modumedi ka wena yo o tsidifetseng a tlhalosa maikutlo a gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go akanya ka setshwantsho sa ga Jesu sa morwa wa sesenyi go ka rotloetsa bangwe gore ba boele mo letsomaneng