Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ganetsang Diabolo” Jaaka Jesu A ne A Dira

“Ganetsang Diabolo” Jaaka Jesu A ne A Dira

“Ganetsang Diabolo” Jaaka Jesu A ne A Dira

“Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.”—JAK. 4:7.

1. Jesu o ne a itse gore o tla lebana le kganetso efe mo lefatsheng, mme go ne go tla felela jang?

JESU KERESETE o ne a itse gore o ne a tla lebana le kganetso e e tswang mo go Diabolo. Go ne go bonala sentle gore go tla nna jalo go ya ka se Modimo a neng a se raya noga mme e le mafoko a tota a neng a a lebisitse mo setsuoloding se se boikepo sa moya se se neng se bua se dirisa noga: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi [karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa] le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. [Jesu Keresete] o tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Gen. 3:14, 15; Tshen. 12:9) Go gobadiwa ga ga Jesu mo seretheng go ne go raya gore o ne a tla boga ka nakwana fela ka go bolawa fa a sa ntse a le mo lefatsheng, ka gonne Jehofa o ne a tla mo tsosetsa kwa legodimong. Mme go gobadiwa ga noga mo tlhogong go ne go kaya gore Diabolo o ne a tla bolaelwa ruri.—Bala Ditiro 2:31, 32; Bahebera 2:14.

2. Ke eng fa Jehofa a ne a tlhomamisegile gore Jesu o ne a tla kgona go emelana le Diabolo?

2 Jehofa o ne a tlhomamisegile gore fa Jesu a le mo lefatsheng o ne a tla diragatsa thomo ya gagwe ka botlalo a bo a ganetse Diabolo. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a tlhomamisega thata jaana ka seno? Ke ka gonne o ne a bopile Jesu kwa legodimong dingwaga tse dintsi pele ga tiragalo eo, o ne a etse tlhoko tsela e a dirang dilo ka yone, mme o ne a itse gore “modiri [yono] yo o setswerere” yo e neng e le “leitibolo la popo yotlhe,” o ne a le kutlo e bile a ikanyega. (Dia. 8:22-31; Bakol. 1:15) Ka jalo fa Jesu a ne a romelwa mo lefatsheng mme Diabolo a letlwa gore a mo leke go isa losong, Modimo o ne a tlhomamisegile gore Morwawe yo o tsetsweng a le esi o ne a tla kgona go emelana le teko eo.—Joh. 3:16.

Jehofa o Tlhomamisa Gore Batlhanka ba Gagwe ba Tla Tswelela ba le Teng

3. Diabolo o ikutlwa jang ka batlhanka ba ga Jehofa?

3 Jesu o ne a bitsa Diabolo a re ke “mmusi wa lefatshe leno” mme o ne a tlhagisa barutwa ba Gagwe gore ba ne ba tla bogisiwa, fela jaaka le ene a ne a bogisitswe. (Joh. 12:31; 15:20) Lefatshe le le namaletseng mo maatleng a ga Satane Diabolo, le tlhoile Bakeresete ba boammaaruri ka gonne ba direla Jehofa, e bile ke bareri ba tshiamo. (Math. 24:9; 1 Joh. 5:19) Diabolo o itebagantse thata le masalela a batlodiwa a kgabagare a yang go busa le Keresete mo Bogosing jwa gagwe kwa legodimong. Gape Satane o tlhasela Basupi ba bantsintsi ba ga Jehofa ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Lefoko la Modimo le re tlhagisa jaana: “Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.”—1 Pet. 5:8.

4. Ke eng se se bontshang gore batho ba Modimo ba kgonne go ganetsa Diabolo mo motlheng wa rona?

4 E re ka re le phuthego e e engwang nokeng ke Jehofa Modimo, re kgona go ganetsa Diabolo. Akanya ka seno: Mo dingwageng tse 100 tse di fetileng, mengwe ya mebuso e e setlhogo go e gaisa yotlhe ya babusaesi e ile ya leka go nyeletsa Basupi ba ga Jehofa. Mme palo ya Basupi e ntse e oketsega mme jaanong e batla e tshwara 7 000 000 mo diphuthegong di feta 100 000 mo lefatsheng lotlhe. Dipuso tse di setlhogo tsa babusaesi tse di neng di bogisa batho ba ga Jehofa ke tsone tse jaanong di nyeletseng!

5. Mafoko a a mo go Isaia 54:17 a nnile boammaaruri jang mo batlhankeng ba ga Jehofa?

5 Modimo o ne a dira tsholofetso eno fa a ne a bua le phuthego ya Iseraele wa bogologolo a e bitsa “mosadi” wa gagwe: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega, mme loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le wena mo katlholong o tla lo bona molato. Seno ke se se ruilweng boswa sa batlhanka ba ga Jehofa, mme tshiamo ya bone e tswa mo go nna.” (Isa. 54:11, 17) Tsholofetso eo e nnile boammaaruri mo bathong ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe mo “metlheng [eno] ya bofelo.” (2 Tim. 3:1-5, 13) Re ntse re tsweletse re ganetsa Diabolo, mme ga go na sebetsa sepe se a lekang go se dirisa go fedisa batho ba Modimo se se atlegang, ka gonne Jehofa o na le rona.—Pes. 118:6, 7.

6. Boporofeti jwa ga Daniele bo re bolelela eng ka se se tla diragalelang puso ya ga Diabolo mo isagweng?

6 Dikarolo tsotlhe tsa puso ya ga Satane di tla fedisediwa ruri ka nako e e ntseng e atamela ka bonako ya bokhutlo jwa tsamaiso eno yotlhe e e boikepo ya dilo. Moporofeti Daniele o ne a bolelela pele jaana, a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [tsa mo motlheng wa rona] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi [kwa legodimong] jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a a leng teng gone jaanong], mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Dan. 2:44) Fa seo se direga, puso ya ga Satane le dipuso tsa batho ba ba sa itekanelang di tla nyelela. Sengwe le sengwe se se amanang le tsamaiso ya ga Diabolo ya dilo se tla senyediwa ruri, mme Bogosi jwa Modimo bo tla busa mo lefatsheng lotlhe bo sa ganediwe.—Bala 2 Petere 3:7, 13.

7. Re itse jang gore mongwe le mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa a ka kgona go ganetsa Diabolo?

7 Ga go na pelaelo gore phuthego ya ga Jehofa e tla tswelela e le teng mme o tla e segofatsa ka tsela ya semoya. (Bala Pesalema 125:1, 2.) Mme go tla diragalang ka rona? Baebele e re bolelela gore re ka kgona go ganetsa Diabolo, fela jaaka Jesu a ne a dira. Ee ruri, boporofeti jo Keresete a neng a dira gore moaposetoloi Johane a bo bolele bo bontsha gore le fa Satane a ka ganetsa “boidiidi jo bogolo” jwa ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, boidiidi jono bo tla falola bofelo jwa tsamaiso eno. Go ya ka Baebele, bano ba goa ba re: “Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, yo o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana [Jesu Keresete].” (Tshen. 7:9-14) Go bolelwa gore batlodiwa ba fenya Satane, mme ditsala tsa bone, ba “dinku tse dingwe,” le bone ba a mo ganetsa. (Joh. 10:16; Tshen. 12:10, 11) Gore ba kgone go mo ganetsa, ba tshwanetse gore ba iteke ka natla mme ba rapele ka tlhoafalo gore ba ‘gololwe mo go yo o boikepo.’—Math. 6:13.

Sekao se se Molemolemo sa Mongwe yo o Neng a Ganetsa Diabolo

8. Mo thaelong ya ntlha ya ga Diabolo e go kwadilweng ka yone, o ne a raela Jesu ka eng kwa nageng, mme Keresete o ne a dirang?

8 Diabolo o ne a leka go dira gore Jesu a se ka a ikanyega. Kwa nageng, Satane o ne a leka go raela Jesu ka makgetlho a le mmalwa gore a se ka a ikobela Jehofa. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemolemo ka go ganetsa Satane. Morago ga gore Jesu a itime dijo malatsi a le 40 le masigo a le 40, o tshwanetse a bo a ne a eleditse dijo thata. Satane o ne a re: “Fa e le gore o morwa Modimo, raya maje ano o re a fetoge dinkgwe.” Mme Jesu o ne a gana go dirisa maatla a a neng a a neilwe ke Modimo gore a dire sengwe se se neng se tla solegela ene molemo. Mo boemong jwa moo, Jesu o ne a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.’”—Math. 4:1-4; Dute. 8:3.

9. Ke eng fa re tshwanetse go emelana le dithaelo tsa ga Diabolo fa a leka go re raela ka dikeletso tsa rona tsa tlholego tsa nama?

9 Gompieno, Diabolo o leka go raela batlhanka ba ga Jehofa ka dikeletso tsa bone tsa tlholego tsa nama. Ka jalo re tshwanetse go ititaya sehuba gore re tla emelana le dithaelo tsa go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, tse di anameng thata mo lefatsheng leno le le se nang boitsholo. Lefoko la Modimo le bua jaana le gatelela: “Ebu! A ga lo itse gore batho ba ba sa siamang ga ba na go rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsiediwa. Go le bagokafadi, le fa e le baobamedi ba medingwana, le fa e le baakafadi, le fa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, le fa e le banna ba ba robalang le banna . . . ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakor. 6:9, 10) Seo se re bontsha sentle gore batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang mme ba gana go fetoga ga ba na go letlelelwa go tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo.

10. Go ya ka Mathaio 4:5, 6, Satane o ne a dirisa thaelo efe e nngwe go leka go dira gore Jesu a se ka a ikanyega?

10 Baebele e bua jaana ka nngwe ya dithaelo tse Jesu a neng a lebana le tsone kwa nageng: “Diabolo a mo tsaya a ya le ene kwa motseng o o boitshepo, a mo emisa mo setlhoeng sa tempele a mo raya a re: ‘Fa e le gore o morwa Modimo, ipiriganyetse kwa tlase; gonne go kwadilwe ga twe, “O tla naya baengele ba gagwe taelo kaga gago, mme ba tla go tshwara ka diatla, gore le fa e le ka nako epe o se ka wa itaaganya lonao lwa gago le leje lepe.”’” (Math. 4:5, 6) Satane o ne a raya gore gongwe fa Jesu a ne a ka dira jalo, seo se ne se tla bontsha ka tsela e e gakgamatsang gore Jesu ke Mesia. Mme tota, go ne go tla bo go sa tshwanela gore Jesu a dire jalo, o ne a tla bo a ikgogomosa, mme Modimo o ne a ka se itumelele seo e bile o ne a ka se mo eme nokeng. Le mo lekgetlhong leno, Jesu o ne a nna a ikanyega mo go Jehofa mme a araba a nopola temana. O ne a re: “Gape go kwadilwe ga twe, ‘O se ka wa leka Jehofa Modimo wa gago.’”—Math. 4:7; Dute. 6:16.

11. Satane a ka re raela jang, mme seo se ka felela ka eng?

11 Satane a ka nna a re raela ka ditsela tse di farologaneng gore re batle go tlhagelela. A ka nna a leka go re tlhotlheletsa go etsa difeshene tsa lefatshe mo tseleng e re aparang ka yone le e re ipaakanyang ka yone, kana a ka re raela go itlosa bodutu ka tsela e e sa siamang. Mme fa re ne re ka tlhokomologa kgakololo ya Baebele mme ra etsa lefatshe, a re ne re ka lebelela gore baengele ba re sireletse fa re tlelwa ke ditlamorago tse di maswe tsa tsela eo e re e tlhophileng? Le fa Kgosi Dafide a ne a ikwatlhaela maleo a gagwe a a neng a a dirile le Bathesheba, o ne a tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa ditiro tsa gagwe. (2 Sam. 12:9-12) A re se lekeng Jehofa ka ditsela tse di sa siamang, gongwe re dira jalo ka go itsalanya le lefatshe.—Bala Jakobe 4:4; 1 Johane 2:15-17.

12. Ke thaelo efe e go kwadilweng ka yone mo go Mathaio 4:8, 9, mme Morwa Modimo o ne a itshwara jang fa a ne a raelwa?

12 Tsela e nngwe e Diabolo a neng a e dirisa go raela Jesu kwa nageng ke ka go mo solofetsa gore o tla mo naya maemo mo go tsa bopolotiki. Satane o ne a bontsha Jesu magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one mme a mo raya a re: “Dilo tseno tsotlhe ke tla di go naya fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.” (Math. 4:8, 9) A bo eo e ne e le tsela e e maswe jang ne ya go leka go newa kobamelo e e tshwanetseng Jehofa le go tlhotlheletsa Jesu gore a se ka a ikanyega mo Modimong! Motho yono yo pele e neng e le moengele yo o ikanyegang o ne a nnela go akanya ka keletso e a nang le yone ya go batla go obamelwa, mme seo sa felela ka gore a leofe, a nne pelotshetlha mme a nne moraedi yo o bosula ka tsela e e feteletseng e bong Satane Diabolo. (Jak. 1:14, 15) Le fa go ntse jalo, Jesu ene o ne a sa nna jalo gotlhelele ka gonne o ne a ikemiseditse go nna a ikanyega mo go Rraagwe yo o kwa legodimong, mme ka jalo o ne a re: “Tsamaya, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’” Ka jalo, le mo lekgetlhong leno Jesu o ne a ganetsa Diabolo a nitame, a sa potapote. Morwa Modimo o ne a sa batle karolo epe ya lefatshe la ga Satane mme le ka motlha o ne a ka se obamele motho yoo yo o boikepo!—Math. 4:10; Dute. 6:13; 10:20.

“Ganetsang Diabolo, Mme o Tla lo Tshaba”

13, 14. (a) Fa Diabolo a ne a bontsha Jesu magosi otlhe a lefatshe, o ne a mo solofetsa eng? (b) Satane o leka jang go re tlhotlheletsa ka tsela e e bosula?

13 Fa Diabolo a ne a bontsha Jesu magosi otlhe a lefatshe, o ne a mo solofetsa gore o tla mo naya taolo e go se nang motho ope yo o kileng a nna le yone. Satane o ne a solofetse gore se Jesu a neng a se bona se ne se tla mo kgatlha mme se ne se tla mo tlhomamisetsa gore o ne a ka nna mmusi wa sepolotiki yo o maatla go gaisa botlhe ba ba kileng ba nna teng mo lefatsheng. Gompieno, Diabolo ga a re solofetse gore o tla re naya magosi, mme o leka go tlhotlheletsa dipelo tsa rona ka tsela e e bosula a dirisa dilo tse re di bonang, tse re di utlwang, le tse re akanyang ka tsone.

14 Diabolo o laola lefatshe leno. Ka jalo, o laola metswedi ya lone ya tshedimosetso. Ka lebaka leo ga go gakgamatse go bo dilo tse di mo lefatsheng tse di lebelelwang, tse di reediwang le tse di balwang di tletse ka boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo. Dipapatso tsa lefatshe leno di leka go dira gore re batle go reka dithoto tse dintsi tse re sa di tlhokeng. Ka metlha Diabolo o dirisa dipapatso go re raela ka dilo tsa senama tse re ka kgatlhegelang go di bona, go di utlwa le go akanya ka tsone. Mme fa re gana go lebelela, go reetsa le go bala tshedimosetso e e sa dumalaneng le Dikwalo, tota re a bo re re: “Tsamaya, Satane!” Fa re dira jalo re a bo re etsa Jesu ka go gana tlhotlheletso ya lefatshe la ga Satane le le seng phepa, re nitame e bile re tlhomame. Se sengwe se se bontshang gore ga re karolo ya lefatshe la ga Satane ke fa re ipolela ka bopelokgale gore re Basupi ba ga Jehofa e bile re balatedi ba ga Keresete kwa tirong, kwa sekolong, mo baagelaning ba rona le mo go ba masika a rona.—Bala Mareko 8:38.

15. Ke eng fa re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng ka metlha gore re kgone go ganetsa Satane?

15 Fa Diabolo a sena go leka lekgetlho la boraro go raela Jesu gore a se ka a ikanyega mo Modimong mme a bo a palelwa, ‘Diabolo o ne a mo tlogela.’ (Math. 4:11) Le fa go ntse jalo, Satane o ne a sa ikaelela go tlogela go raela Jesu, ka gonne re bolelelwa seno: “Jalo Diabolo, fa a sena go wetsa thaelo yotlhe [kwa nageng], a boa ka morago a tswa mo go ene go fitlha ka nako e nngwe e e mo siametseng.” (Luke 4:13) Fa re kgona go ganetsa Diabolo, re tshwanetse go leboga Jehofa. Mme gape re tshwanetse go kopa Modimo gore a nne a re thusa, ka gonne Diabolo o tla boa gape a tla go re raela ka nako e e mo siametseng—e seng ka nako e rona re lebeletseng thaelo ka yone. Ka jalo, re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng ka metlha, re ipaakanyeditse go tswelela re direla Jehofa tirelo e e boitshepo le fa re lebana le diteko.

16. Jehofa o re naya maatla afe a a nonofileng go gaisa, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go a rapelela?

16 Gore re kgone go ganetsa Diabolo, re tshwanetse go rapelela maatla a a nonofileng go gaisa otlhe mo lobopong, e leng moya o o boitshepo wa Modimo, mme re tla o newa. Moya oo o tla re thusa go dira dilo tse re neng re ka se kgone go di dira ka nonofo ya rona. Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore ba ka kgona go amogela moya wa Modimo fa a ne a re: “Fa lona, le mororo lo [sa itekanela mme ka jalo lo] le boikepo [fa lo bapisiwa le Modimo], lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:13) A re tsweleleng re rapela Jehofa gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo. Fa re ntse re ikemiseditse go ganetsa Diabolo mme re thusiwa ke maatla ano a a nonofileng go gaisa, re tla fenya. Mo godimo ga go rapela ka metlha le ka tlhoafalo, re tshwanetse go apara diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore re kgone ‘go ema re nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.’—Baef. 6:11-18.

17. Jesu o ne a thusiwa ke boipelo bofe go ganetsa Diabolo?

17 Go na le sengwe gape se se neng sa thusa Jesu go ganetsa Diabolo, mme le rona se ka re thusa. Baebele ya re: “Ka ntlha ya boipelo jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga [ga Jesu] o ne a itshokela kota ya tlhokofatso, a nyatsa ditlhong, mme o ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Modimo.” (Baheb. 12:2) Le rona re ka nna le boipelo jo bo ntseng jalo ka go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa, ka go tlotla leina la gagwe le le boitshepo, le ka go nna re akantse ka tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Re tla itumela fela thata fa Satane le ditiro tsotlhe tsa gagwe di senyeditswe ruri mme ‘ba ba pelonolo ba rua lefatshe, ba bo ba nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso’! (Pes. 37:11) Ka jalo, tswelela o ganetsa Diabolo jaaka Jesu a ne a dira.—Bala Jakobe 4:7, 8.

O ka Araba Jang?

• Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Jehofa o tlhomamisa gore batho ba gagwe ba tla tswelela ba le teng?

• Jesu o ne a tlhoma jang sekao ka go ganetsa Satane?

• O ka ganetsa Diabolo ka ditsela dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go itsalanya le lefatshe go re dira baba ba Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Jesu o ne a gana fa Satane a ne a mo solofetsa go mo naya magosi otlhe a lefatshe