Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla Modimo ka “Pelo e le Nngwe le Moya o le Mongwe Fela”

Go Direla Modimo ka “Pelo e le Nngwe le Moya o le Mongwe Fela”

Go Direla Modimo ka “Pelo e le Nngwe le Moya o le Mongwe Fela”

BAJUDA le basokologi ba phuthegela fa barutweng ba ga Jesu Keresete. Ke nako ya Moletlo wa Pentekosete mme baeng bano ba tlile Jerusalema ba tswa mafelong a a kgakala go tloga kwa Roma kwa bophirima le kwa Parathia kwa botlhaba. Boidiidi jono jwa batho ba bua dipuo tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, barutwa ba ga Jesu ba ba buang le batho bano ba tswa kwa Galalea. Bangwe ba baeng bano ba ba akabetseng ba botsa ba re: “Go tla jang gore mongwe le mongwe wa rona a bo a utlwa puo ya gagwe e re neng ra tsalwa ka yone?”—Dit. 2:8.

Moaposetoloi Petere o a ema a bo a tlhalosa se se bakang kgakgamatso e ba e bonang. Ba amogela molaetsa ka bonako. Go kolobediwa badumedi ba basha ba le diketekete! (Dit. 2:41) Le fa phuthego e gola ka bonako, e nna e le seoposengwe. Mokwadi wa Baebele e bong Luke a re: “Ba le bantsi ba ba neng ba dumetse ba ne ba le pelo e le nngwe le moya o le mongwe fela.”—Dit. 4:32.

Batho ba le diketekete ba ba neng ba kolobediwa ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. ba ne ba batla go nama ba sa ntse ba le mo Jerusalema gore ba utlwe dilo tse dintsi ka ga bodumedi jwa bone jo bosha. Mme ba ne ba sa tla ba ipaakanyeditse go nna lobaka. Ka jalo go ne ga dirwa thulaganyo ya nakwana ya go kokoanya madi. Badumedi bangwe ba ne ba ithaopela go rekisa dithoto tsa bone ba bo ba isa madi a tsone kwa baaposetoloing gore a newe ba ba tlhokang. (Dit. 2:42-47) A moya o montle jang ne wa lorato le bopelotshweu!

Bakeresete ba boammaaruri ga ba bolo go nna le moya o o ntseng jalo wa lorato le bopelotshweu. Gompieno, phuthego ya Bokeresete e ntse e direla Jehofa ka kutlwano ka “pelo e le nngwe le moya o le mongwe fela.” Mokeresete mongwe le mongwe o dirisa nako, maatla le madi a gagwe ka bopelotshweu go dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo le go thusa mo ditirong tse di direlwang Bogosi jwa Modimo.—Bona lebokose le le reng  “Ditsela Tse Bangwe ba Tlhophang go Aba ka Tsone.”

[Lebokoso mo go tsebe 6, 7]

 DITSELA TSE BANGWE BA TLHOPHANG GO ABA KA TSONE

MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE

Batho ba le bantsi ba beela madi mangwe kwa thoko gore ba tle ba a tsenye mo mabokosong a moneelo a a kwadilweng “Tiro ya Lefatshe Lotlhe.”

Kgwedi le kgwedi, diphuthego di romela madi ano kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya tsone. Meneelo ya madi e e ntshiwang ka go rata gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa, Attention: Accounting Office, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya naga ya gaeno. Ditšheke tse di romelwang mo atereseng e e fa godimo di tshwanetse go kwalwa ka leina la “Watch Tower Society.” Tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya lekala fa o batla go ntsha dibenyane le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le lekhutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.

GO RULAGANYETSA GO ABA

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:

Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense morago ga loso lwa gago kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.

Ditoko le Dibonto: Ditoko le dibonto di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa e le mpho.

Ditsha le Dikago: Ditsha le dikago di ka abiwa e le mpho, kana fa e le ntlo ya bonno, go kwalwe gore mong wa yone o tla tswelela a nna mo go yone fa a sa ntse a tshela. Ikgolaganye le ofisi ya lekala ya naga ya gaeno pele ga o kwadisa ditsha le dikago.

Diwili: Dithoto kana madi a ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa ka wili e e kwadilweng semolao.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng o ka ikgolaganya le Accounting Office, ka go e kwalela kana ka mogala, mo atereseng e e kwadilweng fano kana o ka ikgolaganya le ofisi ya lekala e e tlhokometseng naga ya gaeno.

Accounting Office

Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa

Private Bag X2067

Krugersdorp

1740

South Africa

Nomoro ya Mogala: 011 761 1000