Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Batla go Nna Motho yo o Ntseng Jang?

O Batla go Nna Motho yo o Ntseng Jang?

O Batla go Nna Motho yo o Ntseng Jang?

RAMAPODISE wa toropo nngwe kwa Philippines o ne a botsa mmulatsela mongwe a re, “O dirileng gore monna yono a fetole boitshwaro jwa gagwe?” Ramapodise o ne a supa mokoa wa dipampiri mo tafoleng ya gagwe a bo a re: “A o itse gore dipampiri tseno tsotlhe ke tsa melato e a kileng a e sekisediwa? O re namotse motho yo o ntseng a re katla tlhogo mo toropong eno.” Monna yo a neng a bua ka ene e ne e kile ya bo e le letagwa le le ratang ntwa. Ke eng se se mo tlhotlheleditseng go dira diphetogo tse dikgolo jaana mo botshelong jwa gagwe? Ke molaetsa o o tlhotlheleditsweng wa Lefoko la Modimo, Baebele.

Batho ba le bantsi ba ile ba tsaya tsia kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo ya gore ba ‘latlhe botho jo bogologolo jo bo neng bo dumalana le tsela ya bone ya pele ya boitshwaro le gore ba apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo.’ (Baef. 4:22-24) Le fa re ka tswa re tlhoka go dira diphetogo tse dikgolo kgotsa tse dinnye, re tshwanetse go apara botho jo bosha gore re nne Bakeresete.

Mme go dira diphetogo le go gatela pele gore re bo re tshwanelege go kolobediwa, ke tshimologo fela. Ka nako ya fa re kolobediwa mo metsing, re a bo re tshwana le logong lo mmetli a simolotseng go lo betla. Go setse go bonala gore go betliwa eng, mme go sa ntse go setse tiro e ntsi. Mmetli o sa ntse a tshwanetse go dira ka matsetseleko gore a betle setshwantsho se sentle. Fa re kolobediwa, re a bo re na le dinonofo tsa konokono tse motlhanka wa Modimo a tshwanetseng go nna le tsone. Le fa go ntse jalo, re a bo re sa ntse re simolola go nna le botho jo bosha. Re tshwanetse go tswelela pele re bo tokafatsa ka go dira diphetogo.

Tota le Paulo o ne a bona go tlhokega gore a dire diphetogo dingwe. O ne a re: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.” (Bar. 7:21) Ruri Paulo o ne a ikitse gore o ntse jang e bile o ne a itse gore o batla go nna motho yo o ntseng jang. Go tweng ka rona? Le rona re tlhoka go ipotsa jaana: ‘Tota ke motho yo o ntseng jang? Mme ke batla go nna motho yo o ntseng jang?’

Tota ke Motho yo o Ntseng Jang?

Fa re tsosolosa ntlo e kgologolo, go e penta kafa ntle fela go tla bo go sa lekana fa e le gore ditlhomeso tsa yone mo teng di bodile. Fa dilo tse di senyegileng mo kagong eno di sa baakanngwe, seo se ka baka mathata moragonyana. Ka tsela e e tshwanang, ga go a lekana gore motho a lebege e kete o siame. Re tshwanetse go tlhatlhoba gore tota botho jwa rona bo ntse jang le go lemoga makoa a a tlhokang go baakanngwa. Fa re sa dire jalo, mekgwa ya botho jo bogologolo e tla boa. Ka jalo, re tshwanetse go itshekatsheka. (2 Bakor. 13:5) Re tshwanetse go lemoga mekgwa e e sa siamang re bo re e baakanye. Mme Jehofa o re file sengwe se se ka re thusang go dira jalo.

Paulo o ne a kwala a re: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Baheb. 4:12) Molaetsa wa Lefoko la Modimo le le kwadilweng e leng Baebele, o ka tlhotlheletsa matshelo a rona fela thata. Lefoko leno le tsenelela kwa tengteng ga rona—re ka re le fitlha kwa mokong, kwa tengteng ga marapo. Le senola dikakanyo tsa rona le maitlhomo a rona, se re leng sone mo teng fa se bapisiwa le se re lebegang re le sone kafa ntle kgotsa se rona re akanyang gore re sone. Ruri Lefoko la Modimo le re thusa gore re kgone go lemoga makoa a rona!

Fa re tsosolosa ntlo e kgologolo, go ka nna ga se lekane go emisetsa dilo tse di senyegileng ka tse disha fela. Sengwe se se ka re thusang go dira gore dilo tse di senyegileng di se ka tsa boa tsa senyega gape ke go itse gore di sentswe ke eng. Ka tsela e e tshwanang, go ka se ka ga re thusa ka sepe gore re lemoge mekgwa ya rona e e sa siamang fela, mme gape re tshwanetse ra kgona go bona gore e bakilwe ke eng gore re se ka ra boela mo go yone. Botho jwa rona bo amiwa ke dilo di le mmalwa tse di farologaneng. Dingwe tsa tsone ke maemo a rona mo setšhabeng le itsholelo ya rona, tikologo ya rona, setso sa rona, batsadi ba rona, ditsala tsa rona le bodumedi jo re goletseng mo go jone. Tota le dithulaganyo tsa thelebishene le difilimi tse re di lebelelang, mmogo le mefuta e mengwe ya boitlosobodutu, di ama botho jwa rona. Fa re itse gore ke dilo dife tse di re tlhotlheletsang gore re nne le botho jo bo sa siamang, re ka kgona go fokotsa tlhotlheletso ya tsone.

Fa re sena go itshekatsheka, gongwe re ka nna ra re, ‘Ke kafa ke ntseng ka teng.’ Go akanya jalo go phoso. Paulo o ne a bolela jaana ka batho ba phuthego ya kwa Korintha ba e neng e kile ya bo e le bagokafadi, basodoma, matagwa le batho ba ba ntseng jalo: “Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo. Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa . . . ka moya wa Modimo wa rona.” (1 Bakor. 6:9-11) Le rona moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ka re thusa go dira diphetogo tse di tlhokegang.

Akanya ka monna mongwe yo o bidiwang Marcos, * yo o nnang kwa Philippines. Marcos o ne a tlhalosa tsela e a godileng ka yone jaana: “Batsadi ba me ba ne ba omanetse ruri. Ke sone se ke ileng ka tsuologa fa ke ne ke na le dingwaga di le 19.” Marcos o ne a simolola go itsege ka mekgwa e e sa siamang ya go betšha, go utswa le go thukutha batho a ba supile ka tlhobolo. E bile ene le ba bangwe ba ne ba ikaeletse go gapa sefofane sengwe ka dikgoka, le fa leano leo le ne la itaya sefololetse. Marcos o ne a tswelela ka mekgwa ya gagwe e e bosula le fa a setse a nyetse. Kgabagare o ne a latlhegelwa ke sengwe le sengwe se a neng a na le sone ka ntlha ya go betšha. Nakwana fela morago ga moo, Marcos o ne a simolola go nna fa fatshe a reetsa fa mosadi wa gagwe a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Kwa tshimologong, o ne a ikutlwa a sa tshwanelege go nna Mosupi. Le fa go ntse jalo, Marcos o ne a tlogela mekgwa ya gagwe ya bogologolo ka gonne a dirisa se a neng a se ithuta e bile a ya dipokanong. Jaanong ke Mokeresete yo o kolobeditsweng yo ka metlha a dirang tiro ya go ruta ba bangwe gore le bone ba ka fetoga jang.

O Batla go Nna Motho yo o Ntseng Jang?

Re ka nna ra tshwanelwa ke go dira diphetogo dife gore re tokafatse dinonofo tsa rona tsa Bokeresete? Paulo o gakolola Bakeresete jaana: “Di tloseng tsotlhe mo go lona, tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e ferosang sebete e e tswang mo molomong wa lona. Lo se ka lwa akelana. Apolang botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone.” Moaposetoloi o tswelela jaana: “Lo apare botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang ka kitso ya boammaaruri go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa.”—Bakol. 3:8-10.

Ka jalo, mokgele wa rona o mogolo ke go apola botho jo bogologolo le go apara jo bosha. Ke dinonofo dife tse re tshwanetseng go nna le tsone gore re kgone go dira jalo? Paulo a re: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakol. 3:12-14) Go leka ka natla go nna le dinonofo tseno go tla re thusa gore re ‘ratege mo ponong ya ga Jehofa le ya batho.’ (1 Sam. 2:26) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha dinonofo tse di siameng ka tsela e e tlhomologileng. Fa re ithuta e bile re etsa sekao sa gagwe, re ka kgona go tshwana thata le Keresete, re le “baetsi ba Modimo.”—Baef. 5:1, 2.

Tsela e nngwe ya go lemoga gore ke diphetogo dife tse re ka nnang ra tshwanelwa ke go di dira ke go ithuta botho jwa batho ba go kwadilweng ka bone mo Baebeleng, go sekaseka se se neng se ratega le se se neng se sa ratege ka bone. Ka sekai, akanya ka Josefa, morwa Jakobe yo e neng e le tlhogo ya lotso. Le fa Josefa a ile a se ka a tshwarwa sentle, o ne a nna a leba dilo ka tsela e e siameng e bile a na le bontle jwa kafa teng. (Gen. 45:1-15) Kafa letlhakoreng le lengwe, Abesalome morwa Kgosi Dafide o ne a dira gore go lebege e kete o amega thata ka batho e bile o ne a bakwa ka ntlha ya bontle jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, tota e ne e le mooki e bile e le mmolai. (2 Sam. 13:28, 29; 14:25; 15:1-12) Fa motho a le montle kafa ntle e bile a itira e kete o molemo, seo ga se dire gore a ratege tota.

Re ka Kgona

Fa re batla go tokafatsa botho jwa rona le go nna bantle mo matlhong a Modimo, re tshwanetse go dira sengwe ka se re leng sone mo teng. (1 Pet. 3:3, 4) Gore re dire diphetogo mo bothong jwa rona re tshwanetse go lemoga mekgwa ya rona e e sa siamang le gore e bakwa ke eng re bo re tlhagolela dinonofo tse di siameng. A re ka tlhomamisega gore maiteko a rona a go tokafatsa dilo jalo a tla atlega?

Ee, ka thuso ya ga Jehofa re ka kgona go dira diphetogo tse di tlhokegang. Fela jaaka mopesalema, re ka rapela jaana: “Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, tlhe Modimo, mme o tsenye moya o mosha mo teng ga me, o o nitameng.” (Pes. 51:10) Re ka kopa moya wa Modimo gore o re tlhotlheletse, o oketse keletso ya rona ya go tshela go dumalana le thato ya gagwe. Ruri re ka kgona go nna bantle thata mo matlhong a ga Jehofa!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Ga se leina la gagwe tota.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

A go tla bo go lekane gore ntlo eno e e sentsweng ke matsubutsubu e pentiwe kafa ntle fela?

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

A botho jwa gago bo setse bo tshwana le jwa ga Keresete?