Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Pina ya Lewatle”—Mokwalo wa Seatla o o Golaganyang Dipaka Tse Pedi Tsa Hisitori

“Pina ya Lewatle”—Mokwalo wa Seatla o o Golaganyang Dipaka Tse Pedi Tsa Hisitori

“Pina ya Lewatle”—Mokwalo wa Seatla o o Golaganyang Dipaka Tse Pedi Tsa Hisitori

KA May 22, 2007, kapetla ya momeno wa Sehebera wa lekgolo la bosupa kgotsa la borobedi la dingwaga C.E. e ne ya bewa mo pontsheng kwa Israel Museum kwa Jerusalema. Momeno ono ke mokwalo wa seatla wa Ekesodo 13:19–16:1. Mo go one go na le se se bidiwang “Pina ya Lewatle”—pina ya phenyo e Baiseraele ba neng ba e opela fa ba sena go namolwa ka kgakgamatso kwa Lewatleng le Lehibidu. Ke eng fa go le botlhokwa gore kapetla eno ya momeno e bewe mo pontsheng?

Karabo e amana le letlha le mokwalo ono wa seatla o kwadilweng ka lone. Memeno ya Lewatle le le Suleng e kwadilwe nako nngwe fa gare ga lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E. le lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Pele ga memeno eno e bonwa dingwaga di ka nna 60 tse di fetileng, mokwalo wa seatla wa Sehebera o e neng e le one wa bogologolo go e feta yotlhe e ne e le Aleppo Codex, ya 930 C.E. Ntle le dikapetla di le mmalwa, ga go a bonwa mekwalo epe e mengwe ya seatla ya Sehebera e e kwadilweng mo lobakeng lwa dingwaga di le makgolo a le mmalwa, magareng ga nako ya go kwalwa ga mekwalo ya Aleppo Codex le ya go kwalwa ga Memeno ya Lewatle le le Suleng.

James S. Snyder, mookamedi wa Israel Museum, a re: “Mokwalo wa seatla wa Pina ya Lewatle o golaganya dipaka tsa nako e Memeno ya Lewatle le le Suleng e kwadilweng ka yone . . . le e mokwalo wa Aleppo Codex o kwadilweng ka yone.” Go ya ka ene, mokwalo ono wa seatla mmogo le mekwalo e mengwe ya bogologolo ya Baebele “ke sekai se se tlhomologileng se se bontshang kafa mokwalo o neng wa nna o sa fetolwa ka gone.”

Go dumelwa gore kapetla eno ya momeno ke mongwe wa mekwalo e mentsi ya seatla e e bonweng mo bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga kwa sinagogeng nngwe kwa Cairo, kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, motho mongwe yo o neng a ikokoanyetsa mekwalo ya seatla ya Sehebera o ne a sa itse botlhokwa jwa kapetla eno go fitlha a botsa moitse mongwe ka yone go ela kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1970. Ka nako eo go ne ga dirisiwa khabone go sekaseka gore kapetla eo e kwadilwe leng mme go tswa foo e ne ya bolokwa go fitlha e bewa mo pontsheng kwa Israel Museum.

Fa Adolfo Roitman, mookamedi wa Shrine of the Book, kwa Israel Museum, e bile e le motlhokomedi wa Memeno ya Lewatle le le Suleng, a akgela ka botlhokwa jwa kapetla ya momeno, a re: “Mokwalo wa seatla wa Pina ya Lewatle o bontsha kafa thanolo ya Baebele ya Masora e neng ya bolokwa ka gone e sa fetolwa gotlhelele go kgabaganya makgolo a dingwaga. Go a gakgamatsa gore Pina ya Lewatle e ntse e kwadilwe ka mokgwa o o tshwanang le o e neng e kwadilwe ka one mo lekgolong la bo7 go ya go la bo8 la dingwaga.”

Baebele ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, mme Jehofa ke ene yo tota a dirileng gore e nne e ntse e le teng. Mo godimo ga moo, bakwadi ba ne ba kwalolola Dikwalo ka kelotlhoko. Ka jalo, ga go pelaelo gore re ka ikanya se se kwadilweng mo Baebeleng e re e dirisang gompieno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Courtesy of Israel Museum, Jerusalem