Thusa ba ba Tlogetseng Letsomane
Thusa ba ba Tlogetseng Letsomane
“Ipeleng le nna, ka gonne ke bone nku ya me e e neng e latlhegile.”—LUKE 15:6.
1. Jesu o bontshitse jang gore ke modisa yo o lorato?
MORWA yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa e bong Jesu Keresete, o bidiwa “modisa yo mogolo wa dinku.” (Baheb. 13:20) Dikwalo di ne tsa bolelela pele gore o etla, mme tsa bontsha gore e ne e le Modisa yo o tlhomologileng yo o neng a senka ‘dinku tse di latlhegileng’ tsa Iseraele. (Math. 2:1-6; 15:24) Mo godimo ga moo, fela jaaka modisa wa mmatota a ka ineela gore a swe a sireletsa dinku tsa gagwe, Jesu le ene o ne a swa loso lwa go intsha setlhabelo a rekolola batho ba sekadinku ba ba ratang go solegelwa molemo ke setlhabelo sa gagwe.—Joh. 10:11, 15; 1 Joh. 2:1, 2.
2. Ke eng se se ka tswang se bakile gore Bakeresete bangwe ba tsidifale?
2 Ka maswabi, bangwe ba go neng go lebega ba anaanela setlhabelo sa ga Jesu ba bo ba ineela mo Modimong ga ba tlhole ba kopanela le phuthego ya Bokeresete. Go kgobega marapo, mathata a botsogo, kgotsa mabaka a mangwe a ka tswa a ile a fokotsa tlhoafalo ya bone mme a dira gore ba tsidifale. Le fa go ntse jalo, ba ka nna le kagiso le boitumelo jo Dafide a buileng ka jone mo Pesalemeng ya bo23 fela fa ba le mo letsomaneng la Modimo. Ka sekai, o ne a opela jaana: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe.” (Pes. 23:1) Ba ba mo letsomaneng la Modimo ga ba tlhoke sepe semoyeng, mme ga go a nna jalo ka dinku tse di latlhegileng. Ke mang yo o ka di thusang? Di ka thusiwa jang? Tota ke dilo dife tse di ka dirwang go thusa dinku tseno gore di boele mo letsomaneng?
Ke Mang Yo o Ka Thusang?
3. Jesu o ne a dira setshwantsho sefe go bontsha se se tlhokegang go namola dinku tse di latlhegileng tsa mafulo a Modimo?
3 Go namola dinku tse di latlhegileng tsa mafulo a Modimo go tlhoka go tseelwa matsapa tota. (Pes. 100:3) Jesu o ne a tshwantsha kgang eno jaana: “Fa motho mongwe a ka nna le dinku di le lekgolo mme e le nngwe ya tsone e timela, a ga a na go tlogela tse di masome a robongwe le borobongwe mo dithabeng a ba a bolola a ya go batla e e timetseng? Mme fa go diragala gore a e bone, eleruri ke a lo bolelela, o ipelela yone thata go na le tse di masome a robongwe le borobongwe tse di sa timelang. Ka tsela e e tshwanang ga se selo se se eletsegang mo go Rre yo o kwa legodimong gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.” (Math. 18:12-14) Ke mang yo o ka thusang batho ba sekadinku ba ba tlogetseng letsomane?
4, 5. Bagolwane ba tshwanetse go ikutlwa jang ka letsomane la Modimo?
Pes. 79:13) Dinku tse di rategang tseno di tlhoka go tlhokomelwa ka lorato, mme seno se raya gore badisa ba ba lorato ba tshwanetse go amega ka nngwe le nngwe ya tsone. Fa badisa ba etela batho bano ba sekadinku ka lorato seo se ka thusa thata. Kgothatso e e lorato e ba e newang ke modisa e ka ba nonotsha semoyeng mme ya oketsa keletso ya bone ya gore ba boele mo letsomaneng.—1 Bakor. 8:1.
4 E le gore bagolwane ba Bakeresete ba kgone go thusa dinku tse di latlhegileng, ba tshwanetse ba gopola gore letsomane la Modimo ke phuthego ya batho ba ba ineetseng mo go Jehofa, ee, ‘letsomane la mafulo a Modimo’ le le tlhwatlhwakgolo. (5 Badisa ba letsomane la Modimo ba na le boikarabelo jwa go senka dinku tse di timetseng le go leka go di thusa. Moaposetoloi Paulo o ne a gopotsa bagolwane ba Bakeresete ba kwa Efeso wa bogologolo maikarabelo a bone a bodisa fa a ne a re: “Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone, gore lo dise phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.” (Dit. 20:28) Moaposetoloi Petere le ene o ne a kgothatsa banna ba bagolwane ba ba tloditsweng a re: “Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata; e bile e seng ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e nne ka tlhagafalo; gape e seng ka go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme e nne ka go nna dikao mo letsomaneng.”—1 Pet. 5:1-3.
6. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega thata gompieno gore badisa ba tlhokomele dinku tsa Modimo?
6 Badisa ba Bakeresete ba tshwanetse go etsa “modisa yo o molemo,” Jesu. (Joh. 10:11) O ne a amega thata ka dinku tsa Modimo mme o ne a gatelela botlhokwa jwa go di tlhokomela fa a ne a raya Simone Petere a re a ‘dise dinkunyana tsa Gagwe.’ (Bala Johane 21:15-17.) E bile dinku di tlhoka tlhokomelo e e ntseng jalo thata gompieno ka gonne Diabolo o gaketse o batla gore batho ba ba ineetseng mo Modimong ba tlogele go ikanyega mo go ene. Satane o dirisa makoa a senama mmogo le lefatshe go leka go gogela dinku tsa ga Jehofa mo ditirong tse di sa siamang. (1 Joh. 2:15-17; 5:19) Batho ba ba tsidifetseng ke bone ba ba mo kotsing thata mme ka jalo ba tlhoka go thusiwa gore ba dirise kgakololo ya gore ba ‘tsamaye ka moya.’ (Bagal. 5:16-21, 25) E le gore badisa ba kgone go thusa dinku tse di ntseng jalo, ba tshwanetse go kopa thuso ya Modimo ka thapelo le kaelo ya moya wa gagwe o o boitshepo e bile ba tshwanetse go dirisa Lefoko la gagwe ka botswerere.—Dia. 3:5, 6; Luke 11:13; Baheb. 4:12.
7. Go botlhokwa go le kana kang gore bagolwane ba dise batho ba sekadinku ba ba ba tlhokometseng?
7 Kwa Iseraele wa bogologolo, modisa o ne a kaela letsomane la gagwe a dirisa thobane e telele e e obegileng. Fa dinku di ntse di tsena kgotsa di tswa mo lesakeng, di ne di ‘feta kafa tlase ga thobane’ mme ka jalo modisa o ne a kgona go di bala. (Lefi. 27:32; Mik. 2:12; 7:14) Modisa wa Mokeresete le ene o tshwanetse go itse letsomane la Modimo le a le tlhokometseng le go itse gore le ntse le ya jang. (Bapisa Diane 27:23.) Ka jalo, tiro ya bodisa ke nngwe ya dikgang tsa botlhokwa tse setlhopha sa bagolwane se tlotlang ka tsone. Tiro eno e akaretsa go dira dithulaganyo tsa go thusa dinku tse di latlhegileng. Jehofa ka boene o ne a re o tla senka dinku tsa gagwe a bo a di neye tlhokomelo e di e tlhokang. (Esek. 34:11) Ka jalo Modimo o a itumela fa bagolwane ba tsaya dikgato tse di tshwanang le tseo go leka go thusa dinku tse di latlhegileng gore di boele mo letsomaneng.
8. Bagolwane ba ka thusa dinku ka ditsela dife?
8 Fa Mokeresete mongwe a lwala ka tsela ya mmatota, a ka itumela thata a bo a kgothala fa a ka etelwa ke modisa wa letsomane la Modimo. Mme fa nku e e lwalang semoyeng e newa tlhokomelo, le yone e ka ikutlwa fela jalo. Bagolwane ba ka balela motho yo o tsidifetseng ditemana, ba sekaseka setlhogo sengwe le ene, ba mo tlotlela dintlhakgolo tse go builweng ka tsone kwa dipokanong, ba rapela le ene, jalo le jalo. Ba ka mo tlhalosetsa gore maloko a phuthego a ka itumelela go mmona a boetse kwa dipokanong tsa phuthego. (2 Bakor. 1:3-7; Jak. 5:13-15) Go mo etela, go mo leletsa mogala kgotsa go mo kwalela lekwalo go ka mo thusa thata! Modisa yo o kutlwelobotlhoko wa Mokeresete le ene a ka itumela thata fa a thusa nku e e tlogetseng letsomane.
Rotlhe re ka Thusa
9, 10. Ke eng fa o ka re bagolwane ga se bone fela ba tshwanetseng go amega ka nku e e latlhegileng?
9 Re tshela mo metlheng e e boima e batho ba nnang ba tshwaregile thata mo go yone, ka jalo go ka direga gore re se ka ra lemoga fa modumedi ka rona a katoga phuthego. (Baheb. 2:1) Le fa go ntse jalo, Jehofa o tsaya dinku tsa gagwe di le tlhwatlhwakgolo. Nngwe le nngwe ya tsone e botlhokwa, fela jaaka karolo nngwe le nngwe ya mmele e le botlhokwa. Ka jalo, rotlhe re tshwanetse go bontsha gore re amega ka bakaulengwe ba rona re bo re tlhokomelane tota. (1 Bakor. 12:25) A le wena o dira jalo?
10 Le fa bagolwane e le bone ba etelelang pele go senka le go thusa dinku tse di latlhegileng, balebedi ba Bakeresete ga se bone fela ba tshwanetseng go amega ka badumedi ka bone ba ba sa tlholeng ba kopanela. Ba bangwe ba ka thusa badisa bano. Re ka kgothatsa le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba tlhokang thuso semoyeng gore ba boele mo letsomaneng, e bile tota re tshwanetse go dira jalo. Re ka ba thusa jang?
11, 12. O ka newa tshiamelo efe ya go thusa mongwe yo o tlhokang thuso semoyeng?
11 Ka dinako tse dingwe, bagolwane ba ka rulaganyetsa gore baboledi ba Bogosi ba ba nang le maitemogelo ba ithute Baebele le bangwe ba ba tsidifetseng ba ba bolelang gore ba tlhoka thuso. Boikaelelo jwa go dira jalo ke go tsosolosa “lorato lo [ba] neng [ba] na le lone pele.” (Tshen. 2:1, 4) Badumedi bano ba ka kgothala le go nonofa semoyeng fa ba tlotlelwa se se ba fetileng fa ba ntse ba seyo mo phuthegong.
12 Fa bagolwane ba go kopa gore o ithute le modumedi ka wena yo o tlhokang go thusiwa semoyeng, rapela Jehofa gore a go kaele a bo a go segofatse mo maitekong a gago. Ee, “pitikela ditiro tsa gago mo go Jehofa mme dithulaganyo tsa gago di tla tlhomamisiwa thata.” (Dia. 16:3) Tlhatlhanya ka ditemana tsa Baebele le dintlha tse di nonotshang tumelo tse o ka di dirisang fa o ithuta le ba ba tlhokang thuso ya semoya. Akanya ka sekao se se molemo thata sa ga moaposetoloi Paulo. (Bala Baroma 1:11, 12.) Paulo o ne a tlhologeletswe go bona Bakeresete ba kwa Roma gore a ba neye mpho ya semoya gore ba tle ba nitamisiwe. Gape o ne a lebile pele gore a kgothatsane le bone. A le rona ga re a tshwanela go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo fa re batla go thusa dinku tse di tlogetseng letsomane la Modimo?
13. O ka tlotla ka eng le motho yo o tsidifetseng?
13 Fa lo ntse lo ithuta, o ka nna wa mmotsa jaana, “O ithutile boammaaruri jang?” Gakolola motho yono yo o tsidifetseng dinako tse di monate tse di fetileng, o mo kgothaletsa go bua ka maitemogelo a a monate a a kileng a nna le one kwa dipokanong, mo tirong ya go rera le kwa dikopanong. Akgela ka dinako tse di monate tse lo ka tswang lo nnile le tsone mmogo mo tirelong ya ga Jehofa. Tlotla kafa o itumelelang go atamalana le Jehofa ka teng. (Jak. 4:8) Mmolelele kafa o anaanelang ka teng gore Modimo a bo a re tlhokomela jaaka re le batho ba gagwe—bogolo jang ka go re gomotsa le go re naya tsholofelo fa re le mo dipitlaganong.—Bar. 15:4; 2 Bakor. 1:3, 4.
14, 15. Go ka nna ga thusa go gopotsa ba ba tsidifetseng ka masego afe a ba kileng ba bo ba na le one?
Dia. 4:18) Fa a ne a ‘tsamaya ka moya,’ ruri go ne go le motlhofo gore a gane dithaelo tsa boleo. (Bagal. 5:22-26) Mme ka ntlha ya seo, o ne a nna le segakolodi se se phepa se se neng se dira gore a kgone go rapela Jehofa le go nna le ‘kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e bile e disa dipelo tsa rona le maatla a rona a mogopolo.’ (Bafil. 4:6, 7) O ntse o gopotse dintlha tseno, bontsha mokaulengwe kana kgaitsadi wa gago gore o amega ka ene tota, mme o tlhomamise gore o mo kgothatsa ka lorato gore a boele mo letsomaneng.—Bala Bafilipi 2:4.
14 Go ka nna ga solegela motho yo o tsidifetseng molemo fa o ka mo gopotsa ka mangwe a masego a a neng a na le one fa a ne a kopanela ka tlhoafalo le phuthego. Ka sekai, o ne a itumelela go nna le kitso e e oketsegileng ka Lefoko la Modimo le maikaelelo a gagwe. (15 A re re o mogolwane, o dira loeto lwa bodisa. O ka nna wa kgothaletsa banyalani ba ba tsidifetseng gore ba akanye ka nako ya fa ba ne ba simolola go utlwa ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. A bo dithuto tsa boammaaruri di ne di le monate, di utlwala, di kgotsofatsa e bile di golola semoyeng jang ne! (Joh. 8:32) A bo dipelo tsa bone di ne di phophoma ka boitumelo ka ntlha ya se ba neng ba se ithuta ka ga Jehofa, lorato lwa gagwe le maikaelelo a gagwe a a molemolemo! (Bapisa Luke 24:32.) Ba gakolole gore Bakeresete ba ba ineetseng ba na le kamano e e gaufi le Jehofa e bile ba na le tshiamelo e e molemo ya go rapela. Ka metlha kgothatsa ba ba tsidifetseng gore ba boe ba amogele “dikgang tse di molemo tse di galalelang tsa Modimo yo o itumetseng,” Jehofa.—1 Tim. 1:11.
Tswelela Pele o ba Bontsha Lorato
16. Naya sekai se se bontshang gore maiteko a go thusa batho ba ba tsidifetseng semoyeng tota a a atlega.
16 A dikakantsho tse di fa godimo tota di a bereka? Ee. Ka sekai, mosha mongwe yo o simolotseng go nna mmoledi wa Bogosi a na le dingwaga di le 12 o ne a tsidifala a na le dingwaga di le 15. Le fa go ntse jalo, moragonyana o ne a boa a tlhoafala gape, mme o ntse a le mo tirelong ya nako e e tletseng ka dingwaga di feta 30. Se se neng sa mo thusa thata gore a boe a tlhagafale semoyeng e ne e le thuso e a neng a e newa ke mogolwane mongwe wa Mokeresete. Ruri o ne a anaanela thata go bo a thusitswe jalo semoyeng!
17, 18. Ke dinonofo dife tse di tla dirang gore o kgone go thusa mongwe yo o tlogetseng letsomane la Modimo?
17 Lorato ke lone lo rotloetsang Bakeresete go thusa batho ba ba tsidifetseng gore ba boele mo phuthegong. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:34, 35) Ee, lorato ke letshwao le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri. A Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba ba ka tswang ba tsidifetse ga ba a tshwanela go bontshiwa lorato loo? Ruri ba tshwanetse! Mme go ka nna ga tlhokega gore re bontshe dinonofo tse di farologaneng tsa Bokeresete fa re ntse re thusa ba ba tsidifetseng.
18 Fa o batla go thusa mongwe yo o tlogetseng letsomane la Modimo, o ka nna wa tshwanelwa ke go bontsha dinonofo dife? Mo godimo ga go bontsha lorato, o ka nna wa tshwanelwa ke go bontsha bopelotlhomogi, bopelonomi, bonolo le bopelotelele. Gape fa go tlhokega, o ka nna wa tshwanelwa ke go mo itshwarela. Paulo o ne a kwala a re: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo Bakol. 3:12-14.
gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—19. Go tsaya matsapa a go thusa batho ba sekadinku gore ba boele mo letsomaneng la Bokeresete go na le matswela afe a a molemo?
19 Setlhogo se se latelang sa thuto se se mo makasineng ono se tla sekaseka mabaka a go bo bangwe ba tlogela letsomane la Modimo. Gape se tla bontsha kafa ba ba boang ba ka lebelelang go amogelwa ka teng. Fa o ntse o ithuta setlhogo seo e bile o ntse o akantse ka setlhogo seno se o se ithutang gone jaanong, itse fela gore maiteko ape a o tla a dirang ka maikaelelo a go thusa bangwe ba sekadinku gore ba boele mo letsomaneng la Bokeresete, a ka nna le matswela a a molemo. Mo tsamaisong ya jaanong ya dilo, batho ba le bantsi ba dirisa botshelo jwa bone jotlhe ba leka go ikokoanyetsa dikhumo, mme go boloka botshelo jwa motho a le mongwe fela go botlhokwa go feta madi otlhe a motho a ka nnang le one. Jesu o ne a gatelela seo mo setshwantshong sa gagwe sa dinku tse di latlhegileng. (Math. 18:12-14) E kete o ka nna o gopotse ntlha eo fa o ntse o leka ka tlhoafalo e bile o leka ka potlako go thusa batho ba sekadinku ba Jehofa a ba ratang ba ba tlogetseng letsomane, gore ba boe.
O ka Araba Jang?
• Badisa ba Bakeresete ba na le boikarabelo bofe malebana le batho ba sekadinku ba ba tlogetseng letsomane?
• O ka kgona jang go thusa batho ba gone jaanong ba tsidifetseng?
• Ke dinonofo dife tse di tla dirang gore o kgone go thusa batho ba ba tlogetseng letsomane?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Badisa ba Bakeresete ba leka ka lorato go thusa batho ba ba tlogetseng letsomane la Modimo