Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Re ka bua ‘puo e e itshekileng’ ka thelelo jang, e e leng boammaaruri ka ga Modimo le maikaelelo a gagwe? (Sefa. 3:9)

Fela jaaka go ntse ka puo e e buiwang, fa re batla go bua ‘puo e e itshekileng’ ka thelelo re tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko, go etsa batho ba ba e buang ka thelelo, go tshwara ka tlhogo maina a dibuka tsa Baebele le ditemana dingwe tsa Baebele, go boaboeletsa dilo tse re di ithutang, go balela kwa godimo, go ithuta melao ya puo kgotsa melao ya boammaaruri, go leka go gatela pele, go ipeela nako e e tlhomameng ya go ithuta le go itlwaetsa “go bua” puo e e itshekileng.—8/15, tsebe 21-25.

• Re tshwanetse go itse dilo dife gore re itse gore Modimo o ntse jang?

“Jehofa ke leina la gagwe,” mme o batla gore re mo itse ka lone. (Ekes. 15:3) Ke “Modimo wa lorato le wa kagiso.” (2 Bakor. 13:11) Ke “Modimo wa kitso” le “wa poloko.” (1 Sam. 2:3; Pes. 25:5) Modimo o tla atamalana le ba ba mo itseng jalo.—9/1, tsebe 4-7.

• Kgang ya “mogala o o menaganeng seraro” e kaya eng mo lenyalong?

“Mogala o o menaganeng seraro” ke puo ya tshwantshetso. (Mor. 4:12) Fa setshwantsho seno se dirisiwa mo lenyalong, se akaretsa monna le mosadi, ba e leng megala ya ntlha e mebedi e e bofaganngwang le mogala wa konokono, e leng Modimo. Go nna seoposengwe le Modimo go dira gore banyalani ba kgone go lebana le mathata le gore ba bone boitumelo.—9/15, tsebe 16.

• “Go bewa ga diatla” mo go umakwang mo go Bahebera 6:2 go kaya eng?

Ga go kaye go tlhoma bagolwane ba basha ba Bakeresete, mme go tshwanetse ga bo go kaya go baya diatla e le go naya badumedi ba basha dimpho tsa moya o o boitshepo ka kgakgamatso. (Dit. 8:14-17; 19:6)—9/15, tsebe 32.

• Rre yo o molemo o lemoga gore bana ba gagwe ba tlhoka eng?

Dingwe tsa dilo tse ba di tlhokang ke (1) lorato lwa gagwe, (2) sekao se se molemo, (3) go golela mo lelapeng le le itumetseng, (4) go rutiwa go nna le kamano e e molemo le Modimo, (5) go kgalemelwa, (6) go sirelediwa.—10/1, tsebe 18-21.

• Ba ba etelelang pele ba ka bontsha ba bangwe tlotlo jang?

Tsela nngwe e mogolwane a ka dirang seo ka yone ke gore le ka motlha a se ka a kopa ba bangwe go dira dilo tse ene a sa batleng go di dira. Gape o bontsha tlotlo ka go ba fa mabaka fa a ba kopa kgotsa a ba laela gore ba dire sengwe.—10/15, tsebe 22.

• Dingwe tsa ditsela tsa go boloka maitlamo a lenyalo ke dife?

Tse pedi ke: (1) Dira gore lenyalo la gago le tle pele mo botshelong. (2) Tila mekgwa yotlhe ya go se ikanyege. E ka ne lenyalo la gago le nonofile kgotsa le na le mathata, molekane wa gago o tshwanetse go itse gore o ikemiseditse go dira gore lenyalo la lona le atlege; ditsela tse pedi tse di fa godimo di tla thusa.—11/1, tsebe 18-21.

• Mogolwane wa Mokeresete a ka ithuta eng mo tseleng e modisa wa Moiseraele a neng a dirisa thobane e e obegileng ka yone?

Modisa o ne a kaela letsomane la gagwe a dirisa thobane e e obegileng. Fa dinku di ntse di tsena kgotsa di tswa mo lesakeng, di ne di ‘feta kafa tlase ga thobane’ mme ka jalo o ne a kgona go di bala. (Lefi. 27:32) Modisa wa Mokeresete le ene o tshwanetse go itse letsomane la Modimo le a le tlhokometseng le go itse gore le ntse le ya jang.—11/15, tsebe 9.

• Mmè a ka bontsha jang gore o tsaya bophepa bo le botlhokwa?

Dijo di ka kgotlelesega ka ditsela tse di farologaneng, ka jalo o tlhapa diatla pele a tshwara dijo e bile o dira gore dijo di nne di khurumetswe. O dira gore ntlo e nne e le phepa gore a se ka a tshwenngwa ke magotlo, dipeba le ditshenekegi. Dikgato tse dingwe di akaretsa go dira gore diaparo di nne di le phepa le go tlhapa ka metlha. Dikgato tse di ntseng jalo di tsamaisana le Baebele.—12/1, tsebe 9-11.