Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo go Nehemia 8:10, Bajuda ba ne ba bolelelwa gore ba “je dilo tse di mafura,” mme Molao wa ga Moshe mo go Lefitiko 3:17 o ne o re: “Lo se ka lwa ja mafura ape.” A ditemana tseno tse pedi di a nyalana?

Ka puo e Baebele e kwadilweng ka yone kwa tshimologong, lefoko le le ranotsweng e le “dilo tse di mafura” mo go Nehemia 8:10 le le le ranotsweng e le “mafura” mo go Lefitiko 3:17 ga a tshwane. Lefoko la Sehebera cheʹlev, le le ranotsweng e le “mafura” mo go Lefitiko 3:17, le kaya mafura a diphologolo kana a batho. (Lefi. 3:3; Baatlh. 3:22) Ditemana tse di tlang pele ga temana 17 di tlhalosa gore Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go ja mafura a a bipileng mala le diphilo tsa diphologolo tse di isiwang setlhabelo le fa e le mafura a a mo lothekeng ka gonne “mafura otlhe ke a ga Jehofa.” (Lefi. 3:14-16) Ka jalo mafura a a mo diphologolong tse di neng di isediwa Jehofa setlhabelo a ne a sa tshwanela go jewa.

Mme kafa letlhakoreng le lengwe, lefoko le le ranotsweng go twe “dilo tse di mafura” mo go Nehemia 8:10 ke mash·man·nimʹ, mme le tlhaga mo temaneng eno fela mo Dikwalong Tsa Sehebera. Le tswa mo lediring sha·menʹ, le le rayang “go nna mafura, go nona.” Go lebega tlhaloso ya konokono ya mafoko a a amanang le lediri leno e le katlego le botsogo jo bontle. (Bapisa Isaia 25:6.) Lengwe la mafoko a gantsi a tswang mo lediring leno ke leina sheʹmen, le gantsi le ranolwang go twe “leokwane” go akaretsa mo polelwaneng e e reng ‘leokwane la motlhware.’ (Dute. 8:8; Lefi. 24:2) Go lebega lefoko mash·man·nimʹ  mo go Nehemia 8:10 le raya dijo tse di apeilweng ka mafura a mantsi e bile gongwe di na le nama e e nang le mafuranyana mme e seng mafura a a ipopileng a diphologolo.

Le fa Baiseraele ba ne ba ilediwa go ja mafura a a ipopileng a a mo nameng ya diphologolo, ba ne ba ka ja dijo tse di monate tse di tshetsweng mafura. Dijo dingwe tse di jaaka dikuku tse di dirilweng ka dijo tsa ditlhaka di ne di sa apewe ka mafura a diphologolo, mme di ne di apewa ka mafura a merogo, gantsi e le ka mafura a motlhware. (Lefi. 2:7) Ka jalo, buka ya Insight on the Scriptures e tlhalosa gore “dilo tse di mafura” fano di kaya “dikarolo tse di nonneng, tse di sa bopamang kana tse di sa omelelang, mme di le monate, go akaretsa le dijo tse di apeilweng ka mafura a merogo.”

Mme gone, Bakeresete ba nna ba gakologetswe gore molao o o neng o iletsa go ja mafura e ne e le karolo ya Molao wa ga Moshe. Bone ga ba kafa tlase ga Molao oo, go akaretsa le melawana ya one e e amanang le ditlhabelo tsa diphologolo.—Bar. 3:20; 7:4, 6; 10:4; Bakol. 2:16, 17.