Ke Bone Koketsego Kwa Korea
Ke Bone Koketsego Kwa Korea
Jaaka go boletse Milton Hamilton
“Re maswabi go lo itsise gore puso ya Repaboliki ya Korea e phimotse makwalo otlhe a mosepele a lona barongwa mme e tlhalositse gore ga e tlhole e lo batla mo nageng eo. . . . Ka ntlha ya seno, lo abelwa go ya go direla kwa Japane ka nakwana.”
GO ELA kwa bokhutlong jwa 1954, nna le mosadi wa me re ne ra amogela molaetsa o o fa godimo o tswa kwa Brooklyn, New York, U.S.A. Re ne re alogile mo setlhopheng sa bo23 sa Sekolo sa Gileade kwa bokone jwa New York kwa masimologong a ngwaga oo. Fa re ne re amogela lekwalo leo, re ne re direla ka nakwana kwa Indianapolis, kwa Indiana.
Nna le mosadi wa me, Liz (yo pele e neng e le Liz Semock), re ne re le mo tlelaseng e le nngwe fela kwa sekolong se segolwane. Re ne ra nyalana moragonyana ka 1948. Liz o ne a rata bodiredi jwa nako e e tletseng mme o ne a sa batle go tswa mo United States gore a ye go direla kwa nageng e sele. Ke eng se se neng sa dira gore a fetole mogopolo?
Liz o ne a dumela go ya le nna kwa pokanong e e neng e tshwaretswe batho ba ba batlang go ya sekolong sa Gileade. Pokano eo e ne ya tshwarwa ka nako ya kopano ya ditšhabatšhaba e e neng e le kwa Yankee Stadium, kwa New York ka selemo sa 1953. Morago ga pokano eo e e kgothatsang, re ne ra tlatsa dikopo tsa rona tsa go ya sekolong sa Gileade. Re ne ra gakgamala fa re ne re lalediwa go tsena mo setlhopheng se se latelang, se se neng se tlile go simolola dithuto tsa sone ka February 1954.
Re ne ra abelwa go ya go direla kwa Korea le fa ntwa e e neng e tsere dingwaga tse tharo e ne e sa tswa go fela ka selemo sa 1953 mme e ripitlile naga eo. Jaaka lekwalo le le nopotsweng fa godimo le ne le laela, re ne ra ya pele kwa Japane. Morago ga loeto lwa sekepe lwa malatsi a le 20, re ne ra goroga koo ka January 1955 mmogo le barongwa ba bangwe ba barataro ba le bone ba neng ba abetswe go ya go direla kwa Korea. Lloyd Barry, yo e neng e le mookamedi wa lekala la Japane ka nako eo, o ne a re kgatlhantsha kwa boemakepeng ka ura ya borataro mo mosong. Kwantle ga go senya nako, re ne ra ya kwa legaeng la barongwa kwa Yokohama. Moragonyana mo go lone letsatsi leo re ne ra ya tshimong.
Kgabagare re Tsena mo Korea
Fa nako e ntse e ya, re ne ra newa makwalo a mosepele a a neng a re dumelela go tsena mo Repaboliking ya Korea. Ka March 7, 1955, sefofane sa rona se ne sa tloga mo Boemafofaneng jwa Ditšhabatšhaba jwa Haneda mo Tokyo mme sa tsaya loeto lwa diura tse tharo go ya kwa Boemafofaneng jwa Yoido kwa Seoul. Re ne ra kgatlhantshiwa ke Basupi ba feta 200 ba kwa Korea mme re ne ra rothisa dikeledi tsa boitumelo. Go ne go na le Basupi ba le 1 000 fela mo nageng yotlhe ya Korea ka nako eo. Jaaka batho ba bantsi ba kwa dinageng tsa Bophirima ba akanya, le rona re ne re akanya gore batho botlhe ba kwa dinageng tsa Botlhaba ba a tshwana e bile ba dira dilo ka
go tshwana, go sa kgathalesege gore ba tswa kwa nageng efe. Re ne ra lemoga ka bonako gore tota ga go a nna jalo. Batho ba kwa Korea ba na le puo ya bone le ditlhaka tsa bone tsa mokwalo tse di farologaneng le tsa batho ba dipuo tse dingwe, mme gape dijo tsa bone, ditebego le moaparo wa bone wa setso, mmogo le dilo tse dingwe tse di jaaka dikago tsa bone, ga di tshwane le tsa dinaga tse dingwe.Tiro ya ntlha e e thata e re neng ra lebana le yone e ne e le go ithuta puo ya koo. Go ne go se na dibuka tse re ka di dirisang go ithuta Se-Korea. Go ise go ye kae re ne ra lemoga gore re ne re ka se kgone go bitsa mafoko a Se-Korea ka medumo e e dirisiwang go bitsa mafoko a Seesemane. Motho a ka kgona go ithuta go bitsa mafoko a Se-Korea sentle fela fa a ithutile gore ditlhaka tsa Se-Korea di bidiwa jang.
Re ne re a tle re dire diphoso. Ka sekai, Liz o ne a botsa mong wa ntlo gore a o na le Baebele. Mong wa ntlo o ne a lebega a akabetse fa a tswa mme fa a boa o ne a tla a tshotse lebokose la mmetšhise. Liz o ne a kopile gore a mo fe sungnyang (mmetšhise) mo boemong jwa sungkyung, e e rayang “Baebele.”
Morago ga dikgwedi di le mmalwa, re ne ra abelwa go ya go tlhoma legae la barongwa kwa Pusan, kwa toropong e e kwa borwa e e nang le boemakepe. Re ne ra hira diphaposi tse tharo tse dinnye gore re di dirise mmogo le bokgaitsadi ba babedi ba ba neng ba abetswe go ya go direla koo le rona. Diphaposi tseo di ne di se na diphaepe tsa metsi le fa e le ntlwana ya boithomelo e e dirisang metsi. Ke bosigo fela mo maatla a metsi a neng a lekane gore re ka gopa metsi ka lethompo go ya kwa boalong jwa bobedi jwa kago. Ka jalo, re ne re refosana go tsoga go sa le makuku gore re a tshele mo dinkgong. Gore metsi ao a siamele go nowa, re ne re tshwanetse go a bedisa kana go a tshela khemikale e e bidiwang chlorine.
Go ne go na le mathata a mangwe gape. Motlakase o ne o le boutsana mo e leng gore re ne re sa kgone go dirisa motšhine wa go tlhatswa kgotsa aene. Re ne re apeela mo phasitšhing, mme go ne go na le setofo sa parafine fela mo go yone. Go ise go ye kae mongwe le mongwe wa rona o ne a tshwanelwa ke go tlwaela go apaya mo maemong ao fa e le letsatsi la gagwe la go apaya. Dingwaga di le tharo fa re sena go goroga koo, nna le Liz re ne ra tshwarwa ke bolwetse jwa sebete. Barongwa ba bantsi mo metlheng eo ba ne ba tshwarwa ke bolwetse joo. Go ne ga feta dikgwedi tse dintsi re ise re fole, mme re ne ra tshwarwa ke malwetse a mangwe gape.
Bakaulengwe ba Thusiwa go Fenya Dikgoreletsi
Mo dingwageng tse 55 tse di fetileng, setlhaketlhake sa Korea e ntse e le lengwe la mafelo a a sa ritibalang mo go tsa dipolotiki kwa Asia. Setlhaketlhake seno se kgaoganngwa go nna dinaga tse pedi ke molelwane o masole a sa letlelelwang go lwela kwa go one (DMZ [demilitarized zone]). Molelwane ono o dikilometara di le 55 go ela kwa bokone jwa Seoul, e e leng motsemogolo wa Repaboliki ya Korea. Ka 1971, re ne ra etelwa ke Frederick Franz go
tswa kwa ntlokgolo kwa Brooklyn. Ke ne ka tsamaya le ene go ya kwa molelwaneng oo o o sireleditsweng go e feta yotlhe mo lefatsheng. Fa dingwaga di ntse di feta, gantsi badiredibagolo ba United Nations ba ne ba tshwarela dipuisano le baemedi ba dipuso tseo tse pedi koo.Ee gone, ga re tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa bopolotiki tsa lefatshe leno, go akaretsa le tsa kwa setlhaketlhakeng sa Korea. (Joh. 17:14) Ka gonne Basupi ba feta 13 000 ba kwa Korea ba ne ba gana go tshola dibetsa go lwantsha batho ba bangwe, ba ne ba nna mo kgolegelong palogotlhe ya dingwaga di le 26 000. (2 Bakor. 10:3, 4) Bakaulengwe botlhe ba basha ka dingwaga mo nageng eo ba itse gore ba tla lebana le kgang eno, mme ga ba tshoge. Go utlwisa botlhoko gore puso e ka bitsa badiredi ba Bakeresete “dikebekwa,” mme “molato” wa bone e le fela gore ga ba tseye letlhakore ka gonne e le Bakeresete.
Ka 1944, ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, le nna ke ne ka gana go tsenela bosole mme ka ntlha ya seo ke ne ka tshwanelwa ke go nna dingwaga di le pedi le sephatlo kwa kgolegelong ya United States kwa Lewisburg, kwa Pennsylvania. Ka jalo, le fa basha bano ba kwa Korea ba Basupi ba ne ba lebane le maemo a a bokete le go feta kwa kgolegelong, ke ne ke tlhaloganya se ba neng ba lebane le sone. Bakaulengwe ba bantsi ba ne ba kgothadiwa ke go itse gore bangwe ba rona barongwa ba ba neng ba le kwa Korea re ne re diragaletswe ke se se tshwanang.—Isa. 2:4.
Re Lebana le Boemo jo bo Thata
Go sa tseye letlhakore ga rona go ne go amega mo kgannyeng nngwe e e neng ya tsoga ka 1977. Badiredibagolo ba ne ba akanya gore re ne re tlhotlheleditse basha ba kwa Korea gore ba gane go tsenela bosole le go tshola dibetsa. Ka jalo puso e ne ya dira tshwetso ya gore fa barongwa ba ne ba dule mo nageng eo ka lebaka le fa e le lefe fela, ba se ka ba newa tetla ya go tsena gape. Thibelo eno e ne ya simolola ka 1977 mme ya fela ka 1987. Fa re ka bo re ne ra tswa kwa Korea mo dingwageng tseo, re ka bo re sa letlelelwa go boa. Ka lebaka leo, ga re a ka ra ya gae mo dingwageng tseo, le fa e le go ya go eta fela.
Re ne re kopana gantsi le badiredi ba puso go tla go tlhalosa boemo jwa rona jwa go sa tseye letlhakore ka gonne re le balatedi ba ga Keresete. Kgabagare, ba ne ba lemoga gore ba ne ba sa re tshose, mme ka jalo thibelo eo e ne ya fela—morago ga dingwaga di le lesome. Mo dingwageng tseo barongwa ba le mmalwa ba ne ba tshwanelwa ke go tswa mo nageng eo ka mabaka a a jaaka a botsogo, mme rona ba bangwe re ne ra sala, e bile re itumelela go bo re ne ra dira jalo.
Mo magareng a bo1980, baganetsi ba tiro ya rona ba ne ba latofatsa baokamedi ba mokgatlho wa rona wa semolao ka ditatofatso tsa maaka ba re ba tlhotlheletsa makawana gore a gane go tsenela bosole. Ka ntlha ya seo, puso e ne ya bitsa mongwe le mongwe wa rona gore a tle go tlhotlhomisiwa. Ka January 22, 1987, ofisi ya mosekisi e ne ya bona gore ditatofatso tseo ke maaka. Seno se ne sa thusa go rarabolola kgang eo gore e se ka ya tlhola e tsoga gape mo nakong e e tlang.
Modimo o Segofatsa Tiro ya Rona
Kwa Korea, tiro ya rona ya go rera e ne e ganediwa thata fa dingwaga di ntse di feta ka gonne re sa tseye letlhakore. Ka jalo, go ne ga nna thata le go feta go bona mafelo a a siametseng gore re ka tshwarela dikopano tsa rona tse dikgolo mo go one. Mme Basupi ba ne ba rarabolola bothata joo ka go aga Holo ya Dikopano kwa Pusan, e e neng e le yone ya ntlha kwa dinageng tsa Botlhaba. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go baya puo ya go neela holo eo ka April 5, 1976, mme go ne go na le bareetsi ba le 1 300.
Fa e sa le go tloga ka 1950, masole a le diketekete a a tswang kwa United States a ne a romelwa kwa Korea. Bontsi jwa masole ano ba ne ba nna Basupi ba ba tlhagafetseng fa ba sena go boela kwa United States. Gantsi ba re k walela makwalo, mme re itumelela go bo re ba thusitse go itse Modimo.
Ka maswabi, mosadi wa me yo o rategang Liz o ne a tlhokafala ka September 26, 2006. Ke mo tlhoafalela thata. Mo dingwageng tse 51 tse a neng a direla kwano ka tsone, o ne a amogela kabelo nngwe le nngwe e a neng a e newa mme le ka motlha o ne a sa ngongorege. Ga ise a ko a umake gore o batla go boela kwa United States, e leng naga e a kileng a re ga a batle go tswa kwa go yone!
Ke sa ntse ke direla mo lelapeng la Bethele mo Korea. Lelapa leno le ne le na le maloko a le mmalwa fela bogologolo mme gompieno a oketsegile go nna 250. Ke na le tshiamelo ya go direla mo Komiting ya Lekala e e nang le maloko a le supa, e e okametseng tiro mo nageng eno.
Le fa Korea e ne e humanegile thata fa re ne re goroga kwano, jaanong ke nngwe ya dinaga tse di tlhabologileng thata mo lefatsheng. Go na le Basupi ba feta 95 000 mo Korea, mme diperesente di ka nna 40 tsa bone ke babulatsela ba ka metlha kana ba ba thusang. Seno sotlhe se oketsa mabaka a a dirileng gore ke anaanele go direla Modimo kwano le go bona letsomane la Modimo le oketsega.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Fa nna le barongwa ba bangwe re ne re goroga kwa Korea
[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Fa re ne re direla kwa Pusan
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ke na le Mokaulengwe Franz kwa molelwaneng wa DMZ ka 1971
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ke na le Liz, pelenyana fela ga a tlhokafala
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Lekala la kwa Korea kwa ke sa ntseng ke direla teng ke le leloko la lelapa la Bethele