Ke Eng fa o Tshwanetse go Boloka Bothokgami?
Ke Eng fa o Tshwanetse go Boloka Bothokgami?
“Nkatlhole, wena Jehofa, . . . kafa bothokgaming jwa me.”—PES. 7:8.
1, 2. Ke maemo afe a a tlwaelegileng a a dirang gore go nne thata gore Mokeresete a boloke bothokgami?
AKANYA ka maemo ano a mararo: Mosimane o rumolwa ke bana bangwe ba a tsenang sekolo le bone. Ba leka go mo tlhotlheletsa gore a galefe, mme gongwe a dirise matlhapa kana a lwe. A o tla ipusolosetsa, kana o tla ithiba mme a tswe fa go bone? Monna yo o nyetseng o esi kwa gae mme o dira dipatlisiso dingwe mo Internet. Mo khomputareng ya gagwe go tlhaga tshedimosetso e e bapatsang aterese nngwe ya Internet e e bontshang boitsholo jo bo sa siamang. A o tla raelesega go ya go bula koo kana o tla tila go dira jalo? Mosadi mongwe wa Mokeresete o tlotla le setlhopha sa bokgaitsadi mme motlotlo wa bone e nna o o sa ageng mme ba feletsa ba seba kgaitsadi mongwe mo phuthegong. A o tla nna le seabe mo motlotlong oo kana o tla simolola kgang nngwe e sele?
2 Le fa maemo ao a farologane thata jalo, otlhe a tshwana ka selo se le sengwe. Otlhe a bontsha gore ga go motlhofo gore Mokeresete a nne a bolokile bothokgami. A o nna o akantse ka go boloka bothokgami fa o lebane le matshwenyego, fa o tlhoka dilo dingwe le fa o ipeela mekgele mo botshelong? Letsatsi le letsatsi, batho ba akanya ka tebego ya bone, botsogo, mathata a go itshedisa, mathata a ba nang le one le ditsala, gongwe le a ba nang le one le batho ba ba ratanang le bone. Re ka akanya thata ka mathata ao. Mme ke eng se Jehofa ene a se lebang fa a tlhatlhoba dipelo tsa rona? (Pes. 139:23, 24) O leba gore a re boloka bothokgami.
3. Jehofa o re neile tshiamelo ya go dira eng, mme re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?
3 Jehofa, Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng,” o neile mongwe le mongwe wa rona dimpho tse di farologaneng. (Jak. 1:17) Ke ene a re neileng dimpho tse di jaaka mmele, tlhaloganyo, selekanyo se se rileng sa botsogo le bokgoni jo bo farologaneng. (1 Bakor. 4:7) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a re pateletse gore re boloke bothokgami. O re letla gore re itlhophele gore a re tla nna batho ba ba bolokang bothokgami. (Dute. 30:19) Ka jalo, re tshwanetse go sekaseka gore bothokgami ke eng. Gape re tla sekaseka mabaka a mararo a go bo bothokgami bo le botlhokwa thata.
Bothokgami ke Eng?
4. Bothokgami bo akaretsang, mme re ka ithuta eng mo molaong wa ga Jehofa o o malebana le ditlhabelo tsa diphologolo?
4 Go lebega batho ba bantsi ba sa tlhaloganye sentle gore bothokgami ke eng. Bangwe ba tsaya gore ke boikanyego. Boikanyego bo botlhokwa, mme ke karolo fela ya go boloka bothokgami. Fa lefoko bothokgami le dirisiwa mo Baebeleng le akaretsa go nna le boitsholo jo bo molemo. Mafoko a Sehebera a a amanang le “bothokgami” a tswa mo lefokong le le rayang go nna tekatekano, go felela kana go tlhoka diphoso. Lengwe la mafoko ano le dirisiwa fa go buiwa ka ditlhabelo tse di isediwang Jehofa. O ne a amogela setlhabelo sa phologolo fela fa se itekanetse, kana se feletse. (Bala Lefitiko 22:19, 20.) Jehofa o ne a kgalema batho ba ba neng ba tlhokomologa taelo ya gagwe ka go isa diphologolo tse di nang le bogole, tse di lwalang kana tse di foufetseng setlhabelo.—Mal. 1:6-8.
5, 6. (a) Ke dikai dife tse di bontshang gore gantsi re rata selo se se feletseng? (b) Fa go buiwa ka batho ba ba sa itekanelang, a go boloka bothokgami go kaya go tlhoka diphoso? Tlhalosa.
5 Go tlwaelegile gore motho a batle sengwe se se feletseng a bo a se tseye se le botlhokwa. Ka sekai, akanya ka motho yo o ratang go phutha dibuka mme a bona buka nngwe e a sa bolong go e batla, a bo a lemoga gore go na le ditsebe dingwe tse di seyong mo go yone tse di nang le tshedimosetso ya botlhokwa. A ka nna a e busetsa mo shelofong a kgobegile marapo. Kana akanya ka mosadi yo o tsamayang mo tshimong a batla magapu. Fa a ntse 2 Ditir. 16:9.
a tsamaya a a keleka o bona a mangwe a thubegile. O tla tsaya afe? O tsaya a a feletseng, a a sa thubegang. Ka tsela e e tshwanang Modimo o batla batho ba ba feletseng.—6 Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore a go tlhokega gore motho a bo a sa dire diphoso gore a boloke bothokgami. Ka ntlha ya boleo le bosaitekanelang, re ka nna ra akanya gore ka tsela nngwe re tshwana le buka e e se nang ditsebe dingwe kana legapu le le thubegileng. A ka dinako tse dingwe o ikutlwa jalo? Tlhomamisega gore Jehofa ga a lebelela gore re tlhoke diphoso gotlhelele. Ga a ke a lebelela gore re dire se re ka se kang ra se kgona. * (Pes. 103:14; Jak. 3:2) Le fa go ntse jalo, o lebeletse gore re nne batho ba ba bolokang bothokgami. A mme go na le pharologanyo fa gare ga go sa dire diphoso le go boloka bothokgami? Ee. Ka sekai: Lekawana le rata lekgarebe le le tlileng go le nyala. Lekawana leno le tla bo le sa tlhalefa fa le ka lebelela gore lekgarebe leno le tlhoke diphoso. Le fa go ntse jalo, go tla bo go le botlhale gore lekawana leno le lebelele gore lekgarebe leno le le rate ka pelo yotlhe, ke gore, le ratane le lone fela, e seng ope o sele. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa ke “Modimo yo o batlang boineelo jo bo feletseng.” (Ekes. 20:5) Ga a lebelela gore re tlhoke diphoso, mme o lebeletse gore re mo rate ka pelo yotlhe, re obamele ene fela.
7, 8. (a) Jesu o ne a tlhoma sekao sa go boloka bothokgami jang? (b) Go ya ka Dikwalo, bothokgami bo kaya eng?
7 Re ka tswa re gakologelwa kafa Jesu a neng a araba ka teng fa a ne a bodiwa gore ke molao ofe o o leng botlhokwa go feta e mengwe yotlhe. (Bala Mareko 12:28-30.) Jesu ga a ka a araba fela; o ne a tshela go dumalana le karabo eo. O tlhomile sekao se se molemo thata ka go rata Jehofa ka tlhaloganyo yotlhe, ka pelo yotlhe, ka moya otlhe le ka nonofo yotlhe. O ne a bontsha gore bothokgami ga bo bontshiwe ka mafoko fela, mme bo bontshiwa le ka ditiro tse di molemo tse di dirwang ka maitlhomo a a siameng. Re tshwanetse go latela dikgato tsa ga Jesu gore re kgone go boloka bothokgami.—1 Pet. 2:21.
8 Go ya ka Dikwalo, bothokgami bo kaya seno: go ineela ka pelo yotlhe mo Mothong a le mongwe fela wa kwa legodimong, Jehofa Modimo, le go ineela mo go se a tlhalositseng gore ke thato ya gagwe le maikaelelo a gagwe. Go boloka bothokgami go kaya gore mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi, go itumedisa Jehofa Modimo go tla tla pele. Dilo tse re di tsayang di le botlhokwa mo botshelong di tla tshwana le tse ene a di tsayang di le botlhokwa. A re sekasekeng mabaka a mararo a go bo bothokgami bo le botlhokwa thata.
1. Kafa go Boloka Bothokgami ga Rona go Amanang ka Teng le Kgang ya Bolaodi
9. Go boloka bothokgami ga rona go amana jang le kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe?
9 Bolaodi jwa ga Jehofa ga bo a ikaega ka gore a re boloka bothokgami kana nnyaa. Bolaodi jwa gagwe bo siame, bo nnela ruri mme bo laola lobopo lotlhe. Go tla nna go ntse fela jalo, go sa kgathalesege se dibopiwa tse dingwe di se buang kana di se dirang. Le fa go ntse jalo, go builwe maaka a magolo ka bolaodi jwa Modimo kwa legodimong le mo lefatsheng. Ka jalo, bolaodi jwa gagwe bo tshwanetse go tlotlomadiwa mo dibopiweng tsotlhe tse di botlhale—gore go tlhomamisiwe gore o tshwanela go busa, o busa ka tshiamiso, e bile o busa ka lorato. Rona Basupi ba ga Jehofa re rata go tlotla ka bolaodi jwa Modimo jwa lobopo lotlhe le mongwe le mongwe yo o batlang go reetsa. Mme rona re ka supa jang gore re eme mo letlhakoreng lefe mo kgannyeng eno? Re ka bontsha jang gore re tlhopha Jehofa go nna Molaodimogolo wa rona? Ka go boloka bothokgami.
10. Satane o latofaditse batho botlhe ka eng malebana le bothokgami, mme ke eng se o ka se dirang go araba tatofatso eo?
10 Akanya kafa bothokgami jwa gago bo amegang ka teng mo kgannyeng eno. Satane o kile a bua sengwe se se neng se kaya gore ga go na motho ope yo o ka emang bolaodi jwa Modimo nokeng, gore ga go na ope yo o ka direlang Jehofa ka gonne a mo rata ka pelo yotlhe. Diabolo o ne a raya Jehofa jaana fa pele ga baengele ba bantsintsi: “Letlalo mo boemong jwa letlalo, mme sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.” (Jobe 2:4) Ela tlhoko gore Satane o ne a sa bue maswe jalo ka monna yo o siameng e bong Jobe fela, mme o ne a bua jalo ka batho botlhe ka kakaretso. Ke sone se Baebele e bitsang Satane “molatofatsi wa bakaulengwe ba rona.” (Tshen. 12:10) O kgoba Jehofa ka tatofatso ya gore Bakeresete—go akaretsa le wena—ba ka se nne ba ikanyega. Satane a re o ka itatola Jehofa gore o boloke botshelo jwa gago. O ikutlwa jang fa o latofadiwa jalo? A o ka se batle go supa gore Satane ke moaki? O ka kgona go dira jalo ka go boloka bothokgami.
11, 12. (a) Ke dikai dife tse di bontshang kafa ditshwetso tse re di dirang letsatsi le letsatsi di amanang ka teng le go boloka bothokgami? (b) Ke eng fa go boloka bothokgami e le tshiamelo?
11 Ka jalo kgang ya go boloka bothokgami e dira gore go nne botlhokwa thata gore letsatsi le letsatsi o itshwara jang le gore o tlhopha go dira dilo dife. Akanya gape ka dikai tse tharo tse re di umakileng kwa tshimologong. Ke eng se batho bao ba tshwanetseng go se dira gore ba boloke bothokgami? Mosimane yo o kgobiwang ke bana ba a tsenang sekolo le bone o ikutlwa a raelesega go ipusolosetsa ka go galefa, mme o gakologelwa kgakololo eno: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’” (Bar. 12:19) Mosimane yoo o tswa fa go bone o a itsamaela. Monna yo o dirisang Internet a ka leba ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, mme o gopola molaomotheo ono o o mo mafokong a a neng a buiwa ke Jobe: “Ke dirile kgolagano le matlho a me. Ka jalo nka ela kgarebane tlhoko jang?” (Jobe 31:1) Ka tsela e e tshwanang, monna yono ga a itetle go leba ditshwantsho tsa boitsholo jo bo maswe, o di tila jaaka e kete ke tšhefu. Mosadi yo o tlotlang le setlhopha sa bokgaitsadi ba ba simololang go seba ga a kopanele mo tshebong eo ka gonne a gakologelwa kaelo eno: “A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka se se molemo go mo aga.” (Bar. 15:2) Tshebo eo e go ka diregang gore a e anamise, ga e age. E ka senya leina la kgaitsadi wa gagwe wa Mokeresete; e bile e ka se itumedise Rraagwe yo o kwa legodimong. Ka jalo, o laola loleme lwa gagwe mme o dira gore ba bue ka kgang nngwe e sele.
Diane 27:11: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” Re na le tshiamelo e kgolo ya go ipedisa pelo ya Modimo! Ruri go leka ka natla go boloka bothokgami go tla re solegela molemo.
12 Mo dikaing tseo tsotlhe, Mokeresete o tlhopha go dira dilo ka tsela e e bontshang gore a re: ‘Mmusi wa me ke Jehofa. Ke tla leka go dira se se mo itumedisang mo kgannyeng eno.’ Fa o dira ditshwetso, a le wena o leba dilo jalo? Fa e le gore o dira jalo, ruri o ikobela mafoko a a amang pelo a a mo go2. Modimo o re Atlhola go ya Kafa Bothokgaming Jwa Rona
13. Mafoko a ga Jobe le a ga Dafide a bontsha jang gore Jehofa o re atlhola go ya kafa bothokgaming jwa rona?
13 Re lemoga gore bothokgami bo re thusa go ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng. Ka jalo, Modimo o re atlhola a lebile gore a re boloka bothokgami. Jobe o ne a tlhaloganya seno sentle. (Bala Jobe 31:6.) O ne a itse gore Modimo o kala batho botlhe mo “dikaleng tse di tlhomameng” a dirisa tshiamiso ya Gagwe e e itekanetseng go bona gore a re boloka bothokgami. Dafide le ene o ne a re: “Jehofa o tla ntshetsa ditšhaba katlholo. Nkatlhole, wena Jehofa, kafa tshiamong ya me le kafa bothokgaming jwa me jo bo mo go nna. . . . Modimo jaaka yo o tshiamo o leka pelo le diphilo.” (Pes. 7:8, 9) Re itse gore Modimo o kgona go bona kwa botennyeng jwa motho, o kgona go bona “pelo le diphilo” tsa tshwantshetso. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna re gopotse gore o batla eng. Jaaka Dafide a buile, Jehofa o re atlhola kafa bothokgaming jwa rona.
14. Ke eng fa le ka motlha re sa tshwanela go akanya gore go bo re sa itekanela, re leofile, go dira gore re se ka ra boloka bothokgami?
14 Akanya fela Jehofa Modimo a tlhatlhoba dipelo tsa batho ba bantsintsi ba ba tshelang mo lefatsheng gompieno. (1 Ditir. 28:9) Go direga ga kae gore a bone motho yo o bolokang bothokgami jwa Bokeresete? Ga se gantsi! Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go akanya gore re diphoso dintsi thata mo re ka se kgoneng go boloka bothokgami. Go na le moo, re na le lebaka le le utlwalang la go dumela, jaaka Dafide le Jobe, gore Jehofa o tla re fitlhela re boloka bothokgami, le fa re sa itekanela. Gakologelwa gore go itekanela ga go tlhomamise gore re tla boloka bothokgami. Go na le batho ba le bararo fela ba ba itekanetseng ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng, mme ba le babedi mo go bone, Adame le Efa, ga ba a ka ba boloka bothokgami. Mme le fa go ntse jalo, batho ba bantsintsi ba ba sa itekanelang bone ba kgonne go boloka bothokgami. Le wena o ka kgona.
3. Bothokgami bo Dira Gore re Nne le Tsholofelo
15. Dafide o ne a bontsha jang gore go botlhokwa gore re boloke bothokgami gore re tle re nne le tsholofelo ka isagwe?
15 Go botlhokwa gore re boloke bothokgami gore re tle re nne le tsholofelo ka isagwe ka gonne Jehofa o re atlhola go ya kafa bothokgaming jwa rona. Dafide o ne a itse gore seno se boammaaruri. (Bala Pesalema 41:12.) O ne a itumedisiwa ke tsholofelo ya gore Modimo o tla nna a mo amogela ka bosakhutleng. Jaaka Bakeresete ba boammaaruri gompieno, Dafide o ne a na le tsholofelo ya go tshelela ruri, ya go atamalana le Jehofa Modimo thata fa a ntse a mo direla. Dafide o ne a bona kafa go boloka bothokgami go neng go tla mo thusa ka teng gore a bone go diragadiwa ga tsholofetso eo. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o re ema nokeng, o a re ruta, o a re kaela, mme o a re segofatsa fa re ntse re boloka bothokgami.
16, 17. (a) Ke eng fa o ititeile sehuba gore o tla nna o bolokile bothokgami? (b) Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso dife?
16 Re tlhoka go nna le tsholofelo gore re itumele gone jaanong. Go nna le tsholofelo go ka re naya boitumelo jo bo ka re thusang go itshokela dinako tse di thata. Gape tsholofelo e ka sireletsa ditlhaloganyo tsa rona. Gakologelwa gore Baebele e tshwantsha tsholofelo le tlhoro ya phemelo. (1 Bathes. 5:8) Jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo ya lesole mo ntweng, tsholofelo e sireletsa ditlhaloganyo tsa rona mo dikakanyong tse di sa siamang tsa go itlhoboga tse Satane a di rotloetsang mo lefatsheng leno le legologolo le le tlogang le fela. Ruri botshelo ga bo na bokao fa re se na tsholofelo. Re tshwanetse go itlhatlhoba ka bopeloephepa, re tlhatlhobe gore bothokgami le tsholofelo e re nnang le yone fa re bo boloka di mo seemong sefe. O se ka wa lebala gore fa o boloka bothokgami, o tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa mme o dibela tsholofelo ya gago e e tlhwatlhwakgolo ka isagwe. E kete o ka nna o bolokile bothokgami ka metlha!
17 E re ka bothokgami bo le botlhokwa thata, re tshwanetse go sekaseka dipotso tse dingwe. Re ka nna jang batho ba ba thokgameng? Re ka kgona jang go nna re bolokile bothokgami? Mme go ka dirwang fa mongwe a paletswe ke go boloka bothokgami ka lobaka lo lo rileng? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 6 Jesu o ne a re: “Jalo lo tshwanetse go itekanela, jaaka Rraalona wa selegodimo a itekanetse.” (Math. 5:48) Go lebega a ne a tlhaloganya gore le batho ba ba sa itekanelang ba ka nna batho ba ba feletseng ka selekanyo se se rileng. Re ka kgona go ikobela taelo ya gore re rate ba bangwe ka pelo yotlhe, mme ka jalo re itumedise Modimo. Le fa go ntse jalo, Jehofa ene o itekanetse ka botlalo. Fa go buiwa ka ene, lefoko “bothokgami” gape le akaretsa go tlhoka diphoso.—Pes. 18:30.
O ka Araba Jang?
• Bothokgami ke eng?
• Go boloka bothokgami go amana jang le kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe?
• Bothokgami bo dira jang gore re nne le tsholofelo?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Bothokgami jwa rona bo lekwa ka ditsela tse dintsi letsatsi le letsatsi