Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Ikemiseditse go Naya Bosupi ka Botlalo

Re Ikemiseditse go Naya Bosupi ka Botlalo

Re Ikemiseditse go Naya Bosupi ka Botlalo

“O ne a re laela go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo.”—DIT. 10:42.

1. Fa Petere a ne a bua fa pele ga ga Korenelio, o ne a bua ka thomo efe?

MODIREDI wa masole a Itali o ne a phutha ba masika a gagwe le ditsala gore ba tle kwa go se e neng ya nna phetogo e kgolo mo ditirisanong tsa Modimo le batho. Monna yono yo o boifang Modimo e ne e le Korenelio. Moaposetoloi Petere o ne a bolelela setlhopha seno gore baaposetoloi ba ne ba laetswe “go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo” ka ga Jesu. Go rera ga ga Petere go ne ga nna le matswela tota. Baditšhaba ba ba sa rupang ba ne ba amogela moya wa Modimo, ba kolobediwa ba bo ba nna le tsholofelo ya go nna dikgosi kwa legodimong le Jesu. A bo go naya bosupi ka botlalo ga ga Petere go nnile le matswela a a molemo jang ne!—Dit. 10:22, 34-48.

2. Re itse jang gore taelo ya gore go newe bosupi e ne e sa newa baaposetoloi ba ba 12 fela?

2 Seo se diragetse ka 36 C.E. Dingwaga di ka nna pedi pele ga moo, mongwe yo o neng a ganetsa Bokeresete ka tlhoafalo o ne a diragalelwa ke sengwe se se neng sa fetola botshelo jwa gagwe. Saulo wa Tareso o ne a le mo tseleng a ya Damaseko mme Jesu a bonala mo go ene a mo raya a re: “Tsena mo motseng, mme o tla bolelelwa se o tshwanetseng go se dira.” Jesu o ne a tlhomamisetsa morutwa Ananiase gore Saulo o ne a tla naya bosupi “kwa ditšhabeng mmogo le kwa dikgosing le kwa go bomorwa Iseraele.” (Bala Ditiro 9:3-6, 13-20.) Fa Ananiase a fitlha kwa go Saulo, o ne a mo raya a re: “Modimo wa borraaronamogologolwane o go tlhophile . . . ka gonne o tla nna mosupi wa gagwe mo bathong botlhe.” (Dit. 22:12-16) Saulo, yo morago a neng a itsewe ka leina la Paulo, o ne a tsaya thomo ya gagwe ya go naya bosupi e le botlhokwa go le kana kang?

Ruri O ne A Naya Bosupi ka Botlalo!

3. (a) Re tla tlhoma mogopolo mo kgannyeng efe? (b) Bagolwane ba kwa Efeso ba ne ba arabela jang fa ba utlwa molaetsa wa ga Paulo, mme ka go rialo ba ne ba re tlhomela sekao sefe se se molemo?

3 Go ka itumedisa thata go ithuta ka botlalo ka sengwe le sengwe se Paulo a neng a se dira morago ga moo, mme jaanong a re tlhomeng mogopolo mo puong e Paulo a e neileng mo e ka nnang ka 56 C.E., e e mo go Ditiro kgaolo 20. Paulo o ne a naya puo eno mo e ka nnang kwa bofelong jwa loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa. O ne a fologile kwa Mileto, boemakepe jo bo fa Lewatleng la Aegean, mme o ne a kopile gore go bidiwe bagolwane ba phuthego ya Efeso. Efeso e ne e le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 50, le fa mosepele wa teng o ne o le moleele ka ntlha ya ditsela tse di itsoketsang. O ka akanya fela gore bagolwane ba kwa Efeso ba ne ba itumetse jang fa ba utlwa molaetsa wa ga Paulo. (Bapisa Diane 10:28.) Le fa go ntse jalo, ba ne ba tla tshwanelwa ke go dira dithulaganyo tsa gore ba tseye mosepele ba ye kwa Mileto. A bangwe ba bone ba ne ba tshwanelwa ke go ikopa kwa ditirong kgotsa go tswala dikgwebo tsa bone? Bakeresete ba le bantsi gompieno ba dira jalo gore ba tlhomamise gore ba nna teng mo thulaganyong yotlhe ya kopano ya bone ya kgaolo ya ngwaga le ngwaga.

4. Paulo o ne a dirang fa a ne a le kwa Efeso ka dingwaga di se kae?

4 O akanya gore Paulo o ne a dirang kwa Mileto mo malatsing a mararo kgotsa a manè bagolwane ba ise ba tle? Wena o ka bo o ile wa dirang? (Bapisa Ditiro 17:16, 17.) Mafoko a Paulo a neng a a raya bagolwane ba kwa Efeso a re naya lesedi. O ne a tlhalosa se a neng a se dira fa dingwaga di ntse di feta, go akaretsa nako ya fa a ne a le kwa Efeso pelenyana ga foo. (Bala Ditiro 20:18-21.) O ne a bolela jaana a sa tshabe go ganediwa: “Lo itse sentle kafa go tswa letsatsing la ntlha le ke neng ka gata mo kgaolong ya Asia ka lone . . . ke [neng] ka naya bosupi ka botlalo [ka teng].” Ee, o ne a ikemiseditse go dira tiro e Jesu a neng a mo romile gore a e dire. O ne a dira seo jang kwa Efeso? Tsela nngwe e ne e le ka go rerela Bajuda, a ya kwa a neng a ka ba fitlhela teng ba le bantsi. Luke o bega gore fa Paulo a ne a le kwa Efeso mo e ka nnang ka 52 go ya go 55 C.E., o ne a “neela dipuo e bile a dirisa mafoko a a tlhatswang pelo” mo sinagogeng. Fa Bajuda “ba simolola go ikgwaralatsa mme ba sa dumele,” Paulo o ne a ya kwa bathong ba bangwe, a fudugela kwa lefelong le lengwe mo motseng mme a ntse a rera. Ka jalo o ne a rerela Bajuda le Bagerika mo motseng oo o mogolo.—Dit. 19:1, 8, 9.

5, 6. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore fa Paulo a ne a rera ka ntlo le ntlo, o ne a rerela batho ba ba sa dumeleng?

5 Fa nako e ntse e feta, bangwe ba ba neng ba nna Bakeresete ba ne ba tshwanelega go nna bagolwane, bone ba Paulo a neng a bua le bone kwa Mileto. Paulo o ne a ba gopotsa mokgwa o a neng a o dirisitse: “Ke ne ke sa ithibe go lo bolelela sepe sa dilo tse di neng di na le poelo le fa e le go lo ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.” Mo motlheng wa rona, bangwe ba ile ba re fano Paulo o ne a bua fela ka go dira maeto a bodisa mo bathong ba ba dumelang. Mme ga go a nna jalo. Mafoko a a reng ‘go ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo’ a ne a lebisitse thata mo tirong ya go rerela batho ba ba sa dumeleng. Mafoko a Paulo a neng a a bua morago ga moo a bontsha seo sentle fa a ne a re o ne a ntse a naya bosupi “mo Bajudeng le mo Bagerikeng kaga boikwatlhao mo Modimong le tumelo mo Moreneng wa rona Jesu.” Go bonala sentle gore Paulo o ne a ntse a rerela batho ba ba sa dumeleng, ba go neng go tlhokega gore ba ikwatlhaye ba bo ba dumele mo go Jesu.—Dit. 20:20, 21.

6 Fa mokanoki mongwe a ne a sekaseka Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka tsela e e tseneletseng, o ne a bolela jaana ka Ditiro 20:20: “Paulo o ne a nnile kwa Efeso dingwaga di le tharo. O ne a etela ntlo nngwe le nngwe, kgotsa go ka twe o ne a rerela batho botlhe (temana 26). Leno ke lone lebaka la Dikwalo la gore go rerwe ka ntlo le ntlo le mo dipokanong tsa phatlalatsa.” Go sa kgathalesege gore a Paulo o ne a etela ntlo nngwe le nngwe tota jaaka mokanoki yono a bolela kgotsa nnyaa, o ne a sa batle bagolwane ba kwa Efeso ba lebala kafa a neng a neile bosupi ka teng le matswela a gone. Luke o ne a bega jaana: “Botlhe ba ba nnang mo kgaolong ya Asia ba ne ba utlwa lefoko la Morena, Bajuda mmogo le Bagerika.” (Dit. 19:10) Go ne go ka direga jang gore “botlhe” kwa Asia ba bo ba utlwile, mme seno se ka kaya eng ka tiro ya rona ya go naya bosupi?

7. Go rera ga ga Paulo go ka tswa go ile ga ama jang le batho ba a neng a sa ba rerela ka tlhamalalo?

7 Fa Paulo a ne a rera mo mafelong a botlhe le ka ntlo le ntlo, batho ba le bantsi ba ne ba utlwa molaetsa wa gagwe. A o akanya gore batho botlhe ba ba neng ba utlwa molaetsa ba ka tswa ba ile ba nna fela mo Efeso, go se na bape ba ba fudugelang kwa mafelong a mangwe go ya go dira kgwebo, go ya go nna gaufi le ba masika kgotsa go tswa mo mmudubudung wa toropo e kgolo? Ga go lebege go ne go ntse jalo. Batho ba le bantsi gompieno ba ile ba fuduga ka one mabaka ao; gongwe le wena o fudugile ka ntlha ya one. Gape mo metlheng eo, batho ba ba tswang kwa mafelong a mangwe ba ne ba ya kwa Efeso ba eta fela kgotsa ka mabaka a kgwebo. Fa ba ntse ba le koo ba ka tswa ba ile ba kopana le Paulo kgotsa ba mo utlwa a naya bosupi. Go ne go tla diregang fa ba boela gae? Ba ba neng ba amogetse boammaaruri ba ne ba tla naya bosupi. Gongwe ba bangwe ga ba a ka ba nna badumedi, mme ba ka tswa ba ile ba tlotla ka se ba neng ba se utlwile fa ba ne ba le kwa Efeso. Ka jalo, ba masika a bone, baagelani kgotsa ba ba dirisanang le bone mo go tsa kgwebo ba ne ba utlwa boammaaruri mme bangwe ba bone ba ka tswa ba ile ba bo amogela. (Bapisa Mareko 5:14.) Seno se bontsha gore fa o naya bosupi ka botlalo go ka nna le matswela afe?

8. Boammaaruri bo ka tswa bo ile jwa fitlha jang kwa bathong ba kgaolo yotlhe ya Asia?

8 Fa Paulo a ne a kwala ka ga nako e a neng a etetse kwa Efeso ka yone, o ne a re o ne a “buletswe kgoro e kgolo e e isang kwa tirong.” (1 Bakor. 16:8, 9) E ne e le kgoro efe eo, mme o ne a e buletswe jang? Go tswelela ga ga Paulo a rera kwa Efeso go ne ga felela ka gore dikgang tse di molemo di aname. Akanya ka Kolosa, Laodikia le Hierapolise, metse e meraro e e neng e le go ela kwa bogareng jwa naga go tswa kwa Efeso. Paulo ga a ise a ke a etele metse eo, mme dikgang tse di molemo di ne tsa fitlha kwa go yone. Epaforase o ne a tswa kwa kgaolong eo. (Bakol. 2:1; 4:12, 13) A Epaforase o ne a utlwa Paulo a naya bosupi kwa Efeso a bo a nna Mokeresete? Baebele ga e tlhalose. Mme Epaforase o ka tswa a ile a nna moemedi wa ga Paulo ka go bolela boammaaruri mo nageng ya gabone. (Bakol. 1:7) Molaetsa wa Bokeresete o ka tswa o ile wa fitlha le kwa metseng e e jaaka Filadelefia, Saredisa le Thiatira mo dingwageng tsa fa Paulo a ne a rera kwa Efeso.

9. (a) Paulo o ne a eletsa eng ka pelo yotlhe? (b) Temana ya ngwaga ya 2009 e tla bo e reng?

9 Ka ntlha ya seo, bagolwane ba kwa Efeso ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a go amogela mafoko ano a ga Paulo: “Ga ke tseye moya wa me e le o o botlhokwa o o rategang mo go nna, fa fela ke ka wetsa lobelo lwa me le bodiredi jo ke neng ka bo amogela jwa Morena Jesu, gore ke neye bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.” Temana eo e na le mafoko a a kgothatsang a temana ya ngwaga ya 2009: ‘Naya bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo.’—Dit. 20:24.

Go Naya Bosupi ka Botlalo Gompieno

10. Re itse jang gore re tshwanetse go naya bosupi ka botlalo?

10 Kgabagare taelo ya “go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo” e ne ya newa le batho ba bangwe gape kwantle ga baaposetoloi. Fa Jesu a sena go tsosiwa a bo a bua le barutwa ba ka nna 500 ba ba neng ba kokoane kwa Galalea, o ne a ba laela a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” Taelo eo e ama Bakeresete botlhe ba boammaaruri gompieno, fela jaaka mafoko a ga Jesu a bontsha: “Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Math. 28:19, 20.

11. Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka go dira tiro efe ya botlhokwa?

11 Bakeresete ba ba tlhoafetseng ba ntse ba ikobela taelo eo, ba dira ka natla go ‘naya bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo.’ Tsela ya konokono ya go dira jalo ke go dira se Paulo a neng a se umaka fa a bua le bagolwane ba kwa Efeso—go rera ka ntlo le ntlo. Ka 2007 David G. Stewart, Jr., o ne a kwala buka e e buang ka tiro ya go rera e e nang le matswela, mme mo go yone o ne a re: “Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba dirang ka yone ya go ruta leloko lengwe le lengwe go rera e nnile le matswela thata go feta mokgwa wa go [rerela batho fela kwa diraleng tsa dikereke]. Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba itumelela thata tiro ya go bolelela ba bangwe se ba se dumelang.” Matswela e nnile afe? “Ka 1999, mo bathong ba ke neng ka ba botsolotsa kwa ditoropong tse pedi tse dikgolo tsa Yuropa Botlhaba, diperesente di le 2 go ya go di le 4 fela tsa bone ba ne ba re ba kile ba rerelwa ke barongwa ba kereke ya Latter-day Saints kgotsa ba ‘Ba-Mormon.’ Ba feta diperesente di le 70 ba ne ba bega gore Basupi ba ga Jehofa ba kile ba buisana le bone ka tlhamalalo, ba bantsi ba re ba buisane le bone ka makgetlhokgetlho.”

12. (a) Ke ka ntlha yang fa re etela batho mo magaeng a bone mo tshimong ya rona “ka makgetlhokgetlho”? (b) A o ka anela maitemogelo a mongwe yo o ileng a fetola tsela e a lebang molaetsa wa rona ka yone?

12 Gongwe le batho ba lefelo la ga lona ba ile ba rerelwa jalo. O ka tswa o nnile le seabe mo tirong eno. Fa o ntse o ‘buisana ka tlhamalalo’ le batho mo bodireding jwa ntlo le ntlo, o ile wa bua le banna, basadi le basha mo magaeng a bone. Bangwe ba ka tswa ba ile ba se ka ba reetsa le fa ba kile ba rerelwa “ka makgetlhokgetlho.” Ba bangwe ba ka tswa ba ile ba reetsa ka bokhutshwane fela fa o ba balela temana ya Baebele kgotsa o ba tlotlela sengwe go tswa mo go yone. Le fa go ntse jalo, o ile wa kgona go naya ba bangwe bosupi ka tsela e e molemo, mme ba ile ba amogela molaetsa. Tseno tsotlhe ke dilo tse di ka diragalang fa re ntse re ‘naya bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo.’ Jaaka o ka tswa o itse, go na le dikai di le dintsintsi tsa batho ba ba ileng ba se ka ba bontsha kgatlhego go le kalo fa ba rerelwa “ka makgetlhokgetlho,” mme kwa morago ba ne ba fetoga. Gongwe bone kgotsa moratiwa wa bone o ne a diragalelwa ke sengwe, mme seo sa dira gore mogopolo le pelo ya bone e amogele boammaaruri. Jaanong ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Ka jalo, o se ka wa kgobega marapo le fa e le gore ga o a kopana le batho ba le bantsi ba ba ileng ba amogela molaetsa bosheng jaana. Ga re a lebelela gore mongwe le mongwe a amogele boammaaruri. Mme Modimo o lebeletse gore re tswelele pele re naya bosupi ka botlalo le ka tlhoafalo.

Matswela A re Ka Tswang re sa Itse ka One

13. Fa re naya bosupi, go ka nna jang le matswela a re ka tswang re sa itse ka one?

13 Bodiredi jwa ga Paulo ga bo a ka jwa ama fela batho ba a neng a ba thusa ka tlhamalalo gore ba nne Bakeresete; mme go ntse fela jalo le mo bodireding jwa rona. Re dira bojotlhe jwa rona gore re nne le seabe ka metlha mo bodireding jwa ntlo le ntlo, re rerela batho ba le bantsi kafa re ka kgonang ka teng. Re bolelela baagelani ba rona, ba re berekang le bone, ba re tsenang sekolo le bone le ba masika a rona dikgang tse di molemo. A re itse matswela otlhe a tiro ya rona? Mo go bangwe re ka bona matswela a a molemo ka bonako fela. Ba bangwe ba ka nna ba se ka ba dira sepe ka nako eo ka boammaaruri jo ba bo utlwang mme moragonyana ba bo ba tsaya kgato, fela jaaka peo e e sa tlhogeng ka bonako mme moragonyana e bo e mela medi mo mmung. Tota le fa seo se sa direge, batho ba re buileng le bone ba ka tlotlela ba bangwe ka se re se buileng, se re se dumelang le tsela e re itshwarang ka yone. Ee, go ka direga gore ba thusa peo eo gore e fitlhe kwa mmung o e ka tlhogang kwa go one ba sa lemoge.

14, 15. Go naya bosupi ga mokaulengwe mongwe go ne ga nna le matswela afe?

14 Ka sekai, akanya ka Ryan le mosadi wa gagwe Mandi, ba ba nnang kwa Florida, kwa U.S.A. Fa Ryan a le kwa tirong, o ne a rerela mongwe yo a berekang le ene. Monna yoo, yo o neng a goletse mo tumelong ya Bohindu, o ne a kgatlhiwa ke tsela e Ryan a aparang ka yone le e a buang ka yone. Fa ba ntse ba tlotla, Ryan o ne a bua ka dikgang tse di jaaka tsogo le seemo sa baswi. Maitseboa mangwe ka January, monna yono o ne a botsa mosadi wa gagwe, Jodi, gore o itse eng ka Basupi ba ga Jehofa. Jodi e ne e le Mokatoliki, mme o ne a re selo se le sosi se a neng a se itse ka Basupi e ne e le tiro ya bone ya “go rera ka ntlo le ntlo.” Ka jalo Jodi o ne a kwala mafoko a a reng “Basupi ba ga Jehofa” mo khomputareng e e nang le Internet mme e ne ya mmulela aterese ya rona ya Internet e leng www.watchtower.org. Go ne ga feta dikgwedi Jodi a ntse a bala tshedimosetso e e mo atereseng eno, go akaretsa Baebele le ditlhogo tse dingwe tse di mo kgatlhang.

15 Fa nako e ntse e ya, Jodi o ne a kopana le Mandi, ka gonne e ne e le baoki ka bobedi jwa bone. Mandi o ne a itumelela go araba dipotso tsa ga Jodi. Morago ga nakonyana, ba ne ba nna le motlotlo o Jodi a reng o ne “o simolola ka Adame o felela ka Haramagedona.” Jodi o ne a dumela fa Mandi a ithaopa go ithuta Baebele le ene kwa gae. Go ise go ye kae, o ne a simolola go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Ka October, Jodi o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang, mme o ne a kolobediwa ka February. O kwala jaana: “Jaanong ka gonne ke itse boammaaruri, ke itumetse tota e bile ke kgotsofetse mo botshelong.”

16. Maitemogelo a mokaulengwe wa kwa Florida a bontsha gore re ka nna le matswela afe fa re naya bosupi ka botlalo?

16 Ryan o ne a sa itse gore fa a rerela monna mongwe go ne go tla felela ka gore motho o sele a amogele boammaaruri. Ee, ene o ne a feletsa a itse gore maiteko a gagwe a go ‘naya bosupi ka botlalo’ a nnile le matswela afe. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore o rerele mongwe kwa legaeng la gagwe, kwa tirong, kwa sekolong, kgotsa o se mo bodireding, mme kwa bofelong molaetsa o bo o utlwiwa ke ba bangwe wena o sa itse. Fela jaaka Paulo a ne a sa itse matswela otlhe a tiro ya gagwe “mo kgaolong ya Asia,” go ka tswa go se na jaaka o ka itse matswela otlhe a a molemo a tiro ya gago ya go naya bosupi ka botlalo. (Bala Ditiro 23:11; 28:23.) Mme a bo go le botlhokwa jang gore o tswelele pele o naya bosupi!

17. O ikemiseditse go dira eng ka 2009?

17 Ka 2009, e kete rotlhe re ka tsaya masisi thomo ya rona ya go rera ka ntlo le ntlo le ka ditsela tse dingwe. Ka jalo, re ka kgona go bua mafoko a a tshwanang le a ga Paulo fa a ne a re: “Ga ke tseye moya wa me e le o o botlhokwa o o rategang mo go nna, fa fela ke ka wetsa lobelo lwa me le bodiredi jo ke neng ka bo amogela jwa Morena Jesu, gore ke neye bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo tsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.”

O ka Araba Jang?

• Moaposetoloi Petere le moaposetoloi Paulo le ba bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba naya bosupi ka botlalo jang?

• Matswela a tiro ya rona ya go rera a ka nna magolo jang go feta a rona re a itseng?

• Temana ya ngwaga ya 2009 ya reng, mme o akanya gore ke ka ntlha yang fa e tshwanela?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Temana ya ngwaga ya 2009 e tla bo e re: ‘Naya bosupi ka botlalo jwa dikgang tse di molemo.’—Dit. 20:24.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Bagolwane ba kwa Efeso ba ne ba itse ka mokgwa wa ga Paulo wa go naya bosupi ka ntlo le ntlo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Maiteko a gago a go naya bosupi ka botlalo a tla nna le matswela go le kana kang?