Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bona! Motlhanka wa ga Jehofa Yo a Mo Amogetseng

Bona! Motlhanka wa ga Jehofa Yo a Mo Amogetseng

Bona! Motlhanka wa ga Jehofa Yo a Mo Amogetseng

“Bona! Motlhanka wa me, . . . yo moya wa me o mo amogetseng!”—ISA. 42:1.

1. Batho ba ga Jehofa ba kgothalediwa go dira eng, bogolo jang fa Segopotso se ntse se atamela, mme ka ntlha yang?

FA NAKO ya go gopola loso lwa ga Keresete e ntse e atamela, batho ba Modimo ba kgothalediwa go latela kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo ya gore ba “[lebe] ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, e bong Jesu.” Gape Paulo o ne a re: “Eleruri, akanyang ka kelotlhoko ka ga yo o itshoketseng puo e e ntseng jalo ya kganetso ya baleofi kgatlhanong le melemo ya bone, gore lo se ka lwa lapa le meya ya lona ya felelwa ke thata.” (Baheb. 12:2, 3) Go leba ka tlhomamo kwa botshelong jwa ga Keresete jwa go nna a ikanyega, jo bo neng jwa felela ka gore a intshe setlhabelo, go tla thusa Bakeresete ba ba tloditsweng le balekane ba bone ba dinku tse dingwe gore ba tswelele ba direla Jehofa ka boikanyegi mme ‘meya ya bone e se ka ya felelwa ke thata.’—Bapisa Bagalatia 6:9.

2. Re ka ithuta eng mo boporofeting jwa ga Isaia jo bo buang ka Morwa Modimo?

2 Jehofa o ne a dirisa moporofeti Isaia a mo tlhotlheletsa go bolela boporofeti bo le bontsi jo bo buang ka ga Morwawe ka tlhamalalo. Boporofeti jono bo tla re thusa go “leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona,” Keresete Jesu. * Bo re naya tshedimosetso ka botho jwa gagwe, kafa a neng a bogisiwa ka teng, le kafa a neng a godisiwa ka teng gore a nne Kgosi ya rona le Mogolodi. Bo tla re thusa go tlhaloganya Segopotso botoka, se re tla se tshwarang ka Labone, April 9 monongwaga, letsatsi le sena go phirima.

Go Tlhalosiwa Gore Motlhanka ke Mang

3, 4. (a) Mo bukeng ya Isaia, lefoko “motlhanka” le kaya mang? (b) Baebele e tlhalosa jang gore Motlhanka yo go buiwang ka ene mo go Isaia kgaolo 42, 49, 50, 52 le 53 ke mang?

3 Lefoko “motlhanka” le tlhaga gantsi mo bukeng ya Isaia. Fa gongwe le a bo le kaya moporofeti Isaia ka boene. (Isa. 20:3; 44:26) Ka dinako tse dingwe le kaya setšhaba sotlhe sa ga Iseraele, kgotsa Jakobe. (Isa. 41:8, 9; 44:1, 2, 21) Mme go tweng ka dipolelelopele tse di tlhomologileng tse di malebana le Motlhanka tse di kwadilweng mo go Isaia kgaolo 42, 49, 50, 52 le 53? Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di bontsha sentle gore Motlhanka wa ga Jehofa yo o tlhalosiwang mo dikgaolong tseo ke mang. Se se kgatlhang ke gore modiredi wa Moethiopia yo o umakilweng mo bukeng ya Ditiro o ne a bala nngwe ya dipolelelopele tseno fa moya o ne o kaela Filipo wa moefangele gore a ye go bua le ene. Fa modiredi yono a sena go bala karolo ya Baebele e gompieno e leng mo go Isaia 53:7, 8, o ne a botsa Filipo a re: “Ke a go lopa, Moporofeti o bua seno kaga mang? Kaga gagwe kgotsa kaga motho mongwe o sele?” Gone fela foo Filipo o ne a tlhalosa gore Isaia o ne a bua kaga Mesia, Jesu.—Dit. 8:26-35.

4 Fa Jesu a ne a sa le losea, monna mongwe yo o siameng yo o bidiwang Simeone o ne a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo go bolela gore “ngwana yo mmotlana e bong Jesu” o ne a tla nna “lesedi la go tlosa sesiro mo ditšhabeng,” jaaka go boleletswe pele mo go Isaia 42:6 le 49:6. (Luke 2:25-32) Mo godimo ga moo, tsela ya lonyatso e Jesu a neng a tshwarwa ka yone mo bosigong jwa tsheko ya gagwe e ne e boleletswe pele mo boporofeting jo bo mo go Isaia 50:6-9. (Math. 26:67; Luke 22:63) Morago ga Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa sentle gore Jesu ke ene “Motlhanka” wa ga Jehofa. (Isa. 52:13; 53:11; bala Ditiro 3:13, 26.) Re ka ithuta eng mo dipolelelopeleng tseno tse di ka ga Mesia?

Jehofa o Thapisa Motlhanka wa Gagwe

5. Motlhanka o ne a thapisiwa jang?

5 Nngwe ya dipolelelopele tsa ga Isaia tse di buang ka ga motlhanka wa Modimo e naya lesedi ka kamano e e gaufi e Jehofa a neng a na le yone le Morwawe wa motsalwapele fa Morwa yono a ne a ise a tle go tshela e le motho mo lefatsheng. (Bala Isaia 50:4-9.) Motlhanka yono ka boene o bolela gore Jehofa o ne a mo thapisa ka metlha ka gonne a re: “O tsosa tsebe ya me gore e utlwe jaaka ba ba rutilweng.” (Isa. 50:4) Mo nakong eo yotlhe, Motlhanka wa ga Jehofa o ne a reetsa Rraagwe e bile a ithuta mo go ene, mme a nna morutwa yo o boikobo. A bo e le tshiamelo e kgolo jang go rutiwa ke Mmopi wa lobopo lotlhe!

6. Motlhanka o ne a bontsha jang gore o ikobela Rraagwe ka botlalo?

6 Mo boporofeting jono, Motlhanka o bitsa Rraagwe a re “Morena Molaodimogolo Jehofa.” Seno se bontsha gore Motlhanka o ne a ithutile ntlha ya botlhokwa ka bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe. O ne a bolela jaana a bontsha kafa a ikobelang Rraagwe ka botlalo ka teng: “Morena Molaodimogolo Jehofa o butse tsebe ya me, mme fa e le nna ke ne ke sa tsuologe. Ga ke a ka ka retologela go sele.” (Isa. 50:5) O ‘ne a le fa thoko ga ga Jehofa e le modiri yo o setswerere’ fa go ne go bopiwa lobopo le batho. ‘Modiri yono yo o setswerere’ o ne a ‘itumela fa pele ga ga Jehofa ka dinako tsotlhe, a itumelela naga e e ungwang ya lefatshe la gagwe, mme dilo tse Morwa Modimo a neng a di rata di ne di na le bomorwa batho.’—Dia. 8:22-31.

7. Ke eng se se bontshang gore Motlhanka o ne a tlhomamisegile gore Rraagwe o ne a mo ema nokeng fa a ntse a lekwa?

7 Thapiso eno e Motlhanka a e neilweng le tsela e a neng a rata batho ka yone di ne tsa mo thusa go ipaakanyetsa kganetso e kgolo e a neng a tla lebana le yone fa a tla mo lefatsheng. O ne a tswelela pele a itumelela go dira thato ya ga Rraagwe, tota le fa a ne a bogisiwa botlhoko. (Pes. 40:8; Math. 26:42; Joh. 6:38) Nako yotlhe fa Jesu a ntse a lekwa mo lefatsheng, o ne a tlhomamisegile gore Rraagwe o a mo amogela e bile o mo ema nokeng. Jaaka boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo boleletse pele, Jesu o ne a kgona go re: “Yo O mpolelang ke siame o gaufi. Ke mang yo o ka ganetsanang le nna? . . . Bona! Morena Molaodimogolo Jehofa o tla nthusa.” (Isa. 50:8, 9) Ruri Jehofa o ne a thusa Motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang mo nakong yotlhe e a neng a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng ka yone, jaaka polelelopele e nngwe ya ga Isaia e bontsha.

Bodiredi Jwa Motlhanka Fa a Ne a Le mo Lefatsheng

8. Ke eng se se supang gore Jesu e ne e le “yo o tlhophilweng” wa ga Jehofa, jaaka go boleletswe pele mo go Isaia 42:1?

8 Pego ya Baebele e re bolelela se se neng sa diragala fa Jesu a ne a kolobediwa ka 29 C.E.: “Moya o o boitshepo . . . wa fologela mo go ene, mme lentswe la tswa kwa legodimong la re: ‘O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.’” (Luke 3:21, 22) Ka go rialo Jehofa o ne a bontsha sentle gore wa gagwe “yo o tlhophilweng,” yo o umakwang mo boporofeting jwa ga Isaia ke mang. (Bala Isaia 42:1-7.) Fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a diragatsa boporofeti jono ka tsela e e tlhomologileng. Fa Mathaio a ne a kwala pego ya gagwe ya Efangele, o ne a nopola mafoko a a mo go Isaia 42:1-4 mme a a lebisa mo go Jesu.—Math. 12:15-21.

9, 10. (a) Jesu o ne a diragatsa Isaia 42:3 jang mo bodireding jwa gagwe? (b) Keresete o ne a “tlisa tshiamiso” jang fa a ne a le mo lefatsheng mme o tla ‘baya leng tshiamiso mo lefatsheng’?

9 Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba nyatsa Bajuda ba maemo a a kwa tlase. (Joh. 7:47-49) Batho bano ba ne ba tshwarwa setlhogo mo ba neng ba ka tshwantshiwa le ‘matlhaka a a phitsegileng’ kgotsa ‘megala ya lodi’ fa e setse e tloga e tima. Mme Jesu ene o ne a utlwela bahumanegi mmogo le ba ba sotlegileng botlhoko. (Math. 9:35, 36) O ne a laletsa batho ba ba ntseng jalo jaana ka bopelontle: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.” (Math. 11:28) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a “tlisa tshiamiso” ka go ruta batho melao ya ga Jehofa ya se se siameng le se se phoso. (Isa. 42:3) Gape o ne a bontsha gore Molao wa Modimo o ne o tshwanetse go dirisiwa ka tekatekano le ka kutlwelobotlhoko. (Math. 23:23) Jesu o ne a bontsha tshiamiso le ka go rerela bahumi le bahumanegi a sa tlhaole.—Math. 11:5; Luke 18:18-23.

10 Boporofeti jwa ga Isaia gape bo bolelela pele gore “yo o tlhophilweng” wa ga Jehofa o “baya tshiamiso mo lefatsheng.” (Isa. 42:4) Seno o tla tloga a se dira mo bogautshwaneng fa a tla bo a senya magosi otlhe a bopolotiki a bo a a emisetsa ka Bogosi jwa gagwe jwa tshiamo e le Mesia Kgosi. O tla tlisa lefatshe le lesha, le ‘go tla nnang tshiamo’ mo go lone.—2 Pet. 3:13; Dan. 2:44.

“Lesedi” le “Kgolagano”

11. Jesu e ne e le “lesedi la ditšhaba” ka tsela efe mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme o nnile lone jang go fitlha le gompieno?

11 Ruri Jesu o ne a nna “lesedi la ditšhaba,” a diragatsa Isaia 42:6. Fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a tlisa lesedi la semoya segolobogolo mo Bajudeng. (Math. 15:24; Dit. 3:26) Mme Jesu o ne a re: “Ke nna lesedi la lefatshe.” (Joh. 8:12) O ne a nna lesedi mo Bajudeng le mo ditšhabeng e seng fela ka go ba tlisetsa lesedi la semoya mme gape le ka go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng e le thekololo ya batho botlhe. (Math. 20:28) Fa a sena go tsosiwa, o ne a roma barutwa ba gagwe gore e nne basupi ba gagwe “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Fa Paulo le Barenabase ba le mo bodireding, ba ne ba nopola polelwana e e reng “lesedi la ditšhaba” mme ba e lebisa mo tirong e ba neng ba e dira ya go rerela batho ba e seng Bajuda. (Dit. 13:46-48; bapisa Isaia 49:6.) Tiro eo e sa ntse e dirwa ka gonne bomorwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng le ditsala tsa bone ba anamisa lesedi la semoya e bile ba thusa batho gore ba dumele mo go Jesu, yo e leng “lesedi la ditšhaba.”

12. Jehofa o dirile Motlhanka wa gagwe jang gore e nne “kgolagano ya batho”?

12 Mo boporofeting jone joo, Jehofa o ne a raya Motlhanka wa gagwe yo a mo tlhophileng a re: “Ke tla go dibela mme ke go ntshe gore o nne kgolagano ya batho.” (Isa. 42:6) Satane o ne a leka ka natla go bolaya Jesu le go mo thibela gore a se ka a wetsa bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, mme Jehofa o ne a mo sireletsa go fitlha ka nako e a neng a tshwanetse go swa ka yone. (Math. 2:13; Joh. 7:30) Go tswa foo Jehofa o ne a tsosa Jesu mme a mo ntsha gore a nne “kgolagano,” kgotsa tsholofetso, mo bathong ba ba mo lefatsheng. Tsholofetso eo e e masisi e ne e tlhomamisa gore Motlhanka wa Modimo yo o ikanyegang o ne a tla tswelela pele e le “lesedi la ditšhaba,” a golola ba ba mo lefifing la semoya.—Bala Isaia 49:8, 9. *

13. Jesu o ne a golola “ba ba ntseng mo lefifing” jang fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, mme o ntse o dira seo jang le gompieno?

13 Go dumalana le tsholofetso eno, Motlhanka wa ga Jehofa yo o tlhophilweng o ne a tla ‘bula matlho a a foufetseng,’ a “ntshe legolegwa mo moleteng wa kgolegelo,” mme a namole “ba ba ntseng mo lefifing.” (Isa. 42:7) Jesu o ne a dira seo ka go senola dingwao tsa bodumedi jwa maaka le go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng. (Math. 15:3; Luke 8:1) Ka go dira jalo o ne a golola Bajuda ba ba neng ba nna barutwa ba gagwe a ba golola mo bodumeding jwa maaka. (Joh. 8:31, 32) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o golotse dimilione tsa batho ba e seng Bajuda mo bodumeding jwa maaka. O laetse barutwa ba gagwe gore ba ‘tsamaye, mme ba dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa,’ a solofetsa gore o tla nna le balatedi ba gagwe “go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:19, 20) Keresete Jesu o okametse tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe a le kwa legodimong.

Jehofa O ne A Godisa “Motlhanka” wa Gagwe

14, 15. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a godisa Motlhanka wa gagwe, mme o ne a dira seo jang?

14 Jehofa o bolela jaana mo boporofeting jo bongwe gape jo bo ka ga Motlhanka wa gagwe yo e leng Mesia: “Bona! Motlhanka wa me o tla dira ka temogo. O tla bo a le mo maemong a a kwa godimo mme ruri o tla golediwa a bo a godisiwe fela thata.” (Isa. 52:13) Jehofa o ne a godisa Morwawe ka gonne a ne a ikobela bolaodi jwa Gagwe a ba a tswelela a ikanyega le fa a ne a lekwa ka tsela e e botlhoko.

15 Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana ka ga Jesu: “O kafa seatleng sa moja sa Modimo, gonne o ne a ya legodimong; mme baengele le balaodi le bathata ba ne ba bewa mo taolong ya gagwe.” (1 Pet. 3:22) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “[O ne] a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso. Ka lone lebaka leno gape Modimo o ne a mo godisetsa kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele, gore ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame la ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng le ba ba kafa tlase ga lefatshe, le loleme longwe le longwe lo tle lo bolele ka phuthologo fa lo dumela gore Jesu Keresete ke Morena kgalalelong ya Modimo Rara.”—Bafil. 2:8-11.

16. Jesu o ne a ‘godisiwa fela thata’ jang ka 1914, mme o kgonne go dira eng fa e sale ka nako eo?

16 Ka 1914, Jehofa o ne a godisa Jesu gape. O ne a ‘godisiwa fela thata’ fa Jehofa a ne a mo tlhoma gore e nne Kgosi ya Bogosi jwa ga Mesia. (Ps. 2:6; Dan. 7:13, 14) Fa e sa le ka nako eo, Keresete o ntse a tswelela pele a ‘fenya mo gare ga baba ba gagwe.’ (Ps. 110:2) Sa ntlha o ne a fenya Satane le badimona ba gagwe, a ba latlhela mo lefatsheng. (Tshen. 12:7-12) Go tswa foo, Keresete o ne a direla jaaka Kurose yo Mogolwane, mme a namola masalela a bomonnawe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng a ba namola mo “Babelona o Mogolo.” (Tshen. 18:2; Isa. 44:28) O ntse a eteletse pele tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe e e feletseng ka gore go phuthwe “ba ba setseng” ba bomonnawe ba semoya mmogo le dimilionemilione tsa ba “dinku tse dingwe,” balekane ba ba ikanyegang ba “letsomanyane.”—Tshen. 12:17; Joh. 10:16; Luke 12:32.

17. Re ithutile eng ka go sekaseka dipolelelopele tsa ga Isaia tse di buang ka “motlhanka”?

17 Go ithuta ka dipolelelopele tseno tse di tlhomologileng tse di mo bukeng ya Isaia ruri go dirile gore re oketse tsela e re anaanelang ka yone Kgosi ya rona le Morekolodi wa rona, Keresete Jesu. O ne a ikobela Rraagwe fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, mme seno se ne se bontsha gore o thapisitswe ke Rraagwe pele a tla mo lefatsheng. O itshupile e le “lesedi la ditšhaba” ka bodiredi jwa gagwe le ka tiro ya go rera e a ntseng a e okametse go tla go fitlha gompieno. Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, boporofeti jo bongwe jo bo buang ka Motlhanka yo e leng Mesia bo senola gore o ne a tla boga a bo a ntsha botshelo jwa gagwe gore re solegelwe molemo, mme ke dikgang tse re tshwanetseng go ‘akanya ka kelotlhoko’ ka tsone fa Segopotso sa loso lwa gagwe se ntse se atamela.—Baheb. 12:2, 3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 O ka bona boporofeti jono mo go Isaia 42:1-7; 49:1-12; 50:4-9; le 52:13–53:12.

^ ser. 12 Fa o batla go bona tlhaloso ya boporofeti jo bo mo go Isaia 49:1-12, bona Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe—Bolumo II, tsebe 136-145.

Poeletso

• “Motlhanka” yo go buiwang ka ene mo dipolelelopeleng tsa ga Isaia ke mang, mme re itse jang?

• Jehofa o ne a thapisa Motlhanka jang?

• Jesu ke “lesedi la ditšhaba” ka tsela efe?

• Motlhanka o ne a godisiwa jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Filipo o ne a tlhalosa gore “motlhanka” yo Isaia a buang ka ene ke Jesu, Mesia

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu, yo e leng Motlhanka yo Jehofa a mo tlhophileng, o ne a utlwela bahumanegi le ba ba sotlegileng botlhoko

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Jesu o ne a godisiwa ke Rraagwe a bo a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa ga Mesia