Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelele Tiro ya go Dira Barutwa

Itumelele Tiro ya go Dira Barutwa

Itumelele Tiro ya go Dira Barutwa

“Jalo tsamayang mme lo dire . . . barutwa.”—MATH. 28:19.

1-3. (a) Batho ba bantsi ba ikutlwa jang ka go tshwara dithuto tsa Baebele? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

KGAITSADI mongwe yo o direlang mo setlhopheng sa batho ba ba buang Se-Hindi kwa United States o ne a re: “Ke na le dibeke di le 11 ke ithuta le lelapa lengwe le le tswang kwa Pakistan. E bile re setse re le ditsala. Matlho a me a seka dikeledi fa ke akanya gore go ise go ye kae lelapa leno le tlile go boela kwa Pakistan. Ga ke ledisiwe fela ke go utlwisiwa botlhoko ke gore ba a tsamaya, mme ke ledisiwa le ke boitumelo jo ke nnileng le jone fa ke ne ke ba ruta ka ga Jehofa.”

2 A le wena, jaaka kgaitsadi yono, o kile wa itumelela go ithuta Baebele le mongwe? Jesu le barutwa ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itumelela tiro ya go dira barutwa thata. Fa barutwa ba ba 70 ba Jesu a neng a ba thapisitse ba tlisa pego e e itumedisang, Jesu ka boene o ne a “ipela thata mo moyeng o o boitshepo.” (Luke 10:17-21) Le gompieno batho ba bantsi ba itumedisiwa thata ke tiro ya go dira barutwa. Tota e bile, ka 2007, baboledi ba ba dirang ka natla, ba ba itumetseng, ba ne ba tshwara palogare ya dithuto tsa Baebele di le dimilione di le thataro le halofo kgwedi le kgwedi!

3 Le fa go ntse jalo, baboledi bangwe ga ba ise ba utlwe monate wa go tshwarela mongwe thuto ya Baebele. Bangwe ba ka tswa ba ise ba tshware thuto ya Baebele mo dingwageng tsa bosheng. Re ka lebana le dikgoreletsi dife fa re ntse re leka go tshwara thuto ya Baebele? Re ka di fenya jang? Mme re bona melemo efe fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go ikobela taelo eno ya ga Jesu: “Jalo tsamayang mme lo dire . . . barutwa”?—Math. 28:19.

Dilo Tse di ka Dirang Gore re Felelwe ke Boitumelo

4, 5. (a) Batho ba bantsi ba arabela jang mo mafelong mangwe mo lefatsheng? (b) Ke dikgoreletsi dife tse baboledi ba lebanang le tsone mo mafelong a mangwe?

4 Mo mafelong mangwe mo lefatsheng, batho ba itumelela go amogela dikgatiso tsa rona e bile ba rata go ithuta Baebele le rona. Banyalani bangwe ba ba tswang kwa Australia ba ba neng ba direla kwa Zambia ka nakwana ba re: “Dilo tse re di utlwileng di boammaaruri. Tshimo ya kwa Zambia e na le matswela tota. Go monate thata go dira tiro ya mmila teng! Batho ba itlisa kwa go rona, e bile bangwe ba bone ba kopa dimakasine tse di rileng.” Ngwaga mongwe bosheng jaana bakaulengwe le bokgaitsadi kwa Zambia ba ne ba tshwara dithuto tsa Baebele di feta 200 000—ke gore, ka kakaretso mmoledi a le mongwe fela o ne a tshwara dithuto tsa Baebele di feta e le nngwe.

5 Le fa go ntse jalo, mo mafelong a mangwe, baboledi ba ka nna ba fitlhela go le thata go tsamaisa dibuka le go tshwara dithuto tsa Baebele ka metlha. Ka ntlha yang? Gantsi batho ba a bo ba seyo mo magaeng a bone fa baboledi ba ba etetse, mme ba ba leng mo gae bone ba ka tswa ba sa kgatlhegele bodumedi. Ba ka tswa ba goletse mo malapeng a a sa rateng bodumedi kana ba tenwa ke boitimokanyi jo ba bo bonang mo bodumeding jwa maaka. Batho ba bantsi ba sotlilwe e bile ba gasamisitswe ke badisa ba maaka ka tsela ya semoya. (Math. 9:36) Go a utlwala go bo batho bano ba na le dipelaelo fa go tliwa mo kgannyeng ya go tlotla ka Baebele.

6. Bangwe ba ka lebana le dikgoreletsi dife?

6 Baboledi bangwe ba ba ikanyegang ba lebana le bothata jo bongwe jo bo ka dirang gore ba felelwe ke boitumelo. Le fa ba kile ba bo ba dira tiro ya go dira barutwa ka matlhagatlhaga, jaanong ba kgorelediwa ke bolwetse kana botsofe. Gape akanya ka dikgoreletsi dingwe tse re ka di ipeelang rona ka borona. Ka sekai, a o ikutlwa o sa tshwanelege go tshwara thuto ya Baebele? O ka tswa o ikutlwa jaaka Moshe a ne a ikutlwa fa Jehofa a ne a mo roma gore a ye go bua le Faro. Moshe o ne a re: “Intshwarele Jehofa, ga ke seleta mo puong, fa e sa le maabane kgotsa pele ga moo.” (Ekes. 4:10) Go inyatsa go tsamaisana le go tshaba go palelwa. Re ka tshwenyega ka gore motho yo re ithutang le ene a ka se nne morutwa ka gonne re se barutisi ba ba nang le bokgoni. Go tshaba go palelwa go ka dira gore re swetse ka gore re se ka ra tshwarela ope thuto. Re ka fenya jang dikgoreletsi tse di sa tswang go umakwa?

Baakanya Pelo ya Gago

7. Ke eng se se neng se kgothatsa Jesu mo bodireding jwa gagwe?

7 Sa ntlha, re tshwanetse go baakanya dipelo tsa rona. Jesu o ne a re: “Molomo wa [motho] o bua se se tletseng mo pelong.” (Luke 6:45) Se se neng se kgothatsa Jesu mo bodireding jwa gagwe ke gore o ne a amega thata ka ba bangwe. Ka sekai, fa a ne a bona boemo jo bo tlhomolang pelo jwa semoya jwa Bajuda ba gabone, o ne “a utlwa a ba tlhomogela pelo.” O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo . . . Kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.”—Math. 9:36-38.

8. (a) Go ka nna molemo gore re akanye ka eng? (b) Re ka ithuta eng mo go se se builweng ke mongwe yo o ithutang Baebele?

8 Fa re ntse re dira tiro ya go dira barutwa, go ka nna molemo gore re akanye thata kafa rona re solegetsweng molemo ka teng ka gonne mongwe a ne a ipha nako ya go ithuta Baebele le rona. Gape, akanya ka batho ba re tla kopanang le bone mo bodireding le kafa le bone ba tla solegelwang molemo ka teng ke go utlwa molaetsa o re o tshotseng. Mosadi mongwe o ne a kwalela ofisi ya lekala ya mo nageng e a nnang mo go yone lekwalo, a re: “Ke rata go lo bolelela gore ke anaanela thata Basupi ba ba tlang go nthutela mo legaeng la me. Ke a itse gore ka dinako tse dingwe ke tshwanetse ka bo ke ba kgoba marapo ka gonne ke na le dipotso tse dintsi mme ka metlha ba felela ba ntse nako e telele thata le nna. Mme ga ba mphelele pelo e bile ba rata go nthuta se ba se ithutileng. Ke leboga Jehofa le Jesu gore ke bo ke kopane le batho bano.”

9. Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo go eng, mme re ka mo etsa jang?

9 Ee gone, ga se gore fa Jesu a ne a ruta, mongwe le mongwe o ne a amogela molaetsa. (Math. 23:37) Bangwe ba ne ba mo latela ka nakwana mme go tswa foo ba bo ba ganetsa dithuto tsa gagwe mme “ba se ka ba tlhola ba tsamaya le ene.” (Joh. 6:66) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a akanya gore molaetsa wa gagwe ga o botlhokwa fela ka gonne batho bangwe ba sa o amogele. Le fa bontsi jwa peo e Jesu a neng a e jala e sa ka ya ungwa, o ne a tlhoma mogopolo mo go se a neng a se dira. O ne a bona gore masimo a masweu go ka rojwa, mme o ne a itumedisiwa thata ke go thusa mo thobong eo. (Bala Johane 4:35, 36.) Go na le gore re bone fela mmu o o mo gare ga dijalo o go sa melang sepe mo go one, go ka nna molemo gore re tlhome mogopolo mo thobong e re ka e bonang mo tshimong e re e abetsweng. A re sekasekeng se se ka re thusang gore re nne re leba dilo sentle.

Jala O na Le Mokgele wa go Roba

10, 11. Ke eng se o ka se dirang gore o nne o itumetse?

10 Molemi o jala peo a na le mokgele wa go roba. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go rera re na le mokgele wa go simolola dithuto tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, go tweng fa o dirisa nako e ntsi o le mo tirelong ya tshimo mme o fitlhela magae a mantsi a se na batho kana go lebega o sa kgone go fitlhela batho ba o boelang kwa go bone? Seno se ka go kgoba marapo. A o tshwanetse go tlogela go dira bodiredi jwa ntlo le ntlo? Le e seng! Go sa ntse go kopanwa le batho ba bantsi ka mokgwa ono o o nang le matswela o o sa bolong go dirisiwa.

11 Le fa go ntse jalo, a o ka dira gore o nne o itumetse ka go dirisa mekgwa e mengwe, gongwe ka go dirisa ditsela tse dingwe gore o kgone go bua le batho? Ka sekai, a o kile wa leka go rerela batho mo mmileng kana kwa ba berekang teng? A o ka bua le batho ka thelefouno kana wa kopa dinomoro tsa founo tsa batho ba o kileng wa ba bolelela molaetsa wa Bogosi gore o tle o kgone go nna o buisana le bone? Fa o itshoka e bile o fetofetoga le maemo mo bodireding, o tla itumelela go kopana le batho ba ba tla amogelang molaetsa wa Bogosi.

Go Rera le fa Batho ba sa Kgatlhegele Molaetsa

12. Re ka dirang fa batho ba bantsi mo tshimong ya rona ba lebega ba sa kgatlhegele molaetsa?

12 Go tweng fa batho ba bantsi mo tshimong ya lona ba sa kgatlhegele bodumedi? A o ka bua le bone ka sengwe se ba ka se kgatlhegelang? Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela badumedimmogo le ene kwa Korintha jaana: “Mo Bajudeng ke ne ka nna jaaka Mojuda . . . Mo go ba ba se nang molao ke ne ka nna jaaka yo o se nang molao, le mororo ke se yo o se nang molao mo Modimong.” Maikaelelo a ga Paulo e ne e le eng? O ne a re: “Ke ntse dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, gore kafa go ka kgonegang ka gone ke boloke bangwe.” (1 Bakor. 9:20-22) A le rona re ka bua ka dilo tse batho ba ba mo tshimong ya rona ba di kgatlhegelang? Batho ba bantsi ba ba sa kgatlhegeleng bodumedi ba batla go tokafatsa tsela e ba dirisanang ka yone le ba bangwe mo malapeng a bone. Gape ba ka tswa ba batla go itse lebaka la go bo re tshela. A re ka bolelela batho bano molaetsa wa Bogosi ka tsela e e tla dirang gore ba o kgatlhegele?

13, 14. Re ka dira jang gore re itumelele tiro ya go dira barutwa thata?

13 Baboledi ba bantsi ba dirile maiteko a gore ba oketse tsela e ba itumelelang tiro ya go dira barutwa ka yone, tota le mo mafelong a mo go one batho ba bantsi ba lebegang ba sa kgatlhegele molaetsa. Ba dirile seo jang? Ka go ithuta puo e nngwe. Banyalani bangwe ba ba mo dingwageng tsa bo60 ba ne ba lemoga gore baithuti ba bantsi ba Ba-China le ba malapa a bone ba ne ba nna mo tshimong ya phuthego ya bone. Monna a re: “Seno se ne sa dira gore re batle go ithuta Se-China. Le fa re ne re tshwanelwa ke go dirisa nako e ntsi letsatsi le letsatsi re ithuta puo eo, seo se ne sa felela ka gore re tshwarele Ba-China ba bantsi mo tshimong ya rona dithuto tsa Baebele.”

14 Le fa o sa kgone go ithuta puo e sele, o ka dirisa bukana ya Good News for People of All Nations fa o kopana le batho ba ba buang puo e nngwe. Gape o ka batlela batho ba o kopanang le bone dikgatiso tsa puo ya bone. Gone go tlhokega nako e ntsi le maiteko gore o kgone go buisana le batho ba ba buang puo e nngwe le ba setso se sele. Mme o nne o gakologetswe molaomotheo ono o o mo Lefokong la Modimo: “Yo o jalang ka bogolo gape o tla roba ka bogolo.”—2 Bakor. 9:6.

Phuthego Yotlhe E na Le Seabe

15, 16. (a) Ke eng fa tiro ya go dira barutwa e le tiro ya phuthego yotlhe? (b) Batsofe ba na le seabe sefe?

15 Le fa go ntse jalo, go dira barutwa ga se tiro ya motho a le mongwe fela. Go na le moo, phuthego yotlhe e a thusa. Ke eng fa go ka tualo? Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:35) Mme go ntse fela jalo, fa baithuti ba Baebele ba tla dipokanong, gantsi ba kgatlhwa ke lorato lo ba lo bonang teng. Moithuti mongwe wa Baebele o ne a re: “Ke rata go nna teng kwa dipokanong. Ke amogelwa ka lorato tota!” Jesu o ne a re batho ba ba nnang balatedi ba gagwe ba ka nna ba ganediwa ke ba malapa a bone. (Bala Mathaio 10:35-37.) Le fa go ntse jalo, o ne a solofetsa gore mo phuthegong ba ne ba tla nna le ‘bomorwarraabone le bomorwadiarraabone le bommaabone le bana’ ba bantsintsi.—Mar. 10:30.

16 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba tsofetseng ke bone ba segolobogolo ba thusang baithuti ba Baebele thata gore ba gatele pele. Ba ba thusa jang? Le fa bangwe ba batsofe ba sa kgone go tshwara dithuto tsa Baebele ka bobone, dikarabo tsa bone tse di kgothatsang kwa dipokanong tsa phuthego di nonotsha tumelo ya botlhe ba ba di utlwang. Go tsamaya ga bone “ka tsela ya tshiamo” go dira gore phuthego e nne ntle le go feta mme go gogela batho ba ba dipelo di ikanyegang mo phuthegong ya Modimo.—Dia. 16:31.

Go Fenya Poifo e re Nang le Yone

17. Re ka dira eng go fenya maikutlo a go inyatsa?

17 Go tweng fa o inyatsa mme o akanya gore ga o tshwanelege go tshwara thuto ya Baebele? Gakologelwa gore Jehofa o ne a thusa Moshe ka go mo naya moya o o boitshepo le ka go mo naya mopati, yo e neng e le morwarraagwe e bong Arone. (Ekes. 4:10-17) Jesu o ne a solofetsa gore moya wa Modimo o ne o tla re ema nokeng mo tirong ya go rera. (Dit. 1:8) Gape fa Jesu a ne a romela badiri go ya go rera, o ne a ba romela ka bobedi le bobedi. (Luke 10:1) Ka jalo, fa o thatafalelwa ke go tshwara thuto ya Baebele, rapelela moya wa Modimo gore o go neye botlhale mme fa o ya go rera o tsamaye le mongwe yo o ka go thusang go itshepa le yo bokgoni jwa gagwe bo ka go solegelang molemo. Re ka nonotshiwa tumelo ke go gopola gore Jehofa o tlhophile go dirisa batho fela ba ba tlwaelegileng—“dilo tse di bokoa tsa lefatshe”—go dira tiro eno e e tlhomologileng.—1 Bakor. 1:26-29.

18. Re ka fenya jang poifo ya gore re ka se atlege fa re ithuta Baebele le mongwe?

18 Re ka fenya jang poifo ya gore re ka se atlege fa re ithuta Baebele le mongwe? Go tla bo go le molemo gore re gakologelwe gore go dira motho morutwa ga go tshwane le go apaya dijo. Mo kgannyeng ya go apaya dijo go ikaegile fela ka moapei gore a dijo di apeega sentle kgotsa nnyaa. Mme go dira motho morutwa gone go akaretsa batho ba bantsi. Jehofa o dira tiro ya botlhokwa thata ya go gogela motho yoo kwa go Ene. (Joh. 6:44) Rona le ba bangwe mo phuthegong re dira sotlhe se re ka se kgonang go dirisa bokgoni jwa rona jwa go ruta go thusa moithuti gore a gatele pele. (Bala 2 Timotheo 2:15.) Mme moithuti ene o tshwanetse go dirisa se a se ithutang. (Math. 7:24-27) Fa motho a tlogela go ithuta Baebele, re ka kgobega marapo. Re solofela gore baithuti ba Baebele ba tla dira tshwetso e e siameng, mme mongwe le mongwe o tla “ikarabelela mo Modimong.”—Bar. 14:12.

Re Bona Melemo Efe?

19-21. (a) Re bona melemo efe fa re tshwara dithuto tsa Baebele? (b) Jehofa o leba jang botlhe ba ba dirang tiro ya go rera?

19 Go tshwara dithuto tsa Baebele go re thusa go nna re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a rona. Gape go dira gore dithuto tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo di nwelelele kwa teng mo megopolong le mo dipelong tsa rona. Jang? Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Barak a re: “Go tshwara dithuto tsa Baebele go go pateletsa go nna moithuti yo o tlhoafetseng wa Lefoko la Modimo. Ke lemogile gore ke tshwanetse go nonotsha tumelo ya me pele ga nka kgona go ruta motho yo mongwe sentle.”

20 Fa e le gore ga o na thuto ya Baebele e o e tshwarang, a seo se raya gore Modimo ga a anaanele tirelo ya gago? Nnyaa ga go reye jalo le e seng! Jehofa o anaanela thata matsapa a re a tsayang go mmaka. Botlhe ba ba dirang tiro ya go rera ke “badirimmogo le Modimo.” Le fa go ntse jalo, go tshwara thuto ya Baebele go re itumedisa le go feta fa re bona kafa Modimo a godisang ka teng peo e re e jadileng. (1 Bakor. 3:6, 9) Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Amy a re: “Fa o bona moithuti wa Baebele a gatela pele, o ikutlwa o leboga Jehofa fela thata go bo a go dirisitse go naya motho yoo mpho e e molemolemo, ya go mo thusa go itse Jehofa le go bona botshelo jo bo sa khutleng.”

21 Go dira sotlhe se re ka se kgonang go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele go tla re thusa go nna re tlhomile mogopolo mo go direleng Modimo gone jaanong, e bile go tla nonotsha tsholofelo ya rona ya go falolela mo lefatsheng le lesha. Fa Jehofa a re ema nokeng, re ka nna ra kgona go thusa go boloka le ba ba re reetsang. (Bala 1 Timotheo 4:16.) A bo seo se ka re itumedisa thata jang ne!

A o A Gakologelwa?

• Ke dilo dife tse di ka kgoreletsang bangwe go tshwara dithuto tsa Baebele?

• Re ka dira eng fa batho ba bantsi mo tshimong ya rona ba lebega ba sa kgatlhegele molaetsa?

• Re bona melemo efe fa re tshwarela mongwe thuto ya Baebele?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

A o dirisa mekgwa e e farologaneng ya go rera gore o tle o buisane le batho ba ba dipelo di ikanyegang?