Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Tla o Nne Molatedi wa Me’

‘Tla o Nne Molatedi wa Me’

‘Tla o Nne Molatedi wa Me’

“Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso malatsi ka go latelana mme a ntshale morago.”—LUKE 9:23.

1, 2. (a) Jesu o ne a laletsa batho gore ba direng? (b) A wena o amogetse taletso ya ga Jesu?

GO ELA kwa bokhutlong jwa bodiredi jwa ga Jesu, o ne a rera kwa Perea, e leng kgaolo e e kwa moseja ga Joredane, kwa bokonebotlhaba jwa Judea. Go ne ga tla lekawana lengwe kwa go ene mme la mmotsa gore le tshwanetse go dirang gore le bone botshelo jo bo sa khutleng. Fa Jesu a sena go lemoga gore lekawana leno le ne le boloka ditaelo tse di mo Molaong wa ga Moshe, o ne a le laletsa gore le dire sengwe se se tlhomologileng. O ne a re: “Tsamaya, o rekise dilo le fa e le dife tse o nang le tsone o bo o neye bahumanegi, mme o tla nna le letlotlo kwa legodimong, mme o tle o nne molatedi wa me.” (Mar. 10:21) Akanya fela—lekawana leno le ne le lalediwa go nna molatedi wa ga Jesu, Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo Mogodimodimo!

2 Lekawana leno ga le a ka la amogela taletso eo, mme ba bangwe ba ne ba e amogela. Pelenyana ga foo, Jesu o ne a reile Filipo a re: “Nna molatedi wa me.” (Joh. 1:43) Filipo o ne a dumela mme moragonyana o ne a nna moaposetoloi. Jesu o ne a laletsa Mathaio ka tsela e e tshwanang, mme le ene o ne a amogela taletso eo. (Math. 9:9; 10:2-4) Tota Jesu o ne a laletsa batho botlhe ba ba ratang tshiamo jalo fa a ne a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso malatsi ka go latelana mme a ntshale morago ka metlha.” (Luke 9:23) Ka jalo, mongwe le mongwe a ka nna molatedi wa ga Jesu fa tota a batla. A wena o a batla? Bontsi jwa rona re setse re amogetse taletso eo ya ga Jesu ya bopelonomi, mme re laletsa ba bangwe ka tsela e e tshwanang fa re le mo tirelong ya tshimo.

3. Re ka tila jang go katogela go sele re tlogela go sala Jesu morago?

3 Le fa go ntse jalo, go utlwisa botlhoko gore bangwe ba ba neng ba kgatlhegela boammaaruri jwa Baebele ga ba tswelele pele ba ithuta. Go na le moo, ba nyema mooko mme kgabagare ba “katogela go sele” ba tlogela go sala Jesu morago. (Baheb. 2:1) Re ka tila jang go wela mo serung seo? Go a thusa go ipotsa dipotso tseno: ‘Ke eng se se dirileng gore ke tlhophe go nna molatedi wa ga Jesu? Go nna molatedi wa gagwe go kaya eng?’ Go nna re akantse ka dikarabo tsa dipotso tseo tse pedi go tla re thusa go nna re ititeile sehuba gore re tswelele re tsamaya mo tseleng e e siameng e re e tlhophileng. Gape go tla re thusa go kgothatsa ba bangwe go sala Jesu morago.

Ke Eng fa re Tshwanetse go Sala Jesu Morago?

4, 5. Ke ka ntlha yang fa Jesu a tshwanelega go etelela pele?

4 Moporofeti Jeremia o ne a re: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jer. 10:23) Ditiragalo tsa lefatshe di supa gore mafoko ao a ga Jeremia a boammaaruri. Fa nako e ntse e feta go bonala thata gore batho ba ba sa itekanelang ba ka se kgone go ipusa ka katlego. Re amogetse taletso ya go sala Jesu morago ka gonne re ithutile gore o tshwanelega go nna Moeteledipele wa rona go gaisa motho le fa e le ofe. Sekaseka dilo dingwe tse di dirang gore Jesu a tshwanelege.

5 Sa ntlha, Jesu o tlhophilwe ke Jehofa ka boene gore a nne Mesia Moeteledipele. Mmopi wa rona ke ene fela a itseng botoka gore a tlhome mang go nna Moeteledipele wa rona. Sa bobedi, Jesu o na le dinonofo tse re ka di kgatlhegelang le go di etsa. (Bala Isaia 11:2, 3.) Ke sekao se se molemolemo. (1 Pet. 2:21) Sa boraro, Jesu o amega thata ka batho ba ba mo salang morago, jaaka a bontshitse ka go ba swela. (Bala Johane 10:14, 15.) Mme o itshupa gore ke modisa yo o lorato ka go re bontsha tsela e e ka dirang gore re tshele botshelo jo bo tlisang boitumelo gone jaanong le jo bo isang kwa isagweng e e molemolemo e e sa khutleng. (Joh. 10:10, 11; Tshen. 7:16, 17) Ka ntlha ya mabaka ano le a mangwe, re dirile tshwetso e e botlhale ka go tlhopha go mo sala morago. Le fa go ntse jalo, go mo sala morago go akaretsang?

6. Go nna molatedi wa ga Jesu go kaya eng?

6 Go nna balatedi ba ga Keresete ga se fela go ipitsa Bakeresete. Gompieno, batho ba ka nna dibilione tse pedi ba ipitsa Bakeresete, mme ditiro tsa bone di senola gore ke “ba [ba] dirang ka go tlhoka molao.” (Bala Mathaio 7:21-23.) Fa batho ba bontsha gore ba amogela taletso ya go nna balatedi ba ga Jesu, re ba tlhalosetsa gore Bakeresete ba boammaaruri ba dira gore letsatsi le letsatsi, mokgwa wa bone wa botshelo o dumalane le dithuto tsa gagwe le sekao sa gagwe. Go bontsha gore seo se kaya eng, akanya ka dingwe tsa dilo tse re di itseng ka Jesu.

Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna Botlhale

7, 8. (a) Botlhale ke eng, mme ke eng se se neng se dira gore Jesu a nne botlhale thata? (b) Jesu o ne a bontsha jang gore o botlhale, mme re ka mo etsa jang?

7 Jesu o ne a na le dinonofo tse dintsi tse di tlhomologileng, mme re tla tlotla ka tse nnè fela: botlhale jwa gagwe, boikokobetso jwa gagwe, tlhagafalo ya gagwe le lorato lwa gagwe. Sa ntlha, a re tlotleng ka botlhale jwa gagwe—bokgoni jwa gagwe jwa go dirisa kitso le tlhaloganyo ka tsela e e molemo. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Mo go [Jesu] go subilwe matlotlo otlhe ka kelotlhoko a botlhale le a kitso.” (Bakol. 2:3) Jesu o ne a tsaya kae botlhale jo bo kalo? Ene ka boene o ne a re: “Ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.” (Joh. 8:28) Jehofa ke ene a neng a mo neile botlhale, ka jalo ga re gakgamadiwe ke tsela e Jesu a neng a kgona go dira ditshwetso tse di molemo ka yone.

8 Ka sekai, Jesu o ne a dira tshwetso e e molemo fa a ne a tlhopha tsela e a neng a tla tshela ka yone. O ne a dira tshwetso ya go tshela botshelo jo bo sa raraanang, a tlhomile mogopolo mo selong se le sengwe fela: go dira thato ya Modimo. O ne a dira ka botlhale ka go dirisa nako le nonofo ya gagwe go dira dilo tse di direlwang Bogosi. Re latela sekao sa ga Jesu ka go leka ka natla go nna le ‘leitlho le le sa raraanang’ mme ka jalo re tila go ikimetsa ka dilo tse di sa tlhokegeng tse di re feletsang nonofo e bile di re jela nako. (Math. 6:22) Bakeresete ba bantsi ba dirile diphetogo dingwe gore ba tshele matshelo a a sa raraanang gore ba kgone go nna le nako e e oketsegileng mo bodireding. E bile ba bangwe ba kgonne go nna babulatsela. Fa o le mongwe wa bone, o akgolwa eletota. ‘Go batla bogosi pele’ go tlisetsa motho boitumelo jo bogolo le kgotsofalo.—Math. 6:33.

Ikokobetse Jaaka Jesu

9, 10. Jesu o ne a bontsha jang gore o ikokobeditse?

9 Ntlha ya bobedi e re tla tlotlang ka yone ya botho jwa ga Jesu ke gore o ne a ikokobeditse. Fa batho ba ba sa itekanelang ba newa taolo, gantsi ba simolola go ikgogomosa. Jesu o ne a sa nna jalo gotlhelele! Le fa Jesu a ne a na le seabe sa konokono mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa, o ne a sa ikgogomose le fa e le go le gonnye. Mme re kgothadiwa go mo etsa. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu, yo, le mororo a ne a tshela a le mo sebopegong sa Modimo, a neng a se ka a akanyetsa go itseela, e leng, go lekana le Modimo. Nnyaa, mme o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho.” (Bafil. 2:5-7) Seo se ne se akaretsa eng?

10 Jesu o ne a na le tshiamelo e kgolo ya go nna le Rraagwe kwa legodimong, mme o ne a “iithontsha” ka go rata. Botshelo jwa gagwe bo ne jwa fudusediwa mo popelong ya lekgarebane la Mojuda gore a golele mo go yone ka dikgwedi di le robongwe go fitlha a tsholelwa mo legaeng la mmetli wa maemo a a kwa tlase e le lesea le le ka se itireleng sepe. Jesu o ne a golela mo legaeng la ga Josefa, a simolola go ithuta go tsamaya, a nna mosimanyana a bo a nna mosha. O ne a se na boleo. Le fa go ntse jalo, mo bosheng jwa gagwe jotlhe o ne a tswelela a ikobela batsadi ba gagwe ba e neng e le baleofi ba ba sa itekanelang. (Luke 2:51, 52) A bo a ne a ikokobeditse thata jang ne!

11. Re ka etsa boikokobetso jwa ga Jesu ka ditsela dife?

11 Re ka etsa boikokobetso jwa ga Jesu ka go dira ditiro tse di ka tswang di lebega e le tsa maemo a a kwa tlase ka go rata. Ka sekai, akanya ka tiro ya go rera dikgang tse di molemo. Tiro eo e ka lebega e le ya maemo a a kwa tlase, segolobogolo fa re kopana le batho ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa, ba ba sotlang kana ba ba letlhoo. Le fa go ntse jalo, fa re tswelela re dira tiro ya go rera, re thusa ba bangwe go amogela taletso ya ga Jesu ya gore ba nne balatedi ba gagwe. Ka jalo, re thusa go boloka matshelo. (Bala 2 Timotheo 4:1-5.) Sekai se sengwe ke sa go tlhokomela Holo ya rona ya Bogosi. Seo se ka akaretsa go dira ditiro tse di tshwanang le go tsholola matlakala, go koropa fa fatshe, go phepafatsa matlwana a boithomelo—tse tsotlhe e leng ditiro tsa maemo a a kwa tlase! Le fa go ntse jalo, re itse gore go tlhokomela Holo ya rona ya Bogosi, e e leng boremelelo jwa kobamelo e e itshekileng mo lefelong la rona, ke karolo ya tirelo ya rona e e boitshepo. Fa re dira ditiro tse di lebegang e le tsa maemo a a kwa tlase ka go rata, re bontsha gore re ikokobeditse mme ka jalo re latela dikgato tsa ga Keresete.

Tlhagafala Jaaka Jesu

12, 13. (a) Jesu o ne a bontsha tlhagafalo jang, mme o ne a tlhotlhelediwa ke eng? (b) Ke eng se se tla re tlhotlheletsang go tlhagafala mo bodireding?

12 Akanya kafa Jesu a neng a tlhagafetse ka teng mo bodireding. Jesu o dirile dilo tse dintsi fa a ne a le mo lefatsheng. Fa a sa le mosha, a ka tswa a ne a dira tiro ya go betla le Josefa e bong rraagwe yo o mo godisitseng. Jesu mo bodireding jwa gagwe o ne a dira dikgakgamatso, go akaretsa go fodisa balwetse le go tsosa baswi. Mme tiro ya gagwe ya konokono e ne e le go rera dikgang tse di molemo le go ruta batho ba ba batlang go reetsa. (Math. 4:23) E re ka re le balatedi ba gagwe, le rona re tshwanetse go dira tiro eo. Re ka etsa sekao sa gagwe jang? Sengwe se re ka se dirang ke go nna le maitlhomo a Jesu a neng a na le one fa a ne a dira tiro eno.

13 Sa botlhokwa le go feta, Jesu o ne a tlhotlhelediwa ke go rata Modimo gore a rere le go ruta. Mme gape Jesu o ne a rata dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di ruta. O ne a tsaya dithuto tseo di le tlhwatlhwakgolo, mme o ne a tlhagafaletse go di ruta ba bangwe. Le rona re ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka re le barutisi, kana ‘batlhatlheledi ba batho.’ Akanya fela ka dingwe tsa dithuto tse di tlhwatlhwakgolo tsa boammaaruri tse re di ithutileng mo Lefokong la Modimo! Re itse kgangkgolo ya bolaodi jwa lobopo lotlhe le gore e tla rarabololwa jang. Re tlhaloganya se Baebele e se rutang ka boemo jwa baswi le ka masego a Modimo a tla a nayang batho mo lefatsheng la gagwe le lesha. E ka ne re ithutile dithuto tseno bosheng kana bogologolo, di sa ntse di le botlhokwa thata mo go rona. (Bala Mathaio 13:52.) Fa re rera ka pelo yotlhe le ka matlhagatlhaga, re bontsha ba bangwe kafa re ratang ka teng se Jehofa a se re rutileng.

14. Re ka etsa jang tsela e Jesu a neng a ruta ka yone?

14 Gape ela tlhoko kafa Jesu a neng a ruta ka teng. Ka metlha o ne a tlhokomedisa bareetsi ba gagwe se Dikwalo di se buang. Gangwe le gape fa a ne a bua ntlha ya botlhokwa o ne a simolola ka go re: “Go kwadilwe ga twe.” (Math. 4:4; 21:13) Mo mafokong a gagwe a a kwadilweng, o ne a nopola ka tlhamalalo kana e se ka tlhamalalo mo dibukeng di feta halofo tsa Dikwalo tsa Sehebera. Jaaka Jesu, le rona re dirisa Baebele thata fa re le mo bodireding mme re leka go bala ditemana nako le nako fa go kgonega. Fa re dira jalo, re thusa batho ba ba dipelo di siameng go iponela ka bobone gore re ruta dithuto tsa Modimo, e seng tsa rona. Re itumela tota fa motho a dumela go bala se se kwadilweng mo Baebeleng le go tlotla le rona kafa Lefoko la Modimo le leng botlhokwa e bile le nang le bokao ka teng! Mme fa batho ba ba ntseng jalo ba amogela taletso ya go nna balatedi ba ga Jesu, re itumela fela thata.

Go Nna Molatedi wa ga Jesu go Kaya go Rata ba Bangwe

15. Jesu o ne a na le nonofo efe e e tlhomologileng, mme go akanya ka yone go ka re ama jang?

15 Ntlha ya bofelo e re tla tlotlang ka yone ka botho jwa ga Jesu ke e e amang pelo fela thata—tsela e a neng a rata batho ka yone. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela.” (2 Bakor. 5:14) Fa re akanya ka tsela e Jesu a ratang batho ka kakaretso ka yone le kafa a ratang mongwe le mongwe wa rona ka teng, dipelo tsa rona di phophoma ka boitumelo mme re ikutlwa re patelesega go etsa sekao sa gagwe.

16, 17. Jesu o ne a bontsha ka ditsela dife gore o rata batho?

16 Jesu o ne a bontsha jang gore o rata batho? Tsela e kgolo go di gaisa tsotlhe e a bontshitseng lorato ka yone ke go ikemisetsa ga gagwe go swela batho. (Joh. 15:13) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha lorato le ka ditsela tse dingwe fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe. Ka sekai, o ne a utlwela batho ba ba bogang botlhoko. Fa a ne a bona Marea le batho ba a neng a na le bone ba lela fa Lasaro a sena go swa, o ne a amiwa thata ke tsela e ba neng ba utlwile botlhoko ka yone. Le fa Jesu a ne a tlile go tsosa Lasaro, o ne a amega thata mo a neng a “tsholola dikeledi.”—Joh. 11:32-35.

17 Kwa tshimologong ya bodiredi jwa ga Jesu, molepero mongwe o ne a tla kwa go ene mme a re: “Fa fela o batla, o ka nntlafatsa.” Jesu o ne a ikutlwa jang? Baebele ya re: “[O ne] a tlhomoga pelo.” Go tswa foo o ne a dira sengwe se se sa tlwaelegang. “[O ne] a otlolola seatla sa gagwe a mo ama, a mo raya a re: ‘Ke a batla. Ntlafala.’ Mme ka yone nako eo lepero la nyelela mo go ene, mme a ntlafala.” Go ya ka Molao wa ga Moshe, balepero ba ne ba itshekologile, mme Jesu o ne a ka kgona go fodisa monna yono a sa mo ama. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a fodisa molepero yono o ne a dira gore a ikutlwise go amiwa, gongwe e le la ntlha a amiwa ke motho morago ga dingwaga tse dintsi. A kutlwelobotlhoko e kgolo ruri!—Mar. 1:40-42.

18. Re ka bontsha jang gore re “utlwela ba bangwe botlhoko”?

18 E re ka re le balatedi ba ga Keresete, re laelwa gore re bontshe lorato ka go “utlwela ba bangwe botlhoko.” (1 Pet. 3:8) Go ka tswa go se motlhofo go tlhaloganya gore modumedimmogo yo o tshwerweng ke bolwetse jo bo sa foleng kana yo o nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong o ikutlwa jang—segolobogolo fa rona re ise re ko re tshwarwe ke malwetse a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a utlwela balwetse botlhoko le fa a ise a ko a lwale. Re ka dira jang gore re nne kutlwelobotlhoko jalo? Ka go reetsa ka bopelotelele fa batho bano ba ba lwalang ba re tshololela mafatlha. Gape re ka ipotsa jaana, ‘Ke ne ke tla ikutlwa jang fa nkabo ke le mo boemong jwa bone?’ Fa re ithuta go amega ka maikutlo a batho ba bangwe, re tla kgona go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathes. 5:14) Fa re dira jalo re tla bo re bontsha gore re balatedi ba ga Jesu.

19. Sekao sa ga Jesu se re ama jang?

19 A bo re ithuta dilo tse di itumedisang jang ne mo go se Jesu Keresete a neng a se dira le mo go se a neng a se bua! Fa re ntse re ithuta go ya pele ka ene, re eletsa thata gore re tshwane le ene, e bile seo se dira gore re eletse thata go thusa ba bangwe gore le bone ba dire jalo. Ka jalo, a re bontsheng gore re itumelela go nna balatedi ba Kgosi e e leng Mesia—gone jaanong le ka bosakhutleng!

A o Ka Tlhalosa?

• Re ka nna botlhale jang jaaka Jesu?

• Re ka nna boikokobetso jang?

• Re ka dira eng gore re tlhagafalele bodiredi?

• Re ka etsa Jesu jang mo go bontsheng ba bangwe lorato?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

BUKA E E RE THUSANG GO ETSA KERESETE

Kwa kopanong ya kgaolo ya 2007 go ne ga gololwa buka ya ditsebe tse 192 e e nang le setlhogo se se reng, ‘Tla o Nne Molatedi wa Me.’ Buka eno e kwaletswe go thusa Bakeresete gore ba tlhome mogopolo mo go Jesu, segolobogolo mo dinonofong tsa gagwe le mo dilong tse a neng a di dira. Buka eno e simolola ka dikgaolo tse pedi tsa matseno, go bo go latela karolo ya ntlha e e sobokanyang dinonofo tse di tlhomologileng tsa ga Jesu—tsela e a neng a ikokobeditse, a le pelokgale, a le botlhale, a le kutlo e bile a le boitshoko ka yone.

Go tswa foo go na le dikarolo tse di tlhalosang dilo tse Jesu a neng a di dira jaaka e ne e le morutisi e bile e le moreri wa dikgang tse di molemo, e bo e tlhalosa le dingwe tsa ditsela tse a bontshitseng lorato lwa gagwe lo logolo ka tsone. Mo bukeng eno yotlhe go na le tshedimosetso e e ka thusang Mokeresete go etsa Jesu.

Re tlhomamisegile gore buka eno e tla re tlhotlheletsa rotlhe go itlhatlhoba le go ipotsa jaana: ‘A ruri ke latela Jesu? Nka mo latela jang gaufiufi?’ Gape e tla thusa “botlhe ba ba [nang] le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng” gore ba nne balatedi ba ga Keresete.—Dit. 13:48.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Jesu o ne a dumela go tla mo lefatsheng go tla go tsholwa e le lesea. Go ne go tlhokega gore a bo a na le nonofo efe gore a dire jalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Ke eng se se tla re tlhotlheletsang go tlhagafala mo bodireding?