Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tsela ke E. Tsamayang ka Yone”

“Tsela ke E. Tsamayang ka Yone”

“Tsela ke E. Tsamayang ka Yone”

Kgang ya botshelo ya ga Emilia Pederson

Jaaka e boletswe ke Ruth E. Pappas

MMÈ e bong Emilia Pederson, o tshotswe ka 1878. Le fa a ile a feletsa e le morutabana, tota o ne a batlile go dirisa botshelo jwa gagwe a thusa batho gore ba atamalane le Modimo. Bosupi jwa gore Mmè o ne a na le keletso eo ke teranka e kgolo e e neng e le kwa lapeng kwa torotswaneng ya Jasper, Minnesota, kwa U.S.A. O ne a nna le yone a ikaeletse go rwala dithoto tsa gagwe ka yone fa a fudugela kwa China, kwa a neng a batla go ya go nna morongwa teng. Le fa go ntse jalo, fa mmaagwe a sena go tlhokafala, o ne a tshwanelwa ke go lebala ka maikaelelo a gagwe a bo a nna kwa gae a godisa bomonnawe. Ka 1907 o ne a nyalana le Theodore Holien. Nna ke ne ka tsholwa ka December 2, 1925, ke le gofejane wa bana ba le supa.

Mmè o ne a na le dipotso tsa Baebele tse a neng a batla dikarabo tsa tsone ka tlhoafalo. Nngwe ya dipotso tseo e ne e le malebana le thuto ya gore dihele ke lefelo le baikepi ba bogisiwang mo go lone ka molelo. O ne a botsa mookamedi mongwe yo o neng a etile wa Kereke ya Lutere gore ke fa kae mo Baebele e buelelang thuto eno teng. Mme ene o ne a mo naya tlhaloso e e kayang gore ga go re sepe gore Baebele ya reng—batho ba tshwanetse go rutiwa gore baswi ba bogisiwa ka molelo wa dihele.

O Simolola go Itse Boammaaruri Jaaka A ne A Eleditse

Moragonyana fela ga 1900, monnawe Mmè e bong Emma o ne a ya kwa Northfield, Minnesota, a ya go ithuta mmino. O ne a nna kwa legaeng la morutisi wa gagwe e bong Milius Christianson, mme mosadi wa morutisi yono e ne e le mongwe wa Baithuti ba Baebele jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Emma o ne a umaka gore o na le mogolowe yo o ratang go bala Baebele. Go ise go ye kae, Mmè Christianson o ne a kwalela Mmè lekwalo le le neng le araba dipotso tsa gagwe tsa Baebele.

Letsatsi lengwe, Moithuti mongwe wa Baebele yo o neng a bidiwa Lora Oathout o ne a tla ka terena a tswa kwa Sioux Falls, South Dakota, a tla go rera mo Jasper. Mmè o ne a bala ka tlhoafalo dibuka tse di buang ka Baebele tse a neng a di newa, mme ka 1915 o ne a simolola go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, a ba naya dibuka tse Lora a neng a di mo neile.

Ka 1916, Mmè o ne a utlwa gore Charles Taze Russell o ne a tla kopanong e kgolo kwa Toropong ya Sioux, kwa Iowa. Mmè o ne a batla go ya kopanong eo. Ka nako eo, Mmè o ne a na le bana ba le batlhano, mme yo mmotlana mo go bone e bong Marvin, o ne a na le dikgwedi di le tlhano fela. Le fa go ntse jalo, o ne a tsaya bana a tsamaya ka terena sekgala sa dikilometara di le 160 go ya kopanong kwa Toropong ya Sioux. O ne a utlwa dipuo tsa ga Mokaulengwe Russell, a bona diselaete tse di tlhalosang ka popo tsa “Photo-Drama of Creation,” a ba a kolobediwa. Fa a sena go boela gae, o ne a kwala setlhogo se se buang ka kopano eno, mme se ne sa gatisiwa mo lokwalopakeng lwa Jasper Journal.

Ka 1922, Mmè e ne e le mongwe wa batho ba ba 18 000 ba ba neng ba le kwa kopanong kwa Cedar Point, Ohio. Morago ga kopano eo, o ne a tswelela a bolela ka Bogosi jwa Modimo a sa kgaotse. Ka sekao sa gagwe, o ne a re rotloetsa go latela kgakololo eno: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.”—Isa. 30:21.

O Bona Matswela a a Molemo mo Bodireding Jwa Bogosi

Mo masimologong a bo1920, batsadi ba me ba ne ba fudugela mo ntlong nngwe kafa ntle ga toropo ya Jasper. Rre o ne a na le kgwebo e e tsamayang sentle mme gape a na le lelapa le legolo le a neng a tshwanetse go le fepa. O ne a sa ithute Baebele thata jaaka Mmè, mme gone o ne a ema tiro ya go rera nokeng ka pelo yotlhe e bile a amogela badiredi ba ba etang mo legaeng la rona. Gantsi fa mongwe wa bakaulengwe ba ba etang a naya polelo mo legaeng la rona, go ne go tla batho ba ka nna lekgolo—ba tlala mo phaposing ya bonno, ya bojelo le ya borobalo.

Fa ke le dingwaga di ka nna supa, mmangwane Lettie o ne a founela mo gae a bolela gore moagelani wa gagwe e bong Ed Larson le mosadi wa gagwe ba ne ba batla go ithuta Baebele. Ba ne ba amogela boammaaruri jwa Baebele ka bonako fela mme moragonyana ba laletsa moagelani yo mongwe e bong Martha Van Daalen, mmè wa bana ba le robedi, gore le ene a ithute mmogo le bone. Martha le lelapa la gagwe lotlhe le bone ba ne ba nna Baithuti ba Baebele. *

Mo e ka nnang ka yone nako eo, Gordon Kammerud, lekawana le le neng le nna sekgala sa dikilometara di se kae go tswa fa gae, o ne a simolola go bereka le Rre. Batho ba ne ba tlhagisa Gordon ba re: “O itlhokomele mo baneng ba mong wa gago. Ba mo bodumeding jo bo sa tlwaelegang.” Le fa go ntse jalo, Gordon o ne a simolola go ithuta Baebele mme go ise go ye kae a tlhatswega pelo gore o ne a bone boammaaruri. O ne a kolobediwa dikgwedi di le tharo moragonyana. Batsadi ba gagwe le bone ba ne ba nna badumedi, mme malapa a rona—boorra Holien, boorra Kammerud le boorra Van Daalen—e ne ya nna ditsala tse dikgolo.

Re Nonotshiwa ke Dikopano

Mmè o ne a kgothadiwa thata ke kopano ya kwa Cedar Point mo a neng a sa tlhole a batla go fetwa ke kopano epe. Ka jalo ke gopola mesepele eo e meleele e re neng re e tsaya re ya dikopanong tseo ke sa le monnye. Kopano e e neng e tshwaretswe kwa Columbus, kwa Ohio ka 1931, ga e lebalege ka gonne ke gone kwa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba simolola go ipitsa ka leina leo teng. (Isa. 43:10-12) Gape ke sa ntse ke gopola sentle kopano ya kwa Washington, D.C., ka 1935, kwa go neng ga bewa polelo e e sa lebalegeng e e neng e tlhalosa gore ba “boidiidi jo bogolo” ba go buiwang ka bone mo go Tshenolo ke bomang. (Tshen. 7:9) Bonkgonne e bong Lilian le Eunice e ne e le bangwe ba batho ba ba fetang 800 ba ba neng ba kolobediwa koo.

Lelapa la rona le ne la tsaya mesepele go ya dikopanong kwa Columbus, Ohio, ka 1937; kwa Seattle, Washington, ka 1938; le kwa New York City ka 1939. Boorra Van Daalen le boorra Kammerud le ba bangwe ba ne ba tsamaya le rona, mme re ne re tsamaya re thibelela mo tseleng. Eunice o ne a nyalwa ke Leo Van Daalen ka 1940, mme ba ne ba nna babulatsela. Mo go one ngwaga oo, Lilian o ne a nyalwa ke Gordon Kammerud, mme le bone ba ne ba nna babulatsela.

Kopano e e neng e tshwaretswe kwa St. Louis, kwa Missouri, ka 1941, e ne e kgethegile. Kwa go yone, basha ba le diketekete ba ne ba newa buka ya Children. Kopano eo e ne ya fetola botshelo jwa me. Moragonyana fela ga yone, ka September 1, 1941, nna le kgaitsadiake Marvin le mosadi wa gagwe Joyce, re ne ra nna babulatsela. Ke ne ke na le dingwaga di le 15.

Mo motseng wa rona wa balemirui, go ne go se motlhofo gore bakaulengwe botlhe ba ye dikopanong ka gonne gantsi di ne di tshwarwa ka nako ya thobo. Ka jalo morago ga dikopano re ne re phuthega mo jarateng ya rona re tla go boeletsa dintlha tsa kopano go thusa ba ba neng ba sa kgona go ya. Go ne go nna monate tota mo dikokoanong tseno.

Go ya Gileade le go Abelwa Kwa Dinageng di Sele

Ka February 1943, go ne ga tlhongwa Sekolo sa Gileade se se neng se tlile go thapisa babulatsela gore ba tsenele tirelo ya borongwa. Setlhopha sa ntlha se ne se na le maloko a le marataro a lelapa loorra Van Daaleen—bana ba basimane e bong Emil, Arthur, Homer le Leo; ntsalaabone Donald; le mosadi wa ga Leo e bong nkgonne Eunice. Fa re ba laela re ne re itumetse mme gape re tshwenyegile ka gonne re sa itse gore a re tla tsamaya re ba bona gape. Fa ba sena go aloga, ba ne ba romelwa kwa Puerto Rico ba le barataro jalo, mme koo go ne go na le Basupi ba le mmalwa fela ka nako eo.

Morago ga ngwaga, Lilian le Gordon, mmogo le Marvin le Joyce, ba ne ba tsena mo setlhopheng sa boraro sa Gileade. Le bone ba ne ba romelwa kwa Puerto Rico. Mme nna ke ne ka tsena mo setlhopheng sa bonè sa Gileade ke na le dingwaga di le 18, ka September 1944. Fa ke sena go aloga ka February 1945, ke ne ka ya go direla kwa Puerto Rico le bonkgonne. Ruri e ne e le botshelo jo bosha gotlhelele mo go nna! Le fa go ne go le thata go ithuta Se-Spain, go ise go ye kae bangwe ba rona ba ne ba tshwara dithuto di feta 20 tsa Baebele motho a le mongwe. Jehofa o ne a segofatsa tiro ya rona. Gompieno go na le Basupi ba ka nna 25 000 kwa Puerto Rico!

Lelapa la Rona le Welwa ke Masetlapelo

Leo le Eunice ba ne ba tswelela ba nna kwa Puerto Rico fa morwa wa bone, Mark, a sena go tsholwa ka 1950. Ka 1952 ba ne ba rulaganya go etela ba masika kwa gae. Ba ne ba emelela ka April 11, ba tsamaya ka sefofane. Mme se se utlwisang botlhoko ke gore, fela fa sefofane se sena go emelela, se ne sa phatlakana mo lewatleng. Eunice le Leo ba ne ba tlhokafala. Mark wa dingwaga tse pedi o ne a fitlhelwa a kokobetse mo lewatleng. Mongwe yo o neng a falotse o ne a mo pega mo seketswaneng sa phalotso, a thusiwa gore a boe a kgone go hema mme a tshela. *

Dingwaga di le tlhano morago ga moo, ka March 7, 1957, Rre le Mmè ba ne ba ya Holong ya Bogosi ka koloi mme e ne ya phofa leotwana. Fa Rre a ntse a tsenya leotwana le lengwe a le fa thoko ga tsela, o ne a thulwa ke koloi e e neng e feta, mme a swela gone foo. Go ne ga tla batho ba ka nna 600 kwa puong ya phitlho, mme seo e ne ya nna bosupi jo bogolo mo bathong ba motse, ba ba neng ba tlotla Rre thata.

Dikabelo Tse Disha

Pele fela ga Rre a tlhokafala, ke ne ke abetswe go ya go direla kwa Argentina. Ka August 1957, ke ne ka goroga kwa toropong ya Mendoza, e e fa tlase ga Dithaba tsa Andes. Ka 1958, George Pappas, yo o neng a alogile mo setlhopheng sa bo30 sa Gileade, o ne a abelwa go direla kwa Argentina. Nna le George re ne ra nna ditsala, mme ra nyalana ka April 1960. Mmè o ne a tlhokafala ka 1961 a na le dingwaga tse 83. O ne a tsamaile ka boikanyego mo tseleng ya boammaaruri e bile a thusitse ba bangwe ba le bantsintsi gore le bone ba dire jalo.

Nna le George re ne ra direla mmogo ka dingwaga di le lesome re nna le barongwa ba bangwe mo magaeng a a farologaneng a barongwa. Go tswa foo re ne ra dira tiro ya bopotologi ka dingwaga di le supa. Ka 1975 re ne ra boela kwa United States go ya go thusa ba lelapa ba ba neng ba lwala. Ka 1980 monna wa me o ne a lalediwa go dira tiro ya bopotologi mo tshimong ya batho ba ba buang Se-Spain. Ka nako eo go ne go na le diphuthego di ka nna 600 tse di dirisang Se-Spain mo United States. Re ne ra etela bontsi jwa diphuthego tseo ka dingwaga di le 26, mme ra bona palo ya diphuthego e oketsega e bo e feta 3 000 kgakala.

Ba Tsamaile mo ‘Tseleng’

Gape Mmè o ne a itumelela go bona bana ba masika a gagwe ba tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Ka sekai, Carol, morwadia nkgonne yo mogolo mo go rona rotlhe e bong Ester, o ne a nna mmulatsela ka 1953. O ne a nyalana le Dennis Trumbore, mme fa e sa le ka nako eo ba ntse ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng. Morwadi yo mongwe wa ga Ester e bong Lois, o ne a nyalwa ke Wendell Jensen. Ba ne ba tsena mo setlhopheng sa bo41 sa Gileade mme ba direla kwa Nigeria e le barongwa ka dingwaga di le 15. Mark, yo batsadi ba gagwe ba neng ba swela mo kotsing ya sefofane, o ne a godisiwa ke kgaitsadia Leo e bong Ruth La Londe le monna wa gagwe, Curtiss. Mark le mosadi wa gagwe, Lavonne, ba ne ba nna babulatsela ka dingwaga tse dintsi ba bo ba godisetsa bana ba bone ba banè mo ‘tseleng.’—Isa. 30:21.

Orlen, yo e leng ene fela ngwana wa ga Mmè yo o sa ntseng a tshela, o mo dingwageng tsa bo90. O sa ntse a direla Jehofa ka boikanyego. Nna le George re sa ntse re le mo bodireding jwa nako e e tletseng e bile re a bo itumelela.

Se Mmè a se Tlogetseng

Jaanong ke na le sengwe se Mmè a neng a se rata thata—tafole ya gagwe. Rre o ne a mo file yone e le mpho fa ba nyalana. Nngwe ya dillae tsa yone e na le buka ya gagwe ya bogologolo e e nang le makwalo le ditlhogo tsa dipampiri tsa dikgang tse a neng a di kwadile tsa ba tsa gatisiwa mme tsa naya bosupi jo bogolo ka Bogosi. Dingwe tsa tsone ke tsa bo1900. Gape tafole eno e na le makwalo a Mmè a neng a a rata thata a a tswang kwa baneng ba gagwe ba barongwa. Ruri ke itumelela go a bala gangwe le gape! Mme ka metlha makwalo a a neng a re a kwalela a ne a kgothatsa tota, a na le mafoko a a monate. Mmè ga a ise a tsamaye a nne morongwa jaaka a ne a eleditse. Le fa go ntse jalo, o ne a rata tirelo ya borongwa mo a neng a tlhotlheletsa ba le bantsi ba ba neng ba tla morago ga gagwe. Ruri ke lebile pele go kopana le Rre le Mmè kwa lefatsheng la paradaise, fa re tla bo re kopane rotlhe re le lelapa le legolo!—Tshen. 21:3, 4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Fa o batla go bala kgang ya botshelo jwa mongwe wa bana ba ga Martha e bong Emil H. Van Daaleen, bona Tora ya Tebelo ya June 1, 1984, tsebe 9-13.

^ ser. 24 Bona Tsogang! ya June 22, 1952, tsebe 3-4, ka Seesemane.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Emilia Pederson

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

1916: Mmè, Rre (a tshotse Marvin); kwa tlase, go tswa molemeng go ya mojeng: Orlen, Ester, Lilian, Mildred

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Leo le Eunice, pelenyana fela ga ba tlhokafala

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

1950: Go tswa molemeng go ya mojeng, kwa godimo: Ester, Mildred, Lilian, Eunice, Ruth; kwa tlase: Orlen, Mmè, Rre le Marvin

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

George le Ruth Pappas ba le mo tirong ya bopotologi, 2001