Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Barongwa ba Kgothalediwa Gore ba Tshwane le Jeremia

Barongwa ba Kgothalediwa Gore ba Tshwane le Jeremia

Kalogo ya Bo125 ya Gileade

Barongwa ba Kgothalediwa Gore ba Tshwane le Jeremia

GEOFFREY JACKSON wa Setlhopha se se Laolang o ne a re: “Setlhopha seno sa Gileade se bontsha kgatelopele e e diragetseng mo hisitoring.” O ne a bua fa pele ga batho ba ba 6 156 ba ba neng ba tlile kalogong ya setlhopha sa bo125 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade ka September 13, 2008. Fa go balelwa le dialogane tse 56 tsa setlhopha seno, Sekolo sa Gileade se rometse barongwa ba feta 8 000 kwa “karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe”!—Dit. 1:8.

Mokaulengwe Jackson, modulasetulo wa thulaganyo ya kalogo, o ne a botsa a re, “A go nna motho yo batho ba mo ikanyang go tla tokafatsa bodiredi jwa gago?” Go tswa foo o ne a balolola dilo di le nnè tse di dirang gore go nne motlhofo gore batho ba go ikanye: go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng, go tlhoma sekao se se molemo, go thaya sengwe le sengwe se o se rutang mo Lefokong la Modimo le go dira gore go itsise leina la ga Jehofa e nne yone tiro ya botlhokwa.

David Schafer, yo o direlang mo Komiting e e Rutang, o ne a tlotla ka setlhogo se se reng “A o Tla Tlhaloganya Sengwe le Sengwe?” O ne a tlhomamisetsa baithuti ba Gileade gore fa ba tswelela pele ba batla Jehofa e bile ba ikobela setlhopha sa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” ba ka “tlhaloganya sengwe le sengwe” se se tlhokegang gore ba direle e le barongwa.—Dia. 28:5; Math. 24:45.

Go tswa foo, John E. Barr wa Setlhopha se se Laolang o ne a baya puo ya setlhogo se se reng “O se Ka wa Letla Gore Sepe se go Kgaoganye le Lorato Lwa Modimo.” Mokaulengwe Barr o ne a kgothatsa baithuti ba ba alogang le batsadi ba bone jaaka rre mme a okobatsa poifo epe e ba ka tswang ba ne ba na le yone malebana le se barongwa bano ba basha ba ka kopanang le sone mo dikabelong tsa bone. O ne a tlhalosa jaana: “Ga go na lefelo lepe le le sireletsegileng le le le ritibetseng go feta go nna mo loratong lwa Modimo.” Ga go sepe se se ka kgaoganyang barongwa le lorato lwa Modimo fa bone ba sa ikgaoganye le Modimo.

Sam Roberson wa Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo o ne a kgothaletsa bareetsi gore ba apare “seaparo se se di gaisang tsotlhe.” Fa baithuti bano ba ba alogang ba ithuta se Jesu a se dirileng ba bo ba se dirisa mo matshelong a bone, ba ka ‘apara Morena Jesu Keresete.’ (Bar. 13:14) Go tswa foo, William Samuelson, molebedi wa Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo, o ne a tlhalosa gore ke eng se se dirang gore motho a tlotlege. Tsela e Modimo a re lebang ka yone ke yone e bontshang gore a re a tlotlega, e seng tsela e batho ba re lebang ka yone.

Michael Burnett, mongwe wa batlhatlheledi, o ne a botsolotsa baithuti ka maitemogelo a ba nnileng le one mo tirelong ya tshimo. Le fa bontsi jwa baithuti ba ne ba abetswe go dira mo tshimong e e berekiwang kgapetsakgapetsa fa ba ntse ba le mo Sekolong sa Gileade kwa Patterson, New York, ba ne ba kopana le batho ba ba kgatlhegang. Gerald Grizzle yo o dirang mo Lephateng la go Rulaganya Dikopano o ne a botsolotsa bakaulengwe ba bararo ba ba neng ba tlile Sekolong sa Maloko a Komiti ya Lekala. Dikarabo tsa bone di ne tsa thusa baithuti ba ba alogang ba Gileade go ipaakanyetsa se ba tla kopanang le sone kwa dikabelong tsa bone kwa dinageng di sele.

David Splane wa Setlhopha se se Laolang yo o alogileng mo setlhopheng sa bo42 o ne a naya puo e e reng “Tshwana le Jeremia.” Le fa Jeremia a ne a tshositswe ke kabelo e a neng a e newa, Jehofa o ne a mo nonotsha. (Jer. 1:7, 8) Modimo o tla nonotsha barongwa bano ba basha fela jalo. Mokaulengwe Splane o ne a re: “Fa o na le mathata le mongwe, nna fa fatshe o kwale dilo di le lesome tse o di ratang tota ka motho yoo. Mme fa o sa kgone go bala di le lesome, go raya gore ga o ise o itse motho yoo sentle.”

Jeremia o ne a dira tirelo ya gagwe ka pelo yotlhe. Fa a ne a ikutlwa a batla go tlogela, o ne a rapela mme Jehofa o ne a mo tshegetsa. (Jer. 20:11) Mokaulengwe Splane o ne a re: “Fa o ikutlwa o kgobegile marapo, bua le Jehofa. O tla gakgamadiwa ke kafa Jehofa a tla go thusang ka teng.”

Kwa bokhutlong jwa thulaganyo ya kalogo, modulasetulo o ne a gopotsa bareetsi gore batho ba ba alogang ba ithutile ditsela tse dintsi tse ba ka dirang ka tsone gore batho ba ba ikanye. Fa ba ntse ba rera mo kabelong ya bone, batho ba tla amogela molaetsa wa bone fa ba lemoga gore ba ka ba ikanya.—Isa. 43:8-12.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

DIPALOPALO MALEBANA LE SETLHOPHA

Palo ya dinaga tse ba tswang kwa go tsone: 6

Palo ya dinaga tse ba abetsweng go ya kwa go tsone: 21

Palo ya baithuti: 56

Palogare ya dingwaga tsa bone: 32.9

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 17.4

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Setlhopha sa bo125 sa Dialogane Tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Hodgson, A.; Wall, A.; Beerens, K.; Hortelano, M.; Newman, L.; De Caso, A. (2) Jenkins, J.; Jarzemski, T.; Méndez, N.; Corona, V.; Canalita, L. (3) Fryer, H.; Savage, M.; Tidwell, K.; Erickson, N.; Dyck, E.; McBeath, R. (4) Perez, L.; Puse, L.; Skidmore, A.; Young, B.; McBride, N.; Rondón, P.; Goodman, E. (5) Beerens, M.; Ferguson, J.; Pearson, N.; Chapman, L.; Wardle, J.; Canalita, M. (6) Perez, P.; De Caso, D.; Young, T.; Rondón, D.; Goodman, G.; Jenkins, M.; Dyck, G. (7) Corona, M.; Wall, R.; Puse, S.; Méndez, F.; Jarzemski, S.; Savage, T. (8) Newman, C.; Ferguson, D.; Skidmore, D.; Erickson, T.; McBride, J.; Pearson, M.; Chapman, M. (9) Hodgson, K.; Wardle, A.; McBeath, A.; Tidwell, T.; Fryer, J.; Hortelano, J.